Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri jwa Bibela Bo Golola Moitlami wa Mosadi kwa Bolivia
BATHO ba bantsi ba ba pelo e phepa ba tswa mo bodumeding jwa maaka, ba ithuta boammaaruri jwa Bibela, ebile ba simolola go obamela Jehofa, Modimo wa boammaaruri. Go na le ba ba fetang 7 600 ba ba dirileng jalo kwa Bolivia go akaretsa le moitlami mongwe wa mosadi.
M—— o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa la ntlha fa a na le dingwaga di le robong fela. Ke ene a neng a araba kwa mojako fa Mosupi mongwe a ne a etetse kwa legaeng la gaabo, me o ne a utlwa leina la Modimo ebong Jehofa ka lekgetlo la ntlha. O ne a nna a le gakologelwa ka dingwaga tse dintsi.
Ereka e ne e le ene mosetsana fela mo lelapeng la gaabo, go ne ga swediwa ka gore e nne moitlami. “Abo ke ne ke itumetse jang ne go bo ke ne ke ile go direla Modimo—bobotlana, ke seo ke neng ke se akanya,” go bolela jalo M——. Mme lefa go ntse jalo boitumelo jwa gagwe bo ne jwa felela ka gore a se ka a tlhola a nna le tumelo ka nako ya fa a ne a bona tshiamololo le go tlhaola go go neng go dirwa kwa ntlong ya baitlami. O bolela jaana: “Gongwe ebile ga nkitla ke tlhola ke lebala ditsela tse ke neng ke tshwenyega mo maikutlong ka tsone le go itewa mo nameng le semoyeng goo go neng go le botlhoko thata, dilo tseo di neng di dira gore ke se ka ka leba Modimo jaaka Yo o lorato, mme ke mo lebe jaaka Yoo a otlhayang a sa utlwele botlhoko.”
O tswelela jaana: “Ka nako ya fa ke ne ke nna moitlami, ke ne ke sa kgone go bona leina Jehofa mo Bibeleng. Ke ne ka fitlhela fela ‘Yahweh,’ mme seo se ne sa nkgakgamatsa. Letsatsi lengwe ke ne ka tswa ka ya go batla batho bale ba ba neng ba kile ba bua ka Jehofa, mme ke ne ka se ka ka ba bona.
“Nako e ne ya feta, mme letsatsi lengwe fa ke ne ke ya kwa legaeng la gaetsho, ke ne ka bona lotshwao lo lo neng lo re, ‘Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.’ Ke ne ke batla go ba bolelela gore ke baperofeti ba maaka, mme go ne go se ope mo holong. Ke ne ka tla gape ka Sontaga. Go ne go tshwerwe pokano, mme batho ba ne ba gakgamala go bona moitlami a feletse ka diaparo tsa teng. Fa pokano e tswa, ke ne ka leka go tswa ka bonako. Lefa go ntse jalo, Mosupi mongwe o ne a ntumedisa, ka jalo ke ne ka mmotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa lo tlhapatsa Yo O Boitshepo ka go ipitsa ka leina leo?’ Potso eno ya me e ne ya dira gore re tlotle ka Bibela, mme ke ne ka rulaganya gore a nketele kwa legaeng la gaetsho. Batsadi ba me ba ne ba mo koba. Lefa go ntse jalo re ne ra kopana gape morago ga dikgwedi tse pedi, mme o ne a ntaletsa gore re ye go ithuta Bibela kwa lelapeng la gagwe. Ke ne ka kgatlhiwa ke tshedimosetso e a neng a e mpontsha, a supa tota gore Bakeresete ba tshwanetse go dirisa leina la Modimo. Bosupi joo bo ne jwa nnaya nonofo ya gore ke tlogele dilo tsotlhe tse di senang mosola tse ke neng ke di rutilwe jaaka moitlami.
“Ke gakologelwa dilo tse dintsi tsa botshelo jwa me fa ke ne ke le kwa lefelong la baitlami. Ka sekai, ka nako nngwe ke ne ke tlhoka dijo tse di oketsegileng. Ka jalo, ke ne ka kwalela batsadi ba me gore ba nthomelele dijo, ke sa itse gore makwalo a ne a bulwa kwa ntlong ya baitlami. Kwa dijong tse di latelang, go ne ga bewa senkgwe se se ntsi le jeli fa pele ga me, mme ke ne ka patelediwa go di ja tsotlhe. Jaanong ke ne ke na le dijo tse dintsi thata. Ke ne ka bolelela ditsala tsa me seno, mme mongwe wa bone o ne a nthaya a re ke dire borotho jo ke neng ke sa kgone go bo ja mafofora ke bo gasagasanye fa fatshe. Fa ke sena go dira jalo, moitlami yo mongwe o ne a ntshwara a bo a ntatlhela fa fatshe, a mpolelela a galefile gore ke latswe boalo jotlhe ke bo phepafatse ka loleme lwa me. Kamore eo e ne e le kgolo tota. Fa ke dira jaaka ke ne ke laelwa, ke ne ka utlwa go khikhinyegwa ebile go tshegiwa—ga go ope yo a neng a nkutlwela botlhoko.
“Jaanong ke kgona go bona kafa go leng molemo ka teng go bo ke gololesegile mo dilong tsotlhe tseo. Jaaka go ne go ka lebelelwa, kgololesego eno e ne e akaretsa go intsha setlhabelo. Selo se sengwe ke gore, rre o ne a nkoba mo lapeng. Lefa go ntse jalo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go thusa baitlami bangwe ba babotlana go ithuta boammaaruri pele ke tloga kwa lefelong la baitlami. Ke itumelela go bolela gore bangwe ba rona ba ile ba neela Jehofa Modimo matshelo a bone!
“Fa ke sena go tloga kwa lefelong la baitlami, go ne go le bokete tota mo go rre go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke gana ditiro tse di duelang sentle mme di ne di tsaya nako ya me yotlhe. Lefa go ntse jalo, ke ne ke batla go nna le nako e e oketsegileng go direla Modimo. Jaanong ke dira jaaka mmulatsela wa ka metlha, mme ke tshela botshelo jo bo motlhofo mme lefa go ntse jalo bo a kgotsofatsa. Mme se se intumedisang thata ke gore mmè le bomorwarre ba ile ba kopanela le nna mo go direleng Jehofa.”
Boammaaruri jwa Bibela eleruri bo golola motho mo tsamaisong ya lefatshe leno ya bodumedi jwa maaka, mme bo go tlisetsa boipelo le boitumelo jo bo sa feleng.—Yohane 8:32.