Go Aba—Selo Se Se Tlisang Boipelo
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Jeremane
KE MANG yo o sekeng a itumela fa a amogela mpho ya sengwe se sentle? Abo e le selo se se itumedisang jang ne go itse gore go na le mongwe yo o amegang ka wena! Lefa go ntse jalo, go abela yo mongwe mpho le gone go kgotsofatsa fela jalo. Tota ebile, go ya ka Jesu, yo e leng ene a simolotseng Bokeresete, “boitumelo jo motho a nnang najo fa a abela yo mongwe mpho bo feta joo a nnang najo fa a amogela mpho.”—Ditihō 20:35, NW.
Bibela e bega ka makgetlo a le mantsi ao batho ba ileng ba abela ba bangwe dimpho mo go one, ka dinako tse dingwe esita le dimpho tse di seng kana ka sepe tota. E ne ya re fa kgosigadi ya Sheba e ne e sena go iponela botlhale jwa ga Kgosi Solomone ka a yone a mabedi, “a naea kgosi ditalenta tsa gouda di le lekgolo le mashomè mabedi, le dicwaishō di le ditona thata, le mayana a a thata go rèkwa.” (1 Dikgosi 10:10) Gauta fela e ne e ka ja diranta di le dimilione di le 127 go ya ka madi a segompieno! Mme Farwe wa Egepeto o kile a naya mongwe wa barwadi ba gagwe mpho ya motse otlhe!—1 Dikgosi 9:16.
Mme lefa go ntse jalo ga go tlhokafale gore dimpho e bo e le tse di seng kana ka sepe gore di ke di leretse motho boitumelo. O ka nna wa tswa o gakologelwa Mosamaria yo o molemo wa mo setshwantshong sa ga Jesu, yoo go neng ga itswela mo go ene fela gore a thuse mong ka ene yo o neng a tlhoka thuso. (Luke 10:30-37) Kana phuthego ya Bokeresete ya kwa Korintha eo e neng ya romelela bakaulengwe ba bone ba ba neng ba tlhoka thuso ba kwa Jerusalema “mpho e e molemo.”—1 Bakorintha 16:3, NW.
Lefa go ntse jalo, gongwe sekao se se di phalang tsotlhe sa go abela ba bangwe dimpho se go buiwang ka sone mo Bibeleng, ke sa balepadinaledi—bao ba neng ba itsege jaaka banna ba ba botlhale—bao ba neng ba tlela ngwana Jesu ka dimpho. Batho ba le bantsi ba na le tlwaelo ya go abela ba bangwe dimpho ka nako ya Keresemose ba theile seo mo tiragalong eno.—Mathaio 2:2-11.
Go Tweng ka go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Keresemose?
Kwantle ga pelaelo, ba le bantsi ba itumelela thata go nna le seabe ka botlalo mo go seo ba se bitsang moya wa Keresemose—moya wa go abela ba bangwe dimpho. Bangwe ba bone ba rulaganyetsa seno esale gale, ba itumelela go bona dimpho tse di sa tlwaelegang le go senka dikarata tse di di tshwanetseng. Mme ebile kana, dikarata tsone di ile tsa tlhaga lekgetlo la ntlha ka bo 1840 kwa Engelane, le mororo go sa tlhomamisiwe gore tota ke mang yo a ileng a tla le tsone la ntlha. Mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege gore a ke mpho kana ke karata, ba le bantsi ba nna le boitumelo jo bogolo fa ba sena go bona sengwe se se kgethegileng ba se bonela mongwe yo o fa yo o kgethegileng.
Kafa letlhakoreng le lengwe, ga se selo se se ka ganelwang gore batho ba le bantsi bao ba abelang ba bangwe dimpho ka nako ya Keresemose ga ba tshwane le batho ba ba tlhalositsweng mo serapeng se se sa tswang go feta seno. Motho mongwe yoo e leng mong wa lebenkele wa Mojeremane o ne a lemoga se se latelang malebana le batho bao ba rekang dilo ka nako ya Keresemose: “Fa Mantsiboa a pele ga Keresemose a ntse a atamela, batho ba tsenwa ke tsebetsebe le go feta. E a re kgabagare, ba reke le fa e ka nna eng fela seo ba se bonang.”
Go nna motho a feta ka go itshukunyetsa mo gare ga ba bangwe mo marekelong ao go phephethang batho kwa go one a tsomana le dimpho tse di tshwanetseng tseo di senyang nako go baka gore bareki bangwe ba ngongoregele tlalelo, go tshelela mo lebelong, le kgatelelo ya teng. Go ya ka lekwalodikgang lengwe la Austria, moreki mongwe le mongwe wa boraro o ngongoregela “go tshelela mo lebelong,” a bolela gore o tla ikutlwa a gololesegile “fa semphete o a nkgagola eo e setse e fetile.” Mme basha ba Majeremane, fa ba ne ba bodiwa gore ba ikutlwa jang ka Keresemose, ba ne ba araba ka go dira dikakgelo tsa go tshwana le, “E a ntena,” “Ga o ke o itse gore ke mpho efe eo o ka e abelang ba bangwe,” le, “E ja madi a a seng kana ka sepe.”
Go mo pepeneneng gore ga se mongwe le mongwe yo o nnang le ‘boitumelo jwa go abela ba bangwe mpho’ jo bogolwane joo Jesu a neng a bua ka jone. Kwantle ga pelaelo seno se ntse jalo segolobogolo ka gonne Keresemose e dirilwe selo se segolo seo go gwebiwang ka sone, e a tena mo go ba le bantsi. Go ya ka The World Book Encyclopedia, “mo e ka nnang bo kana ka nngwenneng ya dilo tseo di rekwang mo ngwageng otlhe mo marekelong a le mantsi di rekwa ka nako ya Keresemose.” Ka phepafalo pina e e bidiwang “Jingle Bells” ya ka nako ya Keresemose eo borrakgwebo ba ratang go e utlwa thata ke eo e opelwang ke metšhine eo batho ba duelelang mo go yone seo ba se rekileng.
Ka phepafalo, go abela ba bangwe dimpho ka nako ya Keresemose gantsi ga go tlhagise boipelo joo go abela ba bangwe dimpho go tshwanetseng ga bo tlhagisa. “Ke boifa Keresemose,” mosadi mongwe wa Mokatoliki o ne a ipolela jalo.
Ga go gakgamatse go bo go ile ga tsoga dipotso malebana le gore a go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose ke selo se se tshwanetseng. A tota ke selo se se nang le tlhaloganyo?