A Ruri Seno ke Setlhare?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
SETLHARE sa mowana se se sephara e bile se le kgolokwe se se fitlhelwang mo lefelong le le omileng la kwa Australia se ka lebega se sa tlwaelega e bile se le maswe. E re ka di se na matlhare ka paka e go sa neng dipula ka yone, ditlhare tsa mowana tse di godileng ga di lebege jaaka ditlhare mme di lebega jaaka setshedi sengwe se se sa tlwaelegang se se nang le maoto a maleele se se nnang mo lewatleng. Tlhamane ya Baaborijene e bolela gore setlhare seno se ne sa hutsiwa mme medi ya nna kwa godimo!
Fa ditlhare tseno di sa ntse di le dinnye, di ditshesane mme e bile di dintle. Mme fa di ntse di gola, dikutu tsa tsone tsa mmala o o putswa di nna potokwe, di a onala e bile di a senyega ka ntlha ya go kwalakakiwa. Ka 1837 moribolodi mongwe e bong George Grey o ne a kwala gore ditlhare tsa mowana “di lebega e kete di tshwerwe ke bolwetse bongwe.” Ke ka ntlha yang fa ditlhare tseno tsa mowana di farologane le ditlhare tse dingwe jaana, mme ke ka ntlha yang fa di anaanelwa le go ratiwa ke baagi ba kwa metseselegaeng ba kwa Australia ba ba akaretsang Baaborijene?
Leina le le Khutshwafaditsweng le Botoka
Gantsi ditlhare tsa mowana di gola sentle mo Afrika, Madagascar le kwa bokonebophirima jwa Australia. Le fa go ntse jalo, le fa mo dinageng di le dintsi di bidiwa di-baobab, Ba-Australia bone ba ga ba bolo go di bitsa di-boab. Badirametlae ba koo ba re Basarwa ba ne ba rata go khutshwafatsa maina ka gonne ba ne ba akanya gore go ka direga gore ba metse dintsi tse di nnang di ntse di fofa. Ka jalo, ba ne ba khutshwafatsa leina baobab go nna boab mme go ise go ye kae leina leno le lesha le ne la dirisiwa thata mo puong ya koo.
Ditlhare tsa mowana gape di bidiwa ditlhare tsa magotlo a a suleng. Ke eng fa di tlhalosiwa ka tsela e e maswe jaana? Fa o leba ditlhare tseno o le kwa kgakala, makape a dipeo tsa tsone a a lepeletseng a lebega jaaka magotlo a a kaleditsweng ka megatla ya one. Gape fa malomo a tsone a senyega a a bela, mme a bo a ntsha monko o o maswe o o jaaka wa nama e e bodileng. Le fa go ntse jalo, fa malomo ano a siame a nna magolo, a masweu e bile a nkga monate.
Se Diretswe go Tshela mo Maemong a a Bokete
Ditlhare tsa mowana di gola ka bontsi kwa kgaolong e e kwa kgakala ya Kimberley e e kwa bophirima jwa Australia le mo nageng e e agisaneng le yone ya Northern Territory. Koo, dipaka di fetoga go tswa go dipaka tsa dipula tsa merwalela tse di sa nneng lobaka lo loleele go ya go dipaka tse go sa neng dipula mo go tsone.
Go kgona go intšhafatsa ga ditlhare tsa mowana ke sengwe se se itsegeng thata. Gantsi di tshela makgolokgolo a dingwaga. Moithutadimela D. A Hearne a re: “Tota le fa setlhare seno se ka epiwa ke molelo kana sa tlosiwa makwati a sone otlhe gantsi se tswelela se tshela mme morago ga go intšhafatsa se tswelela se gola.”a O oketsa jaana: “Setlhare seno se nonofile jaana mo e leng gore fa se sa senngwe gotlhelele se tla tswelela se gola sentle fela.” Setlhare sengwe se se neng se ikemiseditse go tswelela se tshela se se neng se tsentswe mo lekaseng la logong se letile go romelwa kwa moseja, se ne sa ntsha medi ya sone ka diphatlha tsa lekase mme ya tsenelela mo mmung!
Fa ditlhare tsa mowana di gola mo melatswaneng e e tletseng matlapa, mo dithabaneng tse di mokgokolosa tse di nang le maje kana mo dipoeng tsa motlhaba, gantsi di nna ditelele go feta ditlhare tse di gaufi le tsone. Kwa Setlhabeng sa Kimberley ditlhare tse dingwe tsa mowana di golela kwa godimo go fitlha go dimetara di le 25 kana go feta, mme di batla di nna bophara jo bo lekanang le bogodimo jwa tsone.
Lebaka la go bo ditlhare tsa mowana di le dikgolo jaana ke ka ntlha ya metsi. Fela jaaka sepontšhe, logong lwa setlhare seno le boleta le na le ditlhalenyana mme le kgona go boloka metsi a mantsi. Fa kutu ya sone e sena go monya metsi ka nako e dipula di nang thata ka yone, e bonala e gogomogile. Fa nako e dipula di sa neng mo go yone e ntse e tswelela, setlhare seno se boela ka iketlo mo bogolong jwa sone.
Ka nako e e tsididi thata ya dikgwedi tsa mariga, ditlhare dingwe di kgona go tswelela di tshela ka ntlha ya go tlhotlhorega ga matlhare a tsone. Mo setlhareng sa mowana, seno se direga morago ga paka e e telele e go sa neng dipula mo go yone. Fa paka eno e ya kwa bokhutlong, malomo a simolola go tlhoga mme matlhare a masha a simolola go gola ka bonako. E re ka go thunya ga setlhare seno go bontsha gore paka ya dipula e atametse, batho ba kwa lefelong leo ba bitsa setlhare sa mowana ba re ke sejalo sa khalendara.
Malomo a sone a thunya bosigo fela, mme a nna diura di le mmalwa fela, a bo a simolola go swaba fa letsatsi le sena go tlhaba. Makape a malomo a gola go fitlha e nna dikgeru tse dikgolo tse di nang le dipeo kafa gare mme di wela fa fatshe di bo di thubega di gasaganya dipeo tsa tsone.
Setlhare sa Botshelo
Baaborijene ba kwa Kimberley ga ba bolo go tsaya dipeo tsa ditlhare tsa mowana, matlhare a tsone, boreku jwa tsone le medi ya tsone e le dijo tsa botlhokwa. Pele dipeo tseno di omelela, di na le ditšhotlho tse di tshweu tse di boleta tse di monate. Ka dinako tsa komelelo, Baaborijene ba ne ba tšhotlha logong lo lo nang le ditlhalenyana lwa setlhare seno le mmedi ya teng, tse di neng di ba thusa ka metsinyana a ba neng ba a tlhoka thata ka nako eo. Mo dipakeng tse go nang dipula thata mo go tsone batho ba lefelo leno ka dinako dingwe ba fitlhela metsi a a leng mo dikhuting tsa ditlhare tseno le mo dikala di simologang teng.
Ka 1856 fa maloko a letsholo la ga Augustus Gregory a ne a ya kwa Setlhabeng sa Kimberley a ne a tshwarwa ke scurvy, mme a ne a bedisa moko wa dikgeru tsa setlhare seno a bo a dira “jeme e e monate.” E re ka moko ono o na le bitamine C e ntsi, o ne wa fodisa banna bano.
Ditlhare Tse di Senolang Dilo Tsa Bogologolo
Bogologolo Baaborijene le Bayuropa ba ne ba kwala melaetsa mo ditlhareng tsa mowana. Ka 1820 sekepe sa Mermaid se se neng se na le batho ba ba dirang dipatlisiso se ne sa ema mo losing lwa Kimberley gore se baakanngwe. Ka go latela ditaelo tsa lefapha la sesole sa lewatle sa kwa Boritane tsa gore go tlogelwe bosupi jwa gore ba ile ba fitlha koo, Kapotene Phillip Parker King o ne a gaba mokwalo o o reng “HMC (His Majesty’s Cutter) Mermaid 1820” mo kutung ya setlhare se segolo sa mowana.
Ka nako eo setlhare sa Mermaid jaaka se ne sa simolola go bidiwa jalo, se ne se le bokima jwa dimetara di le 8,8. Gompieno bokima jwa sone bo feta dimetara di le 12,2. Le fa gone jaanong mokwalo oo o sa tlhole o bonala sentle, e sa ntse e le segopotso mo bariboloding bao ba bogologolo. Melaetsa e e gabetsweng kwa teng mo ditlhareng tsa bogologolo tsa mowana e sa ntse e bonala le gompieno mme e bonwe ke bajanala go ralala lefatshe.
Fa masetlelara a kwa Yuropa a fitlha kwa Setlhabeng sa Kimberley, ditlhare tse dikgolo tsa mowana di ne tsa dirisiwa jaaka matshwao a a supang tsela, mafelo a go kopana le mafelo a bothibelelo mo nageng e sele. Barui ba batsamai ba ne ba letla dikgomo tsa bone di ikhutsa kafa tlase ga ditlhare tseno tse di kgabisitsweng ka maina a a jaaka Oriental Hotel, Club Hotel, kana Royal Hotel.
Fa Baaborijene ba ba seng botsalano ba ne ba utswa mokoro wa mosetlelara wa Mojeremane e bong August Lucanus ka 1886, ene le setlhopha se a neng a tsamaya le sone ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 100 go ya kwa toropong ya Wyndham. Ba ne ba lebane le melatswana le dinoka tse di tletseng dikwena. Moragonyana Lucanus o ne a kwala gore ene le setlhopha sa gagwe ba ne ba itse ka tayari ya moribolodi wa bogologolo e e neng e bontsha “kwa a epetseng gone dithulusu tsa go betla gaufi le Pitt Springs kafa tlase ga setlhare se segolo sa mowana, se se neng se gabilwe ditlhaka tsa ntlha tsa maina a gagwe.” Se se gakgamatsang ke gore banna bao ba ne ba kgona go bona setlhare seno le dithulusu. Go tswa foo ba ne ba “rema setlhare se sentle se segolo sa mowana” mme mo malatsing a le matlhano ba ne ba kgona go betla mokorwana. O ne wa kokobala sentle mo metsing mme ba fitlha kwa gae ba babalesegile.
Ditlhare tse pedi tse di itsegeng thata tsa mowana ke tse go tweng ke ditlhare tsa kgolegelo tsa Derby le Wyndham, tse di teeletsweng ka ditoropo tse di gaufi. Batho ba le bantsi ba dumela gore ditlhare tse dikgolo tseno tse di gabilweng tse sengwe le sengwe sa tsone se ka kgonang go tsenya banna ba le mmalwa, e ne e le dikgolegelo mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, bakwalahisitori bangwe ba segompieno ba belaela dipolelo tseno. Ditlhare tseno e sa ntse e le dilo tse di gakgamatsang tse bajanala ba di ratang.
Botswerere jo bo Dirwang ka Setlhare sa Mowana
Ka nako nngwe batho ba ne ba gaba ditshwantsho le melaetsa mo dikutung tsa ditlhare tsa mowana. Le fa go ntse jalo, gone jaanong bataki ba kwa metseselegaeng ba rekegela ditlhare tseno mme ba dirisa bokgoni jwa bone mo dikgerung tse di bopegileng jaaka mae tsa ditlhare tsa mowana, tse nngwe le nngwe ya tsone e ka nnang boleele jwa disentimetara di le 25 le bokima jwa disentimetara di le 15.
Morago ga go kgetla kgeru e e siameng mo setlhareng, motaki o tla bo a dirisa thipa ya gagwe e e kopelwang go gaba ditshwantsho tse di raraaneng mo lekapeng le le borokwa. Gantsi ba ne ba rata go taka ditshwantsho tsa diphologolo tsa lefelo leo, ditshwantsho tsa Baaborijene ba ba tsomang, ditshwantsho tsa difatlhego tsa batho le dinomore. Gantsi batho ba reka ditshwantsho tseno e le go itlosa bodutu fela. Batho ba bangwe ba ba di rekang ba akaretsa bajanala le batho ba ba rekisang mo mabenkeleng a lefelo leo.
Gone ke boammaaruri gore setlhare sa mowana se ka tswa se se segolo jaaka setlhare sa sequoia, kana se sa kgatlhe jaaka popoleri kana se se mebalabala jaaka jacaranda. Le fa go ntse jalo, ka tsela ya sone e e tlhomologileng, setlhare seno se se nonofileng se se kgonang go emelana le maemo a a thata ke sejalo se se botlhokwa thata mo baaging ba metseselegae ya kwa Australia, se baka Mmopi, gongwe e bile se bontsha gore o kgona go dira metlae.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go tlosa makwati otlhe mo setlhareng go dira gore metsi a se ka a tsena mme seno se bolaya ditlhare tse dintsi.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Malomo a thunya bosigo a bo a swa mo diureng tse mmalwa moragonyana
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Kgeru ya setlhare sa mowana e gabilwe setshwantsho sa “frilled lizard”