Go Ipusolosetsa ga Megare
GO ILE ga nna le dikgatelopele tse di gakgamatsang thata mo lekgolong la bo20 la dingwaga mo boitseanapeng jwa kalafi. Batho ba ile ba fetsa diketekete tsa dingwaga ba itlhonegile fela go sena se ba ka se dirang gore ba lwantshe sebetso sa megare e e bolayang. Mme dilo di ne tsa simolola go fetoga mo bogareng jwa bo1930 fa baitseanape ba ne ba lemoga sulfanilamide, molemo wa ntlha o o neng o ka kgona go bolaya baketeria kwantle ga gore o gobatse motho yo o lwalang.a
Fa dingwaga di ntse di feta, baitseanape ba ne ba simolola diokobatsi tse dingwe gape tse di nonofileng go ka lwantsha malwetse a a tshelanwang—jaaka tlelerokhwine e e neng e kgona go lwantsha bolwetse jwa malaria ba bo ba dira le dibolayamegare tse di neng di kgona go tlhasela nyumonia, scarlet fever, le bolwetse jwa mafatlha. Ka 1965 go ne go setse go na le melemo e e bolayang megare e e ka fetang 25 000. Baitseanape ba le bantsi he ba ne ba gopola gore malwetse a a bakwang ke baketeria a ne a sa tlhole a tshosetsa batho thata kana le e leng gone go tlhoka gore a ka batlisisiwa. Ebu, go ne go tla bo go thusang go tlhotlhomisa ka malwetse a a neng a tla bo a sa tlhole a le teng?
Mo dinageng tse di tlhabologileng, mekento e mesha e ne ya fokotsa thata bolwetse jwa mmokwana, makidiana, le German measles. Letsholo le legolo la go kentela batho bolwetse jwa polio, le le neng la simololwa ka 1955, le ne la atlega fela thata mo e leng gore bolwetse jono bo ne jwa fokotsega fela thata mo bathong kwa Yuropa Bophirima le Amerika Bokone, go tloga go ba le 76 000 mo ngwageng oo, go ya go ba ba kwa tlase ga 1000 ka 1967. Bolwetse jwa sekgwaripana, jo bo neng jwa bolaya batho thata, bo ne jwa fedisiwa mo lefatsheng ka bophara.
Mo lekgolong leno la dingwaga gape, batho ba ile ba dira maekerosekoupo wa eleketerone, o o ileng wa nna sedirisiwa se se nonofileng fela thata mo o thusitseng baitseanape gore ba kgone go bona dibaerase tse di bonnyennye jo bo senang selekanyo fa di bapisiwa le lonala lwa seatla lwa motho. Dimaekerosekoupo tse di ntseng jalo, mmogo le dikgatelopele tse dingwe tsa tegenoloji, di ile tsa thusa batho gore ba kgone go tlhaloganya malwetse a a tshelanwang le go a lwantsha go gaisa nako epe fela e e fetileng.
Go ne go Lebega Gore Phenyo ga e Belaesege
Morago ga gore baitseanape ba kalafi ba lemoge dilo tseno, ba ne ba sala ba tiile moko totatota. Megare ya malwetse a a tshelanwang e ne jaanong e fenngwa ke ditlhare tsa kalafi ya segompieno. Go ne go bonala sentle gore saense e ne e tla fenya megare gotlhelele, ka bofefo, le kwantle ga pelaelo! Fa e le gore ka tsela nngwe kalafi ya bolwetse bongwe e ne e ise e nne gone, go ne go sena pelaelo gore e tla akofa e nna teng.
E ne e le ka 1948 fa tona ya dinaga di sele wa United States, George C. Marshall a ne a ipoka ka gore go ne go setse go le gaufi thata gore malwetse a a tshelanwang a fedisiwe gotlhelele. Dingwaga tse tharo morago ga moo, ba World Health Organization (WHO) ba ne ba ntsha dipego tsa gore bolwetse jwa malaria kwa Asia “bo ne bo tla sala bo sena maitsetsepelo a sepe.” Mo e ka nnang mo bogareng jwa bo1960, tumelo eno ya gore motlha wa sebetso le kgogodi ya bolwetse o ne o fetile, e ne e aname fela thata mo e leng gore mookamedi wa tsa kalafi wa United States, e bong, William H. Stewart o ne a bolelela badiredi ba tsa kalafi gore jaanong e ne e le nako ya gore go lebalwe gotlhelele ka malwetse a a tshelanwang.
Go Boa ga Malwetse a Nako e e Fetileng
Lefa go ntse jalo, go ne go ise go tle lobaka lwa gore go lebalwe gotlhelele ka malwetse a a tshelanwang. Megare e ne ya seka ya nyelela mo polaneteng eno ka go bo saense e ne e dirile diokobatsi le mekento. Go na le gore megare eno e e bolayang e bo e fentswe, e ne ya boa gape ka go ipusolosetsa! Mme gape, megare e mengwe e e bolayang e ne ya nna gone—megare e dingaka di neng di sa itse sepe ka yone. Jalo he, megare e e neng e ntse e le teng le e mesha e tlhasetse, e tshosetsa dimilione tse di senang palo tsa batho mo lefatsheng lotlhe, e a ba tlhokofatsa, kana le eleng go ba bolaya.
Malwetse a a bolayang, a pele go neng go tsewa gore a ka thibelwa jaanong a boile gape, a le diphatsa go feta jaaka pele le eleng go nna thata go ka alafiwa ka diokobatsi. Sekai se sengwe gape se se kayang seno ke bolwetse jwa mafatlha (TB). Lekgotla la WHO le ne la tlhalosa jaana mo bosheng: “Go simolola ka 1944 diokobatsi tsa TB di ile tsa dirisiwa thata kwa Japane, Amerika Bokone le Yuropa go fokotsa thatathata bolwetse jwa TB le batho ba bo ba bolayang. Lefa go ntse jalo, maiteko a go fokotsa bolwetse jwa TB mo dinageng tse di tlhabologang a ile a se ka a dirwa mo go lekaneng, . . . mme seo se thusana le bolwetse gore bo boele gape mo dinageng tse di humileng bo le ka ditsela tse di kotsi le go feta le ka maemo a a dirang gore go nne thata go bo lwantsha ka diokobatsi.” Gompieno, TB, e gantsi e anamisiwang ke baketeria e e hengwang mo phefong le go ngaparela mo makgwafong, e bolaya batho ba ba ka nnang dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga—mo e ka nnang ba le 7000 ka letsatsi. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 2005, palo ya batho ba ba suleng e ka nna ya gola go fitlha e tshwara batho ba le dimilione tse nne ngwaga le ngwaga.
Malwetse a mangwe gape a bogologolo a a bolayang le one a ntse a oketsega. Bolwetse jwa kholera bo ntsifetse thata mo dikarolong di le dintsi mo Afrika, Asia, le Latin America; bo tlhasela le go bolaya palo e e golang ya batho. Go nnile le mofuta o mosha wa jone gotlhelele mo Asia.
Bolwetse jwa dengue, jo bo anamisiwang ke monang wa Aëdes aegypti, le jone bo ntse bo gola ka makatlanamane; gone jaanong jaana bo tshosetsa go tsena batho ba le dimilione tse 2500 mo dinageng tse di fetang 100 mo lefatsheng lotlhe. Fa esale ka bo1950, bolwetse jo bosha jo bo bolayang jwa go dutla madi bo ile jwa tlhagoga le go anama mo dinageng tsa Boboatsatsi. Go fopholediwa gore bo bolaya batho ba ba ka tshwarang 20 000 ngwaga le ngwaga. Fela jaaka go ntse ka malwetse a mangwe a baerase, ga go na mokento ope o o ka sireletsang batho mo bolwetseng jono e bile ga go na seokobatsi sepe se se ka bo alafang.
Bolwetse jwa malaria, jo baitseanape ba kileng ba ne ba gopola gore ba tla bo fedisa, jaanong bo bolaya batho ba ba ka nnang dimilione tse pedi ngwaga le ngwaga. Go ntse go nnela thata kwa pele go leka go bolaya diparasaete tsa malaria le menang e e di anamisang.
Malwetse a Masha a a Ganyaolang
Go ka nna ga twe bolwetse jo bosha jo bo diphatsa thata jo bo itsegeng, jo bosheng jaana bo ileng jwa tlhagoga go tla go tlhasela batho ke jwa AIDS. Bolwetse jono jo bo sa alafiweng ka sepe bo bakwa ke baerase nngwe e e neng e sa itsiwe ke ope mo dingwageng tse di ka nnang lesome le bobedi fela tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang go ya bofelong jwa 1994, palo ya batho ba ba neng ba tsenwe ke baerase ya jone mo lefatsheng lotlhe e ne e le bogareng jwa dimilione di le 13 le tse 15.
Malwetse a mangwe a pele a neng a sa itsege jaaka a a tshelanwang a akaretsa jwa hantavirus pulmonary syndrome. Bolwetse jono jo bo anamisiwang ke dipeba, bo ne jwa bonala mo borwabophirima jwa United States mme jwa itshupa bo bolaya mo sephatlong sa palo ya batho ba bo neng bo ba tsene. Mefuta e le mebedi ya letshoroma la go dutla madi—yotlhe e le mesha, e bile e le e e bolayang—e ile ya tlhagoga kwa Amerika Borwa. Go na le malwetse a mangwe gape a a boifisang a a ileng a tlhagoga—dibaerase tse di bidiwang ka maina mangwe a a sa tlwaelegang—a a jaaka Lassa, Rift Valley, Oropouche, Rocio, Q. Guanarito, VEE, monkeypox, Chikungunya, Mokola, Duvenhage, LeDantec, baerase ya boboko ya Kyasanur Forest, mogare wa Semliki Forest, Crimean-Congo, O’nyongnyong, Sindbis, Marburg, Ebola.
Ke Eng fa go Tlhagoga Malwetse a Masha?
Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go fedisa megare e e bolayang le mororo saense ya segompieno ya tsa kalafi e bapetse kitso e ntsi jaana e bile e na le didirisiwa? Lengwe la mabaka ke go bo batho ba gompieno ba tsamaya go feta selekanyo. Dipalangwa tsa segompieno di ka kgona go dira gore leroborobo la bolwetse le le mo karolong e le nngwe le fetogele mo go nneng leroborobo le le amang kgolokwe yotlhe. Mosepele wa sefofane sa jete o ka dira gore bolwetse bongwe jo bo bolayang, jo bo tseneng mo mothong yo o rileng, bo tloge mo karolong e nngwe ya lefatshe mme bo ye mo karolong nngwe le nngwe fela ya lefatshe ka selekanyo sa diuranyana fela.
Selo se sengwe gape se se thusang gore megare e oketsege, ke go ntsifala ga batho ka selekanyo se segolo mo lefatsheng—segolobogolo mo ditoropokgolong. Ee ruri, ditoropokgolo di kokoanya matlakala a le mantsi thata. Mo matlakaleng go na le dikgamelo tsa polasetiki le dithaere tse di tletseng metse a pula e e sa tswang go na. Mo dinageng tsa Boboatsatsi, seo se thusa monang gore o ate, one o o bakang malwetse a a bolayang a a jaaka malaria, yellow fever, le dengue. Mo godimo ga moo, fela jaaka sekgwa se se kitlaneng se ka dira gore maemo a tshwanele sentle go baka namane e tona ya molelo, go ntse fela jalo le ka setlhopha se se kitlaneng sa batho, se kgona go thusa mo go siamiseng maemo gore malwetse a a tshwanang le bolwetsi jwa mafatlha, foluu, le a mangwe gape a a mo phefong, a aname ka bofefo.
Lebaka la boraro le le dirileng gore megare e boe e nne teng gape ke ka ntlha ya go fetoga ga boitshwaro jwa batho. Megare e e anamisiwang ka go tlhakanela dikobo e ile ya ata le go anama ka ntlha ya selekanyo se segolo thata sa batho ba ba tlhakanelang dikobo le batho ba bangwe ba bantsintsi, e leng selo seo re ileng ra se bona thata mo bofelong jwa lekgolo leno la bo20 la dingwaga. Sengwe sa dikai tsa seno ke go anama ga AIDS.b
Lebaka la bonè le le dirang gore go bo go le thata go ka fenya megare e e bolayang ke ka go bo batho ba ile ba senya dikhi le dikgwa tse di thusang mo go neseng pula. Mokwadi Richard Preston o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Hot Zone: “Go bonala fa go tlhagoga ga AIDS, Ebola le dilo tse dingwe tse di amanang le dikgwa tse di thusang mo go neseng pula go nnile gone ka ntlha ya ditlamorago tsa tlholego tse di bakilweng ke go senyega ga lefelo le ditshedi tsa boboatsatsi di nnang mo go lone. Dibaerase tse di nnang teng tseno di tswa mo dikarolong tsa lefatshe tse tikologo ya tsone e senyegileng. Bontsi jwa tsone bo tswa mo dikarolong tsa dikgwa tse di thusang mo go neseng pula tse di onaditsweng . . . Dikgwa tsa boboatsatsi tse di thusang mo go neseng pula ke tsone di nang le ditshedi tse dintsi mo polaneteng eno, ke tsone di tshotseng bontsi jwa mefuta ya ditlhatshana le diphologolo tse di mo lefatsheng. Dikgwa tseno tse di thusang mo go neseng pula e ntse e le tsone gape tse di huparetseng bontsintsi jwa dibaerase, e re ka dilo tsotlhe tse di tshelang di na le dibaerase.”
Ka jalo, batho ba ile ba atamalana thata le ditshenekegi le diphologolo tsa komelelo tse dibaerase di nnang mo go tsone fela di se kotsi, di ikatisa teng, le go swela teng. Lefa go ntse jalo, fa baerase e ka “fuduga” mo phologolong ya tsena mo mothong, baerase eo e ka nna kotsi thata.
Go Tlhaela ga Saense ya Kalafi
Mabaka a mangwe a a dirang gore malwetse a a tshelanwang a boe ke ka ntlha ya boitseanape jwa kalafi ka bojone. Dibaketeria tse dintsi jaanong ga di sa tlhole di bolawa ke dibolayamegare tse di neng di di bolaya pele. Se se gakgamatsang gape ke gore, dibolayamegare le tsone di ile tsa etleetsa seemo seno. Ka sekai, fa e le gore sebolayamegare se ile sa bolaya diperesente tse 99 tsa baketeria e e bolayang mo mothong yo o lwalang, peresente e le nngwe e e falotseng ka go bo e paletse dibolayamegare e ka nna ya simolola go gola gape le go ntsifala fela jaaka mofero o o nonofileng mo masimong a a sa tswang go lengwa.
Balwetse le bone ba ka gakatsa seemo fa ba sa tswelele ka go dirisa dibolayamegare tse ba di filweng ke dingaka tsa bone. Balwetse ba ka nna ba emisa go nwa dipilisi fa ba simolola go ikutlwa botoka. Le mororo megare e e bokoa e ile ya swa, e e nonofileng yone e a falola e bo e simolola go ntsifala ka iketlo. Go ise go fete dibeke disekae fela, bolwetse bo bo bo tsoga gape, mme jaanong bo gaketse le go feta pele, kana go sena seokobatsi sepe se se ka bo kgonang. Fa megare eno e e palelang diokobatsi e tlhasela batho ba bangwe, go nna le namane e tona ya mathata mo botsogong jwa batho ka kakaretso.
Bomankge bangwe ba WHO ba ne ba tlhalosa jaana mo bosheng: “Go lwa ga megare kgatlhanong le [dibolayamegare le didirisiwa tse dingwe tse di tlhabanang le megare] go atile thata mo dinageng di le dintsi mme ntwa eno e e lowang ke megare e dira gore dingaka di sale di itshopere fela di sena gore di ka dira eng mo go alafeng palo e e ntseng e oketsega ya malwetse. Mo teng ga dikokelo fela mo lefatsheng lotlhe, mo letsatsing lengwe le lengwe, go tlhagoga malwetse a a ka tshwarang milione a a bakwang ke baketeria, mme bontsi jwa one e le a a ka se alafiweng ka diokobatsi.”
Go tshelwa ga batho madi, mo go ileng ga oketsega thata fa e sale ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, le gone go ile ga thusa mo go anamiseng malwetse a a tshelanwang. Go sa kgathalesege maiteko a a ileng a dirwa ke baitseanape go tlosa megare e e bolayang mo mading, go tshela batho madi go ile ga oketsa go anama ga bolwetse jwa sebete, cytomegalovirus, baketeria e e sa bolaweng ke dibolayamegare, malaria, yellow fever, Chagas’ disease, AIDS, le malwetse a mangwe a le mantsi a a boifisang.
Seemo sa Dilo Gompieno
Le mororo go ile ga nna le kitso e ntsi thata e e bapetsweng ke ba saense ya kalafi mo lekgolong leno la dingwaga, go santse go na le dilo di le dintsi tse di sa itsiweng. C. J. Peters o ithuta kaga megare e e kotsi kwa Centers for Disease Control, e e leng laborotari ya botsogo jwa setšhaba ya maemo a a kwa godimo kwa Amerika. O ne a bua jaana ka May 1995 fa a ne a botsolotswa ka ga Ebola: “Ga re itse gore ke ka ntlha yang fa e le kotsi thata jaana mo mothong, e bile ga re itse gore e dira eng, [kana] gore e kae, fa e sa tlise leroborobo la bolwetse. Ga re e bone gope. Ga go na mofuta ope o sele wa baerase . . . o re senang kitso gotlhelele ka one jaaka ono.”
Le eleng fa go ka nna le kitso ya kalafi e e nang le thuso, diokobatsi, le mekento e e ka lwantshang bolwetse, fa dilo tseo di tshwanetse go thusa ba ba di tlhokang, madi a a tlhokega. Dimilione di tshelela fela mo lehumeng. World Health Report 1995 ya WHO e tlhalosa jaana: “Lehuma ke lone lebaka le legolo le le bakang gore masea a bo a sa kentiwe, go bo go sena metsi a a phepa le go feelwa ga matlakala, go bo go sena diokobatsi tse di alafang le melemo e mengwe . . . Ngwaga le ngwaga, go swa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 5 ba le dimilione tse 12,2 mo dinageng tse di tlhabologang, mme bontsi ba bolawa ke malwetse a a neng a ka thibelwa ka selekanyo sa disente disekae fela tsa United States, mo ngwaneng mongwe le mongwe. Ba swa thatathata ka ntlha ya go itlhokomolosiwa ke lefatshe, mme lebaka le legolo la go bo ba swa ke go bo ba humanegile.”
Ka 1995, malwetse a a tshelanwang le diparasaete, e ne e le one a a bolayang batho thata, a bolaya batho ba le dimilione di le 16,4 ngwaga le ngwaga. Ka maswabi, dimilione tsa batho tse di senang palo di tshelela mo maemong a a thusang mo go direng gore megare e e bolayang e aname. Akanya ka seemo se se hutsafatsang sa gompieno. Batho ba ba fetang dimilione tse di sekete ba tshelela mo lehumeng le le boitshegang. Sephatlo sa batho ba ba mo lefatsheng ga ba kgone go amogela kalafi le melemo e ba e tlhokang. Dimilione tsa bana ba ba latlhilweng di saila mo mebileng e e leswe ya ditoropokgolo mme e bile bontsi jwa bone e le ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go nna diaka. Dimilione tsa batshabi di nna mo dikampeng tse di lesweleswe tse di tletseng bolwetse jwa kholera, jwa mala a mahibidu, le malwetse a mangwe.
Mo ntweng e motho a e tlhabanang le megare, go bonala maemo a ile a tshegetsa megare ka selekanyo se se oketsegileng.
[Footnotes]
a Sulfanilamide ke motswako o diokobatsi tsa sulfa di dirwang ka one mo laboratoring. Diokobatsi tsa sulfa di kgona go kgoreletsa go ata ga baketeria, mme seo se bo se thusa mo go direng gore mmele o kgone go dirisa boitshireletso jwa one gore o kgone go bolaya baketeria.
b Dikai tse dingwe tsa malwetse a a anamisiwang ka tlhakanelodikobo: Mo lefatsheng lotlhe, go na le batho ba le dimilione di le 236 ba ba tsenweng ke bolwetse jwa trichomoniasis le ba ba ka nnang dimilione tse di ka nnang 162 ba ba tsenweng ke chlamydia. Ngwaga le ngwaga go na le batho ba ba ka nnang dimilione tse 32 ba e leng gone ba tsenwang ke bolwetse jwa diso tsa dirwe tsa tlhakanelodikobo, ba le dimilione tse 78 ba ba tsenweng ke rasephiphi, ba le dimilione tse 21 ba na le genital herpes, ba le dimilione tse 19 ba na le thosola, mme ba le dimilione tse 9 ba na le chancroid.
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
“Mo teng ga dikokelo fela mo lefatsheng lotlhe, mo letsatsing lengwe le lengwe, go tlhagoga malwetse a a ka tshwarang milione a a bakwang ke baketeria, mme bontsi jwa one e le a a ka se alafiweng ka diokobatsi.” World Health Organization
[Lebokoso mo go tsebe 25]
Fa Megare E Ipusolosetsa
Mogare o monnyennye o o bidiwang baketeriamo “o na le bokete jwa gerama e e bonnye jo bo kana ka 0.00000000001. Mme leruarua je letala lone le bokete jo bo ka tshwarang digerama di le 100000000. Mme lefa go ntse jalo, baketeria e ka kgona go bolaya leruarua leno.”—Bernard Dixon, 1994.
Gareng ga megare e e tshabegang thata e e fitlhelwang mo dikokelong, e go senang seokobatsi sepe se se ka e bolayang, ke o o bidiwang Staphylococcus aureus. Mofuta ono o tlhasela balwetse le batho ba ba bokoa, o bo o tsenya malwetse a a bolayang mo mading, nyumonia, le botlhole jwa baketeria. Go ya ka dipalo dingwe, bolwetse jono jwa staph ka ngwaga bo bolaya batho ba ba ka tshwarang 60-000 kwa United States—palo ya bone e feta ya ba ba swang mo dikotsing tsa dijanaga. Fa dingwaga di ntse di feta, mofuta ono wa baketeria o ne wa palela dibolayamegare fela thata mo e leng gore ka 1988 go ne go na le sebolayamegare se le sengwe fela fela mo lefatsheng lotlhe se se neng se kgona go o bolaya, e leng seokobatsi sa vancomycin. Lefa go ntse jalo, go ne ga tloga ga nna le dipego tse di tswang mo lefatsheng lotlhe tsa gore go na le megare e vancomycin e neng e sa kgone go e bolaya.
Mme tota, lefa dibolayamegare di ka dira kafa tshwanelong tiro eo di tshwanetseng go e dira, go ka nna ga nna le mathata a mangwe. Mo magareng a 1993, Joan Ray o ne a ya kwa kokelong nngwe kwa United States go ya go dirwa karo fela e e tlwaelegileng. O ne a lebeletse go boela gae mo malatsing a a seng kae. Go na le moo, o ne a tshwanelwa ke go nna kwa kokelong malatsi a le 322, ka ntlha ya go bo a ile a tsenwa ke bolwetse morago ga fa a sena go ariwa. Dingaka di ne tsa lwantsha bolwetse joo ka dibolayamegare tse di oketsegileng, go akaretsa le vancomycin, lefa go ntse jalo, megare e ne ya seka ya swa. Joan o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke sa kgone go dirisa diatla tsa me. Ke ne ke sa kgone go dirisa dinao tsa me. . . . Ke ne ke sa kgone tota le e leng go tsaya buka ke bala.”
Dingaka di ne tsa leka ka natla go bona gore ke ka ntlha yang fa Joan a ntse a lwala morago ga dikgwedi tse dintsi a alafiwa ka dibolayamegare. Dipatlisiso tsa laboratori di ne tsa bontsha gore mo godimo ga go bo a ile a tsenwa ke bolwetse jwa staph, Joan gape o ne a na le mofuta o mongwe wa baketeria—e leng enterococcus o o sa bolaweng ke seokobatsi sa vancomycin. Jaaka fa leina le bontsha, baketeria eno e ne e sa palele vancomycin fela; mme go ne go bonala gape gore e ne e palela le dibolayamegare tse dingwe.
Mme dingaka di ne tsa lemoga sengwe gape seo se neng sa ba gakgamatsa thatathata. Baketeria eno e ne e sa emelane fela le diokobatsi tseno tse di tshwanetseng go e bolaya, mme go farologana le seo ba neng ba se lebeletse, e ne tota e dirisa vancomycin eno gore e kgone go tshela! Ngaka ya ga Joan, e tiro ya gagwe e kgolo e leng go alafa malwetse a a tshelanwang, o ne a re: “[Baketeria] e tlhoka vancomycin eno gore e tle e kgone go ata, mme fa e ka se kgone go e bona, e ka se ntsifale. Seno he se kaya gore, e dirisa vancomycin eno jaaka dijo tsa yone.”
E ne ya re fa dingaka di emisa go naya Joan seokobatsi seno sa vancomycin, baketeria eno e ne ya swa, mme Joan a tokafala thata.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Megare e a ntsifala fa balwetse ba sa dirise dibolayamegare kafa tshwanelong
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Go tshelwa ga batho madi go thusa mo go anamiseng megare e e bolayang