LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 12/8 ts. 4-8
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Malwetse a Bogologolo a Bolaya go Gaisa
  • Bolwetse le Khumanego
  • Malwetse a a Lemogiwang Bosheng Jaana
  • Dilo Tse di Atisang Megare
  • Go Ipusolosetsa ga Megare
    Tsogang!—1996
  • Lefatshe Le le Se Nang Bolwetse
    Tsogang!—2004
  • Maemo A Lefatshe A Boitekanelo—Phatlha e e Ntseng e Oketsega
    Tsogang!—1995
  • Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 12/8 ts. 4-8

Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

LOSO LO LONTSHO lwa lekgolo la bo14 la dingwaga lwa kwa Yuropa ga lo a ka lwa lebisa kwa bokhutlong jwa lefatshe, jaaka ba le bantsi ba ne ba bolelela pele. Le fa go ntse jalo go tweng ka nako ya rona? A dipobolo tse di welang botlhe le malwetse a motlha wa rona di supa gore re tshela mo go se Baebele e se bitsang ‘malatsi a bofelo’?—2 Timotheo 3:1.

O ka nna wa akanya gore, ‘ga go jalo.’ Kgatelopele ya bongaka le ya saense e dirile go ka tlala seatla go re thusa go tlhaloganya malwetse le go a lwantsha go feta mo nakong epe fela mo hisitoring ya motho. Baitsesaense ba bongaka ba dirile dibolayadibaketeria le mekento e mentsi—dibetsa tse di maatla tse di lwantshang malwetse le megare e e a bakang. Ditsela tse di tokafaditsweng tse batho ba tlhokomelwang ka tsone kwa bookelong mmogo le tsa go phepafatsa metsi, go tlosa leswe le go thibela malwetse le go baakanyetsa dijo le tsone di thusitse go tlhabantshana le malwetse a a tshwaetsang.

Masome a le mmalwa a dingwaga a a fetileng, ba le bantsi ba ne ba akanya gore ntwa eno e ne e le gaufi le go fela. Sekgwaripana se ne sa nyelediwa le malwetse a mangwe go ne go lekwa gore a nyelediwe. Melemo e ne ya fenya malwetse a le mantsi ka katlego. Bomankge ba tsa boitekanelo ba ne ba leba isagwe ka tsholofelo. Malwetse a a tshelanwang a tla fenngwa; a nyelediwe ka go latelana ga one. Boitseanape jwa bongaka bo tla fenya.

Le fa go ntse jalo, ga bo a fenya. Gompieno malwetse a a tshwaetsang e sa ntse e le one a a bolayang batho thata, a ile a bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 50 ka 1996 fela. Tsholofelo e batho ba neng ba na le yone pele e tseetswe maemo ke go tlhobaela thata ka isagwe. The World Health Report 1996, e e dirilweng ke World Health Organization (WHO), e tlhagisa jaana: “Kgatelopele e kgolo e e dirilweng mo masomeng a bosheng a dingwaga mo go tokafatseng boitekanelo jwa motho jaanong e mo kotsing. Re tloga re welwa ke masetlapelo a lefatshe lotlhe a malwetse a a tshwaetsang. Ga go na naga e e sireletsegileng.”

Malwetse a Bogologolo a Bolaya go Gaisa

Selo sengwe se se dirang gore batho ba tlhobaele ke gore malwetse a a itsegeng thata, a pele go neng go akanngwa gore a fentswe, a ipoa kgatsu ka mekgwa e e bolayang le e e thata go alafega go feta pele. Sekai sa seno ke thiibi, bolwetse jo pele go neng go tsewa gore bo setse bo alafiwa mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa go ntse jalo thiibi ga ya ka ya nyelela; jaanong e bolaya batho ba ka nna dimilione di le tharo ka ngwaga. Fa kalafi ya yone e sa tokafadiwe, go solofetswe gore batho ba ka nna dimilione di le 90 ba ka tshwarwa ke bolwetse jono mo dingwageng tsa bo1990. Thiibi e e palelang melemo e a anama mo dinageng tse dintsi.

Sekai se sengwe gape sa bolwetse jo bo ipoang kgatsu ke malaria. Dingwaga di le 40 tse di fetileng dingaka di ne di na le tsholofelo ya go nyeletsa malaria ka bonako. Gompieno bolwetse jono bo bolaya batho ba ka nna dimilione di le pedi ngwaga le ngwaga. Malaria e ganelela mo mafelong a a rileng kgotsa e nna e le teng mo dinageng tse di fetang 90 e bile e tshosetsa diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe. Menang e e anamisang diparasaete tsa malaria ga e sa tlhole e bolawa ke dibolayaditshenekegi e bile diparasaete tseno ka botsone di palela melemo mo e leng gore dingaka di boifa gore mefuta mengwe ya malaria e ka nna ya se ka ya tlhola e alafega.

Bolwetse le Khumanego

Malwetse a mangwe a bolaya fela go sa kgathalesege melemo e e dirang sentle go a thibela. Ka sekai, akanya ka bolwetse jwa meningitis ya monyetsane. Go na le mekento ya go kganela bolwetse jwa meningitis le melemo ya go bo alafa. Bolwetse jono bo ne jwa runya kwa borwa jwa Sahara mo Afrika mo masimologong a 1996. Gongwe ga o a utlwa sepe ka jone; le fa go ntse jalo, bo bolaile batho ba ba fetang 15 000—segolobogolo batho ba ba humanegileng, segolobogolo bana.

Malwetse a a amanang le go hema, a a akaretsang nyumonia a bolaya batho ba le dimilione di le nnè ngwaga le ngwaga, ba bontsi jwa bone e leng bana. Mmokwane o bolaya bana ba le milione ngwaga le ngwaga mme sehuba sa mongannganyego se bolaya ba bangwe ba le 355 000. Bontsi jwa dintsho tseno le tsone di ne di ka bo di kganetswe ka mekento e e tlhwatlhwa tlase.

Go swa bana ba ka nna dikete di le robedi letsatsi le letsatsi ka ntlha ya letshololo. Mo e ka nnang dintsho tseno tsotlhe di ka bo di kganetswe ka go nna le tsamaiso e e siameng ya go tlosa leswe le go thibela malwetse kgotsa go nwa metsi a a phepa kana ka go dirisa motswako o o busetsang metsi mo mmeleng.

Bontsi jwa dintsho tseno di diragala kwa mafatsheng a a tlhabologang, koo khumanego e gaketseng thata teng. Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 800—karolo e kgolo ya baagi ba lefatshe—ga ba tlamelwe ka dilo tsa boitekanelo. The World Health Report 1995 e boletse gore: “Mmolai yo mogolo go gaisa botlhe mo lefatsheng le selo se segolo go gaisa tsotlhe se se bakang malwetse a a masisi le go boga mo lefatsheng lotlhe se tsentswe mo e ka nnang kwa bofelong jwa Lenaane la Boditšhabatšhaba la Mefuta ya Malwetse. O neetswe leina la Z59.5—khumanego e e feteletseng.”

Malwetse a a Lemogiwang Bosheng Jaana

Malwetse a mangwe a sa ntse a le masha, ke gone a lemogiwang bosheng jaana. WHO e boletse seno bosheng: “Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, bobotlana go runtse malwetse a le 30 a masha a a lwatsang dimilione di le makgolokgolo tsa batho. Bontsi jwa malwetse ano ga a alafege, ga a fole kgotsa go entelwa e bile ga go kgonege go a kganela kana go a laola.”

Ka sekai, akanya ka HIV le AIDS. Le mororo a ne a sa itsewe mo dingwageng di le 15 fela kgotsa go feta tse di fetileng, jaanong a bogisa batho mo kontinenteng nngwe le nngwe. Gone jaanong, bagolo ba ka nna dimilione di le 20 ba tshwaeditswe ke HIV mme ba ba fetang dimilione di le 4,5 ba setse ba tshwerwe ke AIDS. Go ya ka Human Development Report 1996, gone jaanong AIDS ke yone e bolayang thata bagolo ba ba ka fa tlase ga 45 kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba ka nnang 6000 ba a tshwaetsega letsatsi le letsatsi—a le mongwe mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 15. Diphopholetso di supa gore palo ya batho ba ba tshwerweng ke AIDS e tla oketsega ka bonako. Go ya ka kemedi nngwe ya United States, ka ngwaga wa 2010, dingwaga tse batho ba di tshelang mo dinageng tsa Afrika le tsa Asia tse di iteilweng ke AIDS di solofetswe go fokotsega go nna tse 25.

A AIDS ke yone fela e e tla renang jalo e le nosi kgotsa a go tla runya dikgogodi tse dingwe tsa malwetse tse di tla ganyaolang batho jalo kana le e leng go gaisa? WHO e araba ka gore: “Kwantle ga pelaelo, go tla tloga go nna le malwetse a a iseng a itsewe a a tla ganyaolang fela jaaka AIDS.”

Dilo Tse di Atisang Megare

Ke ka ntlha yang fa bomankge ba tsa pholo ba tshwenyega ka malwetse a a tla welang batho mo isagweng? Lebaka le lengwe ke ditoropokgolo tse di golang. Dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng, e ne e le diperesente di le 15 fela tsa baagi ba lefatshe tse di neng di nna mo ditoropokgolong. Le fa go ntse jalo, fa go bolelelwa pele, go lekanngwa gore ka ngwaga wa 2010, batho ba ba fetang halofo mo lefatsheng ba tla bo ba nna mo ditoropong, segolobogolo mo ditoropokgolong tsa dinaga tse di iseng di tlhabologe thata.

Ditwatsi tse di tshwaetsang di tletse thata mo mafelong a a nang le baagi ba bantsi. Fa toropokgolo e na le matlo a a siameng a a nang le ditsamaiso tsa mantle le metsi tse di siameng le dilo tsa boitekanelo tse di molemo, batho ga ba tshwarwe thata ke dikgogodi tsa malwetse. Le fa go ntse jalo, ditoropokgolo tse di golang ka bonako ke tsa dinaga tse di humanegileng. Ditoropokgolo tse dingwe di na le ntlwana e le nngwe fela ya boithomelo e e dirisiwang ke batho ba le 750 kgotsa go feta. Ditoropo di le dintsi le tsone ga di na matlo a a siameng le metsi a a siametseng go ka nowa mmogo le ditirelo tsa kalafi. Kwa go nnang batho ba le makgolo a le diketekete ba ba kgobokaneng mo mafelong a a leswe, malwetse a kgona go anama fela thata.

A seno se bolela gore dikgogodi tsa mo isagweng di tla remelela fela mo ditoropokgolong tse di tletseng ka batho le tse di humanegileng thata? Lokwalopaka lwa Archives of Internal Medicine lo araba jaana: “Re tshwanetse ra tlhaloganya sentle gore mafelo a mannye a a humanegileng thata, a ikonomi ya one e leng kwa tlase thata le ditlamorago tsa gone a dira gore malwetse a aname thata le go palela boranyane jotlhe jwa batho.”

Ga go motlhofo go kganela bolwetse mo lefelong le le lengwe. Batho ba le bantsi ba aga ba le mo tseleng. Letsatsi le letsatsi batho ba ka nna milione ba kgabaganya melelwane ya dinaga tse dintsi. Beke le beke ba ka nna milione ba tsaya mosepele gareng ga dinaga tse di humileng le tse di humanegileng. Fa batho ba ntse ba tsamaya, megare e e bolayang e tsamaya le bone. The Journal of the American Medical Association e akgela jaana: “Go runya ga bolwetse gongwe le gongwe go tshwanetse ga tsewa e le selo se se ka amang dinaga di le dintsi, segolobogolo tse go etelang batho ba dinaga tse dintsi kwa go tsone.”

Ka jalo, go sa kgathalesege kgatelopele ya lekgolo la bo20 la dingwaga mo go tsa bongaka, maroborobo a tswelela go bolaya batho ba le bantsi e bile ba le bantsi ba boifa gore dikgolo di sa tla. Le fa go ntse jalo, Baebele ya reng ka isagwe?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Malwetse a a tshwaetsang e sa ntse e le one a a bolayang batho thata, a ile a bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 50 ka 1996 fela

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Go Palela Dibolayadibaketeria

Malwetse a le mantsi a a tshwaetsang a nna thata go alafega ka ntlha ya gore a setse a palela dibolayadibaketeria. Se se diragalang ke seno: Fa dibaketeria di tshwaetsa motho, di nna di ikoketsa, di fetisetsa mekgwa ya tsone kwa go tse dingwe tse di tla tsalwang. Ka gale fa go nna le baketeria e ntšha, go na le kgonagalo ya gore e fetoge gotlhelele—phosonyana e nnye fela e e tla dirang gore baketeria e ntšha e nne le mokgwa o mosha. Kgonagalo ya gore baketeria e tla fetoga ka tsela e e tla e dirang gore e palele sebolayadibaketeria e nnye thata. Le fa go ntse jalo, dibaketeria di ikatisa ka dikete tsa dimilione, ka dinako dingwe di tsala dikokomana di le tharo ka ura.

Ka jalo, go a diragala gore—gangwe le gape go tlhage baketeria e go leng thata go e bolaya ka sebolayadibaketeria. Ka jalo fa motho yo o tshwaeditsweng a nwa sebolayadibaketeria, dibaketeria tse di sa kgoneng go emelana le sone di a swa mme motho a ikutlwe a le botoka. Le fa go ntse jalo, dibaketeria tse di se palelang di sala di tshela. Mme jaanong, ga di sa tlhole di tlhoka go lwela dikotla le bonno le megare e mengwe. Di gololesegile go ikatisa di sa kgorelediwe ke sepe. E re ka baketeria e le nngwe e kgona go ikoketsa go nna dibaketeria tse di fetang dimilione di le 16 ka letsatsi, ga go tseye lobaka lo loleele motho a bo a lwala gape. Le fa go ntse jalo, jaanong o tshwaeditswe ke setlhopha sa dibaketeria tse di palelang molemo o o neng o tshwanetse go di bolaya. Dibaketeria tseno di ka nna tsa tshwaetsa batho ba bangwe mme fa nako e tsamaya di fetoge gape di bo di palela dibolayadibaketeria tse dingwe gape.

Mokwadi wa lokwalopaka lwa Archives of Internal Medicine o boletse gore: “Go gola ka bonako ga palo ya dibaketeria, dibaerase, di-fungus le diparasaete tse di palelang melemo ya kalafi ya gone jaanong go dira gore motho a ipotse gore o tlile go fenngwa leng mo ntweng e a e lwang kgatlhanong le megare e seng go ipotsa gore a o tla fenngwa.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Mangwe a Malwetse a Masha a a Tshwaetsang Fa e Sa le Ka 1976

Koo bo se Kana

Ngwaga e bo Simolotseng la

Lemogilweng Ntlha Teng

ka Yone Leina la Bolwetse Kana Jwa Lemogiwa

1976 Bolwetse jwa

Legionnaires United States

1976 Cryptosporidiosis United States

1977 Letshoroma la go dutla

madi la Ebola Zaire

1980 Baerase ya Hantaan Korea

1980 Hepatitis D (Delta) Italy

1981 Human T-cell lymphotropic

virus 1 Japane

1982 AIDS United States

1986 E. coli O157:H7 United States

1988 Bovine spongiform

encephalopathy* United Kingdom

1989 Salmonella enteritidis

PT4 United Kingdom

1991 Hepatitis C United States

1992 Letshoroma la go

dutla madi la Venezuela Venezuela

1994 Vibrio cholerae O139 India

1994 Letshoroma la go dutla

madi la Brazil Brazil

1994 Morbillivirus e e

tshwarang batho le

dipitse Australia

*E tshwara diphologolo fela.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: WHO

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Malwetse a Bogologolo a Ipoa Kgatsu

Thiibi: Go solofetswe gore batho ba ba fetang dimilione di le 30 ba tla bolawa ke thiibi mo lesomeng leno la dingwaga. Ka ntlha ya kalafi e e bokoa ya bolwetse jono mo nakong e e fetileng, thiibi e e palelang melemo e setse e aparetse lefatshe lotlhe. Mefuta mengwe ya yone jaanong e setse e emelana le melemo e pele e neng e bolaya baketeria eno kwantle ga bothata.

Malaria: Bolwetse jono bo tshwara batho ba ba fitlhang go dimilione di le 500 ka ngwaga, bo bolaya ba le dimilione di le 2. Go bo laola go ne ga kgorelediwa ke go sa nne teng ga melemo kgotsa go sa e dirise sentle. Ka ntlha ya seo, diparasaete tsa malaria di ne tsa emelana le melemo e pele e neng e di bolaya. Monang o o palelang dibolayaditshenekegi ke one o raraanyang bothata jono.

Kholera: Kholera e bolaya batho ba le 120 000 ka ngwaga, segolobogolo mo Afrika, mo dikgogodi tsa bolwetse jono di setseng di aname thata e bile di welang batho gangwe le gape. Kholera e e neng e sa itsewe kwa Amerika Borwa ka masome a dingwaga, e ne ya itaya Peru ka 1991 mme fa e sa le ka nako eo, e ile ya anama mo kontinenteng yotlhe.

Dengue: Baerase eno e e anamisiwang ke monang e tshwaetsa batho ba ba fopholediwang go nna dimilione di le 20 ka ngwaga. Ka 1995 kgogodi ya dengue e e maswe go di gaisa tsotlhe kwa Latin America le kwa Caribbean mo dingwageng di le 15 e ne ya ganyaola bobotlana dinaga di le 14 koo. Dikgogodi tsa dengue di oketsega ka ntlha ya ditoropokgolo tse di golang, go anama ga monang o o anamisang dengue le batho ba bantsi ba ba tshwaeditsweng ba ba fudugelang kwa mafelong a mangwe.

Mometso o mosweu: Dithulaganyo tse dintsi tsa mokento tse di simolotseng dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng di dirile gore bolwetse jono bo bonwe sewelo thata mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa go ntse jalo, go tloga ka 1990 malwetse a a tshwaetsang batho a mometso o mosweu a ikadile mo dinageng di le 15 kwa Yuropa Botlhaba le kwa pele e neng e le Soviet Union. Mo e ka nnang motho a le 1 go ba le 4 ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jono o sule. Mo halofong ya ntlha ya 1995, go begilwe dintsho di ka nna 25 000.

Bubonic plague: Ka 1995, World Health Organization (WHO) e ne ya begelwa gore bobotlana batho ba le 1400 ba ne ba wetswe ke sebetso seno. Kwa United States le mafelo a mangwe, bolwetse jono bo anametse kwa mafelong a a neng a ntse a se na sebetso seno ka masome a dingwaga. Source: WHO

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: WHO

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Le mororo go dirwa ditlhabologo mo go tsa pholo, saense ya bongaka e paletswe ke go emisa go anama ga malwetse a a tshwaetsang

[Motswedi wa Setshwantsho]

WHO photo by J. Abcede

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Malwetse a anama ka bonako fa batho ba nna mo go kgotlaganeng le mo go leng leswe

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Batho ba ka nna dimilione di le 800 mo mafatsheng a a tlhabologang ga ba bone ditlamelo tsa boitekanelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela