LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/1 ts. 26-29
  • Ke Nosi Mme ga Ke Ise Ke Tsamaye ke Latlhiwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Nosi Mme ga Ke Ise Ke Tsamaye ke Latlhiwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kopana le Boammaaruri jwa Baebele e le La Ntlha
  • Jaanong ke Nosi Tota
  • Go Kopana le Phuthego
  • Kopano le go Kolobediwa, Morago ga Lobaka
  • Ke Boela Gape Kwa Mount Gambier
  • Dikabelo tse Disha
  • Go Tswelela Pele ka Tirelo ya Nako e e Tletseng
  • Go Ititaya Sehuba Go ne ga Nthusa Gore Ke Atlege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/1 ts. 26-29

Ke Nosi Mme ga Ke Ise Ke Tsamaye ke Latlhiwe

JAAKA GO BOLETSE ADA LEWIS

Ga ke bolo go nna motho yo o ratang go nna a le esi. Gape ke motho yo o ititayang sehuba ka sengwe le sengwe se ke se dirang—ba bangwe ba a tle ba re ke botlhogoethata. Gape ke itse kafa go leng motlhofo ka gone go bua o phantsha fela, mme mokgwa ono o ile wa ntirela mathata fa dingwaga di ntse di feta.

LEFA go ntse jalo, ke itumelela gore Jehofa Modimo ga a ka a ntlogela ka ntlha ya makoa a botho jwa me. Ka go ithuta Lefoko la gagwe, ke ile ka kgona go tokafatsa botho jwa me mme ka jalo ke ile ka dira dilo tse di amanang le Bogosi jwa gagwe ka dingwaga di ka nna 60. Fa e sale mo dingwageng tsa me tsa bongwana, ke ntse ke le motho yo o ratang dipitse, mme go le gantsi thuso ya Modimo ya go laola botho jwa me jo go ka tweng ke botlhogoethata e ile ya nkgakolola kafa ditomo di ka dirisiwang ka gone go laola pitse.

Ke tsholetswe gaufi le lotshitshi lo lontle lo lotala kwa Mount Gambier kwa Australia Borwa ka 1908. Batsadi ba me ba ne ba na le polasi e e neng e tlhagisa dijo tsa mashi, mme e ne e le nna morwadi yo mogolo mo baneng ba le robedi. Rraarona o ne a tlhokafala fa rotlhe re ne re santse re le bannye tota. Seo se ne sa dira gore ke nne le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela polasi, ka gonne bomorwarre ba bagolo ba babedi ba ne ba tshwanetse go bereka kgakala le legae gore ba tlise madi mo lwapeng. Botshelo mo polasing bo ne bo le bokete, bo tlhoka tiro e ntsi.

Go Kopana le Boammaaruri jwa Baebele e le La Ntlha

Lelapa la rona le ne le tsena Kereke ya Presbyterian, mme re ne re le maloko a a nnang teng ka metlha, a a tlhagafetseng. Ke ne ka nna morutabana wa sekolo sa Sontaga mme ka tsaya masisi boikarabelo jwa go ruta bana se ke neng ke dumela gore se siame semoyeng le boitsholong.

Rremogolo o ne a tlhokafala ka 1931, mme mo dilwaneng tsa gagwe go ne go na le dibuka di le dintsi tse di kwadilweng ke poresidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower e bong J. F. Rutherford. Ke ne ka simolola go bala The Harp of God le Creation, mme fa ke ntse ke bala mo go oketsegileng, ke ne ke gakgamadiwa thata ke go bona gore Baebele e ne e sa tshegetse dilo tse dintsi tse ke neng ke di dumela e bile ke ntse ke di ruta bana.

Go ne ga nkakabatsa go lemoga gore moya wa motho o a swa, gore bontsi jwa batho ga ba na go ya kwa legodimong fa ba tlhokafala, le gore baikepi ga ba tlhokofadiwe ka bosakhutleng mo diheleng. Gape ke ne ka tshwenngwa ke go lemoga gore go tshegetsa Sontaga wa sabata beke le beke ga se sengwe se se tlhokwang mo Bakereseteng. Ka jalo ke ne ke lebanwe ke tshwetso e e masisi: gore ke ngaparele dithuto tse di tlwaelegileng tsa Labokeresete kana ke simolole go ruta boammaaruri jwa Baebele. Go ise go ye kae ke ne ka dira tshwetso ya gore ke kgaogane gotlhelele le Kereke ya Presbyterian.

Jaanong ke Nosi Tota

Ba lelapa la gaetsho, ditsala tsa me, le ba ke neng ke tsena kereke le bone ba ne ba sa itumela gotlhelele fa ke ne ke ba bolelela gore ke ikaeletse go tlogela kereke le gore ke ne ke se kitla ke tlhola ke ruta sekolo sa Sontaga. Mme fa ba ne ba lemoga gore ke ne ke tsamaya le batho bano ba go tweng ke ba ga Judge Rutherford, seo se ne sa gakatsa tshebo e e tletseng bogale. Ga ba a ka ba nkoba mo setšhabeng mme bontsi jwa ba lelapa la gaetsho le ditsala tsa me tsa pele ba ne ba nngalela, fa re e baya ka bonolo.

Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng le go leba dikwalo tse di thathamisitsweng mo dibukeng tse ke neng ke di bala, ke ne ka lemoga thata kafa go tlhokegang ka gone gore ke rere phatlalatsa. Ke ne ka ithuta gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsamaya ntlo le ntlo mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa. Mme lefa go ntse jalo ka nako eo go ne go sena Basupi mo kgaolong ya rona. Ka jalo, go ne go sena ope yo o nkgothatsang kana yo o mpontshang gore mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a rerwa jang. (Mathaio 24:14) Ke ne ke ikutlwa ke le esiesi.

Lefa go ntse jalo, taolo e e mo Baebeleng ya gore re rerele ba bangwe e ne e sa tswe mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tshwanetse go rera ka tsela nngwe. Morago ga go rapela thata, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke simolole go etela magae a baagisani ke bo ke ba bolelela fela se ke se ithutileng le go leka go ba bontsha seo mo Dibaebeleng tsa bone tota. Ntlo ya ntlha e ke tseneng mo go yone e ne e le ya mookamedi wa me wa pele kwa sekolong sa Sontaga. Go tlhoka botsalano ga gagwe le mafoko a gagwe a a seng monate ka ga go tlogela kereke ga me a ne a sa nkgothatse le eseng gore ke tswelele. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka ikutlwa ke kgothala tota ka tsela e e sa tlwaelegang fa ke tswa mo ntlong ya gagwe ka ba ka tswelela pele ke etela magae a mangwe.

Tota go ne go sena ope yo o neng a nkganetsa fela ka tlhamalalo, mme lefa go ntse jalo ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e bontsi jwa batho ba ke neng ke tsena kereke le bone pele ba neng ba sena kgatlhego ka teng fa ke ba etetse. Se se neng sa nkgakgamatsa le go ntshwabisa ke gore, motho yo o neng a nkganetsa botlhoko thata go feta batho ba bangwe e ne e le morwarre yo mogolwane, se se neng sa nkgopotsa mafoko a ga Jesu a a reng: “Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, . . . lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me.”—Luke 21:16, 17.

Ke ne ke ithutile go palama pitse ka ba ka go kgona ke santse ke le mmotlana thata, ka jalo ke ne ka dira tshwetso ya gore tsela e e bofefo thata ya go ya kwa magaeng a batho e ne e tla nna go tsamaya ka pitse. Seno se ne sa dira gore ke kgone go tsenelela kwa mafelong a a kgakala mo tshimong e e fa gaufi ya metseselegae. Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe go le thapama pitse ya me e ne ya kgopiwa ya bo ya wa mo tseleng e e boreledi, mme ke ne ka gobala thata mo lerapong la tlhogo. Ka nakwana, batho ba ne ba tshogile gore gongwe nka se fole. Morago ga go wa jalo, e ne e re fa ditsela di le metsi kana di relela, ke bo ke tsamaya ka pitse le karaki e seng ka go palama pitse ka boyone.a

Go Kopana le Phuthego

Nakwana morago ga gore ke tlhagelwe ke kotsi, setlhopha sengwe sa bareri ba nako e e tletseng, ba jaanong ba bidiwang babulatsela, se ne sa etela kgaolo ya Mount Gambier. Ka jalo, ke ne ka kgona e le la ntlha gore ke buisane le badumedikanna re lebane difatlhego. Fa ba ise ba tsamaye, ba ne ba nkgothaletsa gore ke kwalele ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower ke botse gore ke ka nna le seabe mo tirong ya go rera jang ka tsela e e rulagantsweng botoka.

Fa ke sena go kwalela Mokgatlho, ke ne ka amogela dibuka, dibukana, le karata ya itshupo e ke neng ke tla e dirisa fa ke ipolela mo dintlong tsa batho. Ke ne ke ikutlwa ke le gaufi thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya go feta pele ka ntlha ya go kwalelana le ofisi ya lekala. Mme lefa go ntse jalo fa setlhopha seo sa babulatsela se ne se tsamaya se ya kwa motseng o o latelang, ke ne ka ikutlwa ke le bodutu fela thata.

E re ka ke ne ke tswa ka metlha ke ya go neela bosupi letsatsi le letsatsi—gantsi e le ka pitse le karaki—ke ne ka itsege thata mo kgaolong eo. Ka nako e e tshwanang, ke ne ke kgona go dira boikarabelo jwa me mo polasing. Ka nako eo lelapa la gaetsho le ne le setse le ntlogetse mo thulaganyong eno mme le sa dire maiteko ape a go kgoreletsa. Ke ne ka direla jaana ka dingwaga di le nne ke le mmoledi yo o sa kolobediwang wa mafoko a a molemo yo o direlang kwa kgakala.

Kopano le go Kolobediwa, Morago ga Lobaka

Ka April 1938, Mokaulengwe Rutherford o ne a etela kwa Australia. Ka ntlha ya kganetso e kgolo ya baruti, tumalano e re neng re na le yone ya go dirisa Sydney Town Hall e ne ya phimolwa. Lefa go ntse jalo, ka motsotso wa bofelo, re ne ra bona tetla ya go dirisa Mabala a Metshameko. Tota go fetolwa ga dithulaganyo ka tshoganetso jalo go ne ga nna mosola, ka gonne Mabala a Metshameko ka bogolwane a ne a kgona go tsenya batho ba le diketekete go feta Holo. Go ne ga tla batho ba ka nna 12 000, ba le bantsi go lebega ba ile ba nna le kgatlhego fa ba bona baruti ba tlhotlheletsa kganetso kgatlhanong le pokano ya rona.

Gape go ne ga tshwarwa kopano e kgolo ya malatsi a le mantsinyana kwa karolong e e fa gaufi ya Sydney e e neng e amana le loeto lwa ga Mokaulengwe Rutherford. Ke gone koo kgabagare ke neng ka tshwantshetsa boineelo jwa me go Jehofa Modimo ka kolobetso ya metsi. A o ka akanya fela kafa ke neng ka itumela thata ka teng fa kgabagare ke ne ke kgona go kopanela le makgolokgolo a bakaulengwe le bokgaitsadi go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa kontinente e kgolo ya Australia?

Ke Boela Gape Kwa Mount Gambier

Fa ke boela gae, ke ne ka ikutlwa ke le nosinosi fela, lefa go ntse jalo ke ne ke ititeile sehuba go feta pele gore ke ne ke tla dira gotlhe mo nka go kgonang mo tirong ya Bogosi. Morago ga nakwana ke ne ka itsane le lelapa loora Agnew—Hugh, mosadi wa gagwe, le bana ba bone ba bane. Ba ne ba nna mo toropong ya Millicent, dikilometara tse 50 fela go tswa kwa Mount Gambier, mme ke ne ke a tle ke tsamaye dikilometara tse 50 go ya le go boa, ke tsamaya ka pitse le karaki ke ya go tshwara thuto ya Baebele ya ka metlha le bone. Fa ba sena go amogela boammaaruri, ke ne ka se ka ka tlhola ke jewa ke bodutu.

Morago ga nakwana fela re ne ra rulaganngwa go nna setlhopha sa go neela bosupi ka tsela e e rulagantsweng. Se se itumedisang ke gore, morago ga foo, mmè o ne a simolola go bontsha kgatlhego mme a kopanela le nna mo mosepeleng wa dikilometara tse 100 fa di kopanngwa, re ya go ithuta le setlhopha se se neng se sa tswa go tlhomiwa. Go tloga ka nako eo, ka metlha Mmè o ne a nkgothatsa e bile a nthusa, lefa gone a ne a kolobediwa dingwaga di sekae moragonyana. Jaanong bodutu bo ne bo fedile!

Go ne ga tswa babulatsela ba le bane mo setlhotshwaneng sa rona, basetsana ba ga Agnew ba bararo—Crystal, Estelle, le Betty—le nna. Moragonyana, fa bo1950 ba simologa, basetsana bano ka boraro jwa bone ba ne ba ya Sekolong sa Watchtower sa Baebele sa Gileate. Ba ne ba abelwa go nna barongwa kwa India le kwa Sri Lanka, koo ba santseng ba direla teng ka boikanyegi.

Ka January 1941 tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Australia, ka jalo re ne ra simolola go dira ka bofefo fela. Re ne ra tsaya dilo tsotlhe tse re neng re di dirisa mo bodireding—dibuka, difonokerafo tse di tshwarwang ka diatla, dipuo tsa Baebele tse di gatisitsweng, jalo le jalo—ra di tsenya mo terankeng e kgolo ya tshipi. Go tswa foo re ne ra baya teranka eno mo leobong re bo re thotha bojang jo bo omisitsweng ka karaki re bo re khurumetsa teranka ka jone.

Lefa re ne re thibetswe, re ne ra tswelela pele re rera ka ntlo le ntlo, mme re le kelotlhoko, re dirisa Baebele fela fa re bua le beng ba matlo. Ke ne ke a tle ke fitlhe dimakasine le dibukana kafa tlase ga sale ya pitse ya me ke bo ke di ntsha fa fela ke bona gore motho o bontsha kgatlhego ya mmatota mo molaetseng wa Bogosi. Kgabagare, ka June 1943, thibelo e ne ya emisiwa, mme re ne ra boa ra kgona go aba dibuka ka kgololesego gape.

Dikabelo tse Disha

Ka 1943, ke ne ka ithaopela go nna mmulatsela, mme ka ngwaga o o latelang ke ne ka tswa mo Mount Gambier ka ya kwa kabelong e nngwe. La ntlha, ke ne ka lalediwa go ya go direla ka nakwana kwa ofising ya lekala la Mokgatlho kwa Strathfield. Morago ga foo ke ne ka abelwa gape go ya go direla kwa ditoropong tse di potlana kwa borwa jwa New South Wales le kwa bophirima jwa Victoria. Lefa go ntse jalo, nngwe ya dikabelo tse di neng tsa nkgothatsa thata semoyeng e ne e le fa ke ne ke direla le phuthego e kgolo kwa motsemogolong wa Melbourne. E re ka ke ne ke tswa kwa torotswaneng ya metseselegae, ke ne ka ithuta go le gontsi tota fa ke direla koo.

Fa ke ne ke abetswe kwa kgaolong e e kwa ntlheng ya tlase ya Gippsland ya Victoria, nna le mopati wa me wa mmulatsela, Helen Crawford, re ne re tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele, mme ka nako e khutshwane fela, re ne ra bona phuthego e bopega. Kgaolo eo e ne e na le lefelo le legolo la metseselegae, mme re ne re tsamaya ka koloi e kgologolo, e e sa itekanelang. Ka dinako tse dingwe re ne re e palama, mme gantsi re ne re e kgarametsa. A bo ke ne ke eletsa jang ne go nna le pitse! Ka dinako tse dingwe, ke ne nka bolela jaana ka boammaaruri: “Ke ka ananya ka sengwe le sengwe fela (fa e se Bogosi) gore ke nne le pitse!” Mo ditoropong di le dintsi tsa kgaolo eo gompieno, go na le diphuthego tse di nonofileng le Diholo tsa Bogosi tse dintle.

Ka 1969, ke ne ka abelwa go direla kwa Canberra, motsemogolo wa Australia. Lefelo leno le ne le tlisa kgwetlho e bile le na le dibaka tse di farologaneng tsa go neela bosupi, ka gonne gantsi re ne re kopana le badiri ba le bantsi ba boemedi jwa dinaga di sele. Ke santse ke direla fano, mme lefa go ntse jalo mo dingwageng tsa bosheng jaana ke ile ka neela bosupi thata mo karolong e e tletseng madirelo ya motse.

Ka 1973, ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna gone kwa dikopanong tse dikgolo kwa United States. Selo se sengwe se segolo mo botshelong jwa me e nnile go nna moemedi kwa kopanong e kgolo ka 1979 le go tsamaya ke bona Iseraele le Joretane. Go etela mafelo ao tota a umakiwang mo Baebeleng le go akanya ka ditiragalo tse di diragetseng koo eleruri e ne e le boitemogelo jo bo tshikinyang maikutlo. Ke ne ka kgona go utlwa gore go ntse jang go lelesela mo Lewatleng le le Suleng, ka metsi a lone a a bokete a a letswai, mme ka nako ya fa re etetse kwa Petra kwa Joretane, ke ne ka nna le sebaka sa go palama pitse gape. Seno se ne sa nkgopotsa metlha ele ya fa dipitse di ne di dira gore ke kgone go fitlhelela mafelo a a gasagasameng a selegae ka molaetsa wa Bogosi.

Go Tswelela Pele ka Tirelo ya Nako e e Tletseng

Keletso ya me ya gore ke tswelele pele ke le mo tirelong ya nako e e tletseng ke ntse ke tsofetse e ile ya tswelela pele e le teng ka ntlha ya dithulaganyo tse di kgethegileng tse di jaaka Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela le dipokano tsa babulatsela tse di tshwarwang fa go na le dikopano tsa potologo, mmogo le go kgothadiwa ka metlha ke balebedi ba ba etang. Ruri ke ka bolela gore Jehofa o nnile pelontle a tlhomamisa gore malatsi a me a go jewa ke bodutu a fetela ruri.

Jaanong ke na le dingwaga di le 87, mme morago ga go direla Jehofa ka dingwaga di ka nna 60, ke na le mafoko a go kgothatsa batho ba ba ka tswang ba bua ka go phantsha fela e bile ba rata go ikemela: Ikanye Jehofa ka metlha gore a go goge. E kete Jehofa a ka re thusa go laola go bua ga rona re phantsha, mme e kete a ka nna a re gopotsa ka metlha gore lefa gantsi re ka ikutlwa re le bodutu, le ka motlha ga a kitla a re latlha.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Karaki ke kolotsana e nnye ya maotwana a mabedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela