LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 11/8 ts. 19
  • Itlhophele go Tshela mo Lefatsheng Leo Le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itlhophele go Tshela mo Lefatsheng Leo Le Lesha
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ka Itlhophela
  • Lefatshe la Paradaise le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Jehofa o Batla Gore re Itlhophele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tshwetso ke ya Gago!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 11/8 ts. 19

Itlhophele go Tshela mo Lefatsheng Leo Le Lesha

GO PHEPAFETSE gore, Modimo o ne o na le maikaelelo fa o ne o bopa naletsana eno ya polanete e e tlhomologileng. Mme o ne a na le maikaelelo a a kgethegileng a gore batho ba ke ba nne le seabe se segolo mo go one. (Isaia 45:18) Maemo otlhe a a maswe ao lefatshe la rona le iphitlhelang le le mo go one ga a tlotle Modimo ka gope. A mme ruri gone o dumela gore o tla nna a letleletse seemo se se ntseng jalo go tswelela pele se ntse se le teng? Eleruri ga a ne a go dira!

Tota gone go eletsa ga batho lefatshe le lesha e a bo e le go tlhologelelwa selo seo pele ba kileng ba ne ba na le sone. E ne e le paradaise ya sebele ya lefatshe, eseng selo seo se ikakanyediwang fela. Banyalani ba ntlha ba batho ba ile ba bewa mo go lone legae leo, mme ebile e ne e le maikaelelo a Mmopi go tloga kwa tshimologong gore setho se ipelele Paradaise eo ya lefatshe ka bosakhutleng.—Genesise 1:28.

Jaanong Jehofa Modimo o go naya tshono ya go bona botshelo mo lefatsheng la gagwe le lesha, mo a tla segofatsang batho ba ba ikanyegang ka go kgorisa dikeletso tsa dipelo tsa bone. (Pesalema 10:17; 27:4) A o tla itlhophela go tshela mo go lone?

O Ka Itlhophela

Baiseraele bao ba ileng ba utlwa puo ya ga Moshe ya fa a ne a laelana le bone ba ne ba lebagana le go dira tshwetso e e tshwanang. Ba ne ba tshwanetse go tlhopha gareng ga go busiwa ke Modimo kana ke merafe ya nako eo. Kgakololo ya ga Moshe e ne e le eno: “Ke beile botshelō le losho ha pelè ga gago, . . . ke gōna itshenkèlè botshelō, gore u tshele, wèna le losika loa gago: Gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla.” (Duteronome 30:19, 20) Ee, tlhopho ya gago le yone ke kgang e e ka bolelang loso le botshelo.

Ke gone ka moo go ileng ga gatisiwa ditlhogo tseno tseo di buang ka lefatshe le lesha la Modimo—gore di ke di ame pelo ya gago e le gore gongwe o ke o kgone go tlhopha lone go na le gore o bee tsholofelo ya gago mo ditsholofetsong tsa lefela tsa batho tseo di leng malebana le go dira lefatshe le lesha. Go santse go na le dilo tse dintsi tse di kgatlhisang tseo o tshwanetseng go ithuta tsone kaga lefatshe le lesha la Modimo.

Ka sekai, ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore lefatshe leno le lesha le gaufi? Le tla tsaya jang marapo mo dipusong tsa lefatshe? Ke ditiragalo dife tseo di tla gogelang kwa go seno? Re ka tlhomamisa jang gore dilo tseo Bibela e di solofetsang di tla diragala?

Dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse dintsi di gone. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go supetsa ditemana go tswa mo sekaelong sa gago sa Bibela tseo di tlhalosang eseng fela masego ao a tla leriweng ke lefatshe leo le lesha la Modimo mme gape le tseo di tla go bontshang gore ke leng mme ke jang goromente oo wa Modimo o tla simololang go busa ga gagwe mme kgabagare a atolosa pusa e le gore e ke e buse lefatshe lotlhe.

O rotloelediwa go arabela jaaka fa go ile ga dira Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba reeditse moaposetoloi Paulo. Ba ile ba senya nako “ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse di nntse yalo.” (Ditihō 17:11) Le wena ka botlhale, o tshwanetse go dira se se tshwanang. Tlhomamisega gore motlotlo wa gago ka Bibela le Basupi ba ga Jehofa o tla go leretse kgotsofalo e kgolo ya semoya jaaka fa o ntse o ithuta kaga isagwe e e itumedisang eo Modimo o re e solofetsang.

O tshwanelwa ke go dira tlhopho—go dira tlhopha gareng ga go direla Modimo le dikgatlhego tsa goromente wa Bogosi one kana go baya tsholofelo ya gago mo maitekong a dipuso tsa batho a go ipusa. Re go rotloetsa go ithuta mo gontsi ka mo o ka kgonang ka teng kaga ditsholofetso tsa Modimo e le gore tshwetso ya gago e ke e nne e o e dirang o na le kitso. Go rafa kitso ya Bibela ga go ne go tsosa fela tsholofelo ya gago ka isagwe mme gape go tla go boloka o ntse o tshela semoyeng go ralala malatsi ano a bofelo a puso ya motho.—2 Timotheo 1:13.

Dingwaga tse dintsintsi tsa motho a ntse a eletsa lefatshe le lesha di gaufi thata le go fela. Basupi ba ga Jehofa ba batla gore o nne gone mo lefatsheng leo le lesha le gore o itumelele botshelo mo go lone ka bosakhutleng. Seno ke selo seo Modimo le one o se batlang. Go solofelwa thata fa o tla tlhopha lefatshe le lesha la Modimo. Fa o ka dira jalo, he o tla lemoga gore go eletsa ga setho lefatshe le lesha e ne e se ga lefela le ka motlha ope.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela