Lefatshe la Rona Le Le Swafaditsweng—Le Senngwa mo Dikarolong Di Le Dintsi
KA JUNE wa ngwaga o o fetileng, go ne ga tshwarwa Khuduthamaga ya Lefatshe malebana le tikologo kwa Rio de Janeiro, Brazil. Mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela, ka yone kgwedi eo, India Today e ne ya gatisa kgang eo e leng malebana le ntlha eo ka mothusamokwadi wa yone eleng Raj Chengappa. Setlhogo sa yone se se reng “The Wounded Earth” (Lefatshe Le Le Gobetseng). Serapa sa yone sa ntlha se ne sa sedifatsa kgang jaana:
“Ka 1971 fa Edgar Mitchell a ne a fofela kwa ngweding ka Apollo 14, go tadinya ga gagwe lefatshe e le la ntlha fela go ne ga mo dira gore a phophome ka boitumelo jo bogolo. ‘Le tshwana le sebenya se se tsabakelang se se nang le mmala o mobududu le o mosweu . . . E bofilwe ka lesire le le swaana go le dikologa . . . E ntse jaaka perela e nnye mo lewatleng le lentshontsho la masaitseweng,’ o ne a rialo fa a ne a bua ka matlhagatlhaga ka radio le ba ba kwa Houston.
“Dingwaga di le 21 moragonyana, fa Mitchell a ne a ka romiwa gape kwa lefaufaung, mo lekgetlong leno a dirisa digalase tse di neng di ka mo thusa go bona digase tse di sa kgonweng go bonwa ka matlho tsa atemosefere ya lefatshe, o ne a tla kgatlhantshiwa ke sengwe se se farologaneng gotlhelele le seo a se boneng pele. O ne a tla bona maroba a a boitshegang mo sisireletsing sa ozone mo godimo ga Antarctica le Amerika Bokone. Boemong jwa go bona sebenya se se tsabakelang ka mmala o mobududu le o moswaana, o ne a tla bona lefatshe le le leswe le le letobo, le tletse kgodu e ntshontsho eo e bilogang, ya carbon dioxide le sulphur dioxide.
“Fa Mitchell a ne a ka tsaya khemera ya gagwe mme a tsaya ditshwantsho tsa dikgwa tse di mo lefatsheng a bo a di bapisa le tseo a di tsereng ka ’71, o ne a tla gakgamadiwa ke go bona ka tsela eo di ngotlegileng ka yone. Mme fa a ne a ka bula telesekoupo ya gagwe e e kgethegileng go mo thusa go sekaseka leswe le le mo metsing a a mo lefatsheng, o ne a ka bona mokgobe wa botlhole jo bo timpaditseng lefatshe le dithokolo tse dintsho tsa sekonotere di tletse mo boalong jwa lewatle. ‘Houston,’ o ne a ka bua jalo ka radio, ‘ke eng seo tota re se dirileng?’
“Totatota, ga go re tlhoke gore re tsamaye dikilometara di le 36 000 go ya kwa lefaufaung go bona seo re se dirileng. Gompieno, re kgona go nwa, go hema, go dupa le go bona kgotlelo ka matlho. Mo dingwageng tse di 100, mme segolobogolo mo go tse 30 tse di fetileng, batho ba ile ba atametsa lefatshe gaufi le matlhotlhapelo. Ka go kuisa digase tse di feteletseng tseo di ka kganelang mogote mo atemosefereng re oketsa selekanyo sa maemo a a koafatsang bosa. Digase tseo ditsidifatsi le difetlhamoya tsa rona di di dirisang jaanong di ikarabelela mo go senyeng sisireletsi sa ozone, go go re bayang mo kotsing ya go tshwarwa ke kankere ya letlalo le bothata jwa go fetola tsela eo dibopabopego tsa diphologolo tse dinnye di leng ka gone. Go ntse go le jalo, re sentse karolo e kgolo ya naga, re sentse dikgwa ka tsela eo e ka re bayang mo kotsing, re koeletse ditone di le dintsi tsa botlhole mo dinokeng re sa tlhaole mme gape re tshetse dikhemikale tse di botlhole mo mawatleng a rona.
“Gone jaanong matshosetsi a magolo mo sethong ke ao a nnang gone segolobogolo ka ntlha ya go senngwa ga tikologo ya lefatshe. Mme go tlhokega gore go dirwe diphetogo tse dikgolo lefatshe ka bophara mo maitshwarong le mo tseleng eo batho ba ikutlwang ka teng e le gore bothata jono jo bo masisi bo ke bo rarabologe.”
Morago ga go tlhalosa kgato ka kgato mathata a le mantsi ao a amanang le tikologo ao merafe e tshwanelang ke go itlhokomelo mo go a rarabololeng, Raj Chengappa o ile a konela setlhogo seno sa gagwe ka mafoko ano: “Dilo tseno tsotlhe di tshwanetse go dirwa ka bonako. Ka gonne ga e sa tlhole e le kgang ya gore matshosetsi a lebagane le isagwe ya bana ba gago. Matshosetsi ke a gone jaanong jaana. Ebile a setse a re farafere.”
Ka gone dingaka di kgobokanetse molwetsi lefatshe. Go tshwarwa dikhonferense, go akatshiwa ditsela tseo molwetsi yono a ka alafiwang ka tsone, lefa go ntse jalo dingaka tseo ga di kgone go dumalana. Di a ngangisana. ‘Ga se gore tota le a lwala,’ bangwe ba rialo. ‘Ga le a salelwa ke sepe gore le swe!’ ba bangwe bone ba bolela jalo. Go tshwarwa ditherisano tse dintsi, molwetsi o newa melemo e mentsintsi, dingaka tsone di a nyempologa, fa maemo a molwetsi lefatshe a ntse a etegela go ya pele. Ga go sepe seo se dirwang. Di tlhoka gore di dire dipatlisiso tse di oketsegileng. Di dira ditaelo tsa kalafi tseo di sa direng le ka motlha ope. Oho, bontsi jwa tsone ke fela tsela ya botlhajana ya go diegisa dilo e le go letlelela gore kgotlelo e tswelepele le gore ba ikgobokanyetse lotseno lo lo ntsi. Le ka motlha molwetsi yono ga a bone melemo epe ya kalafi, malwetsi a gagwe aa tota, bothata bo golela go ya pele, mme go swafadiwa ga lefatshe go tswelela pele.
Lefatshe le botshelo jo bo mo go lone di raraane thata, di lomagane ka tsela e e matswakabele tota. Dimilione tsa masika a ditshedi di ile tsa bidiwa gore ke mafaratlhatlha a a logakaneng a a tshegeditseng botshelo. Kgaola kalana e le nngwe fela ya one, mme o bone ka tsela eo mafaratlhatlha ano a tla simololang go thathologa ka yone. Diga setena se le sengwe fela mo go tse di tlhatlaganeng o bone ka moo di tla wang ka bontsintsi ka gone. Go remiwa ga dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi go supa seno.
Ka photosynthesis sekgwa sa pula se itseela carbon dioxide go tswa mo moyeng mme se bo se ntshetsa oxygen mo moyeng. Se nwa selekanyo se se boitshegang sa metsi a pula mme lefa go le jalo se dirisa lemmenyana fela la one go itirela dijo tsa sone. Bontsi jwa one a boela gape kwa lefaufaung e le mowaphofodi. Fa a fitlha koo a fitlha a dira maru a masha a pula e le gore pula e ke e ne gape ka selekanyo seo se ka tlamelang sekgwa seno sa pula le dimilione tsa dimela le diphologolo tseo di nang kafa tlase ga kobo ya sone e tala.
Jaanong he sekgwa seno sa pula se a renngwa. Carbon dioxide e sala e kokobetse kwa godimo jaaka kobo e tshegeditse mogote wa letsatsi. Ke selekanyo se sennye fela sa oxygen eo e fetelang atemosefereng go solegela diphologolo molemo. Ke pula e nnye fela eo e boang e nna maru go dira pula e e oketsegileng. Mo boemong jwa seno, pula epe fela e e nang e elela le lefatshe e tshologela kwa dinokeng, e gogola jalo mmu o o leng botlhokwa go dira gore dimela di tlhoge gape. Dinokana le matšha di tlala ka seretse mme ditlhapi di a swa. Mmu o o gogotsweng ono o ologela kwa mawatleng mme o fitlha o khurumetsa matlapa a a nang kwa tlase ga lewatle, mme matlapa ano a bo a nyelela. Dimilione tsa dimela le diphologolo tseo di ntseng di gola ka boitumelo kafa tlase ga kobo eno e tala di a nyelela, matsorotsoro a dipula ao pele a neng a kolobetsa naga jaanong ga a tlhole a nna gone, mme ka iketlo naga eno e simolola go nna sekaka. Gakologelwa, Sekaka se segolo sa Sahara mo Afrika pele e kile ya ne e le lefelo le le tala, mme lefa go ntse jalo jaanong lefelo leno le legolo go gaisa otlhe le le tletseng motlhaba le atologela kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa.
Kwa Khuduthamageng ya Lefatshe, United States le dinaga tse dingwe tse di humileng e ile ya dirisa kgatelelo go leka go pateletsa Brazil le dinaga tse dingwe tse di tlhabologang go emisa go tlhola di rema dikgwa tsa tsone tsa pula. Go ya ka setlhogo sa New York Times, “United States e bolela gore, dikgwa, segolobogolo dikgwa tsa pula, di rengwa ka selekanyo se se tshosang mo dinageng tse di tlhabologang mme seno se ka dira gore polanete yotlhe e nne mo mathateng. E bolela gore dikgwa, ke dilo tse di botlhokwa thata mo lefatsheng lotlhe tseo di thusang go laola maemo a bosa ka jaana di kgona go boloka carbon dioxide eo e kgonang go tshwara mogote mme e bile gape ke legae la bontsintsi jwa ditshedi tsa lefatshe.”
Dinaga tseno tse di tlhabologang ga di a ka tsa okaoka go ntsha bosupi jwa go itimokanya ga U.S. Go ya ka The New York Times, di “tenwa thata ke seo di se lebang e le go kgakgaupediwa ga bolaodi jwa tsone ke dinaga tseo di sa bolong go rema ditlhare tsa tsone e le gore di bone lotseno mme jaanong di batla go rwesa dinaga tseo di mekamekanang le mathata a tsa ikonomi morwalo wa gore di somarele dikgwa tsa lefatshe.” Rramatlhale wa Mo-Malaysia o ile a baya kgang eno ka tsela eno e e tlhamaletseng: “Eleruri dikgwa tsa rona ga re di bolokele batho bao ba ileng ba senya tseo e leng tsa bone mme jaanong ba bolela fa tsa rona e le boswa jwa setho sotlhe.” Kwa Pacific Northwest, United States e saletswe fela ke diperesente tse 10 tsa dikgwa tsa yone tsa bogologolo tsa pula, mme ebile di santse di rengwa, mme go ntse go le jalo e batla gore Brazil, eo e santseng e na le diperesente tse 90 tsa dikgwa tsa yone kwa Amazon, e emise go tlhola e di rema.
Bao ba rerelang ba bangwe ba re, ‘Lesang go rema dikgwa tsa lona,’ le mororo bone ba rema tsa bone, ba tshwana le bao ba tlhalositsweng mo go Baroma 2:21-23: “Ka re, wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rèrañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa? Wèna eo u reñ motho a se ka a diha boaka, a u bile u diha boaka? wèna eo u herosediwañ sebete ke medimo ea disètwa, a u bile u thopa ditempela? Wèna eo u belahalañ ka molaō, a u bile u tlotlolola Modimo ka go tlola molaō ga gago?” Kgotsa fa re e baya ka tsela e e malebana le tikologo, ‘a wena yo o rerang gore, “Somarela dikgwa tsa gago,” a o bile o rema tse eleng tsa gago?’
Sengwe gape seo se amanang thata le go senngwa ga dikgwa ke go tshwenyega kaga go thutafala ga lefatshe. Go fetofetoga ga dikhemikhale le mogote ke selo se se raraaneng, mme lefa go ntse jalo go tshwenyegilwe segolobogolo ka khemikhale e le nngwe mo lefaufaung, eleng carbon dioxide. E na le seabe se segolo thata mo go thuthafaleng ga lefatshe. Babatlisisi ba kwa Byrd Polar Research Center ba ile ba bega mo ngwageng o o fetileng gore “dikgapetla tse dikgolo tsa metsi tse di fologang dithaba tsa bogodimo jo bo mo magareng le jo bo kwa tlasenyana jaanong di a gakologa ebile di a nyelela—dingwe tsa tsone di gakologa ka bonako fela thata—le gore rekoto e e kileng ya bolokiwa kaga dikgapetla tseno tse dikgolo e bontsha gore dingwaga tse 50 tse di fetileng di ne di le mogote thata go feta lobaka lope lwa dingwaga tse 50” tse di kwadilweng mo rekotong eno. Fa carbon dioxide e le nnye thata seno se ka dira gore go nne le maemo a bosa a a tsididi; fa carbon dioxide e le ntsi seno se ka dira gore kgapetlana tse dikgolo tsa metsi tse di mo dithabeng di gakologe mo go ka dirang gore metsi ano a bake merwalela mo metseng e e fa thoko ga lobopo.
Malebana le carbon dioxide, India Today e ne ya re:
“E ka nna ya tswa e le karolwana e nnye fela ya digase tsa loapi: eleng diperesente di le 0,03 tsa palogotlhe ya digase tsa loapi. Mme lefa go ntse jalo fa polanete ya rona e ka bo e sena carbon dioxide e ka bo e le tsididi fela jaaka ngwedi. Ka go tshwana mogote o o tlhagang go tswa mo godimo ga lefatshe, e kgona go laola mogote le botsididi jwa lefatshe go nna selekanyo sa 15 degrees celsius seo se siametseng botshelo. Mme lefa go le jalo fa selekanyo sa yone se ka oketsega, lefatshe le ne le ka fetoga leubelo je legolo.
“Fa e le gore diteishene tse di tlhokometseng maemo a bosa di ntsha tshedimosetso e e tlhomameng, go tlhokega thata gore ba dire sengwe ka mogote o o ntseng o golela pele. Dingwaga tsa bo1980 di ile tsa itemogela dipaka tse thataro tsa tse supa tseo selemo sa tsone se neng se le mogote go feta dingwaga dipe fela fa e sale go simolola ka nako ya fa go ne go bolokiwa rekoto ya maemo a bosa mo e ka nnang dingwaga tse 150 tse di fetileng. Seo se ka tswang se baka bothata ke: koketsego ya carbon dioxide eo e ileng ya nna gone ya diperesente di le 26 go feta selekanyo seo se neng se le gone mo lefaufaung pele ga phetogo ya tsa madirelo.”
Go akanngwa gore seo se ka tswang se baka bothata jono ke ditone di le dimilione di le dikete tse 1,8 tsa carbon dioxide tseo di ntshiwang ngwaga le ngwaga ke ditukise tse di fisiwang. Tumelano eo go neng go solofetswe gore e ka nna gone ya gore go dirwe sengwe seo se neng se tla laola go tlhagisiwa ga carbon dioxide e ne ya tseelwa kwa tlase thata kwa Khuduthamageng ya Lefatshe mo eleng gore go begwa gore e ne ya dira gore baithutabosa bao ba neng ba le gone koo “ba tuke.” Mongwe wa bone o ne a tletse bogale thata jaana mo a ileng a bua jaana: “Tota re ka se ka ra tswelela le tiro eno jaaka o ka re ga go na sepe se se diragetseng. Ke selo se se mo pepeneneng gore bobolokelo jwa lefatshe lotlhe jwa digase ga bo tlhole bo kgona go dira gore selekanyo sa digase tsa sone se lekalekane. Sengwe se tshwanetse go dirwa eseng jalo go ise go ye kae re tla bo re na le dimilione tsa batshabi ba tikologo.” O ne a bua ka bao ba neng ba tla tshaba go tswa kwa dinagagaeng tsa bone ba tshaba morwalela.
Sengwe gape seo se tlhokang go tlhokomelwa ka bonako ke kgang e e malebana le se go tweng ke maroba ao a tlhagelelang mo boalong jwa ozone joo bo sireletsang lefatshe go tswa go marang a a kotsi a letsatsi a a ka bakang kankere. Selo se segolo seo se bakang bothata jono ke CFC (chlorofluorocarbons). Di-CFS tseno di dirisiwa mo ditsidifatsing, mo difetlhaphefong, le mo diphepafatsing tsa diedi le jaaka dilo tseo di dirisiwang go dira dipudula mo dipolasetiking. Mo dinageng di le dintsi di santse di gasiwa ka dikgatshi tsa dikhemikhale. Fa di fitlha kwa lefaufaung leo le bidiwang stratosphere, marang a a bogale aa letsatsi a di tlhaolosa, mme go bo go tlhagisiwa chlorine eo e sa tswakanang le dikhemikhale dipe, mme atomo nngwe le nngwe ya chlorine eno e ka kgona go senya bobotlana dimolekhule di le 100 000 tsa ozone. Go nna le marobana eleng dikarolo tseo mo go tsone dielo tsa ozone di fokotsegang fela thata mo go tsone mo lesireng lono lo lo sireletsang lefatshe go tswa mo dilong tseo di ka nnang kotsi, la kwa Antarctica le kwa latitšhuting ya kwa Bokone, mo go rayang gore marang a a oketsegileng a letsatsi a a bogale a kgona go sutlhelela mo lefatsheng.
Marang ano a bolaya dimelanyana le diphologotswana tse dinnye tseo e leng tsone tsa ntlha mo thulaganyong ya go iponela dijo ya ditshedi tse di nnang mo lewatleng. Marang ano a dira gore go nne le diphetogo mo dimolokhuleng tsa DNA tseo di nang le dibopapopego tsa setshedi sengwe le sengwe. Dimela di a amega. Marang ano a dira gore matlho a batho a nne le mantha ao a ka ba foufatsang ebile a dira gore ba nne le kankere ya letlalo. E ne ya re fa babatlisisi ba NASA ba ne ba fitlhela seelo se se kwa godimo sa chlorine monoxide go dikologa dikarolo tse di kwa bokone tsa United States, Canada, Yuropa, le Russia, mongwe wa babatlisisi o ile a bua jaana: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go tshwenngwa thata ke seno. Se maswe thata go feta kafa re neng re akanya ka gone.” Lester Brown, yo eleng poresidente ya Worldwatch Institute, o ne a bega gore: “Borrasaense ba fopholetsa gore fa boalo jwa ozone bo ntse bo senyega ka bofefo kwa hemispheremg ya kwa bokone seno se tla dira gore mo dingwageng tse 50 tse di tlang go nne le dintsho tse di oketsegileng di le 200 000 kwa US fela di bakwa ke kankere ya letlalo. Lefatshe ka bophara, matshelo a dimilione a mo kotsing.”
Selo se sengwe gape seo se tshwentseng thata gone jaanong ke go boloka dimela le diphologolo di le dintsi ka mo go ka kgonegang ka gone di ntse di tshela mo tikologong eo di tlholegileng di nna mo go yone. Makasine wa Discover o ile wa gatisa mafoko a a tsopotsweng go tswa mo bukeng ya bosheng jaana ya moithutaditshedi ebong Edward O. Wilson e e nang le setlhogo se se reng The Diversity of Life, eo mo go yone a ileng a thathamisa diketekete tse di nyeletseng tsa ditshika tsoononyane, tsootlhapi, le tsootshenekegi, mmogo le ditshika tsa ditshidi tseo ka gale di lejwang e se tsa botlhokwa: “Bontsi jwa ditshika tsa ditshedi tse di nyeletseng ke, di-fungus tsa mycorrhiza, eleng ditshedi tseo di tshelang ka go tshedisana mmogo le ditshedi tse di farologaneng tseo di nonotshang thulaganyo ya medi ya dimela go monya menontsha go tswa mo mmung. Baithutatikologo ya ditshedi ga ba bolo go nna ba ipotsa gore go tla diragalang ka di-ecosystem [thulaganyo e e malebana le kamano e e leng gone gareng ga ditshedi tsotlhe le tikologo eo di nnang mo go yone] tsa naga fa di-fungus tseno di ka ntshiwa, mme jaanong ka bonakonyana fela re tla itse gore go tla diragalang.”
Mo bukeng eo Wilson o ne a botsa a bo a araba potso eno e e malebana le botlhokwa jwa go somarela mefuta e e farologaneng ya ditshedi:
“Ke pharologano efe eo e ka nnang gone fa mefuta mengwe ya ditshedi e ka fedisiwa, le eleng lefa go ka nyelela halofo ya mefuta e e farologaneng ya ditshedi tsa Lefatshe? E re ke balolole dipharologano tse di ka nnang gone. Metswedi e mesha ya tshedimosetso ya saense e ka latlhega. Letlotlo le legolo le le neng le ka nna gone la kitso kaga matshelo a ditshedi le ka senyega. Go ne go se kake ga kgonega gore go itsiwe sengwe kaga dilo tse di iseng di lemogiwe tse di jaaka, melemo, dijalo, ditagi tse di dirisiwang mo kalafing, dikota tse go ka betliwang, di-fiber, ditshotlho tsa maungo, dimela tseo di kgonang go busetsa menontsha mo mmung, dilo tseo di dirisiwang mo boemong jwa petroleum, le ditlhagiswa tse dingwe mmogo le dilo tse dingwe tseo di dirang gore botshelo bo ipedise. Ke selo se se tlwaelegileng mo bathong ba bangwe go tsaya ditshenekegi tse dinnye le mefero e le dilo tse di sa reng sepe tseo di se kakeng tsa nna le thuso ya sepe, ba lebala gore motoutwane o o tsewang e se wa botlhokwa o o neng o tswa kwa Latin America o ne wa ntsha mafulo a Australia mo dipharagobeng tsa gore kaketuse e gole ka tsela e e sa laolesegeng mo go yone, ba lebala gore periwinkle e khibitswana e ne ya thusa go alafa bolwetsi jwa Hodgkin le lymphocytic leukemia e e tshwarang bana, gore lekwati la setlhatshana sa Pacific le dirile gore balwetsi ba kankere ya popelo le ya matsele ba nne le tsholofelo, le gore khemikhale nngwe e e tswang mo matheng a menopi e kgona go dira gore madi a a ipopileng a motho yo o ariwang a tlhaologe ka nako ya karo, mme lenaane la dilo tseno le tswelela pele jalo le ntse le le leleele go sa kgathalesege lebaka la go bo go dirwa patlisiso e potlana fela ka tsone.
“Fa re akanyetsa kwa teng mme re tla re eta mogopolo re ka nna gape ra lebela kwa tlase melemo eo di-ecosystem di thusang batho ka yone. Di nontsha mmu ebile di dira gore moya oo re o hemang o nne gone. Fa dilo tseno tse di ipedisang botshelo di ka bo di seo losika lo lo setseng lwa batho lo ka bo lo agile mo lefatsheng mme lo sa je monate ebile e le ga nako e khutshwane fela.”
Jaaka go tle go buiwe—lefa polelo eno e setse e tswapogile ka ntlha ya go boaboelediwa gantsi e opa kgomo lonaka—gone tshedimosetso e e fa godimo eno ke maoko fela a tse dikgolo tse di saletseng. Go swafadiwa ga lefatshe go tla fela leng? Mme gone ke mang yo o tla go fedisang? Setlhogo se se latelang se a araba.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 22]
Sekaka se segolo sa Sahara mo Afrika se kile sa bo se apesitswe ke botala
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]
‘A wena yo o rerang gore, “Somarela dikgwa tsa gago,” a o bile o rema tseo e leng tsa gago?’
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa go ka nna le carbon dioxide e nnye thata—go ka nna tsididi le go feta
Fa e ka nna ntsi thata—segagane se ka gakologa
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 24]
“Ke pharologano efe e e ka nang gone fa mefuta mengwe e e farologaneng ya ditshedi e ka nyelediwa?”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 24]
Fa ditshedinyana tse dinnye di ka bo di seyo, go ka dira gore lefatshe leno la losika lwa motho lo ne lo tla aga mo lefatsheng ka nako e khutshwane mme lo tshela bosula
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Dikgwa tsa pula tsa Amazon, ka bontle jole jwa tsone jwa pele
Dikgwa tse dingwe tsa pula morago ga gore di swafadiwe ke motho
[Motswedi wa Setshwantsho]
Abril Imagens/João Ramid
F4/R. Azoury/Sipa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Thothobolo ya dikhemikhale tse di botlhole, e kgotlela moya, metsi, le mmu
[Motswedi wa Setshwantsho]
Feig/Sipa