LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 12/8 ts. 8-9
  • Isagwe E E Eletsegang ya Bana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isagwe E E Eletsegang ya Bana
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matlhotlhapelo A A Boleletsweng Pele
  • Isagwe E E Eletsegang
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Lefatshe Le Lesha Le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 12/8 ts. 8-9

Isagwe E E Eletsegang ya Bana

KWA kokoanong ya World Summit for Children, baeteledipele ba le bantsi ba lefatshe ba ne ba bua ba tiile moko kaga isagwe. Ba ne ba bolelela pele kaga “motlha o mosha” wa bana, “go tlhoafalela sesha dilo tse di tlhokwang ke bana.” Ba ne ba bua ka “‘popagano e ntšha’ e e nayang ‘go dira mmogo ka tlhoafalo le ka kutlwano ga lefatshe botshelo’” go thusa bana.

Ao ke mafoko. Mme legale gore merafe e tla ya bokgakaleng jo bo kae mo go diragatseng maikaelelo ano a bone e santse e le selo se se santseng se tla bonwa. Go botlhokwa go ela tlhoko gore dikgwedi di le tlhano fela morago ga kokoano eo, merafe e ne ya lwa ntwa ya kwa Kgogometsong ya Peresia e leng ntwa e e neng ya nna nngwe ya dintwa tse di ileng tsa a ja madi a mantsi thata—dimilione di le dikete tse di 168 tsa diranta—mme e di gaisa tsotlhe ka go senya tikologo. Morago ga yone ke fa dikete tse di makgolokgolo tsa batho ba Iraq le Kuwait ba tshabile mo magabone. Diketekete di ne tsa feta le yone—ka nako nngwe go ne go swa batho ba le makgolokgolo letsatsi le letsatsi—ba bolawa ke tlala, go aramela, go tlhaela dikotla, le bolwetsi. Ba ba ka nnang 8 mo go ba le 10 e ne e le basadi le bana.

Matlhotlhapelo A A Boleletsweng Pele

Baithuti ba Lefoko la Modimo ba itse gore mathata a a tlhasetseng bana mo lefatsheng a sale a boleletswe pele dingwaga tse di ka tshwarang dikete tse pedi tse di fetileng. Bibela e ne ya bolelela pele ka ‘metlha [eno] ya bofelo’:

◻ “Me go tla nna [le] . . . mebopamō.”—Luke 21:11.

◻ ‘Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.’—Mathaio 24:7.

◻ ‘Batho ba tla senya lefatshe.’—Tshenolō 11:18.

◻ “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bogosi.”—Mareko 13:8.

◻ “Go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba sena loratō loa tlhōlègō.”—2 Timotheo 3:1-3.

Bibela e ne ya bolelela pele gape gore nako e etla e merafe e tla akanyang gore jaanong e gatetse pele mo go kgoneng go baakanya mathata a setho mo ba tla goeletsang ba re: “Kagishō le thagamō!”—1 Batheselonia 5:3.

Isagwe E E Eletsegang

Lefa go le jalo, tota kgoeletso eo e tla tshwaya nako ya gore Modimo o tsenelele mo mererong ya setho. Ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo, Modimo o tla tlosa tsamaiso eno ya dilo mme a bo a tlhoma lefatshe le lesha la kagiso ya boammaaruri le polokesego ya ka bosakhutleng, ya bana mmogo le bagolo.—Diane 2:21,22; Daniele 2:44; Mathaio 6:10.

Mo thulaganyong e e molemolemo ya Bogosi jwa Modimo, “monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” (Isaia 33:24) Go tlhaela dikotla e tla bo e le selo se se sa tlholeng se utlwalelwa: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.” (Pesalema 72:16) Le yone ntwa tota e tla bo e seyo, ereka Bibela e solofetsa jaana: “[Jehofa] o khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.”—Pesalema 46:9.

Mme go tweng ka bana botlhe—le ba bangwe—ba ba setseng ba bolailwe ke go tlhaela dikotla, bolwetsi, kgotsa ke sengwe fela se sele? Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng la re: “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:15.

Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a bontsha gore go tsogela botshelong mo lefatsheng le lesha la Modimo go tla akareletsa le bana. Ka sekai, fa go ne go sule mosetsanyana wa dingwaga tse di ka nnang 12, “botlhe ba bo ba lela, ba mo lelèla.” Mme go tswa foo, Jesu, o ne a tshwara seatla sa mosha yoo mme a mo raya a re: “Mosetsana, coga.” Pego ya ditiragalo ya re: “Me a coga ka bonakō: me a laola gore a hiwè diyō.” Batsadi ba gagwe ba ne ba ikutlwa jang? Bibela e bega jaana: “Me batsadi ba gagwè ba gakgamadiwa thata.”—Luke 8:40-42, 49-56; Mareko 5:42.

Ka nako nngwe gape, Jesu o ne a kopana le batho ba ya phitlhong ya mosimanyana mongwe yo e neng e le ene fela yo mmè mongwe wa motlholagadi a neng a na nae. Jesu “a atamèla a ama secholō: me ba ba mo rweleñ ba èma. Me a re, Lekau, kea gu raea, Coga. Me eo o na a shule a rapamologa, me a simolola go bua. Me [Jesu] a mo neèla mmagwè.” Mme botlhe ba ba neng ba le gaufi “ba galaletsa Modimo.”—Luke 7:11-16.

Ka jalo, mo pusong ya tshiamo ya Bogosi jwa Modimo, bana, go akareletsa le ba ba tsositsweng, ba tla nna le isagwe e e eletsegang go di gaisa tsotlhe. Ba tla kgona go golela mo lefatsheng la tshiamo le kagiso le lentle thata, le le babalesegileng, le le atlegileng, leo Jesu a le biditseng ka tshwanelo a re ke “Paradaisa.”—Luke 23:43.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, bana ba tla gola ba babalesegile, ba itekanetse, ba bile ba itumetse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela