Maemo A Lefatshe A Boitekanelo—Phatlha e e Ntseng e Oketsega
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BRAZIL
FA Ali Maow Maalin a ne a tshwarwa ke sekgwaripana kwa Somalia ka 1977, seno se ne sa dira gore a ye bookelong a bo a tlhage le mo ditlhogong tse dikgolo tsa dikgang. Morago ga go alafiwa, WHO (World Health Organization) e ne ya itsise ka 1980 gore sekgwaripana se se feditseng makgolokgolo a dingwaga se ganyaola dimilionemilione tsa batho—jaanong se ne se khumotswe ka medi mo lefatsheng. Go ne ga twe Ali e ne e le ene motho wa bofelo mo lefatsheng gore se mo tshware.
Pego ya WHO ya 1992 e ne ya umaka dilo tse dingwe gape tse di molemo tsa tlhokomelo ya boitekanelo: Ka bo1980 batho ba bantsi mo dinageng tse di santseng di tlhabologa ba ne ba kgona go bona metsi a a phepa le dilwana tsa go tlosa leswe le go thibela malwetsi. Mo godimo ga moo, baagi ba le bantsi ba dinaga tse di sa tlhabologang ba ne ba thusiwa ka tirelo ya tsa boitekanelo mo metseng ya bone. Ka ntlha ya seno, mo lesomeng le le fetileng la dingwaga, palo ya bana ba ba swang ba sa le bannye e ne ya fokotsega thata kwa mafelong mangwe.
Dilo Tse di Tshosang
Lefa go ntse jalo, melemo eno e senngwa ke go latlhegelwa ke dilo dingwe le mathata mangwe. Akanyetsa dilo tseno tse di tshosang di sekae.
HIV/AIDS—Batho ba feta 17 000 000 lefatshe ka bophara, ba tshwaeditswe ke HIV e e bakang AIDS. E ne ya tshwaetsa batho ba le 3 000 000, mo e ka nnang batho ba le 8 000 ka letsatsi, mo ngwageng nngwe bosheng jaana. Bana ba feta milione ba tshwaeditswe ke HIV. Dintsho tsa bana ba ba bolawang ke AIDS di tloga di phimola kgatelopelenyana epe fela e e dirilweng mo kalafing ya go namola bana mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga. Mme leroborobo leno ke gone fela le sa tswang go simolola kwa mafelong a le mantsi a a jaaka Asia. Aids and Development e bolela gore 80 lekgolong ya batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV ba nna kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa.
Thibii (TB)—Le mororo e ile ya tlhokomologiwa thata mo masomeng a mabedi a a fetileng a dingwaga, TB e santse e tshwentse batho, e bolaya batho ba feta dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga mo go dirang gore e nne yone bolwetsi jo bo bolayang go gaisa otlhe mo malwetsing a a tshelanwang. Mo e ka nnang go feta 98 lekgolong ya batho ba e ba bolaileng, ba nna mo dinageng tse di santseng di tlhabologa. Se se dirang dilo maswe le go feta ke gore, baketeria ya TB e tlhasela le batho ba ba nang le HIV, mo go dirang gore di nne semphato se se bolayang setlhogo. Go solofetswe gore ka ngwaga wa 2000, batho ba le milione ba ba tshwaeditsweng ke HIV, ba tla bolawa ke TB ngwaga le ngwaga.
Kankere—Palo ya batho ba ba tshwerweng ke kankere kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa e feta ya ba dinaga tse di tlhabologileng.
Bolwetsi jwa Pelo—“Re gaufi le go welwa ke masetlapelo a a tla aparelang lefatshe lotlhe a malwetsi a pelo,” go ne ga tlhagisa jalo Dr. Ivan Gyarfas wa WHO. Bolwetsi jwa pelo ga e tlhole e le bolwetsi jo bo tshwarang fela batho ba dinaga tse di humileng. Ka sekai, kwa Latin America, go tla swa palo e e imenneng gabedi kana gararo ya batho ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa pelo go feta ba ba tshwerweng ke malwetsi a a tshelanwang. Mo dingwageng di sekae tse di tlang, malwetsi a pelo le seterouku a tla bo a bolaya batho go gaisa otlhe mo dinageng tsotlhe tse di santseng di tlhabologa.
Malwetsi a Boboatsatsi—WHO e tlhagisa jaana: “Go bonala fa malwetsi a boboatsatsi a aname thata, mo kholera e anamelang kwa dinageng tsa Amerika . . . , leroborobo la letshoroma le lesetlha le la dengue le tshwara batho ba le bantsi thata le malaria e gaketse thata.” Makasine wa Time wa re: “Kwa dinageng tse di humanegileng thata, bothata jwa go lwantsha malwetsi a a tshelanwang e setse e le masetlapelo a magolo.” Batho ba ba bolawang ke malaria jaanong e setse e batla e le dimilione tse pedi ka ngwaga—seno se direga fa go sena go akanngwa gore bo setse bo nyeleditswe gotlhelele dingwaga di le 40 tse di fetileng.
Malwetsi a Letshololo—Palo ya bana ba a ba bolayang kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa e tshosa tota. Mo e ka nnang bana ba le 40 000 ba a swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go tshwaediwa ke bolwetsi bongwe kana ka ntlha ya phepelotlase; bolwetsi jwa letshololo bo le nosi fela bo bolaya ngwana a le mongwe morago ga metsotswana e robedi.
Boitekanelo le Lehuma di a Amana
Dintlha tseno kaga boitekanelo di re ruta eng? “Dinaga tse di santseng di tlhabologa di aparetswe ke bothata jo bo imenneng sebedi,” go rialo moitse mongwe. “Jaanong di aparetswe ke malwetsi otlhe a masha a a sa foleng mme gape le ke malwetsi a a santseng a tshwenya a boboatsatsi.” Seno se baka eng? Go lemotshega go na le “phatlha e kgolo fa gare ga mafelo” e e tshwenyang thata, go rialo Achieving Health for All by the Year 2000. Ka gone, tlhokomelo ya boitekanelo kwa dinageng tse 40 tsa Afrika le Asia ga e “lekalekane le ya tsa lefatshe lotlhe.” Go na le phatlha e kgolo mo go tsa boitekanelo—e ntse e a oketsega.
Le mororo go na le mabaka a mantsinyana a a dirang gore phatlha eno e gole, selo se segolo se se bakang maemo a a kwa tlase a tsa boitekanelo ke “khumanego,” go rialo makasine wa World Health. (Bapisa Diane 10:15.) Gantsi khumanego e dira gore batho ba nne fela mo mafelong a a sa ba lekaneng, a sena thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetsi, go sena metsi a a phepa a a lekaneng e bile ba le bantsi thata mo go one, le one a le mannye. Dilo tseno tse tharo ga di dire fela gore batho ba se ka ba itekanela mme gape di baka malwetsi. Mo godimo ga dilo tseno, oketsa ka phepelotlase, e e koafatsang dilwantshamalwetsi tsa mmele wa motho, mme o ka bona he gore ke eng fa khumanego e sa siamela mmele wa motho fela jaaka motlhwa o sa siamela legong.
Fa malwetsi a a bolayang a tlhasela mafelo a batho ba nnang mo go one, a koafatsa mebele ya batho le go bolaya bana, gantsi bahumanegi ke bone ba tlhaselwang thata. Ela tlhoko dikai tseno. Kwa dikarolong dingwe tsa batho ba ba humanegileng thata mono Afrika Borwa, thibii e aname ga lekgolo go feta kwa dikarolong tsa batho ba ba amogelang madi a mantsi ba yone naga eno. Kwa dikarolong tse di humanegileng thata tsa Brazil, go swa palo e e imenneng garataro ya batho go feta kwa dikarolong tse go nnang batho ba ba humileng kwa go tsone ka ntlha ya nyumonia le mofikela. Mme le palo ya bana ba ba swang mo malapeng a a humanegileng a kwa India e feta ya malapa a a humileng a kwa India ga lesome. Ntlha e e utlwisang botlhoko ke gore: ‘Khumanego e kotsi mo boitekanelong!’
Ke gone ka moo batho ba le dimilione di le sekete ba ba nnang mo ditakaneng ba ikutlwang ba le mo tlalelong. Ga ba kgone go fenya dilo tse dikgolo tse di bakang khumanego ya bone e bile ba fekeediwa ke ditlamorago tsa gone tse di dirang gore ba lwale. Fa e le gore o boga jalo ka ntlha ya khumanego, le wena o ka nna wa iphitlhela o tlaletswe o le ka fa letlhakoreng le le utlwisang botlhoko la phatlha eno ya boitekanelo. Lefa go ntse jalo, go na le dikgato tse o ka di tsayang go sireletsa boitekanelo jwa gago le jwa bana ba gago o humanegile kana o sa humanega. Ke dife? Setlhogo se se latelang se umaka dikakantsho dingwe.