Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Batla ba ba Tshwanetseng Kwa Metseng ya Selegae ya Kwa Australia
METSE e le mentsi ya selegae ya kwa Australia e feditse dingwaga di le 12 go sa rerwe mo go yone. Ka jalo Basupi ba ga Jehofa kwa Darwin, e leng motsemogolo wa Northern Territory, ba ne ba rulaganya letsholo le legolo la go rera la malatsi a le robongwe go batla ba ba tshwanetseng.—Mathaio 10:11.
Ba ne ba dira dithulaganyo ka kelotlhoko dikgwedi di le 12 pele letsholo leno le simolola, ba bo ba dira dimmapa tse di akaretsang lefelo le le fetang disekwerekilometara di le 800 000—lefelo le le fetang New Zealand gararo. Go tlhaloganya gore tshimo eno e bogolo jo bo kana kang, akanya fela o tsamaya sekgala sa dikilometara di le 30 go tswa fa o tsenang gone mo polasing go fitlha kwa ntlung! Mo godimo ga moo, dipolasi dingwe di katogane sekgala sa dikilometara di le 300 kgotsa go feta.
Baithaopi ba le 145 ba Basupi ba ne ba nna le seabe mo letsholong leno. Bangwe ba ne ba tswa kgakala jaaka kwa Tasmania. Bangwe ba ne ba goroga ka dikoloi tse di gogang ka maotwana a manè ba pegile ditente tse ba tlileng go robala mo go tsone, ditshipi tsa go baakanya koloi le peterolo. Ba bangwe ba ne ba tla ba hakile dikolotsana tse ba neng ba tsentse dilwana tsa bone mo go tsone. Mo godimo ga moo, go ne ga hiriwa dibese tse pedi tse nngwe le nngwe ya tsone e pegang batho ba le 22 gore di pege batho ba ba neng ba se na dikoloi tse di gogang ka maotwana a manè. Ba ba neng ba tsamaya ka bese ba ne ba neela bosupi mo baaging ba ditoropo tse dinnye mo tshimong e e rileng.
Pele ga ba tsamaya, bakaulengwe ba ne ba rulaganya dipuo le dipontsho go bontsha kafa ba ka rerang dikgang tse di molemo ka gone mo tshimong eno e ba sa e tlwaelang. Ka sekai, gore tiro ya go rera e atlege mo bathong ba Ba-Aborigine, gantsi go batlega gore motho a dire dilo tumalanong le melawana ya bone le go itse setso sa bone. Go ne ga tlotliwa gape ka mathata a tikologo go thusa go sireletsa tlhago.
Baboledi ba ne ba nna le maitemogelo a le mantsi a a itumedisang. Ka sekai, mo lefelong lengwe la Ba-Aborigine, bakaulengwe ba ne ba rulaganya go neela puo ya phatlalatsa e e theilweng mo Baebeleng. Kgosigadi ya mo motseng oo e ne ya ya ka namana kwa bathong go ba itsise ka puo ya phatlalatsa. Morago ga moo, go ne ga tsamaisiwa dibuka di le 5 le diboroutšhara di le 41 mo bathong ba ba neng ba le gone. Mo lefelong le lengwe go ne ga kopanwa le Mo-Aborigine mongwe. O ne a na le Baebele ya gagwe, ya King James Version, mme e ne e le ya bogologolo e bile e le makgasa. Fa a ne a bodiwa gore o itse leina la Modimo, o ne a re ee mme a bo a ntsha makasine wa bogologolo wa Tora ya Tebelo mo baking ya gagwe. O ne a bala mo makasineng oo, a nopola Mareko 12:30, e e reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago.” O ne a re, “Ke rata temana eo tota.” Fa go sena go tlotlwa le ene thata ka Baebele, o ne a amogela Baebele e ntšha le dibuka tse dingwe tsa Baebele.
Gaufi le Kgogometso ya Carpentaria, kgosana ya polasi nngwe ya diheketara di le 400 000 e ne ya kgatlhegela molaetsa wa Bogosi go se kae. Fa a ne a bontshiwa dikgatiso tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng,a o ne a botsa gore a go ne go na le dibuka dingwe ka puo ya Se-Kriol. Seno se ne se sa tlwaelega ka gonne le fa tota Ba-Aborigine ba le bantsi ba bua Se-Kriol, se balwa ke ba le mmalwa fela. Kwa morago baboledi ba ne ba lemoga gore badiri botlhe ba le 50 ba mo polasing eo ba ne ba kgona go bala Se-Kriol. Kgosana eno e ne ya itumelela go amogela dibuka tsa Baebele ka Se-Kriol, mme o ne a ba naya nomore ya gagwe ya thelefouno gore go ikgolaganngwe le ene.
Mo malatsing a le robonngwe a go neng go neelwa bosupi jo bogolo ka one, go ne ga tsamaisiwa Dibaebele di le 120, dibuka di le 770, dimakasine di le 705 le diboroutšhara di le 1 965. Mo godimo ga moo, go ne ga dirwa maeto a go boela a le 720 mme ga simololwa dithuto tsa Baebele di le 215.
Eleruri, tlala ya semoya e e neng e tshwere batho ba le bantsi ba ba tshwanetseng ba ba phatlaletseng mo metseng eno ya selegae kgabagare e ile ya kgotsofadiwa.—Mathaio 5:6.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mmapa mo go tsebe 30]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
AUSTRALIA
NORTHERN TERRITORY
Darwin
Kgogometso ya Carpentaria
Sydney
TASMANIA