LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 2/8 ts. 27-29
  • Lefatshe Le Tla Tloga Le Namolwa Mo Bogautshwaneng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Tla Tloga Le Namolwa Mo Bogautshwaneng
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kamego ya ga Jehofa ka Lefatshe
  • Go Senngwa ga Bao ba Senyang Lefatshe
  • A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Molelo?
    Tsogang!—1997
  • Go Falotsa Lefatshe mo go Senngweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jehofa ke Kgosi
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 2/8 ts. 27-29

Lefatshe Le Tla Tloga Le Namolwa Mo Bogautshwaneng

STEPHEN M. WOLF, yo eleng modulasetulo le modiredi mogolo wa United Airlines o ile a bua jaana mo setlhogong sengwe sa makasine: “E ka tswa motho ke yo o buelelang tshomarelo ya tlhago kana nnyaa, re ka se ka ra ganetsa ntlha ya gore matshosetsi ano a a wetseng ditshedi tsa naga le naga ka boyone a aparetse lefatshe lotlhe—mme kwa bofelong, e nna matshosetsi mo go nneng gone ga ditshika tsotlhe tsa ditshedi, go akaretsa le motho. Jaaka go ile ga buiwa ga twe, ‘Ga se rona bao re ileng ra loga mafaratlhatlha a botshelo; rona re tlhalenyana fela ya mafaratlhatlha ao. Sengwe le sengwe seo re se dirang mo mafaratlhatlheng ano, se tla re ama.’” O ne a bua boammaaruri.

O ile a bua gape mo setlhogong seno a re: “Ke rona bao re bakang bothata. Ebile ke rona fela re ka bo rarabololang.” Mo ntlheng eno ke karolo fela ya seo a se buileng e e neng e le boammaaruri. Ke rona bao re bakang bothata; mme ga se rona bao re ka bo rarabololang. Ga go na sepe seo se bontshang gore re ka kgona go bo rarabolola. Go ile ga gatelwa pele mo go lekeng go bo rarabolola, mme lefa go ntse jalo kgatelopele eo ga se sepe fa e bapisiwa le tshenyo e e tswelelang pele e diragala lefatshe ka bophara.

Mo ngwageng e e fetileng Al Gore o ile a kwala buka e e reng Earth in the Balance—Ecology and the Human Spirit. Ke buka eo e tlhagisang ka bothata jo bo golang jo bo amang tikologo lefatshe ka bophara, mme mo go yone o ne a bua mafoko ano a a botlhokwatlhokwa: “Gangwe le gape fa ke ntse ke dira dipatlisiso tse di tseneletseng kaga modi wa bothata jwa tikologo jo bo aparetseng lefatshe lotlhe, ke tlhatswega pelo le go gaisa gore sengwe sa kafa ntle se se bontshang bothata jwa kafa teng jo re ka reng ke jwa semoya, ereka go sena lefoko lepe le le botoka mo go leo go bo tlhalosa.”

Eleruri bothata jono ke jwa semoya. Ke go koafala ga bomoya jwa batho. Ke go iketleetse go latlhegelwa ke bontle jwa tlhago jwa lefatshe le ditswammung tsa lone go latlhegelwa ke diketekete tsa mefuta e e farologaneng ya diphologolo le dimela, tota le eleng go latlhegelwa ke boitekanelo le matshelo a batho. Mo godimo ga moo, ke go tlhoka go amega gotlhelele ka bana ba rona le ditlogolwana tsa rona tse di tla tshwanelang ke go mekamekana le lefatshe le le senyakilweng leo re ba tlogeletseng lone. Ebile gape ke go sa anaaneleng le go sa tshwenyegeng ka Ena yo o bopileng lefatshe a ba a le rulaganyetsa gore e nne legae la motho.

Isaia 45:18 e supa Jehofa e le ene “eo o tlhodileñ magodimo; ke èna Modimo; o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa [kana go agiwa].” Kwa tshimologong o ile a baya motho mo lefatsheng gore a ke a le tlhokomele: “Yehofa Modimo a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla.” (Genesise 2:15) Le mororo gone Adame a ile a bopiwa a itekanetse, o ile a latlha botshelo jo bo itekanetseng mme a itseela tsela e e leng ya gagwe. O ile a latlha tiro ya gagwe ya go ‘tlhokomela lefatshe.’

Go palelwa goo go ile ga tswelela pele jalo go fitlhela mo nakong ya rona, mme ebile go senngwa ga lefatshe gompieno go fitlhile mo setlhoeng sa gone. “Modimo o dihile motho a thokgame; me ba senkile maanō a le mantsi.” (Moreri 7:29) “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè, me ke sechubaba mo go bōnè; ke losika lo lo logwadi, lo lo kgōpō.” (Duteronome 32:5) Lefa go ntse jalo, lefatshe le tla tswelela pele le ntse le agilwe, mme eseng ke losika lo lo logwadi lo lo kgopo. Mopesalema o ne a bolela gore ka nako e e tshwanetseng ya Modimo, ke fela ‘basiami ba tla ruang lefatshe.’—Pesalema 37:29.

Kamego ya ga Jehofa ka Lefatshe

E ne ya re fa Jehofa a sena go konesetsa go bopa lefatshe, a “bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata.” O ne a batla gore le nne le le jalo. O ne a tlhomile tshimo e ntle mo Edena mme a beile Adame mo go yone gore a e tlhokomele. Dimela tseo di neng di tlhoga mo go yone di ne di sa tle go dirisiwa ke motho fela. Modimo o ne a re: “Phōlōhōlō ñwe le ñwe le dibatana tsa lehatshe, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe se botshelō bo leñ mo go shōna, ke di neile morōgō moñwe le moñwe o motala go nna diyō.”—Genesise 1:30, 31.

E ne ya re moragonyana fa Molao wa ga Moshe o newa Baiseraele, o ne wa rulaganyetsa gore go tlhokomelwe naga. Ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa o ne o tshwanetse go nna “sabata oa boikhucō yo bo masisi yoa lehatshe.” Dijalo dingwe le dingwe tseo di neng di ka itlhogela fela ka nako eo di ne di sa tshwanelwa go rojwa mme di ne di tshwanetse go tlogelelwa batho ba ba dikobo di magetleng mmogo le “seruiwa sa bone le phologolo ya naga tse di mo nageng ya bone.”—Lefitiko 25:4-7.

Gore Jehofa o ne a tshwenyegile ka go somarelwa ga mefuta ya ditshedi re go bona mo go reng a bo a ile a dira gore diphologolo tsa mefuta e e farologaneng di tsenngwe bobedi ka bobedi mo arekeng ka nako ya Morwalela wa ga Noa. Kamego eno ya gagwe gape re e bona mo kgolaganong ya Molao. Ka sekai, poo e ne e sa tshwanela go bofiwa molomo fa e hola mabele. E ne e na le tshwanelo ya gore e ka tla e ja mabele. Go ne go sa tshwanela gore poo e golegwe le esele fa go lengwa. Go dira jalo go ne go ka siamololela phologolo e potlana ebile e le bokoa. Seruiwa sa moagisane se ne se tshwanetse go thusiwa fa se le mo tlalelong, tota le eleng lefa mong wa sone e ne e le mmaba le eleng lefa seno se ne se ka baka gore motho a bereke ka Sabata. (Ekesodo 23:4, 5; Duteronome 22:1, 2, 10; 25:4; Luke 14:5) Go ne go letleletswe gore motho a ka tsaya mae kana mamphorwana a nonyane mo sentlhageng sa yone, lefa go le jalo e seng nonyane e e beileng mae ao ka boyone. E ne e tshwanetse gore e tlogelwe gore e ke e oketse losika lwa yone. Mme gape Jesu o ne a bolela gore le eleng fa thaga e se ya botlhokwa go le kalo ‘epe ya tsone ga e ke e wela fa fatshe Modimo o sa itse.’—Mathaio 10:29; Duteronome 22:6, 7.

Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ile a re: “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; me lehatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Jesu o ile a bua jaana mo go Mathaio 5:5: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” A o akanya gore boswa jono jo bo tswang kwa go Jehofa e tla nna lefatshe le le kgotletsweng? Fa o ne o na le ntlo e ntle eo o neng o tlile go e tlogelela bana ba gago, a o ne o tla letlelela gore bahiri bao ba neng ba senya ntlo eo le jarata ya yone ba tswelele ba ntse ba nna mo go yone? Kgotsa, a o ne o se kitla o ba ntsha mo go yone mme o bo o e baakanya pele ga o ka e tlogelela bana ba gago?

Jehofa o ne a dira jalo pele ga a neela Baiseraele lefatshe leo a neng a le ba solofeditse. Bakanana ba ne ba kgotletse lefatshe ka mekgwa ya bone e e maswe, mme ke sone seo Jehofa a ileng a ba ntsha mo go lone. Ka nako e e tshwanang, o ile a tlhagisa Baiseraele gore fa ba ne ba ka kgotlela lefatshe jaaka Bakanana ba dirile, le bone o ne a tla ba ntsha mo go lone. Kgang eno e begilwe mo go Lefitiko 18:24-28:

“Lo se ka loa itshekolola ka sepè sa dilō tse [go nyalana le motho yo o atamalaneng thata le ene ka losika, bosodoma, bosetlhogo, molato wa madi] gonne merahe e ke e lelekileñ ha pele ga lona e itshekolocwe ka dilō cotlhe tse: Le lehatshe le itshekolocwe: ke gōna ka mouō tshiamololō ea yeōna ke bo bosetsañ mo go yeōna, me lehatshe le tlhatsa banni ba yeōna. Me ke gōna lona lo bolokeñ melaō ea me, le dikatlholō tsa me, me lo se ka loa diha sepè sa dilō tse, tse di makgapha: leha e le eo o tsalecweñ mo gae, kgotsa moeñ eo o yakileñ mo go lona: (Gonne dilō cotlhe tse di makgapha tse, banna ba lehatshe ba ba neñ ba le pele ga lona, ba di dihile, me lehatshe le itshekolocwe:) Gore lehatshe le se ka ya lo tlhatsa le lona, ha lo le itshekolotse, yaka le tlhatsitse morahe o o noñ o le gōna pele ga lona.”

Lefa go ntse jalo, Baiseraele ba ile ba kgotlela lefatshe ka go dira tsone dilo tse di makgapha tseo Bakanana ba neng ba di dirile. Tumalanong le mantswe a gagwe, Jehofa o ne a ntsha Baiseraele ka go romela Bababelona go ba isa botshwarong kwa Babelona. Dingwaga tse dintsi pele ga seno se diragala, moperofeti wa ga Jehofa Isaia o ne a tlhagisa Baiseraele jaana: “Bōnañ, Yehofa o diha lehatshe gore le nnè lolea hèla, oa le shwahatsa, oa le ribegetsa, me o halatsa banni ba yōna. Lehatshe le bile le tsenye leshwè tlhatse ga banni ba yeōna; ka ba tlodile melaō, ba hetotse ditaō, ba robile kgolaganō ea bosakhutleñ. Ke gona ka mouō phucō e shupuditseñ lehatshe, le ba ba agileñ mo go yeōna ba bonywe molato: ke gōna ka mouō banni ba lehatshe ba hisicweñ, me ba setse ba le bannye.”—Isaia 24:1, 5, 6.

Go Senngwa ga Bao ba Senyang Lefatshe

Le gompieno re mo boemong jo bo tshwanang. Dibuka, dimakasine, makwalodikgang, thelebishene, dibidio, le metswedi e mengwe ya dikgang ka kakaretso e supa fa mokgatlho ono e le o o nang le maitsholo a a sa siamang a tlhakanelodikobo, o o tletseng thubakanyo le o o kgopo mo go tsa sepolotiki. Makgotla a a bogagapa a kgwebo a kgotlela tikologo ka tsela e e sa siamang, le eleng ka go romela dilo tseo di thibetsweng semolao mo dinageng tsa bone tse di humileng ka jaana di le kotsi mo boitekanelong ba di romela kwa dinageng tse dingwe tse di tlhabologang koo go senang melao e e thibelang go dirisiwa ga dilo tseno. Bakeresete ba tlhagisiwa gore ba tile mekgwa e e ntseng jalo:

“Me ke gōna ke bua lehoko ye, ke bile ke shupa mo Moreneñ, ka re, lo se ka loa tlhōla lo sepela yaka Badichaba ba sepela, mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè, Ka ba hihadicwe mo tlhaloganyoñ ea bōnè, ba le baeñ ba sa itse botshelō yoa Modimo ka ntlha ea botlhōkakicō yo bo mo go bōnè, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bōnè: Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshètlha.”—Baefesia 4:17-19; 2 Timotheo 3:1-5.

Bomoya jwa batho mmogo le tikologo di kgotletswe. Lefatshe ka bolone le na le dilo tseo di laolang sengwe le sengwe le tseo di dirang gore dilo di lekalekane mo go sengwe le sengwe. Ka ntlha ya go wela ga motho mo sebeng, segakolodi sa motho, eleng selo seo a tsetsweng a na le sone seo se mo laolang, se ile sa senyega mo go ileng ga felela ka go kgotlelwa ga lefatshe. Jaanong ke Modimo fela yo o ka kgonang go laola motho. Ke Modimo fela a ka kgonang go namola lefatshe. Re tlhomamisediwa gore Modimo o tla dira seno mo go Tshenolō 11:18, koo Jehofa Modimo a solofetsang gore o tla “senya bao ba senyañ lehatshe.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela