LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 10-13
  • Ditiro tsa ga Jehofa Tse Di Bolokang tsa Gone Jaanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiro tsa ga Jehofa Tse Di Bolokang tsa Gone Jaanong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bontsha Lorato ka Ditiro
  • Bokaulengwe jwa Lefatshe ka Bophara
  • Kwa Tshireletso ya Boammaaruri E Tswang Gone
  • Go Gola Mmogo mo Loratong
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dilo Tseo Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew Se Sa Kgonang go Di Senya
    Tsogang!—1993
  • Sengwe se le Ditsuatsue di Neng si Ka se Kgone go se Gogola
    Tsogang!—2003
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 10-13

Ditiro tsa ga Jehofa Tse Di Bolokang tsa Gone Jaanong

BIBELA e re bolelela seno kaga Jehofa: “Dipatikègō tsa mosiami di dintsi: me Yehofa o mo golola mo go cōna cotlhe” gape, “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ.”—Pesalema 34:19; 2 Petere 2:9.

Jehofa o thusa batho ba gagwe jang fa ba le mo tlalelong? Ga a dire seo ka go dirolola maatla a tlholego ka tsela ya dikgakgamatso kana ka maatla mangwe a e seng a tlholego, jaaka batho ba le bantsi ba akanya gore o tshwanetse a dira jalo, mme lefa go ntse jalo o dira seo ka maatla a mangwe ao tota batho ba le bantsi ba sa a tlhaloganyeng—lorato. Ee, Jehofa o rata batho ba gagwe, mme o ba rutile gore ba ratane fela thata mo a bileng a kgona go ba direla se go lebegang e le kgakgamatso.—1 Yohane 4:10-12, 21.

Ba bangwe ba ka nna ba bontsha gore mo maemong a tshoganetso, go tlhokega fela dijo, melemo, le didirisiwa—e seng lorato. Ke boammaaruri gore dijo, melemo, le didirisiwa ke dilo tsa botlhokwa. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka tsela eno: “Ha ke na le tumèlō eotlhe, e le e e lekanyeñ go hudusa dithaba, me ha ke sena loratō, ke be ke se sepè hèla. Me ha ke ntsha dilō cotlhe tsa me ke otla bahumanegi ka cōna, me ha ke ntshetsa mmele oa me go hisiwa, me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.”—1 Bakorintha 13:2, 3.

Gantsi re bala ka dilwana tsa namolo tse di koaganeng di bola kana di jewa ke dipeba fa batho ba ba di tlhokang ba bolawa ke malwetse le tlala. Kana se se maswe le go feta, dilwana tse di ntseng jalo di ka nna tsa laolwa ke batho ba ba bohula le ba ba sa ikanyegeng ba ba itirelang dipoelo ka tsone ka namana. Ka gone, dilwana di ka nna teng, mme ke bothata jo bongwe go tlhomamisa gore ba ba mo tlalelong ba solegelwa molemo ke tsone. Lorato lwa mmatota le kamego di ka dira se se fapaaneng.

Go Bontsha Lorato ka Ditiro

Ka September 1992, Hurricane Iniki e ne ya padimola setlhaketlhake sa kwa Hawaii sa Kauai, se se nang le batho ba le 55 000. E re ka e ne e na le diphefo tse di neng di foka ka lobelo lwa dikilomitara di le 210 ka ura mme tsa tloga tsa foka ka lobelo lwa dikilomitara di le 260 ka ura, di ne tsa bolaya batho ba le 2 mme tsa gobatsa ba le 98, di ne tsa senya 75 lekgolong ya magae, batho ba le 8 000 ba sala ba sena magae, mme di ne tsa baka tshenyo ya dilo tse di ka tshwarang diranta di le dimilione di le dikete tse tharo. Gareng ga bao ba neng ba agile mo setlhaketlhakenyaneng seno e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba ka tshwara 800 mo diphuthegong di le thataro. Ba ne ba amega jang?

Tota e ne e rile pele ga Iniki e ka padimola, bagolwane ba diphuthego, ba ba neng ba kaelwa ke molebedi yo o etang, ba ne ba setse ba ikopantse le maloko otlhe a diphuthego go tlhomamisa gore ba babalesegile le go bolokesega, go ipaakanyetsa tlhaselo eo. Tlhokomelo e e ntseng jalo e e lorato e ne e tlhokega thata gore Basupi ba se ka ba gobala mo go masisi kana ba swa.—Bapisa Isaia 32:1, 2.

Le mororo ditlhaeletsano le tsa mesepele di ne di senyegile mo go maswe, baemedi ba le bararo ba ofisi ya lekala ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa Honolulu ba ne ba le gareng ga batho ba ba neng ba goroga lwa ntlha kwa lefelong leo morago ga kgwanyape, fa ba sena go neelwa tetla e e kgethegileng ke ba namola loago gore ba fofele kwa Kauai. Ka bonako fela, ba ne ba ikopanya le Basupi ba lefelo leo mme, mo mosong o o latelang, ba ne ba rulaganya gore go nne le kokoano ya go rulaganya kafa namolo e tla tsamaisiwang ka gone. Go ne ga tlhomiwa komiti ya namolo gore e tlhotlhomise gore ke dilo dife tse di tlhokegang e bo e tlisa dilwana tse di tlhokegang ka ofisi ya lekala kwa Honolulu. Ba ne ba kaela tiro eno ya go isa dilwana kwa go ba ba neng ba di tlhoka le go phepafatsa le go tsosolosa magae a a neng a senyegile, ba bereka ba sa kgaotse.

Basupi ba ba mo ditlhaketlhakeng tse dingwe ba ne ba thusa bakaulengwe ba bone ka bofefo ba ba neng ba tlhoka thuso. Ka bofefo fela fa lebala la difofane la kwa Kauai le sena go bulwa, Basupi ba le 70 ba ne ba ya teng ka sefofane go ya go thusa. Dilwana tsa namolo tsa madi a a kana ka R300 000, go akaretsa le dijenereitara, ditofo tsa go kampa, mabone, le dijo, di ne tsa romelwa koo ka sekepe. Holo e nngwe ya Bogosi mo setlhaketlhakeng seno e ne ya dirisediwa go bolokela dilwana tseno; lefa go ntse jalo, ba ne ba boifa gore di ka nna tsa utswiwa. Morago ga moo diteraka tsa Sesole di ne tsa tsena mo lefelong la go paka dikoloi la Holo ya Bogosi, mme bakgweetsi ba tsone ba ne ba botsa gore a ba ka paka diteraka tsa bone foo. Masole a a neng a thibeletse foo gore ba sireletse diteraka tseno gape a ne a thusa gore dilwana tsa namolo di se ka tsa utswiwa.

Bakaulengwe ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba tshotse dijenereitara, ba fitlha ba di dumisa mo legaeng lengwe le lengwe ka diura tse pedi kana tse tharo go thusa batho gore ditsidifatsi tsa bone di bereke. Go ne ga romelwa ditlhopha tsa bakaulengwe kwa magaeng a a farologaneng go ya go thusa go phepafatsa le go baakanya dilo tse di senyegileng. Fa ba ne ba bereka mo ntlong ya kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe a neng a ganetsa mo go setlhogo mo nakong e e fetileng, monna yono o ne a amega tota mo a neng a ba bogela fela a ntse a lela. Moeng mongwe yo o neng a tswa kwa nageng e e seng ya setlhaketlhake yo o neng a bona setlhopha se sengwe sa Basupi se bereka o ne a kgatlhiwa thata ke boitshwaro jwa bone le go dira dilo ka thulaganyo mo a neng a ba atamela a ba a ba botsa gore ke eng se se ba dirang gore ba farologane le ba bangwe jaana. Fa mokaulengwe mongwe a ne a mo tlhalosetsa gore ke ka go bo ba rata Modimo le Bakeresete ka bone, monna yono o ne a araba jaana: “Ke ka itse Modimo jang?” (Mathaio 22:37-40) Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Batho ke lona lo dira dilo ka thulaganyo tota gongwe lo tla rulaganya le mongwe gore a nkemele kwa legaeng la me fa ke boela kwa Florida!”

Ka kakaretso, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa go phepafatsa le go baakanya magae a le 295 kwa Kauai. Mo go one, a le 207 a ne a sa tlhoke go baakanngwa thata, mme a le 54 a ne a senyegile fela thata, a le 19 one a ne a senyegile gotlhelele. Gape tiro ya bone e ne e akaretsa go etela mongwe le mongwe yo o itsiweng e le Mosupi kwa setlhaketlhakeng seo go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa bone o tlhokomelesegile. Fa kgaitsadi mongwe a ne a tlisediwa dilwana, moagisani wa gagwe wa Mobuda o ne a akgela gore ene ga a fiwa lefa e le yone sakana ya tee tota ke setlhopha sa gagwe. Mosadi mongwe yo ntlo ya gagwe e neng ya phepafadiwa ke setlhopha sa Basupi o ne a bolela jaana: “Lo na le nako e telele lo ntse lo tla mo tlung ya me, mme ke ne ke akanya gore lo baagisani ba ba molemo fela, mme lefa go ntse jalo go bo lo bontsha baagisani lorato ka tsela eno go mpontsha se phuthego ya lona e leng sone. Ke lebogela tiro yotlhe ya lona.”

Mo godimo ga go tlhokomela dilo tsa senama tse di tlhokwang ke Bakeresete ka bone botlhe, bao ba neng ba tlhokometse dilo tsa namolo ba ne ba amegile ka tsela e e tshwanang le ka bomoya jwa bone. Go ise go fete malatsi a mabedi morago ga kgwanyape eo, diphuthego di le dintsi di ne di setse di tshwara dipokano tsa tsone. Ka bofefo fela, ditlhopha tse dipotlana tsa thuto ya buka di ne di setse di tshwarwa gape. Bagolwane ba le lesome go tswa kwa ditlhaketlhakeng tse dingwe ba ne ba ya kwa Kauai go ya go thusa bagolwane ba lefelo leo gore go dirwe maeto a bodisa mo Mosuping mongwe le mongwe yo o mo setlhaketlhakeng seo. Sontaga se se latelang, diphuthego tsotlhe tse thataro di ne tsa tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo, ga latela puo ya metsotso e le 30 e e malebana le dithulaganyo tsa namolo ka leloko lengwe la Komiti ya Namolo, mme puo e e konelang ya metsotso e le 30 e ne ya neelwa ke leloko lengwe la Komiti la Lekala le le neng le tswa kwa Honolulu ka boikaelelo jwa go tla go neela puo eno. Pego ya motho mongwe yo o boneng tiragalo eno ka matlho e bolela jaana: “Botlhe ba ne ba gomodiwa ke kaelo e e molemo e e neng ya neelwa mme ba ikutlwa ba nonofile semoyeng go ka rarabolola mathata a a setseng. Batho ba le bantsi mo go bao ba neng ba reeditse ba ne ba tsholola dikeledi fa thulaganyo e ya bokhutlong, mme ba ne ba opa diatla fela ba sa kopiwa.”

Bokaulengwe jwa Lefatshe ka Bophara

Lorato lo lo ntseng jalo le kamego ke letshwao la batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Fa Cyclone Val e ne e tsubutla kwa Samoa Bophirima mo e ka nnang ngwaga pelenyana, e ne ya senya fela thata, mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ba ne ba tla ka bofefo go tla go thusa bakaulengwe ba bone koo. Moragonyana, fa puso e ne e neela bodumedi bongwe le bongwe madi—go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa—gore ba baakanye dikago tsa bone, Basupi ba ne ba busa madi ano ba kwadile lekwalo le le bolelang gore ba setse ba baakantse gotlhe mo go neng go senyegile, le gore madi ao a ka dirisediwa go baakanya dikago dingwe tsa puso. Kgato eno e ba e tsereng e ne ya begwa mo pampiring nngwe ya dikgang ya mo lefelong leo. Fa a lemoga seno, modiredi mongwe wa puso o ne a bolelela Mosupi mongwe gore kereke ya gagwe e mo tlhabisitse ditlhong ka gonne e ne e amogetse madi a a tswang kwa pusong le mororo dikago tsotlhe tsa bone tse di neng tsa senyega ka nako ya matsubutsubu a diphefo di ne di le kafa tlase ga inshorense.

Ka mo go tshwanang, ka September 1992, fa Noka ya Ouvèze e e kwa borwabotlhaba jwa Fora e ne e tlhatsa e bo e senya Vaison-la-Romaine le metsana e le 15 e e neng e le gaufi le yone, Basupi ba ne ba thusa ka bonako. Mo go jone bosigo joo, morwalela oo o ne wa bolaya batho ba le 40, wa nyeletsa magae a le 400, wa senya a mangwe a le makgolokgolo, mme malapa a le diketekete a ne a sala a sena metsi le motlakase. E ne ya re ka makuku a moso wa letsatsi le le latelang, Basupi ba diphuthego tse di gaufi le lefelo leo e ne ya nna bone ba ntlha go tla go thusa batho ba ba amilweng ke morwalela. Bao ba neng ba tlhoka mo ba ka bayang tlhogo teng ba ne ba fiwa boroko ka lorato ke malapa a Basupi a a mo kgaolong eo. Makgolokgolo a Basupi a ne a tla a tswa dikarolong tsotlhe go tla go thusa. Go ne ga tlhomiwa komiti ya namolo mo motseng o o gaufi wa Orange gore e rulaganye maiteko a ditlhopha tse nne tsa baithaopi, bao ba neng ba ntsha diretse mo matlong le go a phepafatsa, ba tlhatswa mekoakoa ya diaparo tse di neng di tletse seretse, mme ba ne ba baakanya dijo le metsi a a nowang le go di isa kwa dikarolong tsotlhe tse di amegileng. Ba ile ba bo ba ithaopela le go phepafatsa sekolo sa mo lefelong leo le dikago tsa mmasepala di le mmalwa. Maiteko a bone a a sa kgaotseng a ne a anaanelwa ke bakaulengwe ba bone le batho ba mo motseng ka go tshwana.

Mo mafelong a mangwe a mantsi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba welwa ke masetlapelo, a a jaaka merwalela, matsubutsubu a diphefo, le dithoromo tsa lefatshe, fela jaaka mongwe le mongwe di ka mo diragalela. E re ka ba tlhaloganya gore dilo tseno ke diphelelo tsa maemo a a sa lebelelwang kana a a ka sekang a laolwa, ga ba tshwaye Modimo phoso kana mongwe o sele. (Moreri 9:11) Go na le moo, ba na le tsholofelo ya gore lorato lwa go intsha setlhabelo lwa badumedi ka bone lo tla ba golola go sa kgathalesege gore ba welwa ke maemo afe a a tshosang. Ditiro tse di ntseng jalo tse di lorato ba di dira ka ntlha ya tumelo e botlhe ba nang le yone. Morutwa Jakobe o tlhalosa jaana: “Ha oo ra motho, kgotsa kgantsadia motho a sa apara, a ba a tlhōka tse e leñ diyō tsa letsatsi, Me moñwe oa lona a ba raea, a re, Tsamaeañ sentlè, lo thuthahalè, lo kgorè; me leha go nntse yalo lo sa ba nee dilō tse di tlhōkwañ ke mmele, ana goa bo go thusañ? Go nntse hèla yalo tumèlō, ha e sena ditihō, e be e shule ka eosi.”—Yakobe 2:15-17.

Kwa Tshireletso ya Boammaaruri E Tswang Gone

Go na le gore Basupi ba ga Jehofa ba lebelele dikgakgamatso ka tsela ya gore Modimo o tsenye letsogo ka mokgwa mongwe, ba lemoga gore ba ka bona tshireletso fela mo bokaulengweng jwa bone jwa Bokeresete jwa lefatshe ka bophara. Tota e bile, se bokaulengwe joo bo kgonang go se fitlhelela mo dinakong tsa tlalelo se batlile se tshwana fela le dikgakgamatso. Ba gakologelwa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 17:20: “Ha lo na le tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara, lo ka raea thaba e, loa re, Tloga ha, u hudugèlè hale; me e tla huduga; me ga go ketla go dihana le sepè se se tla lo retelèlañ.” Ee, dikgoreletsi tse di tshwanang le dithaba di a suta fa tumelo ya Mokeresete wa boammaaruri, e e nang le lorato, e dirisiwa.

Batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ikutlwa ba babalesegile mo letsogong la Modimo wa bone mo dinakong tseno tse di sa iketlang le tse di kotsi. Ba ikutlwa fela jaaka mopesalema a ne a ikutlwa: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo u nkagisañ mo polokegoñ.” (Pesalema 4:8) Ba tlhomile mogopolo wa bone ka tsholofelo mo tirong eno e ba e dirang: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Mme ba lebile pele ka go tlhatswega pelo go bona tsholofetso ya ga Jehofa ya lefatshe le lesha le le nang le kagiso, le le tshiamo e diragadiwa, le mo go lone go tla bong go sena masetlapelo a mofuta ope fela, e ka tswa e le a a bakilweng ke motho kana a tlholego.—Mika 4:4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Basupi ba ne ba tla ba tswa kwa dikarolong tsotlhe go tla go thusa ba ba amilweng ke morwalela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela