Kgoplo E E mo Bibeleng
“Thupa ea Koatlhaō”—A E Siilwe ke Nako?
“Boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea ñwanyana; me thupa ea koatlhaō e tla bo lèlèkèla kgakala mo go èna.”—Diane 22:15.
“Go otlhaya lefa e ka nna ka tsela efe fela ke selo se se gobololang maikutlo mme ka gone ga go a tshwanela ga letlelelwa.”—Parents Anonymous.
GO UMAKWA ga “thupa ya koatlhaō” mo Bibeleng go tsosa kgang e e matlhomahibidu mo go ba le bantsi. Seno se a utlwala, ka jaana ngwaga le ngwaga diketekete tsa bana di swa e le ka ntlha ya go ketekiwa ke batsadi. Gongwe selo seno ke sone seo se dirileng gore buka nngwe eo e buang ka Bibela e tlhalose ka tsela e e phoso seo Bibela e se bitsang thupa ya kotlhao e re ke selo fela se se sa reng sepe “seo se simologileng go tswa megopolong ya dingwao tsa batho ba nako ya Bibela.”
Lefa go le jalo Bibela ga ya kwalwa ka tlhotlheletso ya megopolo ya dingwao—Modimo ke one o e tlhotlheleditseng. (2 Timotheo 3:16) A seo e se bitsang “thupa ea kotlhaō” ke bosetlhogo? Go botlhokwa gore re tlhatlhobe lefoko “thupa” jaaka fa le dirisitswe mo polelong eno. Go tshwantshetsa seno: Fa ditlhaka tseo di bopang lefoko lengwe le le rileng di kgaogantswe mme di bo di tlhakatlhakanngwa o ka se kgone go tlhaloganya sentle gore lefoko leo ke mang. Ke fela fa o ka kopanya le go rulaganya ditlhaka tseo o ka kgonang go lemoga gore lefoko leo ke mang. Ka tsela e e tshwanang, “thupa” ke tlhaka e le nngwe fela mo lefokong leo ditlhaka tsa lone di tlhakatlhakantsweng. Gore re ke re kgone go tlhaloganya sentle, re tshwanetse ra nyalanya lefoko “thupa” le melaometheo e mengwe ya Bibela eo e leng malebana le kotlhao.
Tsela E E Lekalekaneng ya go Leba Seno
A Bibela e buelela fela go kgwathisa ka thupa? Akanya ka kgakololo eno:
• “Lo seka lwa utlwisa bana ba lona botlhoko.”
• “Lo seka lwa kgalema bana ba lona bobe, gore lo se utlwise dipelo tsa bona botlhoko.”
‘Mafoko ano a botoka thata go feta kgakololo ya Bibela,’ bangwe ba ka nna ba rialo. Lefa go le jalo yone kgakololo eno ke e e tswang mo Bibeleng. E begilwe mo go Baefesia 6:4 (The New Jerusalem Bible) le Bakolosa 3:21 (Phillips).
Ee, kgakololo ya Bibela e na le tlhaloganyo. E dumalana le ntlha ya gore go kgwathisa ga se ka metlha e leng mofuta o o molemo go e gaisa yotlhe wa go ruta. Diane 8:33, (NW) ya re, “Utlwang kotlhao” e seng, ‘Utlwang botlhoko jwa kotlhao.’ Gape Diane 17:10 e tlhagisa ntlha ya gore “kgalemèlō e tsèna kwa teñ ga motho eo o nañ le tlhaloganyō, go heta dithupa di le lekgolo mo seeleeleñ.” Go feta moo, Duteronome 11:19 e buelela kotlhao e e thibelang motho go dira selo, eleng go dirisa nako ya fa go iketlilwe go ruta bana ba gago ditekanyetso tsa boitshwaro. Ka gone, Bibela e leba kotlhao ka tsela e e lekalekaneng.
Go Tweng ka “Thupa”?
Go ntse go le jalo, Bibela e umaka “thupa” ya kotlhao. (Diane 13:24; 22:15; 23:13, 14; 29:15) E tshwanetse ya tlhaloganngwa jang?
Lefoko “thupa” le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera e leng sheʹvet. Mo Bahebereng, sheʹvet e ne e kaya thobanyane kana thupana, e e tshwanang le eo e neng e dirisiwa ke modisa. Mo polelong eno thupa ya taolo e bolela go kaela ka tsela e e lorato, e seng go kgakgaupetsa.—Pesalema 23:4.
Go le gantsi mo Bibeleng sheʹvet e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, e emela taolo. (2 Samuele 7:14; Isaia 14:5) Fa e bua ka taolo ya botsadi, lefoko ‘thupa’ ga le bolele fela go kgwathisa. Le akaretsa mefuta yotlhe ya kotlhao, eo go le gantsi e sa boleleng go kgwathisa. Mme go le gantsi fa kgwathiso e dirwa, ya bo e le ka gonne mefuta e mengwe e sa nna le katlego. Diane 22:15 e re boeleele bo “bohelecwe” (“bo itsetsepetse,” NJB; “bo medile,” The New English Bible) mo pelong ya yo o kgwathisiwang. Ga go buiwe fela ka boeleele jo bo sa reng sepe jwa bongwana.
Kotlhao E Tshwanetse ya Dirwa Jang?
Mo Bibeleng, kotlhao ka dinako tsotlhe e golaganngwa le lorato le go diga maikutlo, e seng le go tlala bogale mmogo le go nna setlhogo. Mogakolodi yo o molemo o tshwanetse a “nna bonōlō hèla mo go botlhe, . . . a le boiphapaanyo, a le boikokobeco, a shokolola ba ba ikgantshañ.”—2 Timotheo 2:24, 25.
Ka gone, kotlhao ga se selo seo motsadi a supang ka sone fa a tletse bogale. Go na le moo, ke tsela ya go ruta. Ka jalo, e tshwanetse ya ruta ngwana yo o dirileng phoso sengwe. Fa kgwathiso e diragadiwa go shakgetswe, e ka ruta ngwana thuto e e phoso. E kgotsofatsa seo motsadi a se batlang, e seng se ngwana a se tlhokang.
Mo godimo ga moo, kotlhao e e nang le maduo e na le melelwane. “Me ke tla gu siamisa ka tekanyō,” Jehofa o bolelela batlhanka ba gagwe jalo mo go Yeremia 46:28. Seno ke selo se se botlhokwa gore o se gakologelwe fa o kgwathisa ngwana. Go tubula kana go thankgola ngwana yo monnye go ka felela ka gore a gobale mo bobokong kana le eleng gore a swe.a Go otlhaya ka tsela e e fetang seo eleng maikaelelo a sebele a go otlhaya—eleng go siamisa le go ruta—go ka gogela kwa go sotleng ka ngwana.b
Bibela Ga E Rotloetse go Sotla ka Bana
Pele fela ga gore a bue ka go siamisa batho ba gagwe, Jehofa o ne a re: “U se ka ua boiha, . . . gonne ke na nau.” (Yeremia 46:28) Kotlhao ga ya tshwanela go tlogela ngwana a ikutlwa gore ga a batliwe. Go na le moo, ngwana o tshwanetse a ikutlwa gore motsadi o ‘na le ene’ jaaka yo o mo kgothatsang ka lorato, yo o mo emeng nokeng. Fa go tlhokega gore ngwana a kgwathisiwe, o tshwanetse go tlhaloganya gore o kgwathisediwang. Diane 29:15 e a re “thupa le kgalemèlō di naea motho botlhale.”
Ke selo se se utlwisang botlhoko gore ba le bantsi ba dirisa “thupa” ya taolo ya botsadi ka tsela e e sa tshwanelang. Go ntse go le jalo, ga go a tshwanela ga pegwa melaometheo e e lekalekaneng ya Bibela molato. (Bapisa Duteronome 32:5.) Fa re sekaseka “thupa” go ya ka tsela eo e dirisitsweng ka gona mo polelong eno, re lemoga gore maikaelelo a yone ke go ruta bana, e seng go sotla ka bone. Jaaka fa go ntse mo dilong tse dingwe, Bibela e itshupa e le “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.”—2 Timotheo 3:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Buka ya Outgrowing the Pain: A Book for and About Adults Abused as Children e tlhagisa jaana: “Go kgwathisa go ka fetoga go sotla ka ngwana fa go dirwa ka tsela e ka yone motho a sa kgoneng go itshwara, a dirisa maatla a magolo thata ao a ka dirang gore ngwana a sale a na le dikgobalo. Go mo itaya o dirisa didirisiwa, go mo itaya ka lebole, go itaya bananyana ba ba saleng bannye, le go itaya dikarolo tse di ka gobalang bonolo (sefatlhego, tlhogo, mpa, mokwatla, mapele) go oketsa kgonagalo ya gore go kgwathisa bana go fetoge go sotla ka bone.”
b Buka ya Father Power, e e kwadilweng ke Dr. Henry Biller le Dennis Meredith, e bolela gore: “Go kgwathisa ngwana ka thupa go tshwanetse ga diragadiwa eseng ka tsela e e makgwakgwa e le gore go ke go nne le katlego. Fa go dirwa ke motho yo a mo ratang ebile a itse gore motho yoo oa mo rata, tlhotlheletso e seno se nnang le yone mo maikutlong e ka nna e e lekaneng sentle go dira gore ngwana a akanye sentle ka seo a se dirileng.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
The Bettmann Archive