Kgopolo E E mo Bibeleng
A Meletlo Yotlhe ya Bodumedi E Itumedisa Modimo?
Palo ya batho ba ba 20 000 ba ba ikanyegang, ba keteka moletlo o o kgethegileng wa Mmisa mo patlelong ya toropo e kgolo. Fa tirelo e fela, go simolola go nna le popelelo. Gone jaanong palo ya boidiidi jwa baobamedi e oketsegile go nna batho ba ba 60 000, bao ba tsamayang mo mebileng, botlhe ba setse morago setshwantsho sa ga Nossa Senhora Aparecida, “moitshepi” yo o tlotlegang wa Brazil. Motshegare, go utlwala modumo o o thibang ditsebe gaufi le felo ga boitshepo jaaka fa baeti ba sedumedi ba dira dipontsho tsa melelo e e tlolang ditlhase.
MELETLO e e ntseng jalo ya bodumedi mmogo le dipopelelo tsa teng e tlwaelegile mo dinageng di le dintsi. Mme lefa go ntse jalo ke eng se se tlhotlheletsang boidiidi go latela dipopelelo tseo? Ngwao le boineelo jwa kobamelo ke dilo tse pedi tsa konokono tse di tlhotlheletsang tsa Makatoliki, Mabuda, le ditumelo tse dingwe. Mo godimo ga moo, jaaka mo nakong e e fetileng, go itlosa bodutu e ne e ka nna selo sa botlhokwa. The World Book Encyclopedia e tlhalosa gore mo dinakong tsa bogologolo “meletlo e mentsi ya bodumedi e ne e gatelela gore go nne le boitlosobodutu. Di ne di dumelela batho gore ba lebale ka matshwenyego a bone a letsatsi le letsatsi.” Ke boammaaruri gore le gompieno gantsi o tla fitlhela se se tshwanang. Ka sekai, Salvador, kwa Brazil, e itsege ka meletlo ya yone ya bodumedi le e e tumileng, e kopanya go dira dikgakgamatso le meletlo ya boitumelo mo meketeng e e farologaneng mmogo le menate ya maitlhapediso e e felelang ka maitiso a magolo a boitlosobodutu. Lefa go ntse jalo, lefa dipopelelo tse dingwe tsa bodumedi di ka tswa e le tsa meletlo tse dingwe ke tse di masisi.
“Ba ntse ba tsamaya le setshwantsho seo le baruti, go ne go opela ba le mmalwa fela fa ba bangwe ba latela fela ba didimetse,” go bolela jalo motho mongwe yo o neng a etetse popelelo e e ntseng jalo kwa Brazil. “Mme lefa go ntse jalo se se neng se bonala thata mo tiragalong eo e ne e le difatlhego tse di tlhoafetseng kana le e leng tse di hutsafetseng, jaaka ekete boidiidi joo bo ne bo le mo phitlhong.” Lúcio, wa kwa bokone jwa Brazil, o bolela jaana: “Fela jaaka le nna nkile ka dira, batho ba batla ka matlho a mahibidu tota selo se se ka alafang kana se se ka rarabololang mathata a lelapa kana a tsa madi. Gantsi go supa fa ba ineetse mo ‘moitsheping’ yono yo o tlotlegang go akaretsa go suna setshwantsho seo, go palama direpodi ka mangole, kana go tsamaya sekgala se seleele ba rwele letlapa mo tlhogong.”
Go intsha setlhabelo go go ntseng jalo go ka nna ga bonala e le selo se se gakgamatsang mo bathong ba ba sa dumelang. Lefa go ntse jalo, batho ba ba dirang jalo ba ikutlwa gore ba itumedisa Modimo. A mme tota go ntse jalo? Bibela e re thusa go bona gore a meletlo e e ntseng jalo ya bodumedi le dipopelelo di itumedisa Modimo kana nnyaa.
A Di Amogelwa ke Modimo?
Hisitori e re bolelela gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga le ya paka nngwe le nngwe ka go itumela. Mediro e e ntseng jalo e ne e galaletsa Jehofa Modimo. (Duteronome 16:14, 15) Mabapi le mediro e e mo Bibeleng, The Illustrated Bible Dictionary e bolela jaana: “Ba ne ba bontsha boitumelo jo bo tswang mo pelong. Ditiro tse di ntseng jalo tsa bodumedi di ne di tsamaisana le boitumelo mo dilong tsa tempele tse di neng di tsewa jaaka dineo tsa Modimo.” Kwantle ga meletlo ya bodumedi, baperesiti le batho ba Iseraele ba ne ba tlhokomologa bomoya jwa bone. (Isaia 1:15-17; Mathaio 23:23) Lefa go ntse jalo, gone jaanong potso ke gore, A dipopelelo tsa bodumedi e ne e le karolo ya Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga?
Lefa gone Jesu Keresete a ne a keteka meletlo mengwe ya Bajuda, Jesu lefa e le baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba ke ba kgothaletse gore go nne le dipopelelo tsa bodumedi. The Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Go bonala gore dipopelelo e ne ya nna tse di tumileng ka bonako fela morago ga go lemoga Bokeresete jaaka bodumedi jwa mmusimogolo ka Constantine mo lekgolong la bo-4 la dingwaga.” Mme The World Book Encyclopedia yone e tlhalosa jaana: “Meletlo ya kereke [le dipopelelo tsa yone] e ne ya dirisa ditlwaelo tse dintsi tsa boheitane, e di naya bokao jo bosha.”
Bakeresete ga ba patelediwe ke sepe go tsenelela mo meletlong le dipopelelo tse di ntseng jalo tsa bodumedi. Fa a ne a tlhalosa ka mediro e Baiseraele ba bogologolo ba neng ba tshwanetse go e dira go ya ka Molao wa Modimo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A opè a se ka a lo nyatsa kaga go ya, leha e le go nwa, leha e le kaga letsatsi ya modihō, leha e le kaga kgwedi e e rogwañ, leha e le kaga letsatsi ya sabata; E le dilō tse e leñ meruti ea dilō tse di tlañ; me mmele ke oa ga Keresete.” (Bakolosa 2:16, 17) Bakeresete kwa Kolosa ba ne ba sa tshwanela go letla ope gore a atlhole mabapi le boemo jwa bone fa pele ga Modimo a dirisa tsela e ba neng ba tsaya mediro ya Molao wa ga Moshe ka teng.
Sengwe Se Se Botoka go na le Dipopelelo
Fa Bakolosa ba ka bo ba supile tumelo ya bone ya Bokeresete ka dingwao tsa kobamelo seno se ne se tla bo se bontsha gore ba ne ba santse ba dumela mo dilong tse di fetileng. Lebaka la ga Paulo e ne e le gore, Ke ka ntlha yang fa go latelwa meriti ya boammaaruri? Boammaaruri jwa mmatota bo mo go Keresete. Ka jalo go ngaparela moriti wa boperofeti ke go sira selo se e leng sone tota sa bomoya se dilo tseo di lebisitsweng kwa go sone. Ka ntlha yang? Ka gonne, fela jaaka Paulo a ne a bolela, “mmele ke oa ga Keresete.” Ka jalo, meletlo e e ntseng jalo ya bodumedi ga se karolo ya kobamelo ya Bokeresete jwa boammaaruri.
Jalo he, ga go sa tlhole go tlhokafala gore Bakeresete ba tlhokomele ditlwaelo tseno tsa kobamelo ya bomodimo, mme eleruri ba tshwanetse go tila mediro e e simologileng mo boheitaneng, eo e ka nnang ya akaretsa go dirisa ditshwantsho le maitiso a maitlhapediso. (Pesalema 115:4-8) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? Kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale?” (2 Bakorintha 6:14, 15) Ka mafoko a mangwe, fa re batla go itumedisa Modimo, ga re kake ra tlhakanya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. A go ka kgonega gore re itumedise Modimo mme re ntse re itlhokomolosa thato ya gagwe?—Mathaio 7:21.
Nnyaa, Modimo ga o amogele meletlo ya bodumedi ya boheitane le dipopelelo tsa tsone. Ebile tota, e tla nyelela yotlhe mmogo le dingwao tsotlhe tse di tlontlololang Jehofa, jaaka go boleletswe pele mo Lefokong la Modimo. Mo go Tshenolō 18:21, 22, bodumedi jwa maaka le ditlwaelo tsa jone di golagantswe le motsemogolo wa boheitane wa Babelona. E balega jaana: “Moengele moñwe eo o thata a tsaea lencwè, ekete lolwala lo logolo, me a lo thabuetsa mo lewatleñ, a re; Babelona, motse o mogolo, o tla pirigañwa yalo ka piriganyō e kgolo, me ga o ketla o tlhōla o bōnwa gopè. Me mancwe a baharepi, le a baopedi, le a baletsi ba ditlhaka, le a ba dinaka, ga a ketla a tlhōla a utlwala gopè mo go wèna.” O tla dira eng fa o sena go lemoga gore, mediro ya bodumedi ya Babelona ga e itumedise Modimo?
Akanya o le mo loetong o etela golo gongwe kwa go botlhokwa mme o latlhile tsela ya teng. Fa mongwe a go bontsha ka bopelonomi gore o ka fitlha jang kwa lefelong leo ka pabalesego, a o ka se ikutlwe o le motlotlo go bo o ile wa bona tsela e e tshwanetseng? Ka mo go tshwanang, fa o setse o ithutile ka moo Modimo a tsayang dipopelelo tsa bodumedi ka teng, ke eng o sa tlhatlhobise tota mo Lefokong la gagwe go bona gore ke eng se se mo itumedisang? Fa o dira kafa o ithutileng ka gone mo Bibeleng o tla thusega go nna le botsalano jo bo molemo le Modimo—e leng selo se se kwa godimo thata go feta go keteka meletlo ya bodumedi le dipopelelo.—Yohane 17:3.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]
Dutch Easter procession, Harper’s 19th century