Baka Jehofa ka go Neela Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo
1 Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba batla ditshono tsa go mmaka letsatsi le letsatsi. (Pes. 96:2, 3; Baheb. 13:15) Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke ka go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Baobamedi ba le bantsi ba ga Jehofa gompieno ba itumelela gore mongwe a bo a ile a ba itsise molaetsa wa Bogosi ka bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
2 Gantsi go neela motho a le esi bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo go dira gore ba bangwe ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Ka sekai, motlotlo o Jesu a neng a o tshwere le mosadi wa Mosamarea kwa motsweding wa ga Jakobe o ne wa dira gore ba le bantsi ba kgatlhegele dikgang tse di molemo. (Joh. 4:6-30, 39-42) Fa Paulo le Silase ba ne ba golegilwe kwa Filipi, ba ne ba rerela modisa wa kgolegelo mme lelapa lotlhe la monna yono le ne la amogela boammaruri.—Dit. 16:25-34.
3 Ditshono: Ke ditshono dife tse o nang le tsone go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo? Bangwe ba dira jalo fa ba le kwa mabenkeleng, ba tsamaya ka dipalangwa tsa botlhe kgotsa fa ba sa ntse ba letile kwa ngakeng. Ba bangwe ba kgona go neela bosupi ka nako ya boikhutso kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Go nna fela le nngwe ya dikgatiso tsa rona tsa Baebele mo e ka bonwang gone go ka dira gore ba bangwe ba botse ka tumelo ya rona.—1 Pet. 3:15.
4 Kafa o ka Simololang ka Gone: Mosetsana mongwe yo o ditlhong wa dingwaga di le supa o ne a utlwa kwa dipokanong kafa go leng botlhokwa ka gone gore rotlhe re rere. Ka jalo e ne ya re nako nngwe a ya lebenkeleng le mmaagwe, o ne a tsenya diboroutšhara di le pedi mo bekeng ya gagwe. Fa mmaagwe a sa ntse a le fa khaontareng, mosetsana yono o ne a tsamaisetsa mosadi mongwe boroutšhara mme a bo amogela ka boitumelo. Fa mosetsana yo o ditlhong yono a ne a bodiwa gore o bone jang bopelokgale jwa go atamela mosadi yono, o ne a araba jaana: “Ke ile ka re fela, Ipaakanye, Ema, A re Ye Kong! Mme ka ya!”
5 Rotlhe re tlhoka moya o o tshwanang le wa mosetsana yoo go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ke eng se se ka re thusang? Rapelela gore o nne pelokgale go bua. (1 Bathes. 2:2) Nna o akantse ka potso nngwe kgotsa se o ka se buang ka setlhogo se se kgatlhang se o ka se dirisang go simolola motlotlo. Morago ga moo ikanye Jehofa gore o tla segofatsa maiteko a gago.—Luke 12:11, 12.
6 Go neela batho ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo go baka Jehofa e bile go a re itumedisa. Go ka thusa mongwe gore a tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.