Bua ka Kgalalelo ya Bogosi Jwa Modimo
“Ba tla bua kaga kgalalèlō ea bogosi yoa gago, ba bua kaga thata ea gago.”—PESALEMA 145:11.
1. Tota-tota, ke ka ntlhayang fa Jehofa a re neetse kgono ya go bua?
JEHOFA o ne a na le boikaelelo fa a re naya kgono ya go bua. (Ekesodo 4:11) Tota-tota, e ne e le gore dipounama tsa rona di tle di “buè pakō” kaga gagwe. (Pesalema 119:171, 112) Jaaka mopesalema Dafide a ne a bua: “Ditihō cotlhe tsa gago di tla gu ntshetsa malebogō, Yehofa; le baitshepi ba gago ba tla gu baka. Ba tla bua kaga kgalalèlō ea bogosi yoa gago, ba bua kaga thata ea gago; Go itsise bana ba batho ditihō tsa gagwè tsa bonatla, le kgalalèlō ea borèna yoa bogosi yoa gagwè. Bogosi yoa gago ke bogosi yo bo senañ bokhutlō, le pushō ea gago e eme go ea ditshikatshikeñ cotlhe.”—Pesalema 145:10-13.
2. Re kgothalediwa go ‘bua ka pako’ ya Modimo ka ditsela dife?
2 Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete le balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo” ba tlhagafaletse go baka Jehofa, “Kgosi ea metlha.” (Tshenolō 7:9; 15:3) Ka go tlhagafalela go ithuta Bibela ka Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Bokeresete jaaka dithuso, re ka bona kitso ya boammaaruri kaga Modimo e e tshwanang le motswedi wa metsi a a itshekileng, a a lapolosang, a a nayang botshelo. Ka gone, mo ntlheng ya rona ‘motswedi wa botlhale o nna jaaka nokana e e elelang.’ (Diane 18:4) Re kgothalediwa gore re “buè pakō” ka go rera ka ntlo le ntlo le mefuta e mengwe ya bodihedi jwa tshimo. Mme gape Dikwalo le tsone di tshegetsa go dira bosupi jo bo sa rulaganyediwang
Ditiragalo tsa Pele tsa Dikwalo
3. Tswee-tswee umaka sekai sa ga Jesu Keresete sa bosupi jo bo sa rulaganyediwang
3 Go rera ga ntlha mo go neng ga dirwa ke Jean morago ga a sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo e ne e le kwa legaeng la gagabo, koo a neng a laletsa teng Johane, Anderea, mme gongwe le ene Petere. Ba ne ba senya letsatsi lotlhe koo, kwantle ga pelaelo ba rerelwa ka botlalo mo seemong seo se ba neng ba sa se rulaganyetsa (Yohane 1:35-42) Gape e ne e le mo maemong a a sa rulaganyediwang—‘fa Jesu a ne a feta’—a ba a bona Mathaio kwa ofising ya lekgetho mme a nna le diphelelo tse di siameng fa A ne a re: “Ntshala motagō.”—Mathaio 9:9.
4. Jesu o ne a reng fa a ne a rerela mosadi wa Mosamaria, mme seno se ne sa gogela go eng?
4 Jesu e ne e le sekao se se molemo sa ‘nokana ya botlhale jo bo elelang.’ Lemororo a ne a ntse a tshwerwe ke tlala a bile a lapile fa sedibeng sa ga Jakobe gaufi le Sikara, o ne a rerela mosadi wa Mosamaria yo a neng a tlile go ga metsi. “Me leha e le mañ eo o tla nwañ metse a ke tla a mo nosañ, ga a ketla a tlhōla a nyōrwa gopè;” ga bolela jalo Jesu, “me metse a ke tla a mo nosañ, a tla cwa mocwedi oa metse mo go èna, a a cwèlèlañ botsheloñ yo bo sa khutleñ.” Bosupi jo bo sa rulaganyediwang jono bo ne jwa gogela mo go reng Jesu a rerele setlhopha se mosadi yoo a neng a se kgothaleditse go phuthega le go reetsa se [Jesu] neng a se bua.—Yohane 4:6-42.
5. Filipo wa moefangele le moaposetoloi Paulo ba re neela dikao dife tsa bosupi jo bo sa rulaganyediwang?
5 Filipo wa moefangele o ne a emisa kara e e neng e feta mme a rerela mopagami wa yone yo o neng a bala boperofeti jwa ga Isaia, kwantle ga go rulaganya. Fa Filipo a ne a lalediwa go palama kara, o ne a tlhalosetsa moopahadiwa wa Moethiopia, yo karabelo ya gagwe ya kanaanelo e neng ya felela ka kolobetso, ‘mafoko a a molemo kaga Jesu.’ (Ditihō 8:26-38) Fa dikeetane tsa kgolegelo tsa ga moaposetoloi Paulo di ne di gologa mo thoromong e kgolo ya lefatshe kwa Filipi, o ne a rerela motlhokomela-kgolegelo kwantle ga go go rulaganyetsa Phelelo ya nna efe? “A akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla.”—Ditihō 16:19-34.
6. Go bonala bosupi jo bo sa rulaganyediwang bo ne jwa dirisiwa mo ditirong dife tsa barutwa ba ga Jesu morago ga go kgobotlediwa ka maje ga ga Setefane?
6 Gompieno, bosupi jo bo sa rulaganyediwang ke tsela e nngwe ya go bolela mafoko a a molemo koo tiro ya rona ya Bokeresete e thibetsweng teng. Lefa go ntse jalo, lefa re bogisiwa, dipelo tsa rona di re kgoromeletsa go bua kaga kgalalelo ya bogosi jwa Modimo. Morago ga Setefane a sena go kgobotlediwa ka maje, bontsi jwa barutwa ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba gasama. Lefa go le jalo, ba ne ba tswelela ba bolela mafoko a a molemo, mme kwantle ga pelaelo bosupi jo bo sa rulaganyediwang e ne e le maiteko a mangwe a bone a go rera kaga Bogosi.—Ditihō 8:4-8; 11:19-21.
7. Fa Paulo a ne a sa letlelelwe go tswela kwantle, o ne a dira eng, seno se tsosa potso efe?
7 Bosupi jo pbo sa rulaganyediwang ke tsela e nngwe ya go bua ka kgalalelo ya bogosi jwa Modimo fa re le mo kgolegelong kana re le kwa magaeng a rona ka baka la bolwetsi kana bokoa. Paulo o ne a sa letlelelwe go tswela kwantle mo dingwageng tse pedi a disitswe ke modisa wa Roma. Mme go na le go hutsafala mo go feteletseng, o ne a bitsa batho mme “a chola botlhe ba ba eañ kwa go èna, A rèra bogosi yoa Modimo a bo a ruta batho dilō tse di leñ kaga Morèna Yesu Keresete ka pelokgale yotlhe.” (Ditihō 28:16-31) A sekao se se molemo! Fa o le Mosupi wa ga Jehofa yo o sa letlelelweng go tswela kwantle, a o ka dira sengwe se se tshwanang?
8. Bosupi jo bo sa rulaganyediwang jwa ga Paulo bo ne jwa nna le matswela jang?
8 Jaaka badisa ba ga Paulo ba ntse ba fapaana nako le nako ba ba farologaneng, ba ne ba mo utlwa a bua kaga kgalalelo ya Bogosi jwa Modimo. Lefa go le jalo, re ka tlhomamisega gore gape o ne a rerela badisa bao ka tlhamalalo. Bosupi jo bo sa rulaganyediwang jono bo ne bo na le matswela mo Paulo a neng a ka kwala jaana: “Dilō tse di ntihaletseñ di dihaletse bocwèlèlō pele yoa Mahoko a a Molemō bogolo; Ga tsamaea dikgolegō tsa me tsa bōnatshèga ka Keresete mo mophatoñ otlhe oa molaodi oa motse, le mo go botlhe ba bañwe; Me bontsi yoa bakauleñwe ba ba mo Moreneñ, ka ba ikantse dikgolegō tsa me, ba nna choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.” (Bafilipi 1:12-14) Jaaka Paulo, fa re ka tsenngwa mo kgolegelong mme ra amogiwa dipaka tsa go neela bosupi jo bo rulagantsweng, re santse re ka bua kaga bogosi jwa Modimo. Mme abo seno se ka kgothatsa bakaulengwe ba rona jang ne!
9, 10. Ke bosupi bofe jo eseng jwa Bibela jwa gore Bakeresete ba pele ba ne ba neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang?
9 Bosupi jo bo sa rulaganngwang bo ne bo tlwaelesegile thata gareng ga Bakeresete ba pele mo eleng gore le eleng mo dingwageng tsa morago jaana go ne go ka twe: “Go tswa mokwading wa Mokeresete, gongwe yo o neng a nna kwa Carthage mo e ka nnang ka ngwaga wa 200, re bona setshwantsho . . . [seo] se malebana le batho ba thutego e e kwa godimo. Boagente ba bararo ba basha, ba eleng ditsala tse di atamalaneng, ba senya letsatsi la bone la boikhutso kwa lotshitshing la lewatle. Ba babedi ke Bakeresete, wa boraro ke moheitane. Ka bokhutshwane motlotlo wa bone o retologela kwa bodumeding . . . Polelo ya kganetsano ya bone e e tsereng lobaka lo loleele e felela jaana, ‘Re ne ra boela gae re itumetse, rotlhe ka boraro. Yo mongwe o ne a itumetse ka gonne a ne a tsene mo tumelong ya Bokeresete, ba bangwe ka gonne ba ne ba mo gogetse kwa go yone.’ Mokwalo ono ga se tiragalo ya boammaa- ruri; ke Tlhaloso ya Tumelo, ka Minucius Feli:c. Mme e tlhalosa mofuta wa selo se se neng sa diragala gareng ga batho ba ba lesego thata.” (Church History 1—The First Advance: AD 29—500, ka John Foster, ditsebe 46, 48) Ee, mme polelo eno e bontsha gore bosupi jo bo sa rulaganyediwang bo ne bo santse bo dirisiwa ke ba a neng ba ipolela e le Bakeresete ka nako eo.
10 Malebana le Bakeresete ba ntlha, ke gantsi go neng ga bolelwa jaana: “Go ne go na le palo .e e oketsegang ya batho ba badumedi ba Bakeresete tota, bao, gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya teng, e ka ne ba le mo ditirong tsa bone tsa kgwebo tse di tlwaelesegileng kana ba tsamaisiwa ke pogiso, ba neng ba rera kaga Keresete . . . Mo go bao ba neng ba dirisa kgwebo ya bone, tiro ya bone e ba e rutetsweng, tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi, ya mofuta ope fela, jaaka tsela ya go atolosa tumelo ya bone, go ne go na le ba bantsi thata.” (The Missionary Enterprise, ka Edwin Munsell Bliss, tsebe 14) Ee, baboledi ba Bogosi ba ntlha ba ne ba neela bosupi jo bo rulaganyeditsweng le jo bo sa rulaganyediwang.
Go Akanyetsa kwa Pele le go Baakanyetsa
11. Re ka ithuta eng mo go Jean kaga go lebisa tlhokomelo mo boammaaruring jwa Modimo?
11 Jaaka Jesu le balatedi ba gagwe ba ntlha, re tshwanetse go neela bosupi jo bo rulaganyeditsweng le jo bo sa rulaganyediwang. Go dira jalo ka matswela go tlhoka go akanyetsa kwa pele le go baakanyetsa. Fa a ne a neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang kana a neela tao, Jesu o ne a tle a bue ka bana, dijo, diaparo, dinonyane, dithunya, maemo a bosa, le ditiro. (Mathaio 4:18, 19; 6:25-34; 11:16-19; 13:3-8; 16:1-4) Rona le rona re ka dirisa mo e ka nnang kgang nngwe le nngwe jaaka motheo wa go lebisa tlhokomelo kwa boammaaruring jwa Modimo.
12. Fa motho a rulaganyetsa loeto, o ka baakanyetsa bosupi jo bo sa rulaganyediwang jang?
12 Re ka neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang mo bathong ba ba ntseng mo diparakeng, ba ba tlhomaganeng kwa marekisetsong, jalo le jalo. Mo Athena, Paulo o ne a fetolana “ka malatsi otlhe, . . . le ba o rakanañ nabō.” (Ditihō 17:17) Mme re tshwanetse go baakanyetsa bosupi jo bo sa rulaganyediwang. Ka motlhala, a o rulaganyetsa go tsaya loeto ka sefofane, ka terena, kana ka bese? He tsaya Bibela le dipampitshana, dimakasine, kana dibukana. Go bala dikgatiso tsa Bokeresete fa o le mo dipalamong tsa botlhe kana gongwe fela gantsi go simolola puisano.
13. Tshwantsha kafa o ka simololang go rerela motho yo o godileng ka teng fa o le mo loetong.
13 Kwantle ga pelaelo go simololwa ka go ikitsise ka botsalano. Buka e potlana ya Go Fetolana ka Dikwalo e akantsha boikitsiso jo bo ka dirisiwang mo bodiheding jwa tshimo, mme dingwe tsa tseno di ka fetolelwa go dirisiwa fa go neelwa bosupi jo bo sa rulaganyediwang. Ka sekai, fa o ka nna go bapa le motho yo o godileng fa o le mo loetong, o ka nna wa re: “Leina la me ke—— ke ntse ke akanya thata kaga boikaelelo jwa botshelo. Bontsi jwa batho ba tshwaregile thata ka go itirela botshelo mo eleng gore ga ba ke ba nna le nako ya go akanya kaga boikaelelo jwa botshelo. Lefa go le jalo, jaaka re ntse re gola, re lemoga gore botshelo bo bokhutshwane mme re ka nna ra ipotsa ka go re: ‘A seno sotlhe ke se botshelo bo diretsweng go se kaya?’ A o akanya gore Modimo o na le boikaelelo kaga go nna gone ga rona?” Letlelela karabelo. Go tswa foo o ka nna wa bua kaga boikaelelo jwa Modimo ka setho mme wa akgela ka dilo tse di molemo tse di solofediwang mo go Tshenolō 21:3, 4. Gore o neele bosupi jo bo sa rulaganyediwang jo bo nang le matswela, o ka nna gape wa dirisa dintlha tse dingwe tse di molemo tse di ithutilweng kwa dipokanong tsa phuthego le mo dikgatisong tsa Bokeresete.
Go ka Solofelwa Matswela a a Molemo
14. Mokaulengwe mongwe o ne a nna le katlego efe fa a ne a neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang a le mo loetong?
14 Jaaka Jesu le balatedi ba gagwe ba ntlha, re ka atlega fa re neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang. Go tshwantsha: Fa Mosupi mongwe a le mo loetong lwa sefofane, o ne a buisana le lesole lengwe yo o neng a na le dingwaga di le 20 a ntse a nyetse. Mosadi wa monna yoo o ne a dirisa diokobatsi, a lekile go ipolaya makgetlo a le mmalwa, mme o ne a le gaufi la go mo tlogela go ya go nna le monna yo mmotlana. Fa Mosupi a ne a bua ka thuso ya dikwalo eo a neng a e amogela mo go Tora ya Tebelo le lokwalo-paka la mopati wa yone eleng Awake! modiri yoo o ne a dira peeletso mme a batla gore dimakasine tseo di romelelwe mosadi wa gagwe. Bapagami ba bangwe ba ne ba utlwa se Mosupi o neng a se bua. Phelelo e ne ya nna eng? Ebu, ka ntlha ya go supa mo sebakeng seo fela, o ne a bona dipeeletso di le 22 mme a tsamaisa dimakasine di le 45 le dibuka di le 21!
15, 16. (a) Neela dikai tsa bosupi jo bo sa rulaganyediwan mo badiring-mmogo jo bo nang le matswela. (b) Diphelelo tseno di go akantsha eng?
15 Go tweng ka go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang mo badiring-mmogo? Mokaulengwe mongwe o ne a tlogela dikaelo tsa makwalo-paka a rona mo ntlwaneng ya boithomelo kwa a berekang teng. Modiri-ka-ene o ne a bala dimakasine tseo, a ikopanya le mokaulengwe yoo, mme a dira peeletso ya tsone. Monna yoo gape o ne a dumelela thuto ya Bibela mme a tlogela botshelo jwa gagwe jwa boitsholo jo bo maswe, mme mosadi wa gagwe o ne a tswa ka ntlo nako le nako fa go umakiwa leina la Modimo. Fa monna yoo a ne a batla go tlogela kereke ya lefelo leo, moruti o ne a tla go buisana le ene kaga seno, a ñtlhela mosadi wa monna yoo fela mo gae. Go tlhaela tumelo ga moruti yoo le go bua maaka ga gagwe kaga Basupi ba ga Jehofa go ne ga mo gakgamatsa thata, gonne o ne a bone kafa monna wa gagwe a neng a fetogile go nna motho yo o botoka ka teng. O ne a raya moruti yoo a re: “O ka nkwalela setlankana sa me sa go tlogela kereke le sa bana gape!” Fa nako e ntse e ya, monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng.
16 Dingwaga tse di fetileng, mokaulengwe yo jaanong a nnang mo United States o ne a rerela modiri-ka-ene mo Ennyelane a sa rulaganyetsa mme a isa lekawana leo kwa baesekopong e e neng e rulagantswe ke Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga tse 31 morago, mokaulengwe yoo o ne a amogela lekwalo leno: “Ke batla go go bolelela jaanong gore bosupi jo o neng wa bo neela [lekawana lengwe] bo ne jwa nna le matswela, ka gonne mo dingwageng tse pedi morago ga moo mokaulengwe yo mongwe o ne a buisana le ene, a mo neela dimakasine, mme a tsamaya nae kwa Holong ya Bogosi ya lefelo leo . . . O ne a nna Mosupi, a kolobediwa ka 1959, mme jaanong ke mogolwane mo phuthegong ya gagabo . . . Morago ga dingwaga tse 14 mosadi wa gagwe o ne a nna Mosupi mme le ene a kolobediwa Morago ga dingwaga tse pedi morwadie o ne a kolobediwa mme jaanong ke mmulatsela wa ka metlha kwa North Derbyshire . . . Go tswa bosuping jo bobotlana joo jo o neng wa bo dira bogologolo joo kwa Ashford, lekau leo, mosadi wa gagwe le morwadie, ntsalae le morwadie, monna le bana ba gagwe ba batlhano, le ngwana a le mongwefela wa morwadia ntsalae yo mongwe botlhe ba ne ba nna Basupi. . . . Ke batla go go leboga, Ted, fela thata tota, ka gonne ke nna yo ke dirileng jalo, mme polelo e ke sa tswang go e bolela ke polelo kaga me ya go ntherela ga gago le kafa gotlhe go neng ga felela ka teng.”
17. Batlhanka ba babotlana ba ga Jehofa ba na le dipaka dife tsa go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang?
17 Lona batlhanka ba basha ba ga Jehofa le lona le na le tshimo e e molemo ya go neela bosupi—balekane ba lona ba sekolo le barutisi. A o neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang fa o kwala dipolelo, o botsolotswa, jalo le jalo? Jaaka motswedi wa polelo ya gagwe e e kwalwang, moithuti mongwe wa sekolo se segolwane sa kwa Ecuador yo go neng go tsamaisiwa thuto ya Bibela le ene o ne a dirisa setlhogo sa metseletsele sa “Hiroshima—A Thuto ya Yone e Lebalesegile?” se se neng sa tlhaga go Awake! ya August 22, 1985. Polelo ya gagwe e ne ya akgolwa ke baatlhodi mo kgaisanong ya merafeyotlhe mme ya felela ka gore a duelelwe loeto la go ya Japane. Legale, go gapa dikgele tsa dikgaisano ga se jone boikaelelo jwa dikgatiso tsa Bokeresete. Mme seno se bontsha mosola wa dibuka tseo le matswela a go neela bosupi pakong ya Modimo mo sekolong.
18. Go ne ga felela ka eng mo go neeleng bosupi jo bokhutshwane go motho yo a neng a batla go hirisa ntlwana?
18 Ka baka la dikgang tsa madi, kgaitsadi mongwe o ne a tshwanelwa ke go hirisa ntlwana. Fa a ne a amogela mogala wa motho yo o neng a botsa kaga yone, o ne a bolelela mosadi yo o neng a leditse gore o ne a le Mosupi wa ga Jehofa le gore o ne a sa kake a letlelela boitsholo jo bo sa siamang mo legaeng la gagwe. Batho ba ba mo etetseng ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsamaya go santse go bonala, mme baeti ba senna ba ne ba tshwanetse go eta go santse go bonala ka dinako tsotlhe. Moletsi o ne a etsaetsega, go tswa foo a bo a re: “Ke ne ka ithuta fa ke ne ke santse ke le mosha, mme go ne ga seka ga nkgatlha. Jalo ka ya kwa kholetšheng.” Fa a bodiwa gore a o ne a santse a batla go tsweledisa thuto ya gagwe ya Bibela, o ne a fetola ka gore, “Ee.” Fa nako e ntse e ya, moletsi, mmaagwe, le morwadia-rraagwe ba ne ba nna batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa—gotlhe e le ka baka la go bo kgaitsadi a ne a neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang.
19. Bosupi jo bo sa rulaganyediwang bo ne jwa felela jang mo kgannyeng ya mosadi mongwe mo Bahamas?
19 Mo Bahamas segakolodi sa mosadi mongwe wa Mokatoliki se ne se mo tshwenya ka gobo a ne a na le dingwaga tse tlhano a ntse a sa ye kerekeng. Jalo moso mongwe wa Sontaga, o go neng go na pula e ntsi o ne a tsena mo tseleng go ya kwa kerekeng Ga bo go tla Basupi ba le bararo, bao ba neng ba mo pega mo kareng ya bone—ba bo ba mo rerela. Fa ba tsena kwa kerekeng, o ne a batla go utlwa mo go oketsegileng mme a nna le bone jaaka ba ya go tsaya moithuti yo mongwe wa Bibela. Ba ne ba feta ka kereke gape, mme lefa go le jalo o ne a santse a batla go utlwa mo go oketsegileng jalo a ya kwa Holong ya Bogosi. Puo ya phatlalatsa e ne e le ka yone kgang e go neng go tlotliwa ka yone mo kareng. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela le mosadi yoo, yo o neng a koba monna yo a neng a nna nae (rraagwe bana ba gagwe ba hane), mme o ne a kolobediwa mo kopanong nngwe kwa Nassau ka 1986. Abo a ne a itumela jang ne go bo mongwe a ne a mo neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang!
Nnang lo Bue kaga Bogosi jwa Modimo!
20. (a) Bosupi ja bo sa rulaganyediwang bo tshwanetse jwa lejwa jang malebana le bodihedi jwa tshimo? (b) Go akantshiwa eng fa motho a okaoka go neela basupi jo bo sa rulaganyediwang?
20 Go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang ga go tseele bodihedi jwa ka metlha jwa tshimo jwa Basupi ba ga Jehofa sebaka. Go rera ka ntlo le ntlo ka phepafalo ke ga Dikwalo ebile go na le matswela (Ditihō 5:42; 20:20, 21) Lefa go le jalo, go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang go na le matswela, mme batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go arola mo go gone. Gongwe le gongwe kwa go nang le batho teng ba losika, baithuti-mmogo, badiri-mmogo le ba bangwe—go na le dipaka tsa go bua kaga kgalalelo ya bogosi jwa Modimo. Jalo se letle poifo kana bogatlapa go go thibela. (Diane 29:25; 2 Timotheo 1:6-8) Fa o itsapa go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang, ke ka ntlhayang fa o sa rapele jaaka go ne ga dira barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba bogisiwa? Ba ne ba ikuela ka go re: “[Jehofa], . . . o neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla.” A thapelo ya bone e ne ya arabiwa? Ee, ka gonne “helō ha ba phuthegetseñ gōna ga reketla; me botlhe ba tlala Mōea o o Boitshèpō, me ba nna ba bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.”—Ditihō 4:23-31.
21. Ke eng se se tla tlhotlheletsang motho go neela bosupi mo maemong otlhe?
21 Jalo, he, tlhagolela boikutlo jo bo tlhamaletseng malebana le bosupi jo bo sa rulaganyediwang. Letla gore lorato lwa Modimo le go tlhotlheletse go neela bosupi mo maemong a mefuta yotlhe. Nna matlhagatlhaga, tota o bua ka boammaaruri mo sebakeng sengwe le sengwe. Ee nna o bue kaga kgalalelo ya bogosi jwa Modimo.
O Araba Jang?
◻ Bosupi jo bo sa rulaganyediwang bo tshegediwa jang ke Dikwalo?
◻ Ke ditsela dingwe dife tsa go baakanyetsa bosupi jo bo sa rulaganyediwang?
◻ Fa re neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang, re ka solofela diphelelo dife?
◻ Re tshwanetse go leba bosupi jo bo sa rulaganyediwang jang malebana le bodihedi jwa ka metlha jwa tshimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa o sa letlelelwe go tswela kwantle, a o neela bosupi jaaka Paulo a ne a dira fe a ne a tshwerwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go baakanyetsa go sa le gale go tla re kgonisa go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang ka tsela e e nang le matswela