“Setlhare sa Botshelo” se se Gakgamatsang sa Afrika
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA TANZANIA
GA KE dumele gore go kile ga bonwa sepe se se tshwanang le seno mo karolong epe fela ya lefatshe.” Ke eng seo monna wa Mofora Michel Adanson a neng a se bona fa a ne a etetse kwa Senegal ka 1749? E ne e le setlhare! Se ne se ka nna dimmetara di le 20 ka boleele, se na le kutu ya bokima jwa dimmetara di le robedi. Moragonyana David Livingstone o ne a re ke setlhare se se tshwanang le “segwete se se jetsweng medi e le kwa godimo.”
Mo ditlhamaneng ga twe “diabolo o ne a se kumola [setlhare], a somela dikala tsa sone mo mmung a bo a tlogela medi ya sone e le kwa godimo.” Ke gone ka moo bontsi bo itseng setlhare seno jaaka “setlhare se medi ya sone e leng kwa godimo.” Ka Selatini se bidiwa Adansonia digitata, se bidiwa ka motho yo o neng a se bona pele, mme bontsi jwa rona re se bitsa mowana, sengwe sa ditlhare tse di itsegeng thata kwa Afrika botlhaba, le mororo se na le bontsalaasone ba baleele go se feta kwa Madagascar le tse dingwe gape kwa Australia.
Setlhare se Medi ya Sone e Leng Kwa Godimo
Re ne re na le diura tse dintsi re ntse re raletse karolo ya magae ya naga ya Tanzania. Go ne go kgatlha tota go bona metse e mentle, matlo a a ruletsweng ka letlhaka, basadi ba rwele dikgong tsa molelo mo tlhogong, bana ba tshameka kafa tlase ga ditlhare tsa mmenku le badisa ba ntse ba disitse dikgomo. Kgabagare re ne ra bona se Adanson a neng a se bona bogologolo mo lekgolong la bo18 la dingwaga.
“Ke tsele!” go tlhaeletsa jalo Margit. Go bonala mewana e megolo, e e boitshegang fale le fale mo dikarolong tse di omileng tsa dikarolo tsa boboatsatsi tsa Afrika. E rata thata dipoa, fa thoko ga lotshitshi le mo mekgokoloseng ya Thaba ya Kilimanjaro. “Ga se tshwane le ditlhare tse dingwe tse nkileng ka di bona,” go bolela jalo mongwe wa ba re nang nabo. Se serokwana e bile se setona, mowana ke semela se se nang le lekwati le le ka nnang disentimetara di le tlhano go ya go di le lesome ka bokima. “Eleruri se lebega jaaka setlhare se medi ya sone e leng kwa godimo!” Mo lobakeng lo lontsi lwa ngwaga, mo dikgweding tse thataro go ya go tse supa tsa fa pula e sa ne, setlhare seno ga se nne le matlhare gotlhelele. Se tshela jang? Ke eng re sa botse mongwe yo a ka itseng.
Fa re tsenelela mo nageng eno ya mowana, kgabagare re kopana le Shem, moagi wa koo mme re bua nae. “O a bona,” monna yono o a rialo, “setlhare seno ke lebotlolo.” Setlhare sa lebotlolo? “Ee, mo pakeng e khutshwane ya pula, dikala tsa setlhare seno di monya metsi a mantsi a a bolokiwang mo kutung a bolokelwa paka ya fa pula e sa ne.” Buka ya Baobab—Adansonia Digitata e akgela jaana: “Fa kutu e simololang teng gantsi go khuti, metsi a pula le monyo di tsena fano mme e ka nna one metsi fela a o ka a bonang dimaele tse dintsi go tswa foo. . . . Kutu e kgona go tshola metsi a mantsi. Go fopholediwa gore setlhare sa dikubita tsa dimmetara di le 200 se ka tshola dilitara di le 140 000 tsa metsi. . . . Dikutu di ka kgaolwa mme ga ntshiwa metsi a a nowang mo go tsone.” Shem o dira motlae: “Ke setlhare se setona mme pelo ya sone e boleta.” Mo lobakeng lono batho ba bantsi ba motse ba atametse mme ba reeditse motlotlo ono ka tlhoafalo. “A lo ne lo itse gore mowana ke setlhare sa botshelo?” go botsa jalo Emmanuel.
“Setlhare sa Botshelo”
Mo baaging ba le bantsi ba koo setlhare seno ke mpho e e tswang kwa Modimong. Ka ntlha yang? “Sa ntlha, se kgona go tshela lobaka lo loleele. Gongwe e bile dingwaga di le sekete kana go feta,” go tswelela jalo moagi mongwe wa motse. “Se re naya dijo, metsi, diaparo, re rulela ka sone, sekgomaretsi, melemo, re nna mo moriting wa sone, dibaga e bile re bona le dimonamone tsa bana go tswa mo go sone.” Go tweng ka dikgong tsa molelo? “Nnyaa, makwati a sone a bongola thata ka ntlha ya metsi a a mo go sone. Gantsi re senka ditlhare tse dingwe fa re batla go dira seo.” Daniel yo mmotlana o bolela jaana: “Mme re dirisa makwati go dira megala.” Mo godimo ga moo, a dirisiwa go dira dinnete, dimmetshe, matsela, dihutshe, mekoro, ditherei, mabokose, diroto le pampiri. Molora wa lekwati o ka dirisiwa jaaka monontsha mme bontsi bo dira sesepa ka one. “Dikalanyana tse dinnye le matlhare di a jewa,” go oketsa jalo mongwe wa bommabana a belege ngwana. “Gape re gadika dithapo tsa sone re bo re dira kofi. Pelo ya thapo eno e dirisiwa go dira biri e bile go ka ntshiwa gape le oli mo go yone.”
Mo pakeng e khutshwane ya pula, setlhare seno se nna le dithunya tse dintle tse ditshweu. Mme lefa go ntse jalo ga di nkge monate jaaka di lebega! Di simolola go bulega go tloga morago thata mo thapameng go fitlha fela fa letsatsi le sena go wela mme mo mosong o tla fitlhela di bulegile thata. Ka jalo bommamathwane ba ba ratang ditlhare ba a tla go tla go tsuntsunyetsa mmudula wa sone. Batho ba lefelo leno ba tswakanya mmudula ono wa dithunya tsa sone le metsi ba bo ba dirisa seno jaaka sekgomaretsi. Loungo lwa teng lo loleele (disentimetara di le 40) lo lepelela mo kalaneng. Loungo lwa teng lo lo sa butswang lo boleta fa re lo tshwara. Lo lebega jaaka mogatla wa tshwene. “Ehe, ke sone se setlhare seno gape se bidiwang, setlhare sa borotho jwa tshwene!” A re ka sega loungo lono mme ra lo leba mo teng? Ee!
“Setlhare sa Cream-of-Tartar”
Loungo lwa teng lo losweu kafa teng, lo botšarara, mme lo na le bithamine e ntsi ya C, bithamine ya B1 le khalesiamo. Fa go bakiwa dikuku le ka dirisiwa mo boemong jwa cream of tartar. Ke gone ka moo bangwe ba se bitsang setlhare sa cream-of-tartar. Shem o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe re dira dino ka leungo leno. Le utlwala jaaka surunamune.” Ke sone se batho bangwe ba se bitsang setlhare sa surunamune. Se dirisediwa eng gape?
Shem o araba jaana: “Re dirisa mo e ka nnang dikarolo tsotlhe tsa setlhare. Matlape a loungo re a dirisa fa re tshwara ditlhapi, go tshela tipi le jaaka sejana sa sopo, gape re a dirisa fa re dira sethaisadipeba. Fa dikgomo tsa rona di tshwenngwa ke ditshenekegi, re fisa loungo lwa teng, mme mosi wa lone o kgona go di leleka. Ka dinako tse dingwe re tlhakanya boupe jwa leungo leno le mashi mme seo e nna yokate e e monate thata.” Go tweng ka melemo? “Ee, setlhare seno ke khemise ya rona,” Shem o bua jalo a tshega.
Khemisi ya Mowana
Lo se dirisetsa eng? “Sengwe le sengwe!” Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba mo lefelong leno ba tlotla setlhare seno, ba se boifa, ee, e bile ba se obamela, gonne se dirisediwa dilo tse dintsi. Re utlwa gore bommè ba ba anyisang ba tlhakanya boupe jwa loungo lono le mashi ba bo ba naya masea a bone gore a se ka a gogomoga dimpa, a tshwarwa ke mala a mahibidu le letshoroma. “Melemo” e e tswang mo setlhareng seno e rekisiwa mo mebarakeng ya lefelo leo mme go bolelwa gore e kgona go fodisa kgotelo, botlhoko jwa meno le malwetsi a mangwe. Mo lefelong leo se dirisediwa go alafa anemia, letshololo, foluu, asema, malwetsi a diphilo, malwetsi a khemo le ditlhagala.
Go na le ditlhamane le dikgang tse dintsi ka setlhare seno se se sa tshwaneng le tse dingwe. Bangwe ba akanya gore “polasi e [mowana] o leng mo go yone ga e a tshwanela go rekisiwa, gonne go akanngwa gore se lere masego fa se le foo. . . . Kgang nngwe e bolela gore Tau e ka tla go ja mongwe le mongwe yo a ka kgetlang sethunya sa setlhare seno. Go akanngwa gore dithunya tsa teng di na le meya. Gape go bolelwa gore fa dithapo tsa setlhare seno di ka tsenngwa mo metsing di bo di nna di fuduiwa seo se ka sireletsa motho gore a se ka a tlhaselwa ke kwena le gore motho yo o nwang seno sa lekwati la sone o tla nna maatla a bo a nonofe thata.”—Baobab—Adansonia Digitata.
Dimonamone tsa Bana
Re ithutile dilo tse dintsi tse disha mo baaging ba naga ya mowana. Jaanong, kwa Dar es Salaam, re kopana le Navina, Suma, le Kevin. A o ko o fopholetse fela gore ba tšhotlang le go momona eng? Dithapo tsa mowana! Dithapo tseno tse dikhibidu di rekisiwa jaaka dimonamone fa thoko ga tsela, mme go bonala gore bana bano ba a di rata. “Di botlha?” “Go le gonnye, mme re a di rata!” bana ba bolela jalo ba buela gongwe. “Tsweetswee, tsaya! Utlwa!” Ee, tota ke eng motho a sa latswe sengwe go tswa mo “setlhareng sa botshelo” sa Afrika?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Mowana, setlhare se se dirisediwang dilo tse dintsi
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Dithapo, di jewa jaaka dimonamone e bile di gadikiwa go dira kofi
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Dithunya tsa teng di dikgolo
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ga se nne le matlhare ka nako ya fa pula e sa ne