LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 12/8 ts. 4-7
  • Bana Ba mo Dipharagobeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana Ba mo Dipharagobeng
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolwetsi
  • Go Tlhaela Dikotla
  • Mathata a Tikologo
  • Ntwa
  • Go Gobololwa ga Bana
  • Dilo Tse Di Tshwanetseng go Tla Pele
  • Maiteko a go Namola Bana
    Tsogang!—1994
  • Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo
    Tsogang!—2000
  • Se se Bakang Phepelotlase le Diphelelo Tsa Yone Tse di Botlhoko
    Tsogang!—2003
  • Bana ba Tshwanelwa ke go Ikutlwa ba Tlhokwa e Bile ba Ratiwa
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 12/8 ts. 4-7

Bana Ba mo Dipharagobeng

Mosimanyana wa dingwaga tse 12, o dira tiro e e bokete ya go thuba matlapa diura di le 11 ka letsatsi kwa India. O amogela R2,30 ka letsatsi.

Mosetsana wa dingwaga tse di lesome o a ithekisa kwa ntlong ya diaka kwa Bangkok. Ga a koo ka go bo a rata. Rraagwe o mo rekisitse ka R1 100.

Lesole le lebotlana la dingwaga tse di lesome le theogetse fa mopakong wa tsela mo lefatsheng lengwe la Afrika. O akgile tlhobolo ya kgotlamore o itirise mo legetleng la gagwe; o tsamaisa nako ka go goga motokwane.

MAEMO a a ntseng jalo a ntletsentletse mo mafatsheng a a tlhabologang. Palo ya bana ba ba mo dipharagobeng ke dimilione. Ba le dimilione tse supa ba mo dikampeng tsa batshabi; ba le dimilione di le 30 ba gobea le mekgwatha ba sena kwa ba ka nnang teng; ba le dimilione di le 80 ba ba dingwaga tse di fa gare ga 10 le 14 ba bereka ditiro tse di ba kgoreletsang go gola sentle; palo e e fetang dimilione tse di 100 ya bone ba tlile go swa mo lesomeng leno la dingwaga ka ntlha ya go tlhoka dijo, metsi a a phepa, le ditlamelo tsa botsogo.

Bona mathata a sekae fela a eleng mangwe a mathata a bana ba leng mo go one mo lefatsheng lotlhe.

Bolwetsi

Bana ba ba ka tshwarang 8 000 ba swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go bo ba sa kentelwa malwetsi a a etsang mmokwane le sehuba sa mongannganyego. Palo e nngwe gape ya ba le 7 000 le yone e swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go bo batsadi ba bone ba sa itse gore ba ka alafa jang go fela metsi mo mmeleng mo go bakiwang ke letshololo. Bana ba bangwe gape ba le 7 000 ba swa letsatsi le letsatsi ka go bo ba sa sielwe melemo e e jang dirantanyana fela e e alafang malwetsi a mafatlha.

Ga go bolo go nna go ntse go na le melemo le kalafi ka dingwaga di le dintsi e e thibelang kgotsa e e alafang makoa a mantsi a a saleng a apesitse setho kobo ka letshoba. Mme ga e aka ya fitlha kwa dimilioneng tsa batho ba ba e tlhokang. Ka ntlha ya seo, mo masomeng a mabedi a dingwaga a a sa tswang go feta, bana ba ba ka tshwarang dimilione di le lekgolo ba ile baa swa ba bolawa ke malwetsi a letshololo le a mafatlha fela. Pego e go tweng UNICEF’s State of the World’s Children 1990 e ne ya bua jaana ka mahutsana, “Go tshwana le jaaka ekete kgabagare go ne go bonwe kalafi ya kankere mme e bo e sa dirisiwe ka botlalo mo dingwageng di le 20.”

Lefa seemo e le se se tlhobaetsang jaana, kgatelopele yone e dirilwe. Ka sekai, UNICEF le WHO (World Health Organization) di ile tsa tswa letsholo le legolo la go kenta mekento ya itshireletso. Ka 1991 go ne ga itsisiwe gore 80 lekgolong ya bana ba ba mo lefatsheng ba tlhabilwe mokento wa itshireletso kgatlhanong le malwetsi a le marataro a a ka kgonang go thibelwa ka mokento—eleng mokwana, kitlano ya ditlhaa, dikodu tse ditshweu, polio, lehuba, le sehuba sa mongannganyego. Maiteko ano a a tsamaelanang le a go laola malwetsi a letshololo, a ile a dira gore go falotswe matshelo a bana ba le dimilione tse dintsi ngwaga le ngwaga.

Mme legale mo dingwageng tsa bosheng jaana bolwetsi jo bongwe gape—AIDS—bo ile jwa tlhagoga mme bo lebega bo tshosetsa gongwe tota le gone go senya tswelelopele e e dirilweng ya go babalela matshelo a bana mo Afrika mo lesomeng la dingwaga le le fetileng. Mo lesomeng la dingwaga tsa bo 90, bana ba le dimilione tse 2,7 ba ka nna ba bolawa ke AIDS mo Afrika e le nosi fela. Ka ngwaga wa 2000, bana ba bangwe gape ba le dimilione tse tharo go ya go tse tlhano kwa Afrika Bogare le Afrika Botlhaba ba ka nna ba sala e le dikhutsana ka ntlha ya go bo batsadi ba bone ba bolailwe ke AIDS.

Go Tlhaela Dikotla

Rotlhe re tlwaetse go bona bana ba ba utlwisang botlhoko ba ba bolawang ke tlala bao mo go ka bong go twe ke mebele ya bone e leng marapo fela, dimpanyana di budulugile, le matlhonyana a le kwa teng a lebile mme a sa bone sepe. Bana bao ba ba tlhomolang pelo ke palonyana fela e e seng ya sepe ya bana ba ba tlhaetseng dikotla. Mo mafatsheng otlhe a a tlhabologang, bana ba ba ka tshwarang dimilione di le 177—a le 1 mo go ba le 3—ba lala ka tlala. Mme ebile palo ya bone e a gola.

Go tlhaela dikotla ka lobaka lo loleele go kgoreletsa bana go gola mmele le tlhaloganyo ka botlalo. Bontsi jwa bana ba ba tlhaetseng dikotla ba repetlane, ba a korobela, matlho a bone a gonyetse, le go kotlomela pelo. Ga ba tshameke thata mme ebile ba ithuta ka bonya go na le bana ba ba jang sentle. Gape ba tshabelelwa ke bolwetsi, selo se se tona thata se se bakang nngwetharong ya dintsho tsa bana tse di dimilione tse 14 mo mafatsheng a a tlhabologang ngwaga le ngwaga.

Fela jaaka fa saense gompieno e kgonne go dira melemo go lwantsha bolwetsi, e ile ya dira gore go kgonege go ntsha le go aba dijo tse di fetileng selekanyo go jesa mongwe le mongwe mo lefatsheng. Mme legale go tlhaela dikotla ga go fedisiwe ka bo mogotswana ikage. Ga go kake ga fedisiwa ka go romela dijo le dipilisi tsa dibithamini. E bakiwa ke lehuma le le sa feleng, botlhokakitso jo bo tletsetletseng, metsi a a leswe, tikologo e e seng phepa, le go tlhoka masimo mo mafelong a a apesitsweng ke lehuma.

Mathata a Tikologo

Jaaka fa mathata a tikologo a lefatshe a ntse a golela pele, bana ke bone ba ba amegang go ba gaisa botlhe. Tsaya ka sekai kgotlelo ya phefo. Ngwana yo o dingwaga di kafa tlase ga tse tharo a iketlile o hema ka lobelo lo lo fetang la mogolo yo o ikhutsitseng gabedi, mme ka jalo go bo go raya gore o hema kgotlelo ka lobelo lone loo. Mme ereka bana ba ise ba nne le diphilo, dibete, le dithulaganyo tsa di-enzyme tse di nonofileng, ga ba kgone go dirisana le kgotlelo ka tsela e e tshwanetseng jaaka bagolo.

Ka lebaka leo bana ba amiwa ka tsela e e maswe ke loto e e tsentsweng mo leokwaneng le ke digase tse di etsang carbon monoxide, nitric oxides, le sulfur dioxide. Go tshabelelwa ke dilo mo go ntseng jaana go na le seabe ka tlhamalalo mo dintshong tsa bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano tse di fetang dimilione di le 4,2 tse di bakiwang ke malwetsi a mafatlha mo mafatsheng a a tlhabologang. Bontsi jwa ba ba sa feleleng ba sule ba gola ka malwetsi a mafatlha a a ba bolayang botshelo jwa bone jotlhe.

Ereka ba santse ba gola mmele, bana ba amiwa thata ke mathata a a bakiwang ke go sa je dijo tse di tshwanetseng go na le bagolo. Mo mafatsheng ka go latelana ga one, bana ke bone ba latlhegelwang thata fa jaaka dikgwa di ntse di ngotlega jaana, dikaka di gola, le masimo a a lemilweng go feta tekano a ntse a gogolega, a setse a lapile, mme a sa tlhole a ntsha dijo tse di lekaneng. Mo Afrika e le yosi fela bana ba ba ka tshwarang dimilione di le 39 ba ile ba huba ka ntlha ya go sa je sentle.

Mo go bileng go etegeletsa mathata ano kwa pele ke go tlhaela ga metsi a a phepa. Mo mafatsheng otlhe a a tlhabologang, ke sephatlo sa bana fela se se nnang fa go nang le metsi a a siametseng go nowa teng, mme ebile ke palo e e kwa tlase ga eo ya bao ba nnang kwa go nang le ditlamelo tse di tshwanetseng tsa go latlha matlakala teng.

Ntwa

Bogologolo bontsi jwa batho ba ba neng ba a swa mo ntweng e ne e le masole. Gompieno ke se sele. Fa esale ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, 80 lekgolong ya batho ba ba dimilione tse 20 ba ba ileng ba bolawa le ba ba dimilione di le 60 ba ba ileng ba gobala mo dintweng tse di farologaneng e ne e le batho ba eseng masole—bontsi jwa bone e le basadi le bana. Nako nngwe ka bo 1980, bana ba le 25 mo Afrika ba ne ba a swa ura nngwe le nngwe ka ntlha ya dintwa tseo! Palo e eseng kana ka sepe ya bana ba ile ba bolawa, ba gobadiwa, ba tlogelwa, ba tswa dikhutsana, kgotsa ba thopiwa.

Dimilione tsa bana ba jaanong ba golelang mo dikampeng tsa batshabi gantsi ba felela ba sa ikitse le gore ke bakae le gone go tlhoka dijo tse di lekaneng, ditlamelo tsa boitekanelo, le thuto. Bontsi bo palelwa ke go nna le bokgoni jo bo ka dirang gore ba thapiwe jaaka batho.

Lefa go le jalo ga se gore bana ba bolawa ke dintwa fela; gape ke batlhabani mo dintweng. Mo dingwageng tsa bosheng jaana basha ba ba dingwaga tse di kafa tlase ga 15 ba le 200 000 ba ile ba hirwa, ba fiwa ditlhobolo, ba bo ba rutiwa go bolaya. Bangwe ba bone ba ile ba bolawa kgotsa ba latlhegelwa ke maoto kgotsa mabogo jaaka fa ba ne ba ntse ba obamela ditaelo tsa gore ba bule tsela mo mafelong a go thailweng dibomo mo go one.

Go Gobololwa ga Bana

Mo mafatsheng otlhe a a tlhabologang, lehuma le dira gore batsadi ba rekise bana ba bone ka madinyana a eseng a sepe go lwantsha tlala kgotsa go duela dikoloto. Go diragalang ka bana bano? Ba bangwe ba patelelwa go nna diaka kgotsa go nna makgoba mo madirelong a go setlhiwang teng mme go amogelwa lemmennyana fela. Ba bangwe ba boa ba rekisiwa gape ke bomarekaarekisa kgotsa ke mafelo a dikhutsana a a kwa mafatsheng a Bophirima ka madi a a fitlhang kwa ranteng tse 27 500.

Dikai di bontsha gore boaka jo bo dirwang ke bana bo golela pele mme dingwaga tsa bana ba ba bo dirang di ntse di fokotsegela pele, tsa basimane le basetsana. Kwa Brazil fela, go akanngwa gore go tshwanetse ga bo go na le diaka tsa basha tse di ka tshwarang 500 000. Go dirisetsa bana go dira ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le gone go ntse go a gola mme go bile go tshelwa mahura ke go bonwa motlhofo ga didirisiwa tsa dibidio.

Dilo Tse Di Tshwanetseng go Tla Pele

Go thata go tlhaloganya botlhoko le bohutsana jo bo kaiwang ke dipalopalo tseno. Se se utlwisang botlhoko ke gore ga re kgone go tlhaloganya pogo e e diragalelang dimilione kgotsa dikete tsa batho. Mme lefa go le jalo, rotlhe re itse gore go botlhoko jang go bona ngwana a le mongwe fela a boga kgotsa a a swa—motho yo o nang le botho jwa gagwe jo bo kgethegileng, motho yo o botlhokwa mo Modimong, motho yo o nang le tshwanelo ya go tshela le go tswelela pele fela jaaka mongwe le mongwe wa rona.

Kwantle ga go ipha nako e e lekaneng ya go sekaseka kgang e e seng monate ya gore ke ka ntlha yang fa seemo sa bana se ntse jaaka se ntse jaana, baemedi kwa World Summit for Children ba ne ba bua ba tiile moko ka ga isagwe mme ba bo ba ikana gore ga ba kitla ba tlhola ba leseletsa seemo seno go ya pele. “Lenaneo la Kgato E E Tshwanetseng go Tsewa” la bone gareng ga tse dingwe le ne la swetsa ka gore, le tshwanetse go fitlhelela mekgele eno ka ngwaga wa 2000:

◻ Go fokotsa dipalo tsa bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga tse tlhano ba ba tlhokafetseng ka 1990 ka nngwe tharong.

◻ Go fokotsa go tlhaela dikotla mo go maswe thata le mo go seng kalo mo baneng ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano ka sephatlo mo seemong se se neng se le teng ka 1990.

◻ Go dira gore botlhe ba kgone go nna le metsi a a siametseng go nowa le tsela ya tsa boitekanelo ya go latlha mantle.

◻ Go sireletsa bana mo maemong a eleng gore a thata tota, bogolo jang ka nako ya ntwa.

Madi a a oketsegileng a a tlhokegang ka bo 1990 go thibela dintsho tsa bana ba le dimilione di le 50 a fopholediwa go nna dimilione tse di dikete di le 6,9 tsa diranta ka ngwaga.

Fa go buiwa ka lefatshe lotlhe ao ga se madi a sepe. Mo ngwageng e le nngwe dikompone tsa Amerika di ile tsa dirisa dimilione tse di dikete di le 6,9 tsa diranta go bapatsa disekerete fela. Ka letsatsi lefatshe le dirisa dimilione tse di dikete di le 6,9 tsa diranta mo go tsa sesole fela.

Mo nakong eno, ditshenyegelo tsa sesole—tse Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o fopholetsang gore di tshwanetse tsa bo di ka tshwara dibilione tse 3 tsa diranta ka ngwaga—di fetela kgakala madi ao sephatlo sa batho ba ba humanegileng thata ba nang le one. Go tsaya lefa e le 5 lekgolong fela ya madi ano a a seng kana ka sepe go ne go tla bo go lekane go fefosa kgatelopele mo go fitlheleleng mekgele ya kokoano eo. Ka sekai, tlhwatlhwa ya sefofane sa ntwa se go tweng F/A-18 (madi a fetang dimilione di le 83 tsa diranta) e lekana le madi a a ka lekanang go reka mekento ya melemo e e ka sireletsang bana ba le dimilione di le 400 kgatlhanong le malwetsi a a bolayang.

Merafe e ka kgona go diragatsa mekgele e megolo e e dirilweng kwa kokoanong. Ba na le kitso, boranyane, le madi. Mme potso e e setseng ke gore, A ba tla dira jalo?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go Lwantsha Go Tlhaela Dikotla

Dintlha Tse Thataro Tse Batsadi Ba Tshwanetseng go Di Itse

1. Mashi a ga mmangwana ka boone ke one dijo tse di molemo go gaisa mo dikgweding tsa ntlha tse nnè go ya go tse thataro, tsa botshelo jwa ngwana. A na le dikotla tse di feletseng gape a sireletsa ngwana mo malwetsing a a tletsetletseng.

2. Fa ngwana a tshwara dikgwedi tse nnè go ya go tse thataro, o tlhoka dijo tse dingwe. Fa o mo jesa dijo tse di thata a sale monnye thata go dira gore a tshabelelwe ke bolwetsi; fa o diega go di mo jesa go tsala tlhaelo ya dikotla.

3. Ngwana yo o kafa tlase ga dingwaga tse tharo o tlhoka go ja go feta mogolo ka makgetlo a mabedi, mme a fiwa selekanyo se sennye sa dijo tse di nayang maikatlapelo.

4. Ngwana ga a tshwanela go tingwa dijo kgotsa dino fa a lwala kgotsa a tsholola.

5. Morago ga go lwala, ngwana o tlhoka go okelediwa dijo mo godimo ga tse a ntseng a di bona ka letsatsi go dirwa jalo beke yotlhe gore a kgone go duelela go ema go gola mo go ileng ga diragala.

6. Bana ga ba a tshwanela go rulagana ka sebaka se se kafa tlase ga dingwaga tse pedi ka ntlha ya botsogo jwa mmangwana le jwa ngwana.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: United Nations Children Fund

UNICEF/C/91/ Roger Lemoyne

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke sephatlo fela sa bana ba ba mo mafatsheng a a tlhabologang ba ba kgonang go bona metsi a a siametseng go nowa

[Motswedi wa Setshwantsho]

UNICEF/3893/89/ Maggie Murray-Lee

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ngwana mongwe le mongwe, ka botho jwa gagwe jo bo kgethegileng, o botlhokwa mo Modimong mme o na le tshwanelo ya go tswelela pele a tshela fela jaaka mongwe le mongwe wa rona

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo: Cristina Solé/Godo-Foto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela