Go Boloka Bothokgami jwa Bokeresete kwa Liberia E E Kgautlhantsweng Ke Ntwa
Jaaka e boletswe ke motho yo o e iponetseng ka matlho
“FA DITLOU di lwa, bojang le jone bo tla boga.” Abo seane seno sa kwa Afrika Bophirima se tshwantsha sentle jang ne seo se diragetseng mo ntweng ya bosheng kwa Liberia! Batho ba ka nna 20 000 ba ne ba swa, mme halofo ya baagi ba koo ba ba dimilione tse 2,6 ba ne ba tshwanela go tshaba ba tswa mo magaeng a bone. Bontsi jwa batho bao ba neng ba boga e ne e se masole; e ne e le “bojang”—banna, basadi, le bana ba ba senang molato.
Fa ntwa e ne e simologa ka December 1989, Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 2 000 ba kwa Liberia ba ne ba oketsega ka palo ebile ba lebile pele ka tsholofelo kwa isagweng. Ka maswabi, le bone ba ne ba nna karolo ya ‘bojang jo bo neng jwa boga.’
Go Anama ga Ntwa
Ntwa e ne ya simologa mo molelwaneng wa Liberia le Côte d’Ivoire, mme e ne ya re go ise go ye kae batshabi ba bo ba simolola go tshabela kwa motsengmogolo, Monrovia, motsemogolo o o nang le baagi ba feta sephatlo sa milione. Barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fudusiwa go tswa mo Ganta go tswa foo ba fudusiwa go tswa kwa Gbarnga, go tloga ka March go fitlha ka May 1990 le morago ga foo, jaaka ntwa e ne e ntse e anamela kwa borwa. Ba ne ba le bangwe ba baagi ba bofelo go tswa mo ditoropong tseno. Ntwa e ne ya nna maswe fa masole a a tlhomeletseng ka dibetsa a ne a tsena kwa Monrovia ka July 2, 1990.
Go ne go sena ope yo o neng a ipaakanyeditse matlhotlhapelo ao a neng a latela. Ditlhopha tse tharo tse di farologaneng tsa masole di ne tsa lwa go fitlha ntwa e fela, ba lwela mo mebileng ba dirisa dibetsa tse di bogale, dirokete, le didirisiwa tse di thuntshang di-grenade. Bao ba neng ba sa bolawe ka ntlha ya go bo e le maloko a morafe mongwe o o ilwang ba ne ba tshelela mo go tshwenngweng le go phuruphudiwa gantsintsi. E ne ya re bosigo bongwe ka August banna, basadi, le bana ba feta 600 bao ba neng ba tshabetse kwa Kerekeng ya Luthere ya St. Peter ba bogisiwa ke setlhopha sa babolai ba ba neng ba tlhakantswe tlhogo ke ntwa.
Batho ba le makgolokgolo ba ne ba tshaba kwa go neng go lwelwa gone ka diaparo tse ba neng ba di apere fela. Malapa a ne a kgaogana mme go ne ga tsaya dikgwedi morago ga foo ba ise ba kgone go kopana. Go ne go lebega okare baagi botlhe ba Monrovia ba ne ba fuduga, masole le batshabi bao ba neng ba tshabile go tswa kwa dikarolong tse dingwe tsa motsemogolo ba ne ba nna mo matlong ao a neng a sena batho. Baagi ba ba fetang sephatlo sa baagi ba Monrovia ba ne ba tshabile go tswa mo matlong a bone. Bontsi jwa bone bo ne bo latlhegetswe ke dilo tsotlhe tseo bo neng bo na natso ebile bo swetswe ke bobotlana wa losika a le mongwe fela. Ba bangwe ba ne ba swetswe ke ba bantsi go feta foo.
Boemo bo ne jwa nna maswe mo e leng gore dinaga tse dingwe tse tlhano tsa Afrika Bophirima di ne tsa romela masole go leka go tsereganya. Kwa bokhutlong jwa October 1990, bogolo jwa ntwa bo ne bo bepile. Mme jaanong leuba le ne le apesitse motsemogolo o o neng o sa tlhole o na le sepe oo jaaka lesira. Makgotla a namolo leuba a ne a bega gore ka nako nngwe mo e batlileng e le bongwe borarong jwa bana ba Monrovia ba ba dingwaga tse di kafa tlase ga tse tlhano ba ne ba sa bone dijo tse di lekaneng mme go ne go swa batho ba feta lekgolo letsatsi le letsatsi. Barekisi ga ba a ka ba tokafatsa boemo; ba ne ba utswa reise eo e neng e tliseditswe go namola leuba mme ba rekisa kopi e le nngwe ka diranta di le 55 kana go feta foo. Go ne go nna go ntse go na le bolwetsi, bogolo jang kholera, ereka metsi a motsemogolo, tsamaiso ya go tlosa leswe, le motlakase di ne di senyegile gotlhelele.
Basupi ba ga Jehofa ba ba ka tshwarang sekete bao ba neng ba nna kwa Monrovia le bone ba ne ba boga setlhogo. Bontsi jwa bone bo ne jwa tshaba mo motsengmogolo jwa tshabela kwa metseng ya selegae, fa ba bangwe bone ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya kwa Ghana kana kwa Nigeria kana ba tsamaya ka dikoloi go ya kwa Côte d’Ivoire kana kwa Sierra Leone. Go tloga ka July go ya go December 1990, Basupi ba feta 30 ba ne ba tlhokafala. Ba bangwe ba ne ba bolawa ka go thuntshiwa, mme ba bangwe ba ne ba bolawa ke bolwetsi le tlala. Alan Battey le Arthur Lawson, barongwa ba Maamerika bao e neng e le baalogi ba Sekolo sa go Thapisetsa Bodihedi, le bone go lebega e le bangwe ba batho ba ba tlhokafetseng. Abo tsholofelo ya tsogo e e theilweng mo Bibeleng e le kgothatso jang ne mo go rona bao re latlhegetsweng ke ba losika kana ditsala mo nakong eo e e maswe!—Ditihō 24:15.
Bokaulengwe jwa Bokeresete Bo A Dira
Fa ntwa e ntse e tswelela pele, Basupi ba bantsi ba ba tshabileng kwa magaeng a bone ba ne ba tshabela kwa kantorong ya lekala la Basupi ba ga Jehofa le kwa legaeng la barongwa leo le neng le le kafa ntlheng e nngwe ya toropo. Ba bangwe ba ne ba kopa go sirelediwa ka gonne e ne e le maloko a morafe o masole a karolo eo a neng a o bolaya. Bontsi jwa bone ba ne ba abelwa ditiro mo lekaleng mme ba tswa thuso ka go apaya le go phepafatsa, fa ba bangwe bone ba ne ba abetswe go ya go kgetla merogo mo lorageng lo lo fa gaufi fa maemo kwa ntle a ba letla.
Batho ba ne ba robala gongwe le gongwe, mo dikamoreng tsa barongwa, mo diphasiking, mo Lephateng la tsa Go Romela Dilwana, le mo dikantorong. Re ne re epa le go tlhokomela matlwana a boithomelo. Basadi ba ne ba abelwa go direla jaaka baoki, mme ba ne ba atlega mo go tlhokomeleng balwetsi ba bantsi ba ba neng ba tshwerwe ke malaria le letshoroma. Letshololo le lone le ne le tshwenya ba le bantsi.
Re ne ra rulaganya gore go nne le ditiro tse di kgethegileng tsa itshireletso, go akaretsa le go ikatisetsa nako ya fa go thuntshiwa dibomo. Ka jalo, re ne re thapisitswe gore fa masole a a kgatlhanong le rona a thuntsha ka marumo a a bogale, re fitlhe kwa mafelong a a sireletsegileng a lekala ka bofefo. Lemororo lebota la rona le le boleele jwa dimetara tse tharo go ya kwa godimo le ne le sireletsa ka tsela nngwe, le ne le ka se ke le thibele marumo a a tswang kwa godimo. Borulelo jwa rona bo ne bo setse okare ke lebotlele la go loka pepere ka ntlha ya diphatlhaphatlha tseo bo neng bo na le tsone!
Ba le bantsi ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba sireletse Basupi ka bone mo go bao ba neng ba batla go ba bolaya ka ntlha ya go bo e ne e le ba morafe mongwe o o ilwang. Letsatsi lengwe kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a tla kwa lekaleng a lela a na le bana ba gagwe ba ba falotseng, mongwe wa bone e le losea lwa dibeke tse pedi. Monna wa gagwe le morwawe wa dingwaga tsa bolesome ba ne ba thuntshitswe a ntse a ba lebeletse. Mosupi yo mongwe o ne a ile a atlega go mo fitlha le bana ba bangwe ba gagwe fa babolai ba ne ba ba boela.
Lelapa le lengwe le ne la goroga kwa lekaleng le na le mmoledi mongwe yo o sa kolobediwang yo o neng a ba sireleditse gore ba se ka ba bolawa ke ba morafe wa gagwe. Go tswa foo, erile fa boemo bo fetoga mme mmoledi yo o sa kolobediwang a nna mo kotsing, lelapa leno le ne la mo sireletsa mo go ba morafe wa bone.
Gantsi, barongwa ba ne ba bua le banna ba ba tlhomeletseng ka dibetsa kwa kgorong ya lekala ba leka go ba thibela go phuruphutsha kana go gapa dilwana tsa lefelo leo. Nako nngwe setlhopha sengwe sa batho ba ba neng ba gaketse ba ne ba gatlhamela, ba re supa ka ditlhobolo ba tatalala gore re ne re fitlhile maloko a morafe mongwe. Ba ne ba gakgamala fa ba bona kafa Basupi ba lefelo leo ba neng ba wetse dibete ka gone, ba ntse ka tidimalo ba reeditse pokano ya Bokeresete eo re neng re e tshwere. Ba ne ba phuruphutsha ntlo mme ba se ka ba fitlhela sepe seo ba neng ba se batla. Ka metlha re ne re kgona go tlhomamisetsa batsenelela gore re ne re sa fitlha masole ape kana baba bape ba bone. Jaaka Bakeresete re ne re sa tshegetse letlhakore lepe.
Ekile ya re nako nngwe ntwa e ile magoletsa, ga goroga setlhopha sengwe sa Basupi kwa lekaleng se rwele mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwerwe ke kankere e e maswe thata. Ka maswabi, o ne a swa moragonyana. Go ne ga epiwa lebitla mo segotlong, mme abo re ne ra nna le tirelo ya phitlho e e gogomosang maikutlo! Mokaulengwe yono e ne e le mongwe wa bakaulengwe ba ba molemolemo ba lefelo leno, a na le dingwaga tse dintsi a ntse a direla ka boikanyegi. Batho ba ba neng ba tshabile mo magaeng a bone ba ka nna lekgolo ba ne ba kgobokana mo mokgotheng go reetsa puo ya segopotso, eo e neng ya neelwa go ntse go na le modumo wa marumo mo tikologong.
Go Bona Dijo le Metsi
Dijo di ne di tlhaela tota. Le eleng pele ga fa ntwa e simologa, babapatsi ba ne ba emisa go reka dilwana tse di tswang kwa ntle. Ka jalo, go ne ga sala dijo di le dinnye thata mo motsengmogolo. Dijo tsa rona mo lekaleng di ne di ka bo di tsere maloko a lelapa la rona a a 12 dikgwedi di le dintsi, mme ka dinako tse dingwe re ne re nna le batho ba ka tshwara 200, go akaretsa le baagelani ba eseng Basupi bao ba neng ba tlhoka thuso tota. Mongwe le mongwe o ne a lekanyeditswe gore a ka ja gangwe fela ka letsatsi; re ne ra kgona go tswelela re tshela ka sone selekanyo seo sa dijo dikgwedikgwedi. Mongwe le mongwe o ne a tshwerwe ke tlala. Masea a ne a bopame tota, ba lepeletse fela ba sena maatla mo diatleng tsa batsadi ba bone.
Ka nakwana fela dijo tsa rona di ne tsa fela. Re ne re tla tsaya kae tse dingwe? Go ne go sena marekisetso ape a a butsweng kwa Monrovia. Gongwe le gongwe kwa o ne o ka leba gone, batho ba ba bolawang ke tlala ba ne ba saila mo mebileng ba batla dijo. Batho ba ne ba ja sengwe le sengwe—go akaretsa le dintša, dikatse, le dipeba. Barongwa ba le babedi go tswa kwa lekaleng ba ne ba swetsa ka gore ba tla leka go ya kwa Kakata, toropo eo e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 60, koo ntwa e neng e khutlile gone.
Ba ne ba kgomaretsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le matshwao a mangwe mo matlhabaphefong a koloi gore ba ipontshe gore ke Basupi ba ga Jehofa. Fa ba sena go feta mafelo a le mmalwa ao go phuruphudiwang dipalangwa mo go one, ba ne ba emisiwa mme ba bodiwa dipotso ke monna yo mogolo, wa mokaloba a lepeleditse marumo mo sehubeng sa gagwe mme a tshotse tlhobolo. Ba ne ba ipolela fa e le Basupi ba ga Jehofa mme ba mmolelela gore ba ne ba batla go ya kwa Kakata go ya go batla dijo.
O ne a re: “Ntshalang morago. Ke nna molaodi wa ntwa fano.” O ne a ba tsaya a ba isa kwa ntlongkgolo ya gagwe. Fa a utlwa gore ba file batho ba ba tshabileng kwa magaeng a bone marobalo, o ne a laela banna ba gagwe gore ba ise dikgetsana tsa reise di le 20 kwa lekaleng la rona, nngwe le nngwe ya tsone e le bokete jwa dikilogarama di le 45! Gape, ba ne ba fiwa tetla ya gore ba ka ya Kakata, mme go ne ga abelwa motlhokomedi yo o tlhomeletseng ka dibetsa gore a ba fetise sentle ba sireletsegile mo mafelong a mangwe ao go phuruphudiwang dipalangwa mo go one.
Kwa Kakata ba ne ba fitlhela mokaulengwe wa rona wa Mokeresete Abraham yo o neng a na le lebentlele. O ne a re boloketse dijo tse dintsintsi, go akaretsa maši a a boupe, sukiri, merogo e e bolokilweng mo metemeng, le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Go ne go le molemo eleruri go bona tsela eo bakaulengwe ba rona ba neng ba tlhokomelwa ka yone mo mosepeleng wa bone. Jehofa o tshwanetse a bo a ne a itumeletse gore re ne re ile ra abela ditsala tsa rona le baagelani ba rona dijo tsa rona, ka gonne jaanong dilwana tsa rona di ne di busediwa.—Diane 11:25.
Kafa ntlheng e nngwe ya Monrovia, barongwa le bone ba ne ba tlhokomela batho ba ba tshabileng kwa magaeng a bone mo legaeng la barongwa, mme le bone ba ne ba bona thuso e e tswang mo bathong ba ba neng ba sa solofela gore ba ka thusa. Ka sekai, morongwa mongwe o ne a fiwa dikgetsi di le tharo tsa reise ke lesole lengwe leo le neng le mo itse go tswa ka nako ya fa a ne a direla mo lefelong le lesole leno le neng le nna kwa go lone dingwaga di ka nna 16 pelenyana. Morongwa yo mongwe ene o ne a fiwa dikgetsi di le nne tsa reise fa a sena go bua ka namana le moeteledipele wa lengwe la makoko a a lwang.
Ka nako nngwe go ile ga lebega ekete re tla tshwanelwa ke go tswa mo lekaleng ka ntlha ya go tlhaela ga metsi. Ka lobakanyana sediba sa rona e ne e ntse e le sone fela motswedi wa metsi a a nowang a batho ba le bantsi mo tikologong. Lefa go ntse jalo, lookwane lwa jenereitara ya motlakase e e tsamaisang pompo ya rona e ne e setse e fela. Fa monna mongwe yo o kileng a sirelediwa ke lekala ntwa e santse e simologa a utlwela bothata jwa rona, o ne a re batlela lookwane go bontsha gore o anaanela seo re se mo diretseng, ka jalo metsi a rona ga a ka a fela.
Go Boloka Nonofo ya Semoya
Fa rona barongwa ba bofelo re ne re kopiwa gore re tswe mo Liberia ka October 1990, selo seo se neng se re tshwentse mo mogopolong e ne e le gore, bakaulengwe le bokgaitsedi ba rona ba tla kgona jang? Dipego tseo re di amogetseng fa e sale go tloga foo di bontsha gore ba ntse ba tshwaregile mo bodiheding.
Pele ga ntwa Mosupi mongwe le mongwe ka kakaretso o ne a senya diura di ka nna 17 mo bodiheding kgwedi nngwe le nngwe. Lefa go ntse jalo, fa ntwa e ntse e tsweletse, lemororo go ne go tlhokega gore ka metlha ba ye go senka dijo kwa sekgweng, Basupi ba mo diphuthegong tse dingwe ba ne ba senya diura di feta 20 ka kakaretso mmoledi mongwe le mongwe! Mo godimo ga moo, ereka dimakasine tsa Tora ya Tebelo di ne di tlhaela, bokgaitsedi ba rona ba le bantsi ba ne ba kwalolola ditlhogo tse di ithutiwang ka letsogo gore go tle go nne le dikaelo tse di oketsegileng tseo di ka dirisiwang mo thutong ka Sontaga.
Diphuthego tse nne tse di fa gaufi le Monrovia di ne di penologa ka Basupi bao ba neng ba tshabile ntwa kwa motsengmogolo. Ditsala tseno di ne di latlhegetswe ke dilo tsotlhe tsa bone, ka gonne ba ne ba sa kgone go boela kwa magaeng go ya go tsaya sepe. Ebile tota, batsadi le bana ba le bantsi ba ne ba tsaya dikgwedi ba kgaogantswe ke ntwa! Ka Segopotso sa loso lwa ga Jesu ka March 30, batho botlhe bao ba neng ba le gone mo diphuthegong tseno tse nne ba ne ba le 1 473.
Basupi ba ba ka nnang 300 bao ba neng ba setse kwa Monrovia ba ne ba dira boiteko jo bogolo jwa gore ba tseye bobulatsela jwa nakwana ka kgwedi ya Segopotso, lemororo e ne e rile dibekenyana pele ga foo, ba bo ba ne ba le bokoa ebile ba sa kgone go tsamaya ka ntlha ya tlala. Ba ne ba dira ka natla gore ba laletse batho go tla Segopotsong, mme go ne ga tla batho ba le 1 116.
Mogolwane mongwe wa Mokeresete kwa Monrovia o tlhalositse jaana: “Re ne ra swetsa ka gore re tla simolola go kopanela mo Holong ya rona ya Bogosi gape go tloga ka December 1990. La ntlha palo ya batho bao ba neng ba le gone e ne e le 17. Morago e ne ya tlhatlogela kwa go 40, mme e ne ya nna e ntse e ka tshwara 40 le go feta ka lobakanyana. Mme e ne ya re ka February 24, palo ya rona ya bao ba nnang gone e ne ya golela kwa go 65 mme e ne ya re beke moragonyana ya bo e le 85. Gape, mo e batlileng e le botlhe mo phuthegong ba ne ba arabela pitso ya gore go tsewe bobulatsela jwa nakwana ka March.”
Go Tlhokomela Ba Bangwe
“Bakaulengwe ba rona ba kwa kerekeng ba ne ba tshwaregile ka go bolaana [e le ba merafe e e lwang] mo ntweng,” go ne ga akgela jalo mongwe yo o seng Mosupi mme e le losika le Mosupi mongwe, “le ka motlha ba sa amege ka badumedi ka bone.” Mme abo seno se ne se farologane jang ne ka batho ba ga Jehofa!
Ka sekai, modulasetulo wa setlhopha sengwe se se fa gaufi sa namolo leuba o ne a kwalela bakaulengwe ba ba neng ba tlhokometse lekala ka February 1991: “Lekwalo leno ke la go bontsha malebogo le kanaanelo go lona le mokgatlho wa lona ka ntlha ya mabolokelo ao lo ntseng lo a re neela fa go abelwa batho ba rona dijo. Tiro ya lona ya go rata go thusa batho e bontsha gore jaaka Mokgatlho lo iketleeditse go tlisa kagiso le molemo mo nageng eno. Tsweetswee tswelelang pele ka tiro ya lona e e molemo.”
Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tse dingwe ba ne ba arabela ka bofefo ka go naya bakaulengwe ba bone ba Ba-Liberia dilo tse ba di tlhokang. Dithuso tsa namolo leuba di ne tsa tswa kwa dinageng tse di tshwanang le Sierra Leone le Côte d’Ivoire kwa Afrika Bophirima, Netherlands le Italy kwa Yuropa, le United States.
Mosetsanyana mongwe, yo mmaagwe a neng a bolawa ka go bo e ne e le wa morafe o o ilwang, o ne a lebogela thuso eo a neng a e neilwe. O ne a kwala jaana: “Ke lebogela dilo tsotlhe tseo lo di nthomeletseng fela thata. Lo dira gore ke ikutlwe ekete mmè o gaufi le nna. Mmè le kgaitsadiake yo mmotlana ba ne ba swa fa go ne go lowa. Ke kopa Jehofa gore a lo segofatse lotlhe. Ke na le dingwaga di le 11.”
Mokaulengwe mongwe yo o nang le lelapa la batho ba le barataro yo mosadi wa gagwe a ileng a tshwanelwa ke gore a iphitlhe dikgwedikgwedi ka ntlha ya morafe o a tswang mo go one, o ne a kwala jaana ka go leboga: “Ga re ise re ko re thube re tsene mo magaeng a batho re utswa re bo re ya go rekisa dilwana tsa bone, mme lefa go ntse jalo go farologana le baagelani ba rona, re na le se re ka se jang letsatsi le letsatsi ka gonne re itse go somarela bonnye jo re nang le jone. Re rutilwe seno ke Jehofa.”
Mokaulengwe mongwe yo o ileng a tshabela kwa Côte d’Ivoire le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba babedi o na le moya o montle tota. O ne a tlogetse ntlo e ntle eo e neng ya re morago ya jewa ka molelo ya ba ya lora. Lefa go ntse jalo a re se a se lelelang thata, ga se go latlhegelwa ke ntlo ya gagwe, mme ke motlobo wa gagwe wa dibuka tsa bolegodimo!
Dilo Tse Di Botlhokwa Tseo Di Ithutilweng
Fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore Jehofa o re rutile dilo tse dintsi tsa botlhokwa. Ereka ke itse ka namana batho ba le bantsi bao ba ileng ba boloka bothokgami jwa bone ba bo ba falola, mmogo le bangwe bao ba ileng ba boloka bothokgami jwa bone ba bo ba swa, ke ithutile go lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Leha re tshela, re tshelèla Morèna; me leha re shwa, re shwèla Morèna; me ke gōna, leha re tshela, kgotsa re shwa, re nntse re le ba Morèna hèla.”—Baroma 14:8.
Morongwa yo mongwe yo o diretseng ka lobaka lo loleele o ne a akgela ka go re: “Ka tiragalo eno yotlhe, re ithutile gore Jehofa ke Mothusi yo o ka se kang a lekanngwa le ope. Fela jaaka Paulo a ne a bolela: ‘Re ne re ichwaneditse losho mo teñ ga rona, gore re se ka ra iikanya ka rosi, me re ikanyè Modimo o o cosañ bashwi.’” (2 Bakorintha 1:9; Pesalema 30:10) O ne a oketsa jaana: “Ntwa eno e ne ya dira gore go bonale sentle gore batho ba ga Jehofa eleruri ke bakaulengwe, ba ba apereng lorato lwa go intsha setlhabelo loo Jesu a neng a lo gatelela.”—Yohane 13:35.
Lokwalo longwe lo lo tswang kwa go kgaitsadi mongwe wa Mo-Liberia a kwalela bangwe ba rona barongwa bao re neng ra tshwanelwa ke go tswa mo nageng eo ka ntlha ya dintwa ka October 1990 le bontsha ka phepafalo go nonofa ga bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete. “Ke rapela gore ekete lotlhe lo ka boela mo Liberia ka bonako le gore re kgone go nna le kopano,” o ne a kwala jalo. “Hei! Ke gakaletse gore letsatsi leo le fitlhe. Go akanya fela ka lone go a intumedisa.”
Ee, go tla bo go le molemo go bona thulaganyo e e tlwaelegileng ya tiro ya Bokeresete e buseditswe ka botlalo mo Liberia. Kgaitsadiarona o bua boammaaruri; kopano ya ntlha kwa Monrovia morago ga go boa ga barongwa le batshabi ba bangwe e tla bo e ipedisa. Ga go belaetse!
[Mmapa mo go tsebe 27]
(For fully formatted text, see publication.)
LIBERIA
Monrovia
Kakata
Gbarnga
Ganta
SIERRA LEONE
GUINEA
CÔTE D’IVOIRE
Lewatle la Atlantic
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Bana ba Basupi ba ba tshabileng kwa magaeng a bone ba le kwa kantorong ya lekala fa ntwa e ntse e tsweletse
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Batshabi ba Ba-Liberia ba tlhaola dilwana tseo di abilweng ke Basupi ba kwa Côte d’Ivoire