LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 4/8 ts. 6-11
  • Se o Ka se Dirang Gore o Itekanele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se o Ka se Dirang Gore o Itekanele
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitshwaro Jwa Gago le Boitekanelo Jwa Gago
  • Boitekanelo le Tikologo ya Legae
  • Boitekanelo le Tlhokomelo ya Boitekanelo
  • Maiteko a go Namola Bana
    Tsogang!—1994
  • Maemo A Lefatshe A Boitekanelo—Phatlha e e Ntseng e Oketsega
    Tsogang!—1995
  • Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 4/8 ts. 6-11

Se o Ka se Dirang Gore o Itekanele

BOITEKANELO ga bo tshwane le reise kana boupi, ga o kake wa bo abelwa ke modiredi wa namolo. Ga o kake wa bo newa ka kgetsi ka gonne ke boemo jo motho a nnang le jone, ga se thoto. WHO (World Health Organization) e bo tlhalosa jaana: “Boitekanelo ke go ikutlwa sentle thata mo mmeleng, mo tlhaloganyong le go tshedisana sentle le ba bangwe.” Lefa go le jalo, go ikutlwa sentle goo go lekanyediwa ka eng?

Ntlo e ntle e ka agiwa ka diboto, dipekere, le disenke, lefa go ntse jalo, dikarolo tsa yone tse di farologaneng gantsi di kokotelwa mo ditlhomesong tse nnè. Go ntse fela jalo le ka boitekanelo jwa rona, go na le dilo di le mmalwa tse di dirang gore re itekanele, lefa go ntse jalo, tsotlhe di amana le dilo tse nnè tsa “motheo” tse di ka bo tlhotlheletsang. Tsone ke, (1) boitshwaro, (2) tikologo, (3) tlhokomelo ya kalafi, le (4) dilo tse re tsetsweng re na le tsone. Fela jaaka o ka nonotsha ntlo ya gago ka go tsenya ditlhomeso tse di botoka, go ntse fela jalo le ka boitekanelo jwa gago, o ka bo tokafatsa ka go nonotsha dilo tseno tse di bo tlhotlheletsang. Potso ke gore, O ka dira jalo jang fa o le motho yo o tlhokang?

Boitshwaro Jwa Gago le Boitekanelo Jwa Gago

Boitshwaro jwa gago ke sengwe sa dilo tseno tse nnè se o ka kgonang go se laola go di gaisa tsotlhe. Go ka go thusa thata fa o ka bo tokafatsa. Ke boammaaruri gore, khumanego e ka nna ya dira gore o se ka wa kgona go fetola dijo tse o di jang le mekgwa ya go ja, lefa go ntse jalo, go ka go thusa thata fa o ka sola molemo dilo dingwe tse o ka kgonang go itlhophela mo go tsone. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

Gantsi mmangwana a ka kgona go itlhophela gore a ke a anyise ngwana lebele kana a mo anyise tami. United Nations Children’s Fund, e bolela gore go anyisa lebele ke “selo se se molemo thata mo mmeleng e bile go somarela madi.” Baitse ba bolela gore mashi a mmangwana ke “dijo tse di molemo go gaisa tsotlhe,” a naya ngwana “selekanyo se se siameng sa diporoteine, mafura, sukiri ya mashi, dibitamene, diminerale le dikotla tse dingwe tse di tlhokegang gore motho a gole sentle.” Gape mashi a lebele a fetisa diporoteine tse di lwantshang malwetsi kana dilo tse dingwe tse di thibelang malwetsi go tswa mo go mmangwana go ya mo ngwaneng mo go dirang gore losea lo nonofele go lwa le malwetsi.

Go anyisa lebele go molemo thatathata kwa dinageng tsa boboatsatsi koo go tlosa leswe le thibelo ya malwetsi di leng tsa maemo a a kwa tlase. Mashi a lebele ga a tshwane le a tami a o ka a dirang metsi fela ka ntlha ya go batla go somarela madi, ga go ke go diragala phoso fa a dirwa mme e bile ka metlha a tswa mo bobolokelong jo bo phepa. Go farologana le moo, go ya ka Synergy, lekwalodikgang la Canada la Society for International Health, “go ka direga ka makgetlho a ka nna 15, gore ngwana yo o anyisiwang tami yo o nnang mo motseng wa batho ba ba humanegileng a bolawe ke malwetsi a letshololo le ka makgetlho a feta a le manè gore a bolawe ke nyumonia go gaisa ngwana yo o anyisiwang lebele fela.”

Mme gape go dira gore o somarele madi. Mo dinageng tse di santseng di tlhabologa, mashi a poere a ja madi a mantsi. Ka sekai, kwa Brazil, go anyisa ngwana tami go ka jela lelapa le le humanegileng nngwetlhanong ya madi a ba a amogelang ka kgwedi. Madi a le ka a bolokang fa ngwana a anyisiwa lebele a ne a ka dirisiwa go tlamela lelapa lotlhe ka dijo tse di otlang—go akaretsa le mmangwana.

Fa o akanya ka melemo eno yotlhe, o ne o ka lebelela gore go nne le batho ba bantsi ba ba anyisang bana lebele. Lefa go ntse jalo, kwa Philippines, badiredi ba tsa boitekanelo ba bega gore go anyisa bana lebele koo go “nyelela ka lobelo lo logolo,” mme patlisiso nngwe ya kwa Brazil e bontsha gore sengwe sa dilo tse dikgolo tse di amanngwang le go swa ga bana ba bantsi ka ntlha ya mathata a khemo ke “go se anyisiwe lebele.” Lefa go ntse jalo, ngwana wa gago a ka kgona go falola seno. O tshwanetse go itlhopela.

Lefa go ntse jalo, gantsi maiteko a bommabana ba a dirang go sireletsa boitekanelo jwa bana ba bone a kgorelediwa ke mekgwa e e seng phepa ya bamalapa a bone. Ka sekai, akanya ka mmangwana mongwe wa kwa Nepal. O nna le monna wa gagwe le mosetsana wa bone wa dingwaga tse tharo mo kamoreng e e agang e le bongola. Makasine wa Panoscope o tlhalosa gore kamorenyana eno e aga e tletse ka mosi wa setofo le wa motsoko. Ngwana o na le bolwetsi jwa go sa kgoneng go hema sentle. “Ga ke kgone go dira gore monna wa me a tlogele go goga,” go rialo mmangwana yono a hutsafetse. “Gone jaanong ke tshwanelwa ke go rekela monna wa me sakaretse le go rekela ngwana melemo.”

Selo se se utlwisang botlhoko ke gore, mathata ano a gagwe a ntse a anama thata ka jaana bontsi jwa batho ba dinaga tse di santseng di tlhabologa ba senya madi a mantsi a ba a tlhokang thata ka go goga. Tota e bile, mo mothong mongwe le mongwe wa Yuropa kana United States yo o tlogelang motsoko, go nna le ba le babedi ba ba simololang go goga kwa Latin America kana mo Afrika. Buka ya Se-Dutch ya Roken Welbeschouwd e bolela gore dithulaganyo tsa papatso tse di tsietsang ke tsone tse di bakang seno. Meano e e jaaka “Varsity: e dira gore o ikutlwe sentle le gore o akanye sentle” le “Gold Leaf: sakaretse se se botlhokwa thata sa batho ba ba tlotlegang” a dira gore batho ba ba humanegileng ba akanye gore go goga go amana le go gatela pele le go atlega mo botshelong. Mme ga go a nna jalo. Go senya madi e bile go koafatsa boitekanelo.

Akanya ka se. Nako le nako fa motho a goga sakaretse o fokotsa boleele jwa botshelo jwa gagwe ka metsotso e le lesome e bile o oketsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke pelo, seterouku, kankere ya makgwafo, ya mometso le ya melomo le malwetsi a mangwe. Makasine wa UN Chronicle o bolela jaana: “Go goga motsoko ke selo se segolo go di gaisa tsotlhe se se bakang gore batho ba swe pele ga nako le se se golafatsang batho mo lefatsheng e bile ke sone fela se ka thibelwang.” Tsweetswee ela tlhoko gore ya re, ke se “se ka thibelwang.” O ka kgona go tlogela motsoko.

Ke boammaaruri gore, go santse go na le dilo tse dintsi tse di amanang le boitshwaro tse di ka amang boitekanelo jwa gago tse o ka itlhophelang fa go tla mo go tsone. Bokoso e e mo tsebeng ya 11 mo setlhogong seno e tlhomagantse dintlha dingwe tse o ka di balang kwa laeboraring ya Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ke boammaaruri gore, o tlhoka go tsaya matsapa gore o nne le kitso. Lefa go ntse jalo, modiredi mongwe wa WHO a re: “Ga o ka ke wa itekanela fa go sena batho ba ba ka thusang ba ba nang le kitso ba ba rutilweng le go thapisiwa ka tsa boemo jwa boitekanelo jwa bone.” Ka jalo, sola kgato eno e e ka tokafatsang boitekanelo jwa gago molemo: Ithute.

Boitekanelo le Tikologo ya Legae

Buka ya The Poor Die Young, e bolela gore tikologo e e amang boemo jwa gago jwa boitekanelo go di gaisa tsotlhe ke legae le lefelo le o agileng mo go lone. Tikologo e o nnang mo go yone e ka nna diphatsa mo boitekanelong jwa gago ka ntlha ya metsi. Go tshwaediwa ke malwetsi, malwetsi a letlalo, letshololo, kholera, mala a mahibidu, thaefoete le makoa a mangwe, go bakwa ke go tlhaela ga metsi le metsi a a seng phepa.

Fa e le gore fa o tlhapa diatla o ya fela mo thepeng o bo o di tlhapa, o ka nna wa se ka wa tlhaloganya kafa batho ba ba senang dithepe mo matlong a bone ba fetsang nako e ntsi ka teng ba gelela metsi letsatsi le letsatsi. Gantsi o fitlhela batho ba ba fetang 500 ba gelela metsi mo thepeng e le nngwe. Seno se tlhoka gore motho a lete. Lefa go ntse jalo, batho ba ba amogelang madi a mannye ba dira diura tse di telele, mme go ya ka buka ya Environmental Problems in Third World Cities, go leta jalo “go ba jela nako e ba neng ba ka e dirisetsa go bona madi a a oketsegileng.” Ke gone ka moo lelapa la batho ba barataro ka ntlha ya go batla go boloka nako gantsi le tshwanelwang ke go gelela metsi a a sa feteng dinkgo tse 30 a lelapa la bogolo jo bo kalo le a tlhokang letsatsi le letsatsi. Mme sebe sa phiri ke gore metsi ano a mannye thata mo ba ka se kgoneng go tlhwatswa dijo, dijana, diaparo le go tlhapa ka one. Mme seno se baka seemo se se tla dirang gore go nne le dinta le dintshi mo go leng kotsi mo boitekanelong.

Akanya ka kgang ke e. Fa e le gore o tshwanelwa ke go ya kwa tirong ya gago e e kwa kgakala ka baesekele, a o ne o tla tsaya gore ke go senya nako fa o ipha nako beke le beke go logetsa tšhaene ya teng, go baakanya maremo kana dipeke tsa yone? Nnyaa, ka gonne o a itse gore le mororo o ka kgona go bona diura di sekae jaanong ka go itlhokomolosa go e baakanya jalo, e ka nna ya re moragonyana wa se ka wa kgona go ya go bereka letsatsi lotlhe fa baesekele e ka robega. Ka go tshwana, o ka nna wa batla go boloka nako le go dira gore o amogele madi a mantsinyana ka gore o ye go gelela metsi a sekaenyana fela ao a neng a ka go boloka o itekanetse sentle, lefa go ntse jalo, moragonyana o ka nna wa palelwa ke go ya tirong malatsi a le mantsi o bo o latlhegelwa ke madi a mantsi ka gonne o lwala, o dirwa ke go sa tlhokomele boitekanelo jwa gago sentle.

Lelapa le ka dira go gelela metsi tiro e le e dirang lotlhe. Le mororo go ya ka ngwao ya mo motseng wa lona mmè le bana e le bone ba ba tshwanetseng go gelela metsi, rre yo o lorato ga a ne a ikgogona go dirisa mesifa ya gagwe e e nonofileng go gelela metsi ka boene.

Lefa go ntse jalo, fa metsi a sena go fitlha mo gae, bothata jwa bobedi bo a tlhaga—kafa a ka bolokwang a le phepa ka gone. Baitse ba tsa boitekanelo ba gakolola jaana: Kgaoganya metsi a a nowang le a a dirisediwang ditiro tse dingwe. Ka metlha khurumela nkgwana ya metsi ka sekhurumelo se se e lekanang sentle. Letla metsi gore a itsheke. O se ka wa tsenya menwana mo metsing fa o a gelela, mme o dirise senwelo se se phepa se se nang le mogala o moleele. Tlhatswa dinkgwana tse di tshelang metsi ka metlha o dirisa jiki mme morago o di tsokotse ka metsi a a phepa. Metsi a pula one? Ruri ke sesolo (fa fela pula e na!), e bile a molemo thata fa e le gore metsi ao a pula ga a tshelegele mo tankeng e e a bolokang a tla a na le leswe mme tanka e tswaletswe sentle gore ditshenekegi le digagabi le diphologolo tse dingwe di se ka tsa tsena mo teng.

Fa e le gore o belaela gore metsi ano ga a phepa sentle, WHO e akantsha gore o a tshele sere sengwe se se ntshang tlelorine se se jaaka sodiamo e e nang le haepotleloraete kana khalesiamo e e nang le haepotleloraete. Di a thusa e bile ga di je madi a mantsi. Ka sekai, kwa Peru, dilo tseno di tlhoka gore lelapa fela le le tlwaelegileng le di duelele diranta di le supa fela ka ngwaga.

Boitekanelo le Tlhokomelo ya Boitekanelo

Gantsi bahumanegi ba bona go na le mefuta e le mebedi fela ya tlhokomelo ya boitekanelo: (1) o o leng teng mme ba sa kgone go o duelela (2) o ba ka o kgonang mme o seyo. Donna Maria, mongwe wa baagi ba ditakana ba ba ka nnang 650 000 ba São Paulo o tlhalosa mofuta ono wa ntlha jaana: “Mo go rona, tlhokomelo e e molemo ya boitekanelo e tshwana le selo se se beilweng mo fensetereng ya lebentlele la dilo tse di manobonobo. Re kgona go bona gore bo teng mme ga re ka ke ra bo kgona.” (Makasine wa Vandaar) Ee ruri, Donna Maria o nna mo toropong e kgolo e go nang le dikokelo tse di kgonang go dira dikaro tse di raraaneng tsa pelo, go tsenya batho dirwe, le go dirisa ekeserei ya CAT le mefuta e mengwe ya kalafi ya tegenoloji ya maemo a a kwa godimo. Mme ene dilo tseno a ka se kgone go di duelela.

Fa e le gore tlhokomelo ya boitekanelo e e jang madi a mantsi e tshwana le selo se se manobonobo mo lebentleleng, he tlhokomelo ya boitekanelo e e sa jeng madi a mantsi e tshwana le selo se se tlhwatlhwatlase se makgolokgolo a bareki a se kgobokanelang. Pego nngwe ya dikgang ya kwa Amerika Bokone e ne ya bolela jaana: ‘Balwetsi ba ema malatsi a le mabedi mo meleng e meleele gore ba tle go tlhatlhobiwa. Ga go na malao a a lekaneng. Dikokelo tsa botlhe di tlhoka madi, melemo le dijo. Thulaganyo ya tsone ya tlhokomelo ya boitekanelo e mo mathateng a a masisi.’

WHO e leka go tokafatsa tlhokomelo eo e e bokoa ya boitekanelo ka go fetola tiro ya yone go sekae gore e se ka ya tlhola e nna go lwantsha malwetsi mme e nne go tokafatsa seemo sa boitekanelo jwa batho ka go ba ruta mekgwa ya go thibela malwetsi le go a lwantsha. UN Chronicle e bolela gore dithulaganyo tse di rutang thata ka dilo tsa motheo tsa tlhokomelo ya boitekanelo tse di jaaka go ja mefuta e e molemo ya dijo, metsi a a phepa, le go tlosa leswe le go thibela malwetsi, di dirile gore “boitekanelo jwa batho mo lefatsheng lotlhe bo tokafale thata.” A dithulaganyo tseno di a thusa? Nngwe ya tsone e ka nna ya bo e go thusitse. Ke efe? Ke EPI (Expanded Program on Immunization [Thulaganyo e e Atolositsweng ya Mokento]).

“Batho ba ba entang ba setse ba gaisa boraposo ka tsela e ba tlang gantsi ka yone mo matlong a batho le mo metseng,” go rialo pego nngwe e e buang ka EPI. Mo lesomeng le le fetileng la dingwaga, go ile ga entiwa batho go tloga kwa Amazon go fitlha kwa dithabeng tsa Himalaya, mme WHO e ne ya bega gore ka 1990, ke fa go entilwe 80 lekgolong ya masea mo lefatsheng lotlhe kgatlhanong le malwetsi a le marataro a a bolayang thata.a Ngwaga le ngwaga EPI e namola matshelo a bana ba feta dimilione tse tharo. Ba bangwe ba le 450 000 ba a ka bong a ba golafaditse, ba kgona go tsamaya, go taboga le go tshameka. Ka gone, batsadi ba le bantsi ba dira tshwetso ya go enta bana ba bone e le gore ba se ka ba tshwarwa ke malwetsi.

Ka dinako tse dingwe o ka nna wa se ka wa kgona go thibela bolwetsi, mme gone o santse o ka bo laola. Makasine wa World Health o bolela gore: “Go ilwe ga fopholediwa gore mo e ka nnang go feta halofo ya mekgwa yotlhe e e gone ya tlhokomelo ya boitekanelo, ke e motho a ka itirelang yone ka namana kana e a ka e bonang mo lapeng.” Mongwe wa mekgwa eno ya tlhokomelo ya boitekanelo e motho a ka e itirelang ke motswako o o motlhofo, o o sa jeng madi a mantsi wa letswai, sukiri le metsi a a phepa o o bidiwang go busetsa metsi mo mmeleng, oral rehydration solution (ORS).

Bomankge ba le bantsi ba tsa boitekanelo ba bolela fa kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng, go akaretsa le ono wa ORS, e le mokgwa wa kalafi o o molemo thata mo go alafeng go latlhegelwa ke metsi go go bakiwang ke go tshwarwa ke letshololo. Fa mo lefatsheng lotlhe go ne go ka dirisiwa kgetsanyana e e jang disente di le lesome fela ya letswai la ORS go laola letshololo le le tshwarang bana ba le dimilione di le dikete tse 1,5 nako le nako mo dinageng tse di santseng di tlhabologa, e ne e ka namola matshelo a le mantsi mo dimilioneng tse 3,2 tsa bana ba ba bolawang ke letshololo ngwaga le ngwaga.

Go ne go ka nna jalo, mme lefa go ntse jalo Essential Drugs Monitor, e leng lekwalopaka la WHO, le bolela gore mo dinageng dingwe “go santse go dirisiwa thata” diokobatsi tse di lwantshang letshololo “go na le gore go dirisiwe ORS.” Ka sekai, kwa dinageng tse dingwe tse di santseng di tlhabologa, diokobatsi tseno di dirisiwa go alafa letshololo gararo go feta ka tsela e go dirisiwang ORS ka yone. “Go dirisa diokobatsi jalo go sa tlhokege go ja madi a mantsi thata,” go rialo lokwalopaka lono. E bile malapa a a humanegileng a ka patelesega go rekisa dijo tsa one ka ntlha ya seno. Mo godimo ga moo, le tlhagisa ka gore, ga go na bosupi jwa gore diokobatsi tseno tse di lwantshang letshololo di a thusa, mme e bile tse dingwe di kotsi. “Dingaka di se ka tsa laela gore go rekwe diokobatsi tseo, . . . mme malapa le one a se ka a di reka.”

Go na le go akantsha gore go dirisiwe diokobatsi, jaanong WHO e akantsha jaana malebana le go alafa letshololo. (1) Dira gore ngwana a se ka a latlhegelwa ke metsi ka go mo nosa diedi tse dintsi, tse di jaaka metsi a reise kana tee. (2) Fa e le gore ngwana o santse a latlhegelwa ke metsi a mantsi, ya kwa modireding wa tsa boitekanelo gore a mo tlhatlhobe, le gore a alafe ngwana ka ORS. (3) Jesa ngwana ka tsela e e tlwaelegileng ka nako ya fa a tshwerwe ke letshololo le fa le sena go fola. (4) Fa ngwana a latlhegetswe ke metsi a mantsi thata, o tshwanetse go tsenngwa metsi ka terepe.b

Fa e le gore ga o kgone go bona kgetsanyana e e diretsweng ruri ya ORS, latela ditaelo tseno tse di motlhofo ka kelotlhoko: Tlhakanya leswana le lennye la letswai, maswana a le robedi a a tletseng sentle a sukiri le litara (dikopi tse tlhano tse di tletseng tsa dimililitara di le 200 nngwe le nngwe) ya metsi a a phepa. Mo nose kopi e e tletseng ya one nako le nako fa ngwana a fetsa go tsholola, bana ba bannye thata o ba nose halofo ya one. Go bona ditaelo ka botlalo le dintlha tse di oketsegileng kaga tlhokomelo ya boitekanelo, bona bokoso e e mo tsebeng ya 10.

Mme jaanong go tweng ka ntlha ele ya bonè, dilo tse re tsetsweng re na le tsone? Tsone di ka bo tlhotlheletsa jang? Setlhogo se se latelang se sekaseka potso eo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tobetsa letlalo la ngwana la mpa. Fa letlalo la gagwe le tsaya metsotso e e fetang e mebedi go boela mo maemong a lone, ngwana o a bo a latlhegetswe ke metsi a mantsi.

b Borataro jono ke bolwetsi jwa mometso o mosweu, mmoko, pholio, go kitlana ditlhaa, thibii le kgookgoo. WHO e akantsha gore bolwetsi jwa hepatitis B jo bo bolayang batho ba le bantsi go feta kafa AIDS e bolayang ka teng, le jone bo akarediwe mo thulaganyong ya malwetsi a a entelwang.

[Lebokoso mo go tsebe 8, 9]

TLHOKOMELO YA MOTHEO YA BOITEKANELO—E DIRA JANG?

Go bona karabo ya potso eno, Tsogang! e ne ya buisana le Dr. Michael O’Carroll, moemedi wa WHO kwa Amerika Borwa. Dingwe tsa dilo tse a di buileng ke tseno di a latela.

‘RE GOLA re fitlhela go gatelelwa thata gore mokgwa o le nosi fela wa tlhokomelo ya boitekanelo ke go dirisa dilo tsa kalafi. Fa o lwala o ya kwa ngakeng. O lebala gotlhelele gore o nole dibotlolo tse pedi tsa wisiki. O lebala gore ga o ke o itshidila mmele. O ya kwa ngakeng o bo o fitlha o re: “Ngaka, nkalafe.” Morago ga moo ngaka e go nosanosa sengwe, e a go tlhaba, e a go ara, kana e go tsenya sengwe. Gone jaanong ke ipuela fela ka gonne ke batla gore o ntlhaloganye, mme gone ke kafa go ntseng go dirwa dilo ka teng mo go tsa kalafi. Ka phoso re ntse re leba mathata a loago jaaka a kalafi. Mathata a a jaaka go ipolaya, phepelotlase le go se diriseng diokobatsi sentle a tsewa e le a kalafi. Mme go phoso. Tota e bile dilo tseno ga se mathata a boitekanelo. Ke mathata a loago a a dirang gore motho a nne le mathata a boitekanelo le a kalafi.

‘Mme jaanong mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, batho ba ne ba re, “Hee, a re fokotseng. Ga re dire dilo sentle. Re tshwanetse go fetola tsela e re lebang boitekanelo ka yone.” O ne a tla a tlhalosa ditsela dingwe tsa motheo tsa tlhokomelo ya boitekanelo, tse di jaaka:

‘Fa nako e ntse e ya, go thibela bolwetsi go thusa batho ba bantsi e bile go somarela madi a mantsi go na le go bo alafa bo setse bo go tsene. Ka sekai, molaomotheo ono ga o dumalane le gore motho a age tlileniki e e dirang dikaro tse di raraaneng tsa pelo mme a sa dire sepe ka se se bakang bolwetsi jono. Seno ga se bolele gore motho a se ka a alafa malwetsi fa a le teng. Ee, o tshwanetse go a alafa. Fa go na le khuti e e tlholang e baka dikotsi letsatsi le letsatsi, o tla alafa motho yo e mo digileng e bo e mo roba leoto, mme lefa go ntse jalo, selo se se ka thusang batho ba le bantsi le se se ka somarelang madi a mantsi ke: Go katela khuti eo.

‘Molaomotheo o mongwe ke wa gore o dirise dilo tsa gago tsa boitekanelo ka tsela e e molemo. Molaomotheo ono ga o dumalane le gore o ise motho tlileniking go ya go alafelwa bothata jo bo neng bo ka nna jwa alafelwa kwa gae. Kana go isa motho kwa bookelong jo bogolo gore a ye go alafiwa bothata jo bo neng bo ka nna jwa alafelwa kwa tlileniking. Kgotsa go romela ngaka e e ithutileng dingwaga tse di lesome kwa yunibesiting gore e ye go enta batho le mororo go ne go ka nna ga romelwa motho yo o feditseng dikgwedi tse thataro a katisediwa yone tiro eno. Ngaka eo e tshwanetse ya bo e le teng fa go tlhokega gore e dire tiro e e e katiseditsweng. Se ke se tlhokomelo ya motheo ya boitekanelo e se re rutang: Ruta batho, thibela malwetsi o bo o dirise didirisiwa tsa gago tsa boitekanelo ka tsela e e botlhale.’

[Lebokoso mo go tsebe 10]

ORS E NNGWE YA KHÒLERA

Jaanong WHO e akantsha gore go dirisiwe ORS ya metsi a reise go alafa balwetsi ba kholera, e seng e e tlwaelegileng ya metsi a sukiri. Dipatlisiso di supa gore balwetsi ba kholera ba ba alafiwang ka ORS ya metsi a reise ba ne ba fokotsa go tlhola ba tsholola ka selekanyo sa 33 lekgolong e bile ba tlhaselwa ke letshololo go sekae fela fa ba bapisiwa le balwetsi ba kholera ba ba alafiwang ka ORS e e tlwaelegileng. Motho a ka dira litara e le nngwe ya ORS ya metsi a reise ka go tshela digerama di le 50 go ya go di le 80 tsa poere ya reise e e apeilweng mo boemong jwa go tshela digerama di le 20 tsa sukiri.—Essential Drugs Monitor

[Lebokoso mo go tsebe 11]

BALA DINTLHATSE DINGWE KAGA . . .

Boitshwaro: “Go Itekanela Sentle—0 ka Dirang ka Gone?” (Tsogang! (ya Seesemane) ya December 8,1989) “Motsoko le Boitekanelo Jwa Gago—A Ruri di a Amana?” (Tsogang! (ya Seesemane) ya July 8, 1989) “Go Thusa Bana go Nna ba Itekanetse!” (Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1988) “Se Bojalwa bo se Dirang mo Mmeleng wa Gago”—Tsogang! (ya Seesemane) ya March 8,1980.

Tikologo: “Go Itebanya le Kgwetlho ya go Nna Phepa” (Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1988) “Nna Phepa o Nne o Itekanetse!” Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1977.

Tlhokomelo ya boitekanelo: “Ditsela Tse Dingwe Tse di ka Bolokang Botshelo” (Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1988) “Seno se se Letswai se se Bolokang Botshelo!”—Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1985.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go ga metsi go tlhoka gore motho a lete e bile ke tiro e ntsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mark Peters/Sipa Press

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Metsi a a phepa a a lekaneng—selo se o se tlhokang tota gore o itekanele sentle

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mark Peters/Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela