LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 16-19
  • Baaborijene ba Australia—Batho ba Mofuta wa Bone Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baaborijene ba Australia—Batho ba Mofuta wa Bone Fela
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Pelepele kwa Australia
  • Mmino le Letsomo
  • Botshwantshi jwa Seaborijene
  • Dipuo tsa Seaborijene
  • Go Amogela Tsholofetso E E Itumedisang
  • Go Batla ba ba Tshwanetseng Kwa Metseng ya Selegae ya Kwa Australia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Ruri Seno ke Setlhare?
    Tsogang!—2008
  • Tasmania—Setlhaketlhake se Sennye, Kgang E e Sa Tlwaelegang
    Tsogang!—1997
  • Go Tshegediwa Ke Modimo O O Sa Kakeng Wa Aka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 16-19

Baaborijene ba Australia—Batho ba Mofuta wa Bone Fela

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Australia

AUSTRALIA e ka tlhalosiwa gore ke ya mofuta wa yone fela, ka dikhankaruu tsa yone tse di nang le dikgetsi le dikoala tse di maboanyana a a boletanyana, tse di itumelang thata fa di palame ditlhare tse dintsi tsa eucalyptus kwa godimo. Lefa go ntse jalo, batho ba ntlha go nna koo, ba ba bidiwang Baaborijene ba Australia, bone e bile ga ba a tlwaelesega go feta le yone naga eo tota.

Mafoko “Seaborijene” le “Moaborijene” ga a dirisiwe ka tshotlo. Mafoko ao a tswa mo mafokong a mabedi a Selatine e bong ab origine, a a rayang “go tswa kwa tshimologong.” Baagi bano ba kwa tshimologong ba Australia ba bidiwa Baaborijene.

Fa bathibeledi ba ntlha ba Bayuropa ba ne ba goroga kwa bofelong jwa lekgolo la bo 18 la dingwaga, palo ya Baaborijene e ne e fopholediwa go nna 300 000. Dingwaga tse di 200 morago, palobatho ya 1991 e ne ya re go na le Baaborijene ba palo e e kwa tlase ga 230 000 mo palong ya batho ba Australia e e ka tshwarang dimilione tse 17.

Baagi bano ba ntlha ba Australia ke bomang? Ba ne ba tswa kae? Ke eng ba ka tlhalosiwa gore ke ba mofuta wa bone fela? Mme ke tsholofelo efe ka isagwe e ba le bantsi mo go bone ba nang nayo?

Botshelo Pelepele kwa Australia

Bontsi jwa baithutamotho ba dumelana gore Baaborijene ba Australia ba dikile ba tswa Asia. Ba ka nna ba bo ba tsamaile loeto lwa bone lwa bofelo ka mokoro wa letlhaka kana wa logong go tswa borwabotlhaba jwa Asia, ba goroga kwa lotshitshing lo lo kwa bokone lwa Australia. Malcolm D. Prentis o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng A Study in Black and White: “E ne e se batho ba ba neng ba tshela ka go tlhoma ba tlhomolola, mme ba ne ba kgona go tlhoma ka lobaka: ke gore, ba ne ba kgona go thibelela ka nakwana ba bo ba sega melelwane ya naga ya bone.”

Baaborijene e ne e le batho ba ba neng ba somarela tikologo fela thata. Moaborijene mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Re ne re lema naga ya rona, mme ka tsela e e farologaneng le ya basweu. Re ne re leka go dirisana le naga; mme bone ba ne ba lebega ba e dirisa. Ke rutilwe go somarela e seng go senya.”

Prentis o ne a kwala jaana a dumalana: “Boitekanelo jwa ditlhare le diphologolo le jwa setlhopha sa Baaborijene bo ne bo tshwaragane: go tswelela ga mo gongwe go ne go raya go tswelela ga mo gongwe le gone. Seno se ne se utlwala: ka sekai, go kokotlegela ga dikhankaruu go ne go raya gore Baaborijene ba na le dijo tse di lekaneng mme go bolaya dikhankaruu tse dintsi kwa bofelong go ne go tla se ke go siamele Baaborijene.”

Baaborijene gape ba ne ba le dithakga le mo dilong tse dingwe gape. Moithutapuo e bong R. M. W. Dixon o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Languages of Australia: “Fa go tla mo thulaganyong ya loago, tota, ke Bayuropa ba ba lebegang ba saletse kwa morago fa ba bapisiwa le Baaborijene ba Australia; merafe yotlhe ya Australia e na le thulaganyo e e feletseng ya losika e e nang le melao e e papametseng ya lenyalo le e e tlhalosang maikarabelo mo tirong nngwe le nngwe ya loago.”

Mmino le Letsomo

Seletso se e leng sa Baaborijene fela ke se go tweng didgeridoo. Lefoko leo totatota le raya “phala e e kodu,” e e leng tlhaloso e e tshwanelang modumo o se o dirang. Go na le go ntsha molotsana, didgeridoo e ntsha kodu le moribo mo meletlong le mmino wa bosigo o o bidiwang corroborees. Seletso gantsi se direla monna wa moopedi yo o itaanyang dithobane kodu.

Di-didgeridoo di dirilwe ka dikala tsa ditlhare tse di nang le mosima fa gare tse di tlhophilweng ka kelotlhoko. Boleele jo bo rategang thata ke jwa disentimitara di le 90 go ya kwa go dimetara tse 1,5, mme le gale diletso tse dingwe di kgona go nna boleele jwa dimetara tse 4,5. Ka tlwaelo bontlhabongwe jwa seletso bo kgoma fa fatshe fa moopedi yo o ntseng ene a bodulela ka kwa ntlheng e nngwe, e a a bong a e tshegeditse ka diatla tsoopedi.

E re ka modumo ono o o kitimetsang o tshwanetse go tswa o sa kgaotse, motshameki o tshwanetse go bodula kafa a ntse a hema ka dinko mme a sa e tle a ema gore a se ka a kgoreletsa modumo. Jono ke botswerere jo motho a tshwanetseng go nna le jone jaaka motshameki wa tuba. Baletsi ba diletso tse di bodulelwang ba bitsa go hema jalo ba re ke go dikologa, kana modikologo, mme ke bokgoni jo bo sa kgonweng motlhofo fela.

Baaborijene ba ne ba tsoma ka selo se sengwe gape se e leng sa bone fela—e leng boomerang. Baaborijene ba ne ba e dirisa mo go tsomeng le mo ntweng. Mme mo bajanaleng ba gompieno, e itsiwe jaaka nngwe ya ditshwantsho tsa Australia. Boomerang e e itsegeng thata ke e e gabilweng e e boelang kwa mokonoping fa a e konopile sentle. Mme le gale go na le tse dingwe tse di sa boeleng kwa mokonoping. Tseno di bidiwa kylies, kana dithobane tse di bolayang.

Botshwantshi jwa Seaborijene

Ntlha ya botlhokwa ke gore, ngwao ya Baaborijene ga e a kwalwa. Ka lebaka leo Kevin Gilbert, mmoki le motshameki wa Moaborijene, o ne a tlhalosa jaana: ‘Botshwantshi e ne e le mokgwa wa puisano o o neng o na le maungo fela thata mo Baaborijeneng e bile o tlhaloganngwa ke mongwe le mongwe.’ O ne a bolela gore: “Botshwantshi bo kgona go fetisa molaetsa sentle le ka botswerere go gaisa mafoko a a kwadilweng.”

Ka jalo, botshwantshi jo bo bonwang le jo bo tshamekwang bo ne jwa nna mokgwa wa puisano o o logaganeng thata le mokgwa wa botshelo wa Baaborijene. Seno se ne se raya gore botshwantshi jwa bone bo ne bo na le ditiro tse pedi: Bo ne bo nonotsha puisano ya molomo, mme gape bo ne bo thusa go gakolola ka dipolelo tsa morafe tsa hisitori le dingwao tsa bodumedi.

Ka ntlha ya go tlhoka saile, pampiri, le tse dingwe fela jalo, botshwantshi jwa Baaborijene bo ne bo takiwa mo matlapeng, mo dikgageng, le mo makwating. Mebala e e tshwanelanang le lefatshe e mentsi thata mo botaking jwa bone. Ba ne ba dirisa mebala e e neng e le motlele mo lefelong le botaki bo neng bo direlwa mo go lone. Dipente di ne di dirwa ka dilo tse di tsewang mo mmung.

Gongwe sengwe se se sa tlwaelesegang ka botaki jwa bone ke gore mo e ka nnang dilo tsotlhe tse di takilweng di na le marontho le ditselana. Le mmala o go taketsweng mo go one, o ka nna wa lebega e kete o tshwaragane, mme fa o o ela tlhoko sentle o fitlhela gore ke maronthonyana a mantsi a mebala e e farologaneng.

Mafoko mangwe a a neng a buiwa kwa kokoanong nngwe a setlhogo se se reng Marketing Aboriginal Art in the 1990s a re ka bo1980 “botshwantshi jwa Baaborijene . . . bo ne jwa tswa mo boemong jwa go nna ‘botaki jwa setso fela’ go nna ‘botaki jo bo rategang jwa kgwebo.’” Bangwe ba bolela kafa ditshwantsho tseno tse di pentilweng di rategang thata ka teng le go tlotlomatsa go ratega ga tsone mo go golelang pele.

Dipuo tsa Seaborijene

Basweu ba Australia gantsi ga ba lebe dipuo tsa Seaborijene sentle. Ka sekai, bangwe ba dumela gore go na le puo e le nngwe fela ya Seaborijene mme e bile e siilwe ke nako, e le e buiwang ka tsela ya go dumaduma fela le go kgorotlha. Mme seo ga se boammaaruri gotlhelele!

Boammaaruri ke gore, nako nngwe go ne go fopholediwa gore go tshwanetse ga bo go na le dipuo tsa Seaborijene di le 200 go ya go 250. Le fa go ntse jalo di nyeletse ka selekanyo sa e e fetang sephatlo. Gompieno dipuo tse di ka nnang 50 tsa tsone di buiwa ke ditlhopha tsa Baaborijene ba ka nna 100 kana go feta. Mme palo ya dipuo tsa Seaborijene tse di buiwang ke batho ba ba fetang 500 kana go feta e kwa tlase ga 20.

Go na le go siiwa ke nako, puo e e buiwang ke Baaborijene e na le thutapuo e e tlhabologileng. Porofesara e bong Dixon o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Languages of Australia: “Ga go na puo epe, mo go tse di ka nnang 5 000 tse di buiwang mo lefatsheng gompieno, e go ka tweng e ‘siilwe ke nako.’ Puo nngwe le nngwe e raraane, mo e leng gore go tlhalosa dintlha tsa thutapuo ya yone tsa konokono go tlhoka ditsebe di le makgolokgolo; puo nngwe le nngwe e na le mafoko a a dirisiwang letsatsi le letsatsi a le dikete.”

Barry J. Blake o ne a kwala ka tsela e e tshwanang ka dipuo tsa Seaborijene: “Ke didirisiwa tse di tlhabologileng sentle tsa puisano, nngwe le nngwe ya tsone e lekanye go tlhalosa maitemogelo a Baaborijene fela jaaka Seesemane kana Sefora se lekanye go tlhalosa maitemogelo a Seyuropa.” Mmegadikgang wa Moaborijene e bong Galarrwuy Yunupingu o ne a bolela jaana a ema nokeng konelo eno: “Ke basweu ba se kae fela ba ba kileng ba leka go ithuta puo ya rona, mme Seesemane ga se kgone go tlhalosa kamano ya rona le naga ya borraetsho.”

Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga go ne ga ranolelwa dikarolo dingwe tsa Bibela mo dipuong di le pedi tsa Seaborijene. Efangele ya ga Luke e ne ya ranolelwa mo puong ya Se-Awabakal mme dikarolo tsa Genesise, Ekesodo, le Efangele ya ga Mathaio di ne tsa ranolelwa mo puong ya Se-Narrinyeri. Se se kgatlhang ke gore, dithanolo tseno di ne tsa ranola leina la Modimo Mothatayotlhe di re “Yehóa” le “Jehovah,” ka go fetola leina leo go ya kafa mokgwa wa go kwala puo o batlang ka teng.

Gompieno, go dirwa maiteko a magolo a go leka go boloka dipuo tsa Seaborijene le go ruta batho ba Australia ba e seng Baaborijene mosola, khumo, le bontle jwa dipuo tseno. Ka jalo, bontsi jaanong bo itumeletse go itse gore Tona ya Australia ya Merero ya Baaborijene o ntshitse taolo ya gore go kwalwe dibukantswe tsa dipuo di le 40 tsa Seaborijene. Tseno di tla bo di sa akaretse fela tse di buiwang mo nakong eno mme gape le tse di sa tlholeng di buiwa di tla batlisisiwa mo mabolokelong a mekwalo ya bogologolo le metswedi e mengwe ya hisitori.

Go Amogela Tsholofetso E E Itumedisang

Fa basweu ba tla kwa Australia kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 18 la dingwaga, ba batlile ba fetsa baagi ba koo losika. Lefa go ntse jalo, gompieno go na le ditoropo tse di kwa thoko tse di nang le palo e ntsi ya baagi ba Baaborijene, mme go santse go na le metsana e go nnang Baaborijene fela mo go yone, bogolo jang kwa dikgaolong tse di kwa thoko. Gantsi botshelo jwa batho bano bo letobo. Moaborijene mongwe o ne a kwala jaana: “Ga re sa tlhole re le ba maloba, mme gape ga re na boemo jo bo kgotsofatsang mo botshelong jwa gompieno.” Mme o ne a tlatsa ka gore: “Isagwe e tsholetse ba le bantsi ba rona tsholofelo.”

Lebaka la seo ke gore baagi ba ntlha ba Australia ba itumelela go bala mo Bibeleng—gongwe e bile ka puo ya bone—gore baikepi ba tla tloga ba nyelediwa le gore lefatshe le tla busediwa kwa bathong ba e leng gore ba tla le tlhokomela. (Pesalema 37:9-11, 29-34; Diane 2:21, 22) Bogosi jwa Modimo bo tla diragatsa seno. Bogosi jono, jo Jesu Keresete a re rutileng gore re bo rapelele, ke puso ya mmatota ya kwa legodimong. (Mathaio 6:9, 10) Banna le basadi ba Baaborijene ba le bantsi gompieno ba tshwaregile mo go boleleleng ba bangwe ka masego a magolo a Bogosi jwa Modimo bo tlileng go a tlisetsa setho.—Tshenolō 21:3, 4.

Moaborijene mongwe o ne a tlhalosa jaana ka Ba-Australia ka ene: “Ba simolola go tlhaloganya gore mogopolo o basweu, Baaborijene, le batho ba le bantsi mo lefatsheng ba nang le one o phoso. Ke wa gore Australia ke wa Baaborijene ka gore ke bone ba mmoneng pele kana gore ke wa basweu ka gore ba ile ba mo gapa. Megopolo eo ka bobedi e phoso. Ke wa ga Jehofa Modimo ka gore ke ene a mmopileng.”—Tshenolō 4:11.

Ee ruri, Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, ke ene mong wa Australia le lefatshe lotlhe. Mme ka go diragatsa thapelo e Jesu a re e rutileng, Bogosi jwa Modimo bo tla tla, mme lefatshe lotlhe le tla dirwa paradaise le agiwa ke batho ba ditso tsotlhe le ditšhaba ba ba ratang le go direla Modimo wa boammaaruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Seletso sa “didgeridoo” ke sa Baaborijene fela

Go supiwa ga botshwantshi jwa Seaborijene

[Motswedi wa Setshwantsho]

By Courtesy of Australian Overseas Information Service

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Baaborijene ba le bantsi jaanong ba bolelela ba bangwe ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela