Dilo Tseo Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew Se Sa Kgonang go Di Senya
DIPHEFO tse dingwe tsa kgwanyape di baka tshenyo e e fetang e e bakiwang ke diphefo tse dingwe tsa kgwanyape.a Tse dingwe di tsewa fela jaaka diphefo tse di maatla, di tla ka pula ya matlakadibe le go kumula ditlhare. Mme jaanong go bo go nna le Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew kwa Florida borwa (August 24, 1992), le kwa Louisiana (August 26, 1992), Sefefo sa Kgwanyape sa Iniki kwa Kauai, Hawaii (September 12, 1992) le Setsokotsane sa Omar kwa Guam (August 28, 1992).
Diphefo tseno tsa kgwanyape di ile tsa baka tshenyo e e seng kana ka sepe eo e fitlhang go diranta di le dibilionebilione. Batho ba le bantsi ba ile ba swa kwa Florida. Malapa a le diketekete a ile a sala a sena magae. Baemedi ba diinshorense ba ne ba ntse ba phuruphutsha magae ao a neng a fetogile matlotla ao ba batlana le beng ba one le go ba direla ditšheke tsa ditshenyegelo.
Pego nngwe e e tswang kwa Komiting ya Namolo ya Fort Lauderdale ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya bolela gore magae a le 518 mo go a le 1 033 a Basupi ba ga Jehofa mo tulong eo a ne a ka kgona go baakanngwa. Fa re dirisa palogare eo mo bathong ka kakaretso, seo se ne se tla bolela gore bobotlana 50 lekgolong ya magae otlhe a moo sefefo seno sa kgwanyape sa Andrew se fetileng teng a ile a senyega. Morago ga moo, bao ka lesego ba neng ba santse ba na le legae leo go neng go santse go ka nniwa mo go lone ba ne ba leka go omisa dilwana tsa bone tsa mo ntlong le digaratene mmogo le go feela seretse se sesweu seo se bakilweng ke diseling tseo di ileng tsa nyerologa fa di utlwa morwalela wa pula o o neng o tsena ka marulelo a a senyegileng. Ba le bantsi e ne ekete ba a lora fa ba lebelela magae a bone ao a neng a fetogile matlotla. Bao ba neng ba senyegetswe thata ke bao ba nnang mo matlong a a sa itsetsepelang go le kalo a a nang le maotwana kana dikharabene.
Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew Ga Se A Ka Sa Tlogela Ope
Bangwe ba banyalani bao e ne e le Leonard le Terry Kieffer. E ne ya re fa ba etela lefelo leo magae a bone a dikharabene a neng a le mo go lone kwa Florida City, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ye go ikitsise kwa masoleng ao a neng a phuruphutsha mongwe le mongwe yo o tsenang koo e le gore ba tle ba kgone go tsena mo tulong eo. Seo ba ileng ba se bona se ne se tshwana le lefelo la magae a dikharabene leo le neng le lebega jaaka ekete le padimotswe ke dibomo tse di bogale di le makgolokgolo—di sa tlogele mesima epe mo di neng di le gone. Ditlhare di ne di kumugile. Diphate tsa aluminiamo tse di neng di fetogile marantha, tseo pele e neng e le mabota le marulelo a magae ano, di ne di apesitse ditlhare ebile di akgega mo dikaleng tsa tsone jaaka ekete ke dilwana dingwe tse di kgabisang tsa moletlo tse di dirilweng ka manontlhotlho. Dipale tsa motlakase di ne di ole gongwe le gongwe, dipale tsa logong di kgothugile jaaka ditlhokwa tsa molelo. Dijanaga di ne di menogile le go sugakana.
Bob van Dyk, yo legae la gagwe le lesha go neng ga bolelwa fa le sa siamela gore a ka nna mo go lone, o ne a tlhalosa boemo jo bo neng bo le mo ntlong ya gagwe jaana: “Seling e ne ya tla e lebile kwa tlase, e thubaganya sengwe le sengwe se se thubegang, e oba sengwe le sengwe se se obegang le go re tshosa, rona ba re kgonang go tshoga.”
Dilwana tsa bone, dilo tse di tshamekisang bana, diaparo, dinepe, dibuka, di ne di gasagasame gongwe le gongwe jaaka selo se se ba gakololang tsela eo ba neng ba tshela ka yone pele. Katse nngwe e ntsho eo e neng e tlogetswe e le yosi e ne e nnetse go kgabatlolega mo matlotleng ano. E ne ya tlhoma borra Kieffers matlho ekete e ka ba botsa sengwe. Mekgantitswane e mennye e ne e nnetse go tsamayatsamaya mo godimo ga dilwana tseo e kileng ya bo e le dilwana tse di tlhotlhwakgolo tsa mongwe. Monkgo wa dijo tseo di simolotseng go bola, tseo di neng di tshologile mo diforitšheng tse di thubegileng, e ne e le one fela mo moyeng. Gongwe le gongwe ko motho a lebang teng o ne a bona tshenyo e e seng kana ka sepe—eo yotlhe e neng e bakilwe ke diphefo, diphefo tse di maatla, tseo di neng di taboga ka lebelo la dikilometara di le 260 ka ura.
Beng ba magae ano mmogo le bao ba neng ba nna mo go one ba ne ba ngomola pelo. Morago ga ba sena go fetsa dingwaga di le dintsi le masomesome a dingwaga ba na le lelapa le go tshela mmogo mo setlhageng sa bone se se kgethegileng, e ne ya re fa ba boela koo morago ga pula eo ya matlakadibe ba fitlhela sengwe le sengwe se tlantlilwe le go gasakanngwa. Boora Kieffer ba ne ba ile ba falotsa dingwe tsa dilwana tsa bone mo loetong lwa ntlha koo, mme lefa go ntse jalo go ne go ngomola pelo thata mo go bone go ka nna ba phuruphutsha matlakala a dilwala tsa mo gae tseo di neng di setse. Lefa go ntse jalo, ba ne ba itumelela gore ba santse ba tshela le go kgona go direla Modimo.
Ga go na sepe seo Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew se ileng sa se tlogela. Ditikatikwe tsa mabenkele, difeketori, mabolokelo a dilo—tsotlhe di ne tsa welwa ke matlhotlhapelo ano a tlholego. Melaonyana ya batho ya go aga ga e a ka ya thibela tshenyo eo.
Dinonofo Tse Di Molemo le Tse Di Bosula Tse Motho A Nang Natso
Dilo tsa go thusa di ne tsa simolola go tsena ka bontsi mo Florida di tswa mo nageng eo yotlhe jaaka fa mekgatlho e e farologaneng ya namolo e ne e simolola go itebaganya le seo. Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, se ne sa seka sa tlhola se botsa mme se bo se tlhoma komiti ya namolo gore e dire e le kwa Holong ya Dikopano ya kwa Fort Lauderdale. Gape se ne sa ntsha madi a a seng kana ka sepe gore go rekiwe dilwana tsa go aga, dijo, le dilwana tsa maemo a tshoganyetso. Ka gone, Basupi e ne ya nna bangwe ba ba ntlha go ka tsibogela boemo joo mme ba simolola go kopa bao ba ka ithaopang. Tota ebile, ba le bantsi ba ile ba itlela fela kwantle ga gore ba kopiwe.
Badiri bao eleng Basupi ba ne ba tla ba tswa kwa California, North Carolina, Oregon, Washington State, Pennsylvania, Missouri, le go tswa kwa mafelong a mangwe a mantsi. Komiti E E Agang ya Kgaolo ya Virginia eo ka gale e agang Diholo tsa Bogosi e ne ya romela setlhopha sa Basupi ba le 18 go ya go baakanya marulelo. Go ne ga se tsaya diura di le 18 go ya go fitlha koo. Badiri ba namolo ba ne ba tsaya malatsi a boikhutso kana ba tsaya dilifi mme ba kgweetsa go ralala naga eo, dikilometara di le makgolokgolo le eleng di le diketekete, go ya go fitlha kwa Basuping ka bone bao ba neng ba le mo tlalelong.
Setlhopha seo se neng sa thusa thata e ne e le seo se neng se tswa kwa tulong ya Charleston kwa South Carolina. Ba ne ba ile ba nna le boitemogelo ka nako ya Sefefo sa Kgwanyape sa Hugo bogologolo kwa ka 1989. Ba ne ba itse seo motho a ka se lebelelang ka nako ya sone mme ba ne ba akofa ba rulaganya dilwana tsa namolo, go akaretsa le dijenereitara tsa motlakase le dilwana tsa go aga. Mo dibekeng di le pedi fela ke fa ditlhopha tsa baithaopi di omisitse magae a ka tshwara 800 mme ba baakantse marulelo a le mantsi.
Batho ba le bantsi bao eleng balekane ba lenyalo mme e se Basupi mmogo le baagelani ba ne ba bona thuso go tswa mo ditlhopheng tse di baakanyang tsa Basupi. Ron Clarke yo o tswang kwa West Homestead o ne a bega jaana: “Balekane bao eseng badumedi ba ile ba kgatlhiwa thata ke seno. Ba ile ba tsholola dikeledi, ba amiwa pelo ke seo Basupi ba setseng ba se ba diretse.” O ne a oketsa jaana malebana le monna mongwe yo eseng modumedi wa Mosupi mongwe: “O phephetha ka boitumelo—jaaka re bua jaana Basupi ba kwa ga gagwe ba mo tsenyetsa marulelo.”
Mosupi yo mongwe o ne a bolela ka baagelani ba gagwe bao eseng Basupi bao a neng a ba tlhola bosigo bongwe le bongwe. Ba ne ba re tsotlhe di apere tshiamo. Mo letsatsing la botlhano, mosadi wa teng o ne a thubega ka selelo. “Ga re na metseto epe eo re ka tsetang ngwana ka yone. Dijo tsa ngwana di gaufi le go fela. Ga re na dijo le metsi a a lekaneng.” Monna wa teng o ne a tlhoka dilitara di le 20 tsa peterolo mme lefa go ntse jalo go ne go sena gope koo a neng a ka kgona go e bona teng. Mo go lone letsatsi leo, Mosupi yoo o ne a ba tlela le sengwe le sengwe seo ba neng ba se tlhoka a tla le tsone go tswa kwa Holong ya Bogosi koo dilo tsa namolo di neng di beilwe teng. Mosadi wa teng o ne a lela ka ntlha ya go leboga. Monna wa teng o ne a ntshetsa tiro ya namolo moneelo.
Seabe sa botlhokwa ke seo bagolwane ba phuthego mmogo le batlhanka ba bodihedi ba ileng ba nna le sone bao ba neng ba dirisana mmogo mo go rulaganyeng dilwana tsa namolo kwa Diholong tse di farologaneng tsa Bogosi tse di baakantsweng tseo di leng kwa lefelong le le neng le padimotswe ke matlhotlhapelo ano. Ba ne ba bereka ba sa kgaotse ba batlana le Basupi botlhe le go bona gore ke dilo dife tseo ba neng ba di tlhoka. Go farologana le seno, motlhankedi mongwe wa Mophato wa Difofane wa sesole o ne a tsopolwa a bolela jaana malebana le tiro ya go namola eo e neng e dirwa kwa tulong e nngwe: “Bao ba etelelang pele ba batla go nna ba supa ka monwana fela, mme ga go na ope yo o batlang go tsenya seatla le go dira tiro eno e e seng monate.”
Matlhotlhapelo a ka bontsha dinonofo tse di molemo tseo batho ba nang le tsone mmogo le tse di bosula tseo ba nang le tsone. Sekai sengwe sa dinonofo tseno tse di bosula ke sa go utswa. Lelapa lengwe la Basupi le ne la dira tshwetso ya gore bogolo le tla boloka foritšhe ya lone mmogo le motšhine o o tlhatswang diaparo gore di dirisiwe kwa lefelong la namolo eleng kwa Holong ya Bogosi ya lefelo leo. Ba ne ba ya kwa holong go ya go tsaya lori teng. Pele ga ba boa, ke fa magodu a setse a ile ka dilwana tseno ka bobedi jwa tsone!
Motho mongwe yo o ileng a iponela ka a gagwe a mabedi o ne a bega jaana: “Fa re ne re ntse re tsamaya go ralala mebila e go neng go sena ope mo go yone, re ne ra bona magae mangwe ao go neng go beilwe matshwao mo go one ao a neng a tlhagisa magodu gore a seka a bo a le baya teng. Mangwe a matshwao ano a ne a bolela jaana, ‘Magodu A Tshwanelwa ke go Swa’ le, ‘Fa O Utswa O Tla Thuntshiwa.’ Le lengwe le ne le bolela jaana, ‘Go thuntshitswe magodu a le mabedi. A le mongwe wa bone o sule.’ Mabenkele mmogo le ditikatikwe tsa mabenkele di ne di ile tsa tlhaselwa ke magodu.” Go ya ka sajene mongwe yo a leng mo Setlhopheng sa bo 82 sa Mophato wa Difofane wa masole, bobotlana legodu le le lengwe le ne le ile la tshwarwa ke batho mme ba le lobela dintsi.
Go ne ga tshwarwa batho ba le bantsi. Go lebega gore mo matlhotlhapelong mangwe le mangwe setlhopha sa dikebekwa se nna se itshiamiseditse go ka tsubula sengwe teng jaaka manong. Mme le eleng batho ba ba fa ba go tweng ke batho fela ba eseng dikebekwa ba tlhotlheletsega go utswa. Go lebega bodumedi, boitshwaro jo bontle, le boitsholo jo bo molemo di nyelela fa motho a lebane le teko ya go ka bona sengwe a sa se ntshetsa sepe.
Tsogang! e ne ya bolelelwa gore kwa tshimologong masole a sekae a ile a bo a utswelwa ditlhobolo tsa bone tseo di neng di sa tlhatlhelwa marumo di utswiwa ke magodu ao a neng a tlhometse ka dibetsa. Go ne ga utlwiwa masole mangwe a bolela gore ba ne ba leba lefelo la namolo la kwa Holong ya Bogosi jaaka lefelo la botshabelo mo sekakeng “ka ntlha ya gore,” jaaka fa ba ile ba bolela, “lona ga lo tshole ditlhobolo.”
“O Seka Wa Nna Fela O Nnetse go Ratharatha ka Pelo”
Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se ithutileng go tswa mo maitemogelong ao ba nang le one ka matlhotlhapelo a tlholego? Simololang ka ditiro tsa semoya ka bonako ka mo go ka kgonegang ka teng. Ed Rumsey, yo e leng molebedi kwa Homestead, o ne a bolelela Tsogang! gore Diholo tsa Bogosi tse pedi tseo di leng mo moagong o le mongwe di ne di setse di siametse gore go ka tshwarelwa dipokano mo go tsone ka Laboraro morago ga Mantaga eo kgwanyape eno e padimotseng ka yone. E ne e tsamaile ka marulelo mangwe, disiling di ne di wetse, mme go ne go tsene metsi. Baithaopi ba ne ba bereka ka bonako go baakanya Diholo tsa Bogosi gore dipokano di tshwarelwe mo go tsone le go di dirisa jaaka mafelo ao tiro ya namolo e neng e tla tsamaisiwa go tswa mo go one mo lefelong la bone le le padimotsweng ke matlhotlhapelo. Go ne ga tlhongwa matlwana a boapeelo gore bao ba wetsweng ke matlhotlhapelo mmogo le badiri ba namolo ba tle ba bone sengwe go se baya fa ntshung.
Fermín Pastrana, yo e leng mogolwane go tswa kwa Phuthegong ya Se-Spain ya Princeton, o ne a bega gore malapa a le supa mo phuthegong ya gagwe e e nang le Basupi ba le 80 a ne a latlhegetswe gotlhelele ke magae a one. Ke eng seo a neng a se akantsha Basupi ka ene? “Tlhomoga pelo fa e le gore go tlhokafala gore o tlhomoge pelo. Mme lefa go ntse jalo o se ka wa nna fela fa fatshe wa nnela go ratharatha ka pelo. Tsenya seatla mo go thuseng ba bangwe, mme, o ye bodiheding go ya bokgakaleng jo bo ka kgonegang. O se ka wa fosa dipokano tsa rona tsa Bokeresete. Rarabolola seo se ka kgonwang go rarabololwa, mme o se ka wa tlhola o tshwenyegile ka seo se se kakeng sa kgonwa go rarabololwa.” Ka ntlha ya seo, go ise go ye kae ke fa Basupi ba setse ba rera mme ba tsamaya ka ntlo le ntlo ka mabokoso a namolo. Sefefo seno sa kgwanyape sa Andrew se ne se sa tsaya tlhoafalo ya bone.
‘Mo Nakong E E Tlang Re Tlile go Tshaba!’
Sharon Castro, yo o nang le dingwaga di le 37 go tswa kwa Cutler Ridge o ne a bolelela Tsogang! kgang eno ya gagwe: “Rre o ne a dira tshwetso ya gore a seka a tshaba. O ne a akanya gore ereka sefefo sa kgwanyape sa mo nakong e e fetileng se ile sa seka sa padimola lebopo la Florida la lewatle, sa Andrew le sone se ne se tla dira fela jalo. O ne a sa batle le eleng go bipa matlhabaphefo ka diboto. Ka lesego, nnake wa mosimane o ne a tla mme a bo a pateletsa gore go bipiwe matlhabaphefo ka diboto. Kwantle ga pelaelo kgato eo ya gagwe e ile ya boloka matshelo a rona. Matlhabaphefo a rona a ka bo a ile a thubega, mme rona re tla bo re ile ra sala re le ditokitoki fela.
“Mo e ka nnang ka 4:30 a.m. motlakase o ne wa kgaoga. Medumo eo e neng e utlwala go tswa kwa ntle e ne e boifisa thata. E ne e utlwala jaaka modumo wa namane e tona ya terena. Ditlhare di ne di ntse di re tletlerrr! jaaka fa sefefo se ne se di tsubula le go di roba mmogo le go tsaya meago. E ne ya re moragonyana ra lemoga gore modumo o o boifisang o o neng o utlwala kwa ntle e ne e le wa dipekere tse ditelele tseo marulelo a rona a neng a kokotetswe ka tsone mme e le nako ya fa di ne di kgomoga. Sefefo seno se ne se tsere kamore e e kwa godimo, mme nngwetharong ya marulelo le yone e ne e tserwe ke sefefo. Go ne ga felela ka gore, ka bo 12 jwa rona, go akaretsa le mme yo o golafetseng le mmemogolo yo o nang le dingwaga di le 90, re tshabele mo kamoreng e e fa gare e go senang matlhabaphefo mo go yone. Re ne re na le tumelo e e tletseng ya gore re tlile go swela foo.”
Ke thuto efe eo a ileng a e ithuta go tswa mo tiragalong eno? “Mo nakong e e tlang fa ba re laela gore re tshabe, re tlile go tshaba—ga re na go tlhola re botsa. Re tla tsaya ditlhagiso tsia. Gape ke ithutile go kgaogana le ba bangwe dilonyana di sekae fela tseo ke nang natso mmogo le go tshela ka tsone. Mme ke a itse gore go lela, go utlwa botlhoko ga go na molato ope, mme e bo e re go tswa foo o bo o amogela kgwetlho eo.”
Ditsela Tseo Metswedi ya Dikgang E Ileng ya Tsibogela Seno ka Gone
Le eleng metswedi ya dikgang tota e ile ya lemoga kafa Basupi ba neng ba dira dilo ka thulaganyo e e molemo ka teng. Savannah Evening Press e ne e na le setlhogo se segolo se se reng “Basupi ba ga Jehofa Ba Iphitlhela Ba Amogelwa mo Florida Borwa,” mme The Miami Herald e ne ya bolela jaana: “Basupi Ba Tlhokomela Batho ba Bone—Mmogo le Ba Bangwe.” E ne ya bolela jaana: “Ga go na ope mo Homestead yo o thubaganyang ditswalo mo difatlhegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo bekeng eno—le eleng le fa ba santse ba na le ditswalo tseo ba ka di thubaganyang jalo. Basupi ba ba ka tshwarang 3 000 ba baithaopi ba ba tswang go ralala naga eno yotlhe ba rakanetse mo tulong eo e padimotsweng ke matlhotlhapelo ano, go thusa batho ba bone pele, mme morago ba bo ba thusa ba bangwe. . . . Mokgatlho ope fela wa sesole o ka tswela pelo tsela eo Basupi ba dirang dilo ka go opa kgomo lenaka ka gone, tsela eo ba laegileng ka yone le tsela eo ba leng ditswerere ka yone mo tirong.”
Basupi ba tlwaetse go rulaganyetsa go fepa matshutitshuti a batho ka dijo kwa dikopanong tsa bone tse dipotlana le tse dikgolo. Mo godimo ga moo, ba dirile thulaganyo ya gore go nne le Dikomiti di le makgolokgolo Tse Di Agang tsa Kgaolo go ralala lefatshe lotlhe go ka aga Diholo tsa Bogosi mmogo le Diholo tse dikgolo tsa Dikopano. Ka gone, ba na le badiri ba ba thapisitsweng bao ba a bong ba setse ba siame go ka ragoga mo sebakeng sa diura di sekae fela ba sena go itsisiwe.
Lefa go ntse jalo, go na le selo se sengwe gape se se bakang seno—boikutlo jwa bone. Yone pego eo e ne ya bega jaana: “Ga go na setlhopha sepe mo go bone seo sa sone e leng melao fela. Ga go na dikgotlhang tseo di bakiwang ke go itseela kwa godimo. Mo boemong jwa moo, badiri ba lebega ba tletse boitumelo fela thata ebile ba dirisana mmogo le ba bangwe go sa kgathalesege kafa ba gotetseng ka gone, kafa ba kganathetseng ka gone kana kafa ba lapileng ka gone.” Seo se ne sa tlhalosiwa jang? Mosupi mongwe o ne a araba jaana: “Seno se nna teng ka ntlha ya kamano eo re nang le yone le Modimo eo e re tlhotlheletsang gore re bontshe ba bangwe lorato lwa rona.” Seo e ne e le se sengwe sa dilo tseo sefefo seno sa kgwanyape sa Andrew se neng se se kake sa di tsaya, lorato lwa Bokeresete loo Basupi ba nang le lone.—Yohane 13:34, 35.
Selo se se kgatlhisang se se ka bapisiwang le seno ke gore go lebega Basupi ba ithutile sengwe go tswa mo ditlhareng. Motho mongwe yo o iponetseng seno ka a gagwe a mabedi o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke ntse ke tsamayatsamaya foo, ke ne ka palelwa ke go itlhokomolosa go lemoga gore ditlhare di le makgolokgolo tse dikgolo di ne di kumutswe ka medi mme di namaletse fa fatshe. Ka ntlha yang? Di ne tsa leka go itsetsepela mo sefefong seo ka ntlha ya gore di le dikgolo, mme ebile medi ya tsone e ne e namile thata le fa gone e ne e sa tsenelela kwa teng go le kalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa ditlhare tse ditshesane tsa dipalema di ne tsa sala di eme. Di ne tsa obega fa sefefo seo se feta, tse dingwe tsa tsone di ne tsa latlhegelwa ke dikala tsa tsone, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa tsone di ne tsa sala di ntse di itsetsepetse mo mmung.”
Basupi ba ne ba na le medi ya tumelo e e tsenelelang kwa teng mo Lefokong la Modimo mme ba ne ba kgona go tsamaisana le seemo go ya ka ditsela tseo ba ileng ba tsibogela seo ka tsone. Dilo tse ba nang le tsone le magae a bone ga se dilo tsa botlhokwatlhokwa go gaisa tsotlhe mo go bone. Bobotlana ba ne ba santse ba tshela mme ba ne ba santse ba ka tswelela pele ba direla Jehofa go sa kgathalesege masetlana ao. Botshelo ke sengwe seo sefefo sa kgwanyape sa Andrew se ileng sa seka sa se ba tseela.
Go Dirwa Jang?
Setlamo sa Anheuser Busch se ne sa ntsha moneelo wa metsi a a nowang a tletse mo loring. Fa e fitlha, mokgweetsi wa yone o ne a botsa batlhankedi ba puso gore a ise metsi ao kae. O ne a bolelelwa gore batho bao ba neng ba setse ba dirile dithulaganyo tsa seo e ne e le Basupi. Tota ebile, mo bekeng e le nngwe morago ga sefefo sa kgwanyape sa Andrew se sena go padimola koo, ke fa dikolotsana di le 70 tse di gogiwang ke diterekere di setse di fitlhile kwa Holong ya Dikopano ya kwa Fort Lauderdale ya Basupi ba ga Jehofa di rwele merwalo ya ditlamelwana.
Motho mongwe wa moithaopi koo o bega jaana: “Ka gone re ile ra amogela teraka yotlhe e tletse ka metsi a a nowang. Re ne ra akofa ra a akaretsa mo dilong tse dingwe tse di jewang tseo re neng re di romela kwa mafelong ao di abiwang go tswa kwa go one kwa Diholong tsa Bogosi. A ne a nowa ke bakaulengwe le ke baagelani ba mo tulong eo bao ba neng ba a tlhoka.” Setlamo sengwe se se dirang pampiri sa kwa Washington State se ne sa ntsha moneelo wa dipoleiti tsa pampiri di le 250 000.
Kwa tshimologong, batsamaisi ba toropo ba ne ba romela baithaopi bao eseng Basupi kwa Diholong tsa Bogosi, ba ba raya ba re, ‘[Basupi] ke bone fela bao ba rulagantseng dilo ka tshwanelo.’ Kgabagare masole a ne a itelekela mme a simolola go tlhoma mafelo a namolo a go ka bonwang dijo le metsi mo go one mmogo le ditoropo tse di dirilweng ka ditente.
Lefelo la ntlha la Basupi leo go neng go abiwa dilwana tsa namolo go tswa mo go lone le ne la tlhomiwa ke komiti ya namolo kwa Holong ya Dikopano ya kwa Fort Lauderdale, eo e leng bokgakala jwa dikilometara di le 60 go ela kwa bokone jwa lefelo le le bapileng le kwa Homestead leo le neng le padimotswe mo go maswe ke matlhotlhapelo. Go fokotsa bontsi jwa tiro koo, go ne ga tlhongwa lefelo le legolo le go abiwang dilo go tswa kwa go lone kwa Holong ya Dikopano ya kwa Plant City gaufi le Orlando, mo e ka nnang dikilometara di le 400 go ela kwa bokonebophirima jwa lefelo leo le neng le padimotswe ke matlhotlhapelo. Bontsi jwa dilwana tsa namolo di ne di romelwa koo go ya go rulaganngwa le go pakiwa. Komiti e ne e kopa dilo tseo e neng e di tlhoka go tswa kwa Plant City letsatsi le letsatsi, mme dikolotsana tse dikgolo tseo di gogiwang ke diterekere di ne tsa dirisiwa go tsamaya loeto lo lo tsayang sebaka sa diura di le tlhano go ya kwa Fort Lauderdale.
Mme lefelo leno la go aba dilo le lone le ne le tlamela Diholo tse dingwe tsa Bogosi tseo di neng di baakantswe tsa mo gare ga tulo eo e neng e padimotswe ke matlhotlhapelo ao ka dijo, dilwana, metsi, difetlhamotlakase. Koo, Basupi ba ba nang le bokgoni ba ne ba rulaganya ditlhopha tse di agang le tse di phepafatsang gore di etele magae a le makgolokgolo ao a neng a tlhoka thuso. Matlwana a boapeelo le mela ya go fepiwa ka dijo le yone e ne ya bulwa mo mabaleng a Diholo tsa Bogosi, mme mongwe le mongwe o ne a letlelesega go ka tla go kopa thuso teng. Le eleng bangwe ba masole ba ne ba ipelela dijo koo mme e ne ya re morago ga moo ba bonwa ba latlhela meneelo mo mabokoseng a meneelo.
Ka nako ya fa banna ba ne ba tshwaragane le go baakanya matlo, basadi bangwe bone ba ne ba dira dijo. Ba bangwe ba ne ba jetse batho bape bao ba neng ba ka kgona go ba bona nala gore ba tle ba ba bolelele kafa Bibela e tlhalosang matlhotlhapelo a tlholego ka gone mmogo le go naya bao ba neng ba tlhoka dibokoso tsa dilwana tsa namolo. Mongwe wa bano e ne e le Teresa Pereda. Ntlo ya gagwe e ne e senyegile, mme matlhabaphefo a koloi ya gagwe a ne a thubegile—lefa go ntse jalo koloi ya gagwe e ne e tladitswe ka dibokoso tsa dilwana tsa namolo a ipaakanyeditse go boa a ba etela baagisani gape. Monna wa gagwe, ebong Lazaro, o ne a tshwere ka natla kwa go nngwe ya Diholo tsa Bogosi.—Moreri 9:11; Luke 21:11, 25.
Ba bantsi bao ba neng ba sena magae ba ne ba bonelwa marobalo mo magaeng a Basupi ao a neng a sa angwa ke sefefo seo sa kgwanyape sa Andrew. Ba bangwe ba ne ba nna mo dikharabeneng tseo ba neng ba di adimilwe kana tseo di neng di ntshitswe moneelo ka boikaelelo joo. Ba bangwe ba ne ba fudugela mo ditoropong tsa ditente tseo di neng di tlhomilwe ke masole. Ba bangwe ba ne fela ba tsaya magae a bone jaaka ao a senang bobaakanngo mme ba bo ba fuduga go ya go nna le ditsala le balosika mo dikarolong tse dingwe tsa naga. Ba ne ba sena magae kana ditiro. Go ne go sena motlakase, go sena metsi, leswe le sa tlosiwe ka mo go lekaneng—ka gone ba ne ba rarabolotse seno ka tsela eo e neng e le botoka mo go tsone tsotlhe mo go bone.
Thuto eo botlhe ba ileng ba e ithuta e tlhalosiwa sentle ke Mosupi mongwe yo o buang Se-Spain fa a ne a re: “Re lebogela thuto eo re e ithutileng malebana le mekgele ya rona mo botshelong thata. Wa itse, o ka bereka dingwaga di le 15 kana di le 20 o aga legae la gago, o kokoanya dilo tse di bonalang, mme e bo e re morago ga moo ka ura e le nngwe fela, tsotlhe e bo e le a o ne o di mpeile. Seno se re thusa gore re lemoge mekgele e re nang le yone semoyeng, eleng go dira botshelo gore e seka ya nna jo bo raraaneng le gore eleruri re akanya ka go direla Jehofa.”
Go tshwana fela jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa jaana: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. E, rure, ke kaea dilō cotlhe di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna oa me: eo ke latlhegecweñ ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, me ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete.”—Bafilipi 3:7, 8.
Matlhotlhapelo a tlholego ke sengwe sa dilo tse di nang le go diragala mo botshelong mo lefatsheng la rona la jaanong. Fa re reetsa ditlhagiso tseo di dirwang ke balaodi ba puso, bobotlana re ka boloka matshelo a rona. Gongwe re ka nna ra latlhegelwa ke magae mmogo le ke dilo tse re nang natso, mme lefa go ntse jalo kamano eo Mokeresete a nang le yone le “Modimo oa kgomoco eotlhe” e tshwanetse ya nonotshiwa. Le eleng fa bangwe ba ka swa ka nako ya matlhotlhapelo, Jesu o solofeditse gore ba tla tsosiwa mo lefatsheng le lesha la Modimo leo le tla bong le agilwe sesha—eleng lefatshe le mo go lone go se kitlang go tlhola go nna le masetlana le loso leo le bakiwang ke matlhotlhapelo a tlholego.—2 Bakorintha 1:3, 4; Isaia 11:9; Yohane 5:28, 29; Tshenolō 21:3, 4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgwanyape ke “pula ya matlakadibe eo e nnang teng kwa Borwa jwa Lewatle la Atlantic eo diphefo tsa yone di kgonang go taboga ka lebelo le le fetang dimaele di le 75 ka ura (dikilometara di le 121 ka ura).” (The Concise Columbia Encyclopedia) Setsokotsane ke “sefefo sa kgwanyape seo se nnang teng kwa bophirima jwa Pacific kana kwa Lewatleng la China.”—The American Heritage Dictionary of the English Language.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
O Ne A Gakgamala Eletota
Setlhopha sa Basupi ba le 11 ba basweu se ne sa tsaya loeto go tswa kwa Tampa, Florida, go ya go thusa mo tirong ya namolo. Ba ne ba bona ditlamelwana mme ba simolola go baakanya marulelo a Mosupi mongwe wa montsho. Fa setlogolo sa gagwe seo eseng Mosupi se ne se goroga, e ne ekete o a lora—o ne a gakgamala eletota go bona gore setlhopha seo sa Basupi ba basweu se ne se gorogile koo pele ga ene a goroga mme ba ne ba baakanya legae la ga malomaagwe. O ne a kgatlhiwa thata ke seo moo eleng gore o ne a bo a thusa mo tirong ya go aga.
O ne a bolela gore mo nakong e e tlang fa Basupi ba tla kwa ntlong ya gagwe, o tla ba kopa gore ba ithute le ene Bibela. Fa a ntse a buisana le setlhopha seo sa kwa Tampa, go ne ga lemotshega gore o ne a tswa kwa tulong e le nngwe nabo. Kwantle ga go senya nako mongwe wa bagolwane mo setlhopheng seo o ne a dira dithulaganyo tsa gore ba ithute Bibela nae mo bekeng e e latelang! Jaaka fa go ile ga bolela Mosupi mongwe, fa o neela bosupi ga o a tshwanela go kokota fela mo mejakong—o ka kokota le mo marulelong!
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew se ne sa se ka sa tlogela sepe, mme e ne e le dikago di sekae fela tseo se neng sa seka sa di tsaya
Motse o o mo maotwaneng oorra Kieffer—le seo se ileng sa sala
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Rebecca Pérez, morwadie, le ba bangwe ba le 11 ba ile ba falola ba le mo phatlheng eno
Masole a ne a tla go tla go kgoreletsa bogodu (kwa godimo kafa mojeng); dishopo tse go utswilweng mo go tsone (kafa mojeng)
Kgwanyape eo e ne ya tlhatlhamolola marulelo, le dikoloi di ne di phepheulwa
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Namolo e ne ya rulaganyetswa kwa Diholong tsa Bogosi
Magae a a mo maotwaneng a ne a hakilwe ke ditlhare; dilo tse ngwana a tshamekang ka tsone di tlogetswe di le tsosi mo godimo ga materase; dibuka tsa Bibela le tsone di mo matlakaleng; Basupi, jaaka Teresa Pereda, ba ne ba isetsa baagisani dilo tse ba di tlhokang
Di dirisiwa tsa kago tse di abilweng. Go tlhaola diaparo
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Baithaopi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa United States ba ne ba thusa mo tirong ya namolo