Pego ya Baboledi ba Bogosi
Basupi ba ga Jehofa Ba Bona Matswela A A Molemo Fa Ba Rera ka Tsela E E Seng ya ka Tlwaelo
BATHO ba le bantsi ba ile ba itsisiwe boammaaruri jwa Bibela e le la ntlha fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ba rerela ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Basupi ba latela sekao sa ga Jesu Keresete fa ba dira seno, yoo a neng a rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo a rerela mosadi wa Mosamaria fa a ne a tla go ga metsi kwa sedibeng sengwe. (Yohane, kgaolo 4) Kwa Afrika Botlhaba, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a rerela moitlami mongwe wa mosadi wa Mokatoliki ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e bolela jaana seo se neng sa diragala:
◻ Mosupi yono o ne a kopana le moitlami wa mosadi wa Mokatoliki a le mo tseleng a ya toropong moso mongwe go le makuku. O ne a tsaya tshono ya go botsa moitlami yono wa mosadi jaana: “O ya kae ka nako eno?” O ne a araba ka gore: “Ke ya go rapela Modimo wa me.” Go tswa foo o ne a botsa moitlami yono wa mosadi jaana: “A o itse leina la Modimo wa gago?” “A Modimo ga se one leina la gagwe?” moitlami yono wa mosadi o ne a fetola jalo. Mosupi yono o ne a mmolelela gore o tla tla kwa legaeng la gagwe mo tshokologong ya lone letsatsi leo go tla go tlotla ka leina la Modimo. Morago ga motlotlo moitlami yono wa mosadi o ne a ya kwa kerekeng ya gagwe mme o ne a botsa mongwe wa baruti gore a o ne a itse gore leina “Jehofa” le ne le emelang. Fa a mo araba o ne a re, “Ke leina la Modimo.” Moitlami yono wa mosadi o ne a gakgamatse thata go utlwa gore moruti o ne a itse seno mme le ka motlha a ise a ko a le mo rute.
Mosupi yono o ne a etela mosadi yono ka malatsi a a tlhomaganang a le robong mme o ne a mo ruta boammaaruri kaga Tharonngwe, moya, molelo wa dihele, le tsholofelo ya baswi. Mosadi yono o ne a tshwara sengwe le sengwe mme go tswa foo o ne a kopa Mosupi yono gore a mo fe nako ya go tlhatlhanya ka dithuto tseno tsotlhe tse disha. O ne a ikopanya le Mosupi yono morago ga dibeke tse pedi mme o ne a mo kopa gore ba tsweledise metlotlo ya bone. Ka yone nako eno moitlami yono wa mosadi o ne a setse a feditse mogopolo gore o tlogela kereke mme o ne a setse a sentse ditshwantsho tsa gagwe, dirosari, le sefapaano. Moruti o ne a leka go mo pateletsa go boela gape kwa kerekeng, mme lefa go ntse jalo o ne a ititeile sehuba gore o batla go sala boammaaruri morago. Moragonyana o ne a kolobediwa mme o ne a dira jaaka mmulatsela yo o thusang wa ka metlha ka dikgwedi tse dintsi lemororo a ne a sa itekanela sentle mo mmeleng ebile a tsofetse.
Ereka ntlo ya gagwe e le kgolo, o ne a e naya phuthego gore e e dirise jaaka Holo ya Bogosi. Bakaulengwe ba ne ba e rulela sesha, ba thuba mabota a a mo teng mme karolo e kgolo ya kago eno ba ne ba e dira lefelo le lentle le go kopanelwang mo go lone. Moitlami yono wa mosadi yo e kileng ya bo e le Mokatoliki o nna mo kamoreng nngwe e e kwa morago ga holo. O itumetse tota go bo a ile a kgona go neelana ka seno mo kobamelong ya ga Jehofa.
◻ Boitemogelo jo bongwe jo bo tswang kwa Kampala, kwa Uganda, le jone bo bontsha botlhale jwa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Morongwa mongwe wa Mosupi o ne a neela bao a neng a na le bone mo ketšheng bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo, fa a ne a ya kwa ofiseng nngwe ya ga goromente. Monna mongwe, Mr. L————, o ne a bolela fa a batla dibuka tse a neng a di ba bontsha mme lefa go ntse jalo o ne a ka se ka a kgona go di tsaya ka nako eo. Ka jalo o ne a neela morongwa yono leina la gagwe mmogo le aterese ya ofise ya gagwe. Moragonyana morongwa yono o ne a ya koo mme a kopa go bona Mr. L————. O ne a bidiwa mme se se neng sa gakgamatsa morongwa yono, go ne ga tla monna o sele. Go ne go na le banna ba babedi ba ba berekang mo ofiseng eo ba na le maina a a tshwanang. O ne a neela Mr. L———— yono wa bobedi bosupi ka bokhutshwanyane, mme o ne a bontsha kgatlhego fela thata. Fa Mr. L———— wa ntlha a ne a sa tlhole a kgatlhega, o ne a simolola thuto ya Bibela le Mr. L———— wa bobedi. Jaanong ke Mosupi yo o kolobeditsweng, mme mosadi wa gagwe le morwawe ba tswelela pele sentle go ya go kolobediwa.
Jesu Keresete ke Modisa yo o Molemo mme o itse batho ba sekadinku ba ba dipelo di ikanyegang. Maitemogelo ao a bontsha gore o kaela balatedi ba gagwe gore ba ye kwa bathong ba ba ntseng jalo. Go rera go eseng ga ka tlwaelo go ka nna le matswela ruri!—Yohane 10:14.