Maiteko a go Namola Bana
“Re kopane jaana mo World Summit for Children go tla go dira maikano re le mmogo le go dira boikuelo jo bo potlakileng mo lefatsheng lotlhe—go direla ngwana mongwe le mongwe isagwe e e botoka.”—United Nations Conference, ya 1990.
BOPORESIDENTE le botonakgolo ba dinaga tse di fetang 70 ba ne ba kopane kwa New York City ka September 29 le 30, 1990, go tla go sekaseka maemo a a sa itumediseng a bana ba ba mo lefatsheng.
Kokoano eno e ne e remeletse thata mo go sotlegeng ga bana, masetlapelo a a aparetseng lefatshe lotlhe a a ntseng a tlodisiwa matlho. Moemedi wa United States, Peter Teeley o ne a tlhagisa jaana: “Fa go ne go ka bo go swa merubisi e meramagana e le 40 000 letsatsi le letsatsi, batho ba ne ba tla kgopisega. Mme bana ba le 40 000 ba a swa, ga go twe sepe ka gone.”
Ditlhogo tsotlhe tsa dipuso tse di neng di kgobokane koo di ne tsa dumelana gore go tshwanetse ga dirwa sengwe—ka potlako. Ba ne ba “ikana tota gore ba tla tlhokomela thata ditshwanelo tsa bana, gore ba kgone go tshela le go ba sireletsa le gore ba gole sentle.” Ke dilo dife tse ba neng ba akantsha gore di dirwe?
Matshelo a Bana Ba Ba Fetang Dimilione tse 50 a mo Kotsing
Maikaelelo a magolo e ne e le go namola dimilione di le 50 tsa bana ba ba ka nnang ba swa mo dingwageng tsa bo1990. Bontsi jwa matshelo a bananyana bano a ka nna a bolokiwa ka go dirisa mekgwa e e latelang ya boitekanelo.
• Fa bommè botlhe ba dinaga tse di tlhabologang ba ne ba patelediwa gore ba anyise bana ba bone bogolo go fitlha ba le dikgwedi di le nnè go ya go tse thataro, go ne go tla namolwa bana ba le milione ka ngwaga.
• Fa go ne go dirisiwa kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng wa motho thata, go ne go tla fokotsa palo ya dintsho di le dimilione tse nnè ya bana ba ba bolawang ke letshololo ngwaga nngwe le nngwe ka bogare.a
• Go dirisa mokento thata le go dirisa dibolayamegare tsa tlhotlhwa e e kwa tlase go ka thibela dintsho tse dingwe tse di dimilione tse di bakwang ke malwetsi a a jaaka mmoko, go kitlana ditlhaa, le nyumonia.
A thulaganyo e e ntseng jalo ya boitekanelo e ka kgonega? Gongwe e tla ja diranta di le dimilione di le dikete tse 8,3 ka ngwaga kwa bokhutlong jwa ngwagasome ono. Fa re bua re lebile lefatshe lotlhe palo eno e kwa tlase thata. Dikhamphani tsa Amerika tsa motsoko di dirisa madi a a kalo ngwaga mongwe le mongwe—go phasalatsa sekerete fela. Letsatsi le letsatsi ditšhaba tsa lefatshe di senya one madi a a kalo go duela ditshenyegelo tsa sesole. A go ne go ka se dirisiwe madi ao botoka mo boitekanelong jwa bana ba ba mo kotsing? United Nations Declaration on the Rights of the Child e bua sentle fa e re “batho ba tshwanetse go naya bana dilo tse di gaisang thata tse ba ka di ba nayang.”
Ke boammaaruri gore, go direla “ngwana mongwe le mongwe isagwe e e botoka” go akaretsa dilo tse di fetang fela go ba namola mo go sweng pele ga nako. Sandra Huffman, poresidente wa Center to Prevent Childhood Malnutrition, o tlhalosa mo makasineng wa Time gore “kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng ga e thibele letshololo, se e se dirang fela ke go thusa gore le se ka la bolaya bana. . . . Se re tshwanetseng go se dira jaanong,” o oketsa jalo, “ke go senka ditsela tsa go kganela bolwetsi jono, e seng fela go kganela loso.”
Go ile ga tlhomiwa dithulaganyo tse di gwetlhang tota e le gore go ke go tokafadiwe dilo le go namola matshelo a dimilione tsa bana. (Bona bokoso e e mo go tsebe 6.) Ga go epe ya tsone e e ka dirwang bonolo.
Metsi A A Phepa a Giwa Gaufi
Felicia Onu o ne a tlhola a fetsa diura tse tlhano letsatsi le letsatsi a gela lelapa la gagwe metsi. Gantsi metsi a a neng a tla gae ka one a ne a na le megare. (Metsi a a ntseng jalo a lere kgogodi e e tlhaselang ngwaga le ngwaga ya dibokwana e bile a baka letshololo.) Lefa go ntse jalo ka 1984, kwa motseng wa gaabo wa Ugwulangwu kwa botlhaba jwa Nigeria, go ne ga epiwa sediba ga ba ga tsenngwa le thepe ya letsogo.
Gone jaanong o tsamaya dimetara di le makgolo a sekae fela go ya go ga metsi a a phepa. Bana ba gagwe ba itekanetse sentle thata e bile go mo tlhofofaleditse dilo thata. Ka bo1980, fela jaaka Felicia, batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba ne ba kgona go bona metsi a a phepa. Lefa go ntse jalo, dimilione tsa basadi bangwe le bana di santse di fetsa diura di le dintsi letsatsi le letsatsi di rwelerwele dinkgwana tsa metsi a mannye thata go feta a ka tlwaelo a dirisiwang go fetisa mantle mo matlwaneng a boithomelo a dinaga tsa Bophirima.
Mathata a Thuto
Maximino ke mosimane yo o botlhale wa dingwaga tse 11 yo o nnang kwa karolong e e kwa kgakala ya Colombia. Kwantle ga gore o fetsa diura di sekae letsatsi lengwe le lengwe a thusa rraagwe go tlhokomela dijalo tsa bone, o dira sentle thata kwa sekolong. O tsena sekolo kwa Escuela Nueva, kana Sekolo se Sesha, se se nang le thulaganyo e e tlang e fetofetoga le maemo e e diretsweng go thusa bana fa go direga gore ba se ka ba tla sekolong—e leng selo se se diregang thata ka nako ya thobo—gore ba se ka ba salela morago ka dithuto. Ga go na barutabana ba ba lekaneng kwa sekolong se Maximino a se tsenang. Ga ba na dibuka tse di lekaneng tsa go ruta. Bana ba kgothalediwa go thusana mo dilong tse ba sa di tlhaloganyeng, mme e bile bone ka bobone ba dira tiro e ntsi mo go tsamaisiweng ga sekolo. Dinaga tse dingwe tse dintsi di leka go dirisa mokgwa ono—o mosha—o o diretsweng thatathata go thusa batho ba ba humanegileng ba metse ya magae.
Sekgala sa dikilometara di le diketekete go tswa kwa Colombia, kwa toropong nngwe e kgolo ya Asia, go na le ngwana mongwe gape yo o botlhale wa dingwaga tse 11 yo o bidiwang Melinda. Bosheng jaana o tlogetse sekolo e le gore a ke a dirise diura tse 12 letsatsi le letsatsi go tlhopha dikarolwana tsa ditshipi le polasetiki kwa go nngwe ya dithotobolo tse di kgolo tsa toropokgolo eo tsa matlakala. Melinda a re: “Ke batla go thusa rre gore re tle re bone sengwe sa go ja letsatsi le letsatsi. Fa ke sa mo thuse, re ka nna ra se ka ra bona sepe sa go ja.” Tota le mo letsatsing le a dirileng ka natla mo go lone, o tla gae ka mo e ka nang R1,15 fela.
Bana Ba E Leng Badiri ba Tsa Boitekanelo
Ka kwantle ga toropokgolo ya India ya Bombay go na le motse wa ditakana o o bidiwang Malvani, o o nang le nako e telele o na le dikgogodi tsa malwetsi. Kgabagare dilo di a siama koo, mme go tshwanetse ga akgolwa badiri ba ba matlhagatlhaga ba tsa boitekanelo ba ba jaaka Neetu le Aziz ka ntlha ya seno. Ba etela malapa go bona gore bana ba babotlana ba entilwe kgotsa gore a ga ba a tshwarwa ke letshololo, sekhebi kana anemia. Se se gakgamatsang ke gore, Neetu le Aziz ba na le dingwaga tse 11 fela. Ba ile ba ithaopela go tsena mo thulaganyong e mo go yone bana ba bagolwane ba newang boikarabelo jwa go tlhokomela boitekanelo jwa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Ka ntlha ya maiteko a ga Neetu le Aziz—le a bana ba bangwe ba bantsi jaaka bone—mo e ka nnang bana botlhe ba Malvani ba setse ba entilwe, batsadi ba le bantsi ba itse go dirisa kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng wa motho e bile batho ba le bantsi ba phepa.
Mo lefatsheng lotlhe go dirwa maiteko a magolo go entela bana malwetsi a a ba tshwenyang thata. (Bona tšhate e e mo go tsebe 8.) Gone jaanong Bangladesh e setse e entile masea a feta 70 lekgolong, China e entile go feta 95 lekgolong ya bone. Baitse ba tsa boitekanelo ba dumela gore fa naga nngwe le nngwe e e tlhabologang e ka fitlha mo go 90 lekgolong, go tla nna le ba le bantsi ba ba entilweng. Ga go bonolo gore batho ba ka tshelana bolwetsi fa bontsi jwa bone bo entilwe.
Khumanego, Ntwa, le AIDS
Lefa go ntse jalo, selo se se sa itumediseng ke gore lefa go dirilwe kgatelopele mo go tsa tlhokomelo ya boitekanelo le thuto, mathata a mangwe one a santse a ikepetse. A magolo a one a a sa laolesegeng ke, khumanego, ntwa, le AIDS.
Mo dingwageng tsa bosheng, bahumanegi ba ba mo lefatsheng ba ntse ba humanegela pele. Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, selekanyo sa madi a a amogelwang kwa dikarolong tse di humanegileng mo Afrika le kwa Latin Amerika se wetse tlase ka 10 lekgolong kana go feta. Batsadi kwa dinageng tseno—tse kwa go tsone 75 lekgolong ya madi a a amogelwang a dirisediwang go reka dijo fela—ga ba kgone go naya bana ba bone dijo tse di nang le dikotla.
Grace o ne a tewa jaana ke ba tleliniki ya gaabo ya boitekanelo: ‘Naya bana ba gago merogo le dipanana.’ Lefa go ntse jalo, Grace yo o nang le bana ba le lesome wa kwa Afrika Botlhaba ga a na madi a go reka dijo, e bile ga go na madi a a lekaneng gore a ka jala dijalo tseo mo setsheng sa lelapa la gagwe ya diheketara tse 0,1. Ga go na se ba ka se dirang fa e se go itshelela ka mabele le dinawa fela mme ka dinako tse dingwe ba itlholela ka tlala. Fa maemo a ka tswelela a le jalo, ga go na tsholofelo ya gore dilo di ka tokafalela lelapa la ga Grace kana dimilione tse dingwe tsa malapa a a tshwanang le la gagwe.
Lefa bana ba ga Grace ba humanegile jalo, ba botoka thata go na le Kim Seng wa dingwaga tse robedi wa kwa Borwabotlhaba jwa Asia, yo rraagwe a neng a bolawa mo ntweng e e matlhomahibidu ya selegae le yo kgabagare mmaagwe a neng a bolawa ke tlala. Kgabagare Kim Seng yo le ene a batlileng a bolawa ke phepelotlase o ne a bona thusonyana kwa kampeng ya batshabi. Bontsi jwa bana ba ba dimilione tse tlhano ba ba nnang kwa dikampeng tsa batshabi mo lefatsheng lotlhe ba ile ba boga ka tsela e e tshwanang.
Kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, ke 5 lekgolong fela ya batho ba ba neng ba bolawa mo ntweng ba e neng e le baagi. Gone jaanong dipalo tsa teng di fitlha go 80 lekgolong mme bontsi jwa batho bano ba ba suleng mo ntweng ke basadi le bana. Ba ba ka tswang ba falotse go gobadiwa mo mmeleng ba santse ba boga mo maikutlong. Ngwana mongwe wa motshabi go tswa kwa nageng nngwe mo borwabogare jwa Afrika a re: “Ga ke kgone go lebala kafa mmè a bolailweng ka teng. Ba ne ba phamola mmè mme ba mo dira dilo tse di maswe. Morago ga moo ba ne ba mo golega ba bo ba mo tlhaba. . . . Ka dinako tse dingwe ke a tle ke lore tiragalo eno.”
Jaaka fa dikgotlhang tse di maswe di ntse di runya mo dinageng tse di farologaneng, go bonala fa bana ba ba senang molato ba tla nna ba boga ka ntlha ya dintwa. Mo godimo ga moo, kgogakgogano e e fa gare ga ditšhaba le yone e utlwisa bana ba ba sa amegeng ka tlhamalalo mo dikgogakgoganong tseo botlhoko. Madi a le mantsi a dirisediwa sesole mo a ka bong a dirisediwa go tokafatsa maemo a thuto, bophepa le tlhokomelo ya boitekanelo. Madi a dinaga tse di humileng di a dirisetsang sesole a feta madi otlhe a ngwaga a kopane a a amogelwang ke halofo ya batho botlhe ba ba humanegileng. Tota le dinaga tse 46 tse di humanegileng go feta tsotlhe mo lefatsheng di dirisa madi a a lekanang le a di a dirisetsang dilo tsa boitekanelo le tsa thuto a kopane go reka didirisiwa tsa ntwa.
Kwantle ga lehuma le ntwa, go na le mmolai yo mongwe yo o ganyaolang bana mo lefatsheng. Ka nako e go neng ga dirwa kgatelopele e kgolo thata mo go tlhabaneng le mmoko, go kitlana ditlhaa, le letshololo ka bo1980, go ne ga tlhaga selo se sengwe gape se se tshosang: AIDS. World Health Organization e fopholetsa gore e tla re ka ngwaga wa 2000, bana ba le dimilione di le lesome ba tla bo ba tshwaeditswe ke bolwetsi jono. Bontsi jwa bone ga ba kitla ba tshwara dingwaga tse pedi ba tshela mme e bile gongwe ga go ope wa bone yo o tla tshelang dingwaga tse dingwe gape tse tlhano. Dr. Reginald Boulos yo e leng ngaka ya malwetsi a bana ya kwa Haiti o akgela jaana: “Fa re ka se dire sepe, AIDS e tlile go senya kgatelopelenyana e re e dirileng mo dingwageng tse di 10 tse di fetileng mo go namoleng bana.”
Go tswa mo dintlheng tseno tse dikhutshwane, go a bonala gore go sa kgathalesege kgatelopele e e molemo e batho ba e dirileng, maikaelelo a bone a go ‘direla bana isagwe e e botoka’ e santse e le namane e tona ya tiro. A re ka solofela gore nako nngwe maikaelelo ano a tla diragadiwa?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go busetsa metsi mo mmeleng wa motho go naya ngwana seedi, letswai, le sukiri tse di tlhokegang go fenya go tlhaela metsi go go ka nnang ga mmolaya go go bakilweng ke go tsholola. World Health Organization e ne ya bega gore ka 1990 go ne go setse go namotswe bana ba le milione ka ngwaga ka mokgwa ono wa kalafi. Go bona dintlha ka botlalo, bona tokololo ya Awake! ya September 22, 1985, ditsebe 23-5.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Mekgele ya Dingwaga Tsa bo90—Kgwetlho ya go Namola Bana
Ditšhaba tse di neng di ile kwa World Summit for Children di ne tsa dira maitlamo a sekae a a nonofileng. Dingwe tsa dilo tse ba solofetseng go bo ba di dirile ka ngwaga wa 2000 ke tse.
Go Enta. Mekgwa ya gone jaanong ya go enta e namola bana ba le dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga. Lefa go ntse jalo, dimilione tse dingwe tse pedi di santse di swa. Fa go ka entiwa 90 lekgolong kana go feta ya bana ba ba mo lefatsheng kgatlhanong le malwetsi a a ba tshwenyang thata, bontsi jwa dintsho tseno di ka tilwa.
Thuto. Ka dingwaga tsa bo1980, palo ya bana ba ba tsenang sekolo e ne ya wela kwa tlase thata kwa dinageng tse di humanegileng go feta tsa lefatshe. Go ikaeletswe go fetola maemo ao le go tlhomamisa gore kwa bofelong jwa lesome leno la dingwaga, ngwana mongwe le mongwe a bone sebaka sa go tsena sekolo.
Phepelotlase. Badiredi ba bagolo ba United Nations Children’s Fund ba dumela gore “fa le ka loga maano sentle, . . . gone jaanong lefatshe le ka kgona go fepa bana botlhe ba ba mo lefatsheng le go fenya mekgwa yotlhe e e maswe ya phepelotlase.” Go ne ga akantshiwa gore kwa bofelong jwa lesome leno la dingwaga go fokodiwe palo ya bana ba ba fepelwang tlase ka bogare. Fa seno se ka kgonega, go ka namolwa bana ba le dimilione di le 100 mo go bolaweng ke tlala.
Metsi a a phepa le bophepa. Ka 1987, Pego ya Brundtland e ne ya tlhalosa jaana: “Dipalo tsa dithepe tsa metsi tse di gaufi le batho kwa dinageng tse di tlhabologang ke sesupo se se molemo sa gore batho ba koo ba itekanetse sentle e seng dipalo tsa malao a dikokelo.” Gone jaanong batho ba ba fetang dikete di le milione ga ba bone metsi a a phepa, mme palo e e fetang eno gabedi ga e na tsela e e phepa ya go latlha mantle. Go ikaeletswe go tlamela lefatshe lotlhe ka metsi a a phepa le ka ditsela tse di phepa tsa go latlha mantle.
Tshireletso. Mo ngwagasomeng o o fetileng, dintwa di ile tsa bolaya bana ba le dimilione di feta tlhano. Dimilione tse dingwe tse tlhano tsa bana di tlogetswe di sena magae. Batshabi bano le dimilione tse dingwe tsa bana ba mo mebileng le bana ba ba berekang ba tlhoka go sirelediwa ka potlako. Convention on the Rights of the Child—e gone jaanong e tsenetsweng ke dinaga di feta lekgolo—e ikaeletse go sireletsa bana botlhe mo thubakanyong le mo go sotliweng.
[Tšhate mo go tsebe 7]
(For fully formatted text, see publication)
DILO TSE DIKGOLO TSE DI BOLAYANG BANA
(Bana Ba Ba Ka Fa Tlase Ga Dingwaga Tse Tlhano)
DIMILIONE TSA BA BA SWANG NGWAGA LE NGWAGA (diphopholetso tsa 1990):
DIMILIONE TSE 0,51 Kgookgoo
DIMILIONE TSE 0,79 Go Kitlana
Ditlhaa ga
Bana Ba Ba
Sa Tswang go Tsholwa
DIMILIONE TSE 1,0 Malaria
DIMILIONE TSE 1,52 Mmoko
DIMILIONE TSE 2,2 Go Tshwaediwa ga
Dirwe Tsa go Hema
DIMILIONE TSE 4,0 Bolwetsi jwa Letshololo
DIMILIONE TSE 4,2 ilo Tse Dingwe
[Tšhate mo go tsebe 8]
(For fully formatted text, see publication)
KGATELOPELE MO GO ENTENG BANA MO DINAGENG TSE DI TLHABOLOGANG 1980-1988 DINGWAGA 1980 1988
Bana ba ba entilweng mo go ba le lekgolo ba ba kafa tlase ga dikgwedi di le 12
DINGWAGA
1980 1988
DPT3* 24% 66%
POLIO 20% 66%
THIBII 29% 72%
MMOKO 15% 59%
DPT3* POLIO THIBII MMOKO
* DPT3: Kento e e kopaneng ya
MOMETSO O MOSWEU, KGOOKGOO (PERTUSSIS), le KITLANO YA DITLHAA.
MOTSWEDI: WHO le UNICEF (dipalo tsa 1980 ga di akaretse China)
Motswedi:WHO le UNICEF
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Photo: Godo-Foto