LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 4-10
  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Masetlapelo A Tlholego” Ke Eng?
  • Ke Molato wa ga Mang?
  • Tharabololo Ke Eng?
  • Ditiro Tsa Modimo Di Tla Tloga Di Diragala
  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego—Ke Eng Fa di Le Dintsi Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Modimo o Dirisa Ditiragalo Tsa Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho Gompieno?
    Tsogang!—2012
  • Fa Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego di Tlhasela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 4-10

Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?

“MODIMO, o re dirileng?”

Seno e ne e le pego ya kafa mofalodi mongwe a neng a itshwara ka teng fa a ntse a sekaseka tshenyo e e bakilweng ke go thunya ga thaba ya Nevado del Ruiz e e apesitsweng ke semathana mo setlhoeng sa yone kwa Colombia ka November 13, 1985. Seretse se se neng sa gogolega moo se ne sa khurumetsa motse otlhe wa Armero mme ga swa batho ba ba fetang 20 000 mo bosigong bo le bongwe fela.

Go a utlwala go bo mofalodi yono a ile a bua ka tsela eo. Ka ntlha ya go tlhoka koo ba ka lebang teng, batho ba bogologolo ba ne ba tsaya gore ditiragalo tse di boitshegang tsa tlholego ke ditiro tsa Modimo. Batho ba segologolo ba ne ba ntsha ditlhabelo, le e leng ditlhabelo tsa batho e le fela gore ba tle ba itetlanye le medimo ya bone ya lewatle, ya loapi, ya lefatshe, ya dithaba, ya makgwamolelo, le dilo tse dingwe tse di bakang kotsi. Le e leng gompieno, batho bangwe ba tsaya gore ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego a a ba welang ke dilo tse di laoletsweng gale kana ke ditiro tsa Modimo.

A tota ke Modimo o dirang gore batho ba welwe ke masetlapelo a a dirang gore ba boge ba bo ba latlhegelwe thata jaana go dikologa lefatshe? A ke molato wa gagwe? Gore re tle re bone dikarabo re tlhoka go tlhatlhoba gore masetlapelo a akaretsa eng. Tota mme, re tshwanetse go boa re tlhatlhoba gape mabaka a a setseng a itsiwe.

“Masetlapelo A Tlholego” Ke Eng?

Ka nako ya fa thoromo ya lefatshe e ne e padimola Tangshan, ya kwa China, mme go ya ka pego ya semolao ya China e neng ya bolaya batho ba le 242 000, gape le fa Kgwanyape ya Andrew e ne ya tsubutla South Florida le Louisiana kwa United States mme ya baka ditshenyegelo tsa diranta di le dimilione di le dikete, masetlapelo a a ntseng jalo a tlholego a ne a nna kgangkgolo mo baanamising ba dikgang. Lefa go ntse jalo, go ka tweng fa e le gore thoromo eo ya lefatshe e ne e padimotse Sekaka sa Gobi se se leng dikilometara tse 1 100 kwa bokonebophirima jwa Tangshan kwa go sa nneng batho gone, kana fa Kgwanyape ya Andrew e ka bo e tsere tsela e sele mme ya tsena mo lewatleng, e sa fete gope mo lefatsheng? Di ne di ka bo di sa tlhole di gakologelwa gompieno.

Ka mo go phepafetseng he, fa re bua ka masetlapelo a tlholego, ga re bue fela ka ditiragalo tse di sa tlwaelegang tsa tlholego. Ngwaga mongwe le mongwe go na le dithoromo tsa lefatshe tse dintsintsi, tse dikgolo le tse dinnye, ditsuatsue tse dintsintsi, ditsokotsane tse dikgolo, dikgwanyape, go thunya ga makgwamolelo, le ditiragalo tse dingwe tsa tlholego tse di sa direng sepe fa e se fela go nna sengwe se se ka begiwang. Lefa go ntse jalo, gantsi fa ditiragalo tseno di bolaya batho ba le bantsi le go senya dithoto tse dintsi mme di kgoreletsa tsela e e tlwaelegileng ya go tshela, di fetoga masetlapelo.

Re tshwanetse go tlhokomela gore ga se ka metlha tshenyo e kgolo le tatlhegelo e kgolo e tlisiwang ke ditiragalo tsa tlholego. Ga se gore masetlapelo a nna teng ka ntlha ya go bo fela ditiragalo tsa tlholego di ne di le maatla thata. Ka sekai, ka 1971 thoromo ya lefatshe e sekale sa Richter se neng sa bega gore e bega 6,6 e ne ya padimola San Fernando, kwa California, kwa United States mme ya bolaya batho ba le 65. Ngwaga morago ga foo thoromo ya lefatshe e e begang 6,2 kwa Managua, kwa Nicaragua, e ne ya bolaya batho ba le 5 000!

Ka jalo, fa go buiwa ka tsela e e boitshegang e masetlapelo a tlholego a senyang ka yone, re tshwanetse go ipotsa gore, A dilo tsa tlholego di nnile maatla le go feta? Kana a dilo tse di dirwang ke batho di okeditse mathata?

Ke Molato wa ga Mang?

Bibela e tlhalosa Jehofa Modimo jaaka Mmopi yo Mogolo wa dilo tsotlhe, go akaretsa le ditiragalo tsa tlholego tsa lefatshe leno. (Genesise 1:1; Nehemia 9:6; Bahebera 3:4; Tshenolō 4:11) Seno ga se reye gore ke ene a laolang tsela nngwe le nngwe e phefo e fokang ka yone kana pula nngwe le nngwe e e nang. Go na le moo, o tlhomile molao o o laolang lefatshe le tikologo ya lone. Ka sekai, mo go Moreri 1:5-7, re bala ka dilo tse tharo tsa konokono tse di dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng—go tlhaba le go phirima ga letsatsi letsatsi lengwe le lengwe, go sa fetoge ga tsela eo phefo e fokang ka yone, le modikologo wa metsi. Go sa kgathalesege gore a batho ba itse ka tsone kana nnyaa, dithulaganyo tseno tsa tlholego, le tse dingwe tse di ntseng jaaka tsone, tse di amanang le tlilemate, jiologi le ekoloji ya lefatshe di ntse di dira ka diketekete tsa dingwaga mo lefatsheng. Mme tota, mokwadi wa Moreri o ne a batla gore re bone pharologano e e leng teng gare ga ditsela tse di sa fetogeng le tse di senang bokhutlo tsa popo le tsela e nako ya botshelo jwa motho bo leng bokhutshwane ka teng.

Jehofa ga se fela Motlhodi wa ditiragalo tsa tlholego mme gape o na le maatla a go laola. Mo Bibeleng yotlhe re fitlhela dipego tse di bontshang ka moo Jehofa a laolang ditiragalo tseno ka teng kana a dirang gore di diragatse maikaelelo a gagwe ka teng. Tseno di akaretsa go kgaogana ga Lewatle le Lehibidu mo motlheng wa ga Moshe le go ema ga letsatsi le ngwedi mo gare ga legodimo mo motlheng wa ga Joshua. (Ekesodo 14:21-28; Yoshua 10:12, 13) Jesu Keresete, Morwa Modimo le Mesia yo o solofeditsweng, le ene o ne a bontsha gore o na le maatla mo godimo ga ditiragalo tsa tlholego, ka sekai, jaaka fa a ne a ritibatsa setsuatsue mo Lewatleng la Galalia. (Mareko 4:37-39) Dipego tse di tshwanang le tseno di dira gore re bone sentle gore Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, ba kgona go laola ka botlalo dilo tsotlhe tse di dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng.—2 Ditihalō 20:6; Yeremia 32:17; Mathaio 19:26.

E re ka go ntse jalo, a re ka pega Modimo molato ka ntlha ya tshenyo e kgolo e e leng teng ka ntlha ya masetlapelo a tlholego bosheng jaana? Gore re tle re arabe potso eno, re tshwanetse gore re sekaseke pele go bona gore a go na le bosupi jo bo bontshang gore ditiragalo tsa tlholego di ile tsa nna maatla ka mo go boitshegang le go feta bosheng jaana, kana gongwe di sa laolesege.

Malebana le seno, ela tlhoko se buka ya Natural Disasters—Acts of God or Acts of Man? e se bolelang: “Ga go na sepe se se bontshang gore tsela e tlilemate e ntseng ka yone mmogo le dilo tse di amanang le yone, ebong dikomelelo, merwalela le ditsokotsane tse dikgolo di a fetoga. Mme ga go na moithutajioloji ope yo o bolelang gore go tshikhinyega ga lefatshe go go amanang le dithoromo tsa lefatshe, makgwamolelo le tsunami (makhubu a thoromo ya lefatshe) di nna maatla le go feta.” Ka mo go tshwanang, buka ya Earthshock e bolela jaana: “Maje a kontinente nngwe le nngwe a supa fa go na le ditiragalo tse dintsi tse dikgolo le tse dinnye tsa jioloji tse di diragetseng, tse nngwe le nngwe ya tsone e ka nnang masetlapelo a a ka welang batho fa di ne di ka direga gompieno—go ya ka saense go bonala fa seno eleruri se tla direga gape mo isagweng.” Ka mantswe a mangwe, lefatshe le maatla a lone a tlholego a batlile a ntse fela ka tsela e le nngwe fela go ralala dingwaga. Ka jalo, go sa kgathalesege gore a dipego dingwe di bontsha gore go na le koketsego nngwe kana nnyaa mo ditiragalong tseno tsa jioloji le tse dingwe gape, lefatshe ga le a nna kotsi thatathata bosheng jaana.

Mme he, ke eng se se dirang gore masetlapelo a tlholego a re balang ka one a direge kgapetsakgapetsa le go senya thata jaana? Fa e le gore ga se ditiragalo tsa tlholego, he batho ke bone ba tshwanetseng gore ba pegiwe molato. Tota mme, baitseanape ba lemogile gore dilo tse di dirwang ke batho ke tsone di dirang gore tikologo ya rona e tlhaselwe bonolo ke masetlapelo a tlholego. Mo mafelong a a ntseng a tlhabologa, koketsego ya go tlhaela ga dijo e pateletsa balemirui gore ba leme naga go feta selekanyo kana ba tlhagole naga ka go tlosa dikgwa tse di tlhokegang. Seno se dira gore go nne le kgogolego e e seng kana ka sepe ya mmu. Koketsego ya baagi e dira gore go nne le ditakana le mekhukhu e e oketsegileng e e agiwang ka bonako mo mafelong a a kotsi. Le e leng mo mafelong a a tlhabologileng, batho ba ile ba itsenya fela mo kotsing le mororo ba ne ba tlhagisitswe sentle, jaaka go ntse ka dimilione tsa batho ba ba ka nnang gaufi le San Andreas Fault kwa California. Mo mabakeng a a ntseng jalo fa go diragala sengwe se se sa tlwaelegang—jaaka fa go ka nna le setsuatsue, morwalela, kana thoromo ya lefatshe—a tota go ka twe ke masetlapelo a “tlholego”?

Sekai se sentle mo go seno ke sa komelelo ya kwa Sahel kwa Afrika. Gantsi re akanya gore komelelo ke go tlhokega ga pula kana metsi, e le se se tla dirang gore go nne le leuba, go bolawa ke tlala, le loso. Mme gone a leuba le legolo le tlala e e leng teng mo lefelong leo e bakiwa fela ke go tlhoka metsi? Buka ya Nature on the Rampage e bolela jaana: “Bosupi jo bo bonweng ke ba saense le ba namolo bo bontsha gore leuba le le teng gone jaanong ga le tswelele pele ka go bo go na le komelelo e e tsayang sebaka mme ke ka ntlha ya go sa dirise lefatshe le metsi sentle. . . . Lebaka la go bo sekaka sa Sahel se ntse se oketsega ke ka go bo batho segolobogolo ba ikarabela.” Lokwalodikgang lwa mo Afrika Borwa lwa The Natal Witness, lo bolela jaana: “Leuba ga le tlisiwe ke go tlhoka dijo; ke go sa kgoneng go bona dijo. Ka mantswe a mangwe ke lehuma.”

Go ka bolelwa se se tshwanang ka tshenyo e e bakilweng ke masetlapelo a mangwe. Dipatlisiso di bontshitse gore merafe e e humanegileng e na le selekanyo sa palo e e kwa godimo ya loso lo lo bakiwang ke masetlapelo a tlholego go feta merafe e e humileng mo lefatsheng. Ka sekai, patlisiso nngwe e bontsha gore go tloga ka 1960 go ya go 1981, Japane e ne ya nna le dithoromo tsa lefatshe di le 43 le masetlapelo a mangwe mme go ne ga swa batho ba le 2 700, e e leng palogare ya batho ba le 63 ba ba suleng ka ntlha ya tiragalo nngwe le nngwe ya masetlapelo. Ka yone nako eo, Peru e ne ya welwa ke ditiragalo tsa masetlapelo di le 31 tse go neng ga swa batho ba le 91 000, kana batho ba le 2 900 ba ba bolailweng ke tiragalo nngwe le nngwe ya masetlapelo ao. Ke eng fa go na le pharologanyo e e ntseng jalo? E ka ne e le ditiragalo tsa tlholego tse di bakileng dikotsi tseo, mme dilo tse di dirwang ke batho—tse di amanang le ikonomi, bopolotiki—ke tsone di dirang gore go nne le pharologano e kalokalo ya go latlhegelwa ke matshelo le ya go senyega ga dithoto.

Tharabololo Ke Eng?

Borasaense le baitse ba lekile go batla ditsela tse ba ka lepalepanang le ditiragalo tsa masetlapelo ka dingwaga di le dintsi. Ba tlhatlhoba lefatshe kwa tengteng ga lone gore ba tle ba tlhaloganye gore dithoromo tsa lefatshe le go thunya ga makgwamolelo go bakiwa ke eng. Ka go dirisa disatalaete tsa lefaufau ba kgona go bona maemo a bosa le go latela ditselana tsa ditsokotsane tse dikgolo le dikgwanyape kana ba bolelele pele gore go tla nna le merwalela kana komelelo. Dipatlisiso tseno tsotlhe di na le tshedimosetso e ba solofelang gore e tla ba thusa gore ba fokotse tshenyo e e bakiwang ke ditiragalo tsa tlholego.

A maiteko a a ntseng jalo a nnile le matswela a a molemo? Malebana le mofuta ono wa botegeniki jwa maemo a a kwa godimo jo bo jang madi a mantsi, mokgatlho mongwe o o laolang dilo tse di dirwang mo tikologong o ne wa bolela jaana: “Botlhokwa jwa dilo tseno bo lekanyeditswe. Mme fa di ja madi a mantsi e bile di batla maatla a mantsi—fa e le fela seipato sa go itlhokomolosa dikotsi tse batho ba leng mo go tsone tse di dirang gore masetlapelo a a welang batho a nne a a maswe le go feta—he di ka baka kotsi go na le gore di rarabolole mathata.” Ka sekai, le mororo go le botlhokwa go itse gore merwalela le makhubu a a maatla a lewatle a kotsi mo lobopong lwa Bangladesh, kitso eo ga e thibele batho ba ba dimilione ba Bangladesh go ya go nna koo e le ka go bo ba patelesega go nna teng. Ka ntlha ya seo masetlapelo a a welang batho a oketsa palo ya ba ba swang ka diketekete.

Ka mo go phepafetseng, tshedimosetso ya botegeniki e ka nna le mosola fela go ya selekanyong se se rileng. Selo se sengwe se se tlhokegang ke go kgona go fokotsa dikgatelelo tse di dirang gore go se ka ga nna le sepe se batho ba ka se dirang fa e se fela go nna mo mafelong a a kotsi kana go tshela ka tsela e e senyang tikologo. Ka mafoko a mangwe, go fedisa tshenyo e e bakiwang ke dilo tseno go tlhoka gore go baakanngwe tsela e batho ba tshelang ka yone, thulaganyo ya ikonomi le ya bopolotiki. Ke mang yo a ka kgonang go dira seno? Ke fela Ene yo a kgonang go laola le e leng ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego.

Ditiro Tsa Modimo Di Tla Tloga Di Diragala

Jehofa Modimo ga a kitla a lwantsha ditshupo tse di fa godimo fela mme o tla fedisa sone selo se se bakang mathata a batho. O tla fedisa ditsamaiso tsa bopolotiki, kgwebo, le tsa bodumedi tse di bogagapa le tse di gatelelang tse di ileng tsa ‘utlwisa batho botlhoko.’ (Moreri 8:9) Ga go na ope yo o ithutileng Bibela yo o ka se kgoneng go bona gore go na le boperofeti jo bontsi jo bo buang ka nako ya fa Modimo o tla tsayang kgato go tlosa boikepo le go boga mo lefatsheng mme a tlise lefatshe la paradaise le le nang le kagiso le tshiamo.—Pesalema 37:9-11, 29; Isaia 13:9; 65:17, 20-25; Yeremia 25:31-33; 2 Petere 3:7; Tshenolō 11:18.

Mme ke sone se Jesu Keresete a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba se rapelele, ka go re, “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Bogosi jwa ga Mesia bo tla fedisa puso ya batho ba ba sa itekanelang mme bo tlise e nngwe, fela jaaka fa moperofeti Daniele a ne a bolelela pele jaana: “Mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō otlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Ke eng seo Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang se merafe e sa kgoneng go se dira gompieno? Bibela e re neela pono e e kgatlhang kaga se se tla diregang. Go na le gore go nne le maemo a a tshwantshitsweng mo ditsebeng tseno, a a tshwanang le leuba le lehuma, “go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba,” mme “setlhare sa naga se tla uñwa; le lehatshe le tla ntsha totahalō ea yeōna, me ba tla nna ka thagamō mo lehatshiñ ya bōnè.” (Pesalema 72:16; Esekiele 34:27) Malebana le dilo tse di mo tikologong Bibela e re bolelela jaana: “Le e leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe. . . . Gonne metsi a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakeñ. Meenene e tla cwa mogobe oa metse, le mbu o o nyorilweñ metlhodi ea metse.” (Isaia 35:1, 6, 7) Mme dintwa di tla bo di sa tlhole di le teng.—Pesalema 46:9.

Bibela ga e bolele gore Jehofa Modimo o tla dira seno jang, le gore o tla dirang ka ditiragalo tsa tlholego gore di se ka tsa tlhola di utlwisa botlhoko. Lefa go ntse jalo, boammaaruri ke gore botlhe ba ba tla bong ba tshela kafa tlase ga puso eo ya tshiamo ga ba “ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana; gonne bonè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa, le matlhogèla a bōnè nabō.”—Isaia 65:23.

Mo makasineng ono le mo dikgatisong tse dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolela kgapetsakgapetsa gore Bogosi jwa Modimo bo ile jwa tlhomiwa kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. Ka kaelo ya Bogosi joo, go ile ga neelwa bosupi ka dingwaga tse di ka nnang 80 mo lefatsheng lotlhe, mme gompieno re gaufiufi le go bona tsholofetso ya “magodimo a masha le lehatshe le lesha.” Batho ba tla bo ba sa gololwa fela mo go tshwenngweng ke tshenyo e e bakilweng ke ditiragalo tsa masetlapelo mme gape ba tla bo ba golotswe le mo matlhokong le mo pogong e e ntseng e utlwisa batho botlhoko ka dingwaga di le dikete di le thataro tse di fetileng. Kaga nako eo go ka bolelwa jaana ka boammaaruri, “dilō tsa pele di hetetse rure.”—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:4.

Lefa go ntse jalo, re ka reng ka gone jaanong? A Modimo o ntse o dira sengwe ka bao ba tshwenyegileng mo maikutlong ka ntlha ya maemo a tlholego kana dilo tse dingwe? Tota gone o dirile sengwe mme e seng ka tsela e batho ba bantsi ba neng ba ka lebelela gore a dire ka gone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Dilo tse di dirwang ke batho di dirile gore tikologo ya rona e tlhaselwe bonolo ke ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Laif/Sipa Press

Chamussy/Sipa Press

Wesley Bocxe/Sipa Press

Jose Nicolas/Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela