Tlhoafalo Ya Me ya go Batla Lefatshe Le Le Botoka
Go boletse jalo motho yo o kileng a nna moitlami wa Katoliki
LEFATSHE le le botoka—a le ne le ka nna teng? Kwantle ga pelaelo lefatshe le le tletseng kilo, thubakanyo, bopelotshetlha, tshenyo, tshiamololo, le pogo e ne e se lefatshe le Modimo o neng o le ikaeletse fa o ne o le bopa. Go tshwanetse ga bo go na le lefatshe le le botoka. Fa e le gore go le tlisa go ne go ka kgonega, ke ne ke ikaeletse go thusa gore le nne teng.
Ke ne ka tsholelwa ka bo ka godisediwa mo kgaolong ya Corrientes, Argentina, lefelo le le tumileng thata ka kobamelo ya Kgarejwana ya Itatí. Batho ba koo ke Bakatoliki, ba rata bodumedi fela thata, mme ba tsaya maeto a mantsi ngwaga le ngwaga go ya go obamela lekgarejwana leo. Ke ne ke le mo palong eo. Go tswa bonyaneng ke ne ke na le keletso e kgolo thata ya go itse ka Modimo yono yo go buiwang thata ka ene, mme lefa go le jalo rre o ne a nkitsa go tsena ditlelase tsa katakasima. Morago, mo nakong ya dingwaga tsa me tsa bosha, rre o ne a tswa letagwa, ka ntlha ya go nna le ditsala tse di bosula. Rotlhe re ne ra boga fela thata bogolo jang mmè, yo o ileng a aramela go gobololwa ka matlhapa le ka dititeo. Ka ntlha ya seo, ke ne ka ila banna, ke tsaya gore banna botlhe ba bosula ebile ba setlhogo.
Mokgele Wa Me—Thuto
Lefa go ntse jalo, sekolo se ne sa dira gore ke bontshe bothakga jwa me jotlhe. Ke ne ka ithuta ke tsentse marapo dinameng ke sa ineele, mme ka bona dipoloma tsa go roka mesese le mo dithutong tsa papadi mme kwa morago ka aloga ka matshwao a a kwa godimodimo ke le morutabana. Mme jaanong dikeletso tsa me tse dikgolo di ne di simolola go diragadiwa: go nna le direto le dipoloma tse di neng di tla kgona gore di nkgolole mo jokweng ya ga rre. Mo godimo ga moo, ke ne ka dira dithulaganyo tsa gore ke bereke fela thata gore ke kgone go thusa mmè mme go tswa foo—ke bo ke reka tlhobolo e ke tla bolayang rre ka yone!
Kwantle ga pelaelo, seno se ne sa se ka sa impedisa, lefa e le gone go nteretse kagiso le boitumelo. Go na le moo, ke ne ka ikutlwa jaaka phologolo e tlhatlhetswe. Ke ne ke le dingwaga di le 20 mme ka iphitlhela ke le mo nthagarageng ke sena kgoro ya botso.
Botshelo Jwa Me jwa Sedumedi—Ditsholofelo Fa Di Bapisiwa le Se Se Ileng Sa Diragala
Ka nako eno ke ne ka simolola go itsalanya le baitlami mme gape le Makomanisi. Matlhakore oomabedi a ne a mpatika gore ke ye le megopolo ya yone. Mme mogopolo wa go thusa batlhoki kwa dinageng tse di kgakala tse di jaaka tsa Afrika le Asia o ne wa ntira gore ke ye le boitlami.
Ke ne ka nna dingwaga tse 14 mo lefelong la baitlami. Botshelo jwa me koo bo ne bo le manobonobo, bo didimetse, bo le kagiso. E ne ya nna morago ga fa ke sena go bereka le baruti ba ba neng ba na le thuto e e neng e bua thata ka mafatshe a a tlhabologang ke ileng ka lemoga dipharologano tse di teng gareng ga botshelo jo rona baitlami re neng re bo tshela le jo batho ka kakaretso ba neng ba bo tshela—botshelo joo jwa kutlobotlhoko le tshiamololo koo batho ba bogisiwang thata ke go gatelelwa ke badiralethata.
Mo lekokong le ke neng ke le mo go lone la, Theresian Carmelite Missionaries, go ne go buiwa thata ka tshiamiso, mme baeteledipele ba me ba ne ba lebega ba e itlhokomolosa gotlhelele fa ba dirisana le ba bangwe. Badiri ba ba rutang ba ne ba amogela tuelo e e kwa tlase thata ga eo goromente a neng a e beile, ba sa atswiwe ka sepe ka kwa thoko se se neng se ka ba solegela molemo bone le malapa a bone, mme ba ne ba ka kobiwa kwantle ga go itsisiwe go sa le pele le kwantle ga go phimolwa dikeledi ka sepe. Go thusana ditiro tsa mo gae gone go ne go le maswe le go feta; morago ga go bereka diura di le 10 go ya go tse 12 kwa sekolong, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba dire ditiro tse di kwa thoko e le gore ba kgone go itshetsa le go jesa malapa a bone. Ke ne ke batla go baakanya seemo seo se se sa siamang.
Fa ke ne ke bolelela mmè yo o neng a okametse, o ne a mpolelela gore fa ke batla go nna segogelathoko se ke tlhokang go se dira fela ke tlhobolo mo legetleng! Fela gone foo ke ne ka swetsa ka gore ke kampa ka nna segogelathoko go na le go itsaya segologolo jaaka bone. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke kope go gololwa mo maitlamong a goyagoile a go nna ke sa tlhakanele dikobo, lehuma, le go ikobela taolo a ke neng ke a dirile. Ke ne ke batla go thusa kereke mo seemong se se atologileng. Ke ne ka gololwa kwantle ga tiego.
Go Tsenya Ga Me Letsogo mo Polotiking
Mme e ne ya nna go tswa foo ke ileng ka diragatsa maitlamo a me a lehuma ka mmatota. Fa e ne e se ka batho ba ba pelontle ba ke neng ke agisane nabo ke ka bo ke kile ka tlhoka le lone legogo la borotho tota mo mabakeng a le mantsi. E ne e le la ntlha, ke ileng ka lemoga kafa tota batho fela ba neng ba tshela ka teng ka boammaaruri. Ke ne ka dira ka thata le kereke ya mo lefelong leo mo dikarolong tsotlhe—mo bodumeding, mo loagong, le mo polotiking. Jaaka morutisi wa bagolo, ke ne ka nna le sebaka sa go bua le bone kaga seemo sa bone se se kwa morago se ba se pateleditsweng ke batho, le se se bakang seemo se ba mo go sone, le ditharabololo tse di ka dirwang. Ditharabololo tseno e ne e le dife? Sa ntlha, e ne e le ka ditsela tsa kagiso le ka dingongorego; mme go tswa foo, fa go tlhokega, ka go dirisa thubakanyo go wetsa mokgele oo o o batlegang, tshiamiso.
Mokgatlho o o tswakantseng bodumedi le polotiki o ke neng ke le leloko la one o, o o neng o rulagantswe ke baruti ba Katoliki mme o engwe nokeng ke maloko a kereke fela, ditiro tsa one di ne di remeletse thata kwa dinageng tse di sa tlhabologang thata tsa Afrika, Asia, le Latin America. O ne o buelela gore go nne le diphetogo ka bofefo tse dikgolo tsa tsamaiso ya loago le itsholelo ka thulaganyo ya diphetogo, ka go gana nnang wa banyana go okamelwa ka mokgwa ope wa itsholelo, sepolotiki, le ngwao. Boikaelelo jwa one ke go tlhoma bojammogo jwa Se-Latin America jo bo buelelang go bopiwa ga hombre nuevo (motho yo mosha), yo o golotsweng mo dikgoleng tse a di bofilweng ke mebuso ya sepolotiki e e tswang kwa ntle.
Re ne ra ikaelela gore re tsenelele gongwe le gongwe mo go ikamanyeng le bahumanegi, re itshupe fa re tlhaloganya seemo sa bone sa botshelo. Ka maitlhomo ano a mogopolo, ke ne ka tsaya matsapa otlhe go thusa mongwe le mongwe—mmotlana le mogodi, mosha le mogolo.
Botshelo Jwa Me ka Namana—Bo Ne jwa Ntlosa mo Ditorong
Mo ntweng ya me ya go baakanya seemo sa bahumanegi, ke ne ka lebala gore pelo e boherehere. Ke ne ka ratana le mookamedi wa me, wa moruti, yo ke ileng ka nna le ene dingwaga di le pedi. Kgabagare ke ne ka ima. Fa moruti a lemoga seo, o ne a batla gore ke senye mpa, selo se ke ileng ka se gana, ereka seno e ne e tla bo e le polao. Gore ke nne le ngwana yo, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tlogele tiro ya me le moruti mme ke tswe mo toropong eo go tshaba gore gongwe go tla lemogiwa gore ke ne ke ratana le ene.
Ke ne ka tlogela toropo ke hutsafetse fela thata mme ka bo ka akanya go ipolaya ka go itatlhela kafa tlase ga terena, mme lefa go ntse jalo sengwe se ne sa nthibela. Ke ne ka itshoka. Ditsala, balosika, le batho ba ba pelontle kwa ke neng ke tsaletswe teng ba ile ba mpontsha lorato, bopelontle, mme ba tlhaloganya—selo se monna yo eleng ene fela yo nkileng ka mo rata a ileng a palelwa ke go se dira. Fa morwaake a sena go tsholwa, bano e ile ya nna bone ba ileng ba re tlhokomela. Mme ke ne ke batla gore morwaake a gole e nne monna yo o nonofileng, yo o senatla, yo o emelang maikaelelo a gagwe mme ebile a ikemiseditse go swela se a se dumelang. E le go bontsha keletso eno, ke ne ka mmitsa leina la bobedi ke re ke Ernesto e le segopotso sa ga Ernesto Che Guevara (motlhabanela kgololesego yo o itsegeng thata wa mo-Argentina), yo ke neng ke mo rata fela thata.
Fa mmuso wa Argentina o sena go menolwa ke masole, ditlhopha tse di batlang diphetogo di ne tsa bogisiwa. Bontsi jwa ditsala tsa me di ne tsa tshwarwa. Legae la me le ile la phuruphutshiwa gantsintsi ke encapuchados (bomarwala hutshe), bao ba neng ba henena sengwe le sengwe mme ba nkutswela dilo ga ba ga batla go sa sale sepe. Gangwe le gape ke ne ke bilediwa fa pele ga basimegi go tla go tlhalosa kwa ditsala tsa me di leng teng, mme lefa go le jalo ke ne ka ikanyega mo ditsaleng tsa me, ke ikanya go swa go na le go ba tshwarisa.
Maromolo
Ka ntlha ya go tshelela mo kgatelelong eo, ke ne ke tlhoka mongwe yo ke neng ke ka bua le ene, mongwe yo ke neng ke ka mo ikanya mme ka mo tshepa jaaka tsala ya boammaaruri. E ne e le ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ileng ba kokota mo lebating la me. Ke ne ka ba amogela ka boitumelo, ke lemoga gore go ne go na le tshisibalo le botsalano ka bone jo bo neng bo nkgapa. Ke ne ka batla gore ba boe ba tle go nthuta Bibela. Fa ba sena go boa, ke ne ka ba tlhalosetsa seemo se ke leng mo go sone mme ka ba bolelela boammaaruri gore ke ne ke sa batle gore le bone ba nne karolo ya kgang eo. Ba ne ba ntlhomamisetsa gore ga ba boife sepe, ereka babusi ba ba itse.
Go tswa fela kwa tshimologong thuto ya rona ya Bibela e ne e le mokang go epolola disana. Ereka ke ne ke sa tlhole ke na le tumelo le tshepo mo Modimong, go ne go nthatafalela go amogela dintlha tsa thuto tsa buka e e neng e re thusa go ithuta Bibela ya Boamarure jo bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng. Ke ne ke le gaufi le go lesa go ithuta, ke tsaya gore Bibela ke mainane fela le gore Marx o ne a bua boammaaruri fa a ne a re bodumedi ke “selo se se tagang batho.” Fa ke ne ke bolelela Basupi maikutlo a me mme ke ba kopa gore ba se ka ba itshenyetsa nako ka nna, ba ile ba fetola ka gore ga ba tseye go thusa batho ba ba tlhokang thuso e le go senya nako.
Ke ne ka bona dilo ka tsela e e farologaneng fa ke ne ke lalediwa gore ke ye dipokanong tsa phuthego. Ke ne ke kgopisitswe thata ke dipokano tse motlotlo, go tlotlana, le botsalano di neng di itshupa di seyo gotlhelele. Lefa go le jalo, dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di farologane. Di ikaegile ka Bibela mme ebile di aga tumelo, le go re dira gore re ratane le go rata le eleng baba ba rona tota.
Botho Jo Bosha jwa Bokeresete Bo Emisetsa Thubakanyo
Kgabagare ke ne ka bona tsela e e molemo ya go bona lefatshe le le botoka. Ka June 8, 1982, ke ne ka bontsha phatlalatsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing, mme go tswa foo go gaisa le fa e le leng pele e ne ya nna keletso ya me gore ke kgaogane gotlhelele le botho jo bogologolo, hombre nuevo wa sepolotiki wa thubakanyo, mme ke apare botho jo bosha, ka maungo a jone a a molemo, a a tlhalosiwang mo go Bagalatia 5:22, 23. Jaanong ke tsaya karolo mo ntweng ya mofuta o mongwe, ntwa ya Bokeresete, go rera mafoko a a molemo a Bogosi le go intsha setlhabelo go ruta ba bangwe ka boammaaruri jwa Bogosi ka lefatshe le le botoka le le tla tlang.
Abo e le masego jang ne mo go nna gore ke bo ke kgona go ruta morwaake yo mmotlana gore go na le gore fa a gola a etse Ernesto Che Guevara, o ka kgona go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete Jesu, Moeteledipele le Motlhomasekao wa rona! Ke rapela gore nna le morwaake, le botlhe ba ba ratang tshiamo, go kopanyeletsa le ditsala tsa me tsa pele le balosika, ba ka tsena mo lefatsheng leo le le sa khutleng le le botoka, lefatshe la paradaise le le tletseng boipelo, kagiso, boitumelo, le tshiamiso. Thubakanyo ga e solegele ope molemo; se e se dirang fela ke go futswela kilano, dikgaogano, le go phatloga pelo, le mathata a a sa feleng. O mpotse ke tla go bolelela, gonne ke botshelo jo ke neng ke bo tshela.—Ka Eugenia María Monzón.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
A rera ka ntlo le ntlo kwa Argentina