Go Ititaya Sehuba Go ne ga Nthusa Gore Ke Atlege
Jaaka go boletse Joseph A. Oakley
ABO E ne e le boipelo jang ne ka 1950 go nna gareng ga ba le 123 707 bao ba neng ba le gone kwa kopanong ya boditšhaba-tšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa Yankee Stadium mo Toropong ya New York kwa United States! Mme abo e ne e le tshiamelo jang ne go tsenela setlhopha sa bo-16 sa sekolo sa borongwa sa Gilead morago ga moo kwa karolong e e kwa borwa ya New York!
Fa ke sena go aloga ke ne ka abelwa, mmogo le setlhopha se sengwe sa bao ba tswang Australia le nna, kwa tirong ya borongwa kwa Pakistan e e kwa kgakala. Re ne ra fitlha koo ka selemo sa 1951. Ngwaga ya ntlha segolo-bogolo ene ya tlisa diteko tse di botlhoko.
Nngwe ya tseno e ne e le mogote o o lapisang, o o sa kgatlhiseng oo o neng o farologane gotlhelele le botsiditsana jwa Victoria borwa le Tasmania tsa Australia koo ke neng ke nna gone. Morago ga moo go ne go na le taifuni, Jaundice, le malwetse a mangwe a a tsayang nako e e telele ao a neng a tshwere bontsi jwa rona bao re neng re sa tswa go goroga. Mongwe wa ba babotlana bao ba neng ba le mo setlhopheng se le sengwe le rona o ne a swa mo go yone ngwaga eo ya ntlha.
Teko e nngwe e ne e le lehuma le maemo a a farologaneng a go tshela. Morago ga ke ise ke nne lobaka lo loleele, ke ne ka abiwa jaaka modihedi yo o etang, goo go neng go tlhoka maeto a maleele, ke le esi ka diterena mme ka dinako dingwe go ne go akareletsa go robala mo dipolatefomong tsa diteishene tsa diterena.
Lefa go ntse jalo teko e nngwe e ne e le go sa reetse molaetsa wa rona wa Bogosi mo baaging bao bontsi jwa bone e neng e le Mamoseleme. Mme gape e ne e le teko ya mmatota go leka go bua molaetsa ono ka puo e e thata, e ntšha, puo ya Seurdu.
Go ka bo go ile ga nna motlhofo go tlogela le go ya gae. Go nna teng go ne go batla boikemisetso jo bo nonofileng. Ke lebogela go bo maitemogelo a me a pelenyana ga moo a ne a nthusa go lebana le diteko tseno ka katlego.
Maitemogelo ao a Neng a Bopa Botshelo jwa Me
Ke godiseditswe mo polaseng mo e ka nnang 18 kilometara ka kwantle ga Geelong, motse o o mo lobopong mo nageng ya Victoria ya Australia. Ka letsatsi lengwe la April ka 1935, fa ke ne ke etetse kwa toropong, Miss Hudson o ne a tlotla le nna a bo a nkgothaletsa gore ke nne gone kwa puong ya Bibela. Ke ne ka fetsa beke eo yotlhe ke tshwenyegile ka ntlha ya gore ke ne ke solofeditse mosadimogolo yono yo o rategang, yo o pelo-e-phepa, ebile yo o bonalang a ineetse gore ke tla nna gone. Tota ke ne ke sa batle go ya koo, mme ke ne ke sa kgone go ipeta pelo gore ke mo swabise.
Jalo fa nako e tla, ke ne ka boloka tsholofetso ya me ke na le dipelaelonyana dingwe mme ka ya. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore, ke ne ka ipelela pokano eo thata mo eleng gore ke ne ka simolola go nna gone ka metlha. Seo ke neng ka se ithuta se ne sa ntlhatswa pelo gore ke ne ke bone boammaaruri, mme ke ne ka kolobediwa kwa kopanong eo e neng e tshwaretswe kwa Geelong mo go yone ngwaga eo.
Dikgwedi di sekae moragonyana ga moo, basetsana bangwe ba le babedi ba ba tlhoafetseng ba babulatsela ba ne ba tsamaya go feta 1,6 kilometara mo masimong a a lemilweng gore ba fitlhe kwa polaseng ya rona. Seo se neng sa nkgatlha ka bone e ne e le tumelo le tlhoafalo ya bone. Ke gakologelwa fa ke ne ke ba botsa gore ba ne ba tlile go lala kae mo bosigong joo, ka gonne ba ne ba umakile gore ba ne ba le mo tseleng go ya kwa tshimong e ntšha e ba neng ba e abetswe kwa torotswaneng e nnyane ya Bacchus Marsh, mo e ka nnang bokgakala jwa 56 kilometara.
“Ga re ise re itse, mme re tla bona lefelo lengwe pele ga bosigo bo tsena,” ba ne ba araba jalo. “Fa go sa nne jalo, re tla tlhoma tente ya rona.”
Oura ya bone e ne e setse e iteile, mme malatsi ao a ne a le makhutshwane ebile a le tsididi. Ke ne ka akanya jaana ke le esi: ‘Seno eleruri ke bobulatsela!’ Gape se ne sa dira gore ke simolole go akanya jaana ke le esi: ‘Tota ke dirang mo ntle mono mo polasing, ke tlhaoletswe dimaele-maele kgakala le batho? Ke eng seo se nthibelang gore ke nne modihedi wa mmulatsela jaaka makgarebe ano? Le nna ke mosha ebile ke tsoga sentle. Fa e le gore ba kgona go go dira, nna ke ka ntlha yang fa ke se kake ka go dira?’ Ke ne ka ikemisetsa go tloga gone fela foo gore e tla re go ise go ye kae ke bo ke le mmulatsela le nna.
Ke ne ke Ikemiseditse go Ngaparela Tshwetso ya Me
Rre o ne a sa batle gotlhelele gore ke tloge mo gae le go tsaya tiro ya go rera ya nako e e tletseng le Basupi ba ga Jehofa. O ne a na le dingwaga tse di ka nnang 30 e le mookamedi wa sekolo sa Sontaga mme o ne a sa rate Basupi. Lefa go ntse jalo, ke ne ke setse ke na le dingwaga di le 21, mme mmè tota o ne a sa gane fa ke ne ke mmontsha maikaelelo a me. Jalo, kgabagare, letlha la June 30, 1936, le ne la tlhomiwa jaaka letsatsi leo ke tla tlogelang legae ka lone.
Rre o ne a kopa borra-kgwebo bangwe ba le mmalwa ba ba tumileng gore ba bue le nna gore ke tlogele “tironyana eno e e makgapha” jaaka a ne a e bitsa. Banna bano ba ne ba leka ka natla go mpateletsa gore ke nne mo gae, ba dirisa mekgwa yotlhe ya go neela mabaka, jaaka: ‘O tla tlisetsa bodumedi jwa lelapa la lona tlontlololo.’ ‘O tsena mo setlhopheng seo se sa itsegeng ebile se sa ratege.’ Le, ‘O tla nna le tlhomamisetso efe ya gore o tla tshegediwa ka madi?’
Boiteko jono jwa go mpateletsa—joo gongwe bo neng bo na le maikaelelo a mantle—bo ne jwa tswelela pele ka dibeke di le dintsi. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore fa ba ne ba ntse ba leka go nthibela, ke ne ke ikemisetsa le go feta gore ke tsene mo mephatong ya babulatsela.
June 30 e ne ya goroga, go le tshididi ebile go le phefo! Ke ne ka pega dilo tsotlhe tse ke neng ke na le tsone mo sethuthuthung sa me mme ka leba Melbourne, mo e ka nnang bokgakala jwa 64 kilometara. Ke ne ke laleditswe koo gore ke bereke le setlhopha sa babulatsela gone. Jaanong ke ne ka bulegelwa ke botshelo jo bosha gotlhelele jo bo nang le boikaelelo, mme go ne go na le diteko tse dintsi.
Go Lebana le Kganetso ka Go Ititaya Sehuba
Mo malatsing ao tsela ya konokono ya go anamisa molaetsa wa Bogosi e ne e le ka go dirisa dikoloi tse di nang le dibuela-kgakala go gasa dipuo tsa Bibela tse di gatisitsweng tsa ga mookamedi wa Watch Tower Society, ebong J. F. Rutherford. Ke ne ka dirisa nngwe ya “dikoloi” tseno ka dingwaga di ka nna tlhano, koloi eo e tlhometsweng ka sengwe le sengwe eo e neng e itsege gongwe le gongwe jaaka “Red Terror.”
Lentswe le le kima, la moporo la ga Mokaulengwe Rutherford mo lenakeng la sebuela-kgakala le ne le le “monate” mo go ba sekae bao ba batlanang le boammaaruri, mme mo go bao ba leng kgatlhanong le boammaaruri le ne le tshwana le botlhole. (Bapisa 2 Bakorintha 2:14-16.) Ke ne ke tshelwa ka metsi a lethompo kgapetsa, kana gantsi koloi e ne e konopiwa ka matlapa.
Dipuo tsa ga Mokaulengwe Rutherford tseo di senolang maaka a bodumedi, kafa letlhakoreng le lengwe, eleruri di ne di ikuela mo go ba bangwe. Ka sekai lekau lengwe le le humileng, le ne la kopa sekaelo sa puo nngwe le nngwe e e gatisitsweng ya ga Rutherford le buka nngwe le nngwe eo e kwadilweng ke ene. Fa re ne re etela ntlo ya gagwe e kgolo, go ne go le thata mo go nna go rwala direkoto le dibuka tseo tsotlhe. Monna yoo o ne a itumelela go di bona, a kwala tšheke ya £15 (R48 jaanong) gone fela foo. E ne e le dibuka tse dintsi go gaisa tseo ke neng ke di tsamaisitse!
Ka 1938 Mokaulengwe Rutherford o ne a le mo thulaganyong ya go etela Australia le go neela puo ya Bibela mo Holong ya Toropo ya Sydney, New South Wales. Ke ne ke le mongwe wa bao ba neng ba tshwanetse go ralala mebila ya Sydney ka koloi ya sebuela-kgakala, ke dira dikitsiso tse dikhutshwane tsa loeto lo lo tlang. “Red Terror” segolo-bogolo e ne e baakanyeditswe dibeke di le thataro e na le phasalatso e kgolo mo matlhakoreng oomabedi a bene. “Ntwa eno ya ka ponyo ya leitlho” ya tiro e ne ya tlisa kganetso e se kana ka sepe.
Ka ntlha ya kgatelelo e e maatla ya bodumedi, go hiriwa ga Holo ya Toropo ya Sydney go ne ga phimolwa. Jaanong ke ne ka abelwa gore ke dirise koloi ya sebuela-kgakala go dira gore dikopo tsa go nna kgatlhanong le seo di saenwe. Re ne ra etela ditlhopha tse dikgolo tsa babereki ka nako eo ba ikhutseditseng go ja ka yone, go sa kgathalesege kganetso mo mafelong a le mantsi, re ne ra atlega go bona ditshaeno di le makgolo-kgolo tseo di emelang kgololesego ya go bua. Go ne ga bonwa ditshaeno tsotlhe di le dikete di le masome-some go ralala naga eo. Mme go sa kgathalesege go isa kopo eno e kgolo kwa balekgotleng ba Sydney, go ne ga nna ga ganwa gore go dirisiwe Holo ya Toropo.
Lefa go ntse jalo, jaaka gantsi go diragala, seno se ne sa tswela batho ba ga Jehofa molemo. Jaanong go ne ga hiriwa Mabala a Metshameko a Sydney, mme ka gonne kganetso e ne ya dira gore go dirwe phasalatso e kgolo, bao ba neng ba nna teng kwa puong ya ga Mokaulengwe Rutherford ba ne ba tlhatlogela go 12 000, go ya ka diphopholetso tsa mapodisi. Ereka Holo ya Toropo e ne e ka tsenya bao ba ka nnang 5 000 fela, kganetso e ile ya felela ka gore batho bao ba fetang bao gabedi ka bontsi ba utlwe puo eo!
Go Ititaya Sehuba ka Nako ya Thibelo
Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e runya ka 1939, kganetso e ne ya gola. Morago ga moo, ka January 1941, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa go ralala Australia yotlhe. Ke ne ke bula tsela kwa Melbourne ka nako eo mme ke nna kwa depong ya dibuka tsa Mokgatlho.
Ka letsatsi lengwe mapodisi a diganka a Kgwaranoditšhaba a ne a fitlha koo mme a tlhasela motlhanka wa depo ebong Jack Jones le nna. Ke ne ka fiwa metsotso e le metlhano fela gore ke tswe mo phaposing ya me e e kwa godimo. A o kile wa tsamaya wa leka go phutha dilo tsotlhe tse o nang le tsone ka metsotso e le metlhano? Ke ne ke ise ke bo ke atamele go fetsa fa mapodisi ao a ne a tsena mo phaposing eo le go latlhela diaparo tsotlhe tsa me tseo di neng di setse le didirisiwa kwantle ka letlhaba-phefo ka makgwakgwa.
Lefa go ntse jalo, thibelo eo ga e a ka ya thibela tiro ya rona. Re ne ra tswela pele ka go rera ka ntlo le ntlo re dirisa Bibela fela le go tshwara dipokano tsa ka metlha kwa Melbourne. Ka 1942, ngwaga wa bobedi wa thibelo eo, ke ne ka bilediwa kwa Sydney gape, mo nakong eno gore ke thuse go rulaganya tiro mo diphuthegong di le supa tsa Basupi ba ga Jehofa koo.
Legae la Bethele kwa Sydney ka nako eo le ne le nna batlhankedi ba Kgwaranoditšhaba. Re ne ra rulaganya tiro yotlhe ya go lolamisa, re le mo lagaeng la matlhatlhaganyane a le mabedi bokgakala jwa diboloko di sekae fela. Kabelo ya me e le gore ke etele phuthego nngwe le nngwe ya Sydney, ke dirisa sethuthuthu le kolotsana ya sone, le go isetsa dipokano dithulaganyo tsa dipuo le dilo tse dingwe tseo di tlhokafalelang go boloka diphuthego di rulagane ebile di gatela pele.
Go Direla kwa Tasmania
Fa thibelo e ne e tlosiwa ka June 1943, ke ne ka abelwa gore ke thuse mo go direng gore depo ya dibuka ya Melbourne e tlhomiwe gape. Morago ga moo, ka 1946, ke ne ka tlhophiwa gore ke direle jaaka motlhanka yo o etelang bakaulengwe (jaanong, molebedi wa potologo) mo nageng ya setlhaketlhake ya Australia ya Tasmania. Go ya ka tsa thuta-fatshe, Tasmania ke setlhaketlhake se sentle, se se nang le dithaba tseo di nang le ditlhoa tse dintsi, tse di khurumediwang ke segagane gantsi mo ngwageng.
Fa ke ne ke direla jaaka molebedi yo o etang, go ne go na le diphuthego di le supa fela le ditlhopha di le mmalwa tse di kwa thoko mo setlhaketlhakeng seo sotlhe. Mo gare ga maeto a go ya kwa diphuthegong, ke ne ke bula tsela kwa torotswaneng eo e bidiwang Mole Creek. Go ne go tsogile kganetso e e setlhogo mo Basuping ka nako ya ntwa. Mme ka nako eno e ne e kokobetse, mme batho ba le mmalwa bao ke neng ke ba tsamaiseditse dibuka e ne ya re kgabagare ba fetoga Basupi ba ba ineetseng.
E ne e le ka nako eo ke neng ke le mo Tasmania ka yone, ka 1950, fa ke ne ke amogela taletso ya gore ke tsenele setlhopha sa bo-16 sa Gilead. Fa ke sena go aloga, jaaka ke boletse pele, ke ne ka abelwa kwa Pakistan.
Lenyalo le Lelapa
Fa ke ne ke sena go nna dingwaga di le thataro kwa Pakistan, ke ne ka nyala Edna Marsh, yoo a neng a ntse a direla jaaka morongwa kwa Japane. Edna o ne a tla kwa go nna, mme re ne ra bula legae le lesha la barongwa kwa Quetta, eo e leng kwa karolong ya dinaga-godimo tsa Pakistan. Re ne ra nna dingwaga di le pedi kwa Quetta, mme morago ga moo, ereka ngwana wa rona wa ntlha a ne a le mo tseleng, re ne ra swetsa ka gore re boele kwa Australia. Jaanong re ne re letetswe ke eng?
Le ka motlha ope ga re a ka ra tlhoka go tlhomamisega ka gore re ya go nna le go godisetsa lelapa la rona kae. Ke ne ke solofeditse gore fa go ka diragala gore ke boe go tswa kwa tirelong ya dinaga di sele, ke ne ke tla boela kwa Tasmania. Lefa go le jalo, re ne re sena mo e ka nnang lefa e le madinyana, mme ditiro tsa bao ba nang le dingwaga di le 45 di ne di bonwa sewelo. Lefa go ntse jalo re ne ra dira tshwetso ya gore re se dire gore tiro ya boitshediso e re thibele dipokano tsa phuthego le tirelo ya tshimo.
Ka thuso e e pelonomi ya bakaulengwe ba semoya, ke ne ka kgona go itlhomela kgwebo ya me ya go phepafatsa matlhaba-phefo. Mo dingwageng tse di fetang 20, ga ke a ka ka fosa lefa e le pokano e le nngwe kana tirelo ya tshimo ka ntlha ya go nna le seabe mo tirong ya boitshediso, lemororo ka dinako dingwe go ne go batlega boikemisetso gore ke gane go fiwa tiro le madi a a oketsegileng. Ka gone re ne ra kgona go godisa bana ba rona ba babedi ka tsela ya boammaaruri le go nna le seabe ka metlha mo ditirong tsotlhe tsa Bogosi.
Bana ba rona jaanong ba godile mme ga ba tlhole ba ikaegile ka rona. Boo-babedi ba tlhomame mo boammaaruring, morwadia rona o ile a ipelela dingwaga di le mmalwa a bula tsela pele ga lenyalo la gagwe. Morwa wa rona le mosadi wa gagwe jaanong ba tloga ba ya go direla koo tlhokafalo e leng kgolwane gone mo tirelong ya bobulatsela.
Botshelo jo bo Duelang
Bosheng jaana re ne ra etelwa ke tsala nngwe ya bogologolo eo e neng ya nna yone motho wa ntlha go emela boammaaruri mo toropong ya Quetta kwa Pakistan. Morago ga pokano kwa Phuthegong ya rona ya Launceston mono mo Tasmania, o ne a bolelela phuthego gore o ne a kile a laela motlhanka wa gagwe gabedi gore a mpolelele gore o ne a seyo mo gae fa ke ne ke mo etela. Lefa go ntse jalo, moragonyana ga moo, fa ke ne ke kopana le ene mo tshingwaneng ebile a sena koo a ka tshabelang gone, o ne a simolola go botsa dipotso, kgabagare a amogela thuto ya Bibela. O ne a lotlegela ka moo a lebogang ka gone go bo ke ile ka bontsha boikemisetso ka go itshoka mo kabelong eo e e thata ya mafatshe a sele ya Pakistan.
Dingwaga di sekae pelenyana ga moo, kwa kopanong ya Sydney, lekgarebe lengwe le ne la ntabogela mme la ntlaparela ka boitumelo. Ka kgakgamalo, ke ne ka le akantsha gore ga a ntshwantsha sentle. “Nnyaa,” o ne a araba jalo, “a ga o Joe Oakley? Wena le Alex Miller lo ne lo ithuta le lelapa la rona kwa Lahore, Pakistan, mme jaanong mmè le kgaitsadiake le nna re mo boammaaruring ebile re nna mo Sydney.”
Maitemogelo a a tshwanang le ano ruri a ile a dira gore ke nne le kgotsofalo ya go bo ke ile ka nna le seabe ka botlalo mo go itsiseng Bogosi. Abo go molemo jang ne go bona tshegofatso ya Modimo mo tirong eno! Fa ke ne ke simolola go direla fano mo Tasmania ka 1946, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le robonngwe mo toropong eno yotlhe ya Launceston. Jaanong go na le diphuthego di le tharo, nngwe le nngwe ya tsone e na le baboledi ba le 90!
Eleruri, go tswa mo maitemogelong a a kgotsofatsang a dingwaga tsa me tse di fetang 50 tsa tirelo ya Bokeresete, ke ka bolela jaana kwantle ga tikatiko gore boikemisetso bo nthusitse gore ke atlege.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Koloi ya sebuela-kgakala eo e neng e dirisiwa go phasalatsa molaetsa wa Bogosi mo Sydney
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Joe Oakley a na le phuthego e nnyane kwa Quetta, Pakistan, fa go ne go bulwa Holo e ntšha ka December 15, 1955