Go Falotsa Lefatshe mo go Senngweng
MODIMO o kile wa falotsa lefatshe gore le se ka la senngwa ka nako nngwe mo hisitoring ya motho. O ne a dira seo ka morwalela wa kgolokwe mo metlheng ya ga Noa. Ga go a begiwa sepe sa gore batho bao ba bogologolo ba ne ba senya tikologo. Mme lefatshe le ne le sentswe ka tsela nngwe mo e leng gore Modimo o ne wa bona go le botlhokwa go tsaya kgato e e gagametseng.
Bibela e bega jaana: “Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.” (Genesise 6:4, 11, 12) Ee, Modimo o ne wa bona lefatshe le senyegile ka ntlha ya thubakanyo le boikepo jwa motho mo motlheng wa ga Noa.
Ka mo go tshwanang fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tla go rua Lefatshe le le Solofeditsweng, Modimo o ne wa ba tlhagisa jaana: “Yalo lo bo lo se ketla lo itshepolola lehatshe ye lo nnañ mo go yeōna: gonne madi a leshwèhatsa lehatshe . . . Me u se ka ua itshekolola lehatshe.” (Dipalō 35:33, 34) Ka gone, Kanana e ne e senyegile ka ntlha ya molato wa madi wa baagi ba yone. Sekai se se maswe thata sa bone, e ne e le go ntshetsa medimo ea bone ditlhabelo ka bana ba bone ba babotlana.
Bakanana gape ba ne ba na le boitsholo jo bo maswe thata, seo gape se ileng sa ama kafa Modimo o neng o leba naga eo ka gone. O ne wa tlhagisa Baiseraele jaana: “Lo se ka loa itshekolola ka sepè sa dilō tse: gonne merahe e ke e lelekileñ ha pele ga lona e itshekolocwe ka dilō cotlhe tse: Le lehatshe le itshekolocwe: . . . me lehatshe le [tla] tlhatsa baagi ba yeōna.” (Lefitiko 18:24, 25) Kanana e ne e sentswe ke boitsholo jo bo sa siamang le tshololo ya madi mo Modimo o neng wa senya merafe ya Kanana.
Go Senngwa ga Lefatshe
Go tweng ka gompieno? A le rona ga re tshele mo motlheng wa thubakanyo, tshololo ya madi, le boitsholo jo bo sa siamang tseo di sa laolegeng? Go sa kgathalesege se motho a se dirang go leka go baakanya tshenyo e a e dirileng mo lefatsheng, ga a kake a kgona go tsosetsa batho ba go fopholediwang ba ka nna dimilione di le lekgolo tse di suleng mo dintweng tsa ngwagakgolo ono mo botshelong gape; kana gone go tsosa dimilione tse di bolailweng ke dinokwane kana batho ba ba tlhomolang pelo ba ba swang ka ntlha ya tlala. Eleruri ga a kake a busetsa gape matshelo a masea a go fopholediwang gore a ka nna dimilione di le 40 go ya go 60 a a swang ka go ntshiwa ga dimpa ngwaga le ngwaga. A re ka belaela gore tota dilo tseno ke tsone tse di ntseng di senya lefatshe mo ponong ya Modimo—re sa umake tshenyo e e dirilweng ke boitsholo jo bo maswe jo bo tletsetletseng gompieno?
Mabaka a re bolelela gore go ise go e kae Modimo o tshwanetse go tsaya kgato mme o falotse lefatshe mo go senngweng ke motho ka ditiro tsa gagwe, mme ebile boperofeti jwa Bibela bo tlhomamisa seno. Mme o tla dira eng? Bibela e bolela gore o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18; bapisa Mathaio 24:3-14.) Fela jaaka mong wa ntlo a ka koba mohiri yo o senyang, ka mo go tshwanang Modimo o tla “ntsha” bao ba senyang popo ya gagwe e ntle, lefatshe.
Bibela e bua jaana: “Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.” (Diane 2:22) Bibela e bitsa kgato eno e e tla tsewang ke Modimo, Hara-Magedona. (Tshenolō 16:16) Jesu o ne a e bitsa gape “sepitla se segolo . . . se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Se tla nna segolo go feta Morwalela.
A tsela eno ya go rarabolola dilo ke e e feteletseng kana e e gobelelang? Nyaa, Modimo jaaka Mmopi wa lefatshe, o na le tshwanelo ya go swetsa gore le nniwa ke bomang. Gape o na le tshwanelo ya go ikarabedisa motho ka ditiro tsa gagwe. Mo godimo ga moo, fa Modimo o lesa motho fela o sa tlhokomele ditsela tsa gagwe, o tla senyetsa batho botlhe lefatshe, mme go tla dira gore go se nne botshelo mo go lone. Mo letlhakoreng le lengwe, Modimo o tla bo o bolokela batho ba ba anaanelang lefatshe leno ka go “senya ba ba senyañ lehatshe.” Bibela e solofetsa jaana: “Bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna.”—Diane 2:21.
Modimo o ile wa thusa dimilione tsa batho go nna le nonofo ya go itshupa di siame ka gonne di batla go sala mo lefatsheng di itumelela popo ya Modimo. Gape di latela melaometheo e e kwa godimo ya Modimo ya boitsholo le go tila thubakanyo le go nna molato wa madi le eleng lefa e se ka tlhamalalo. Ka gone, ga ba senye lefatshe ka tsela eno e e botlhokwa.
Lefatshe le le Falodisitsweng go Senngwa
Batho ba ba ntseng jalo ba lebeletse ka boipelo go bona lefatshe le fetolwa go tswa mo boemong jwa lone jo bo senyegileng jwa jaanong go nna paradaise e e itekanetseng. Ka go bo le mebele ya bone e tlile go phepafadiwa, e itshekisiwa mo dilong tse di senyang tse di bakilweng ke boleo. Buka ya bofelo ya Bibela e tlhalosa paakanyetso eno yotlhe ya Modimo jaaka “noka ea metse a botshelō” ya tshwantshetso. Mo matlhakoreng a noka eno, go na le “setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.”—Tshenolō 22:1, 2.
Ponatshegelo eno e e tlhotlheleditsweng e tlhomamisa gore Modimo o tla falotsa lefatshe le batho gore ba se ka ba senngwa. Boperofeti jo bongwe bo re naya ponelopele ya gore lefatshe le le tsosolositsweng leo le tla nna jang. Ka sekai, sekaseka ponelopele eno ya ga Isaia ya poko: “E e leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe. Se tla nyakalala segolo thata, se ipela, E, le ka boitumèlō le tuduecō.” (Isaia 35:1, 2) Ka nako eo go tla bo go sena mawatle a a leswe, mmu o o kgotletsweng, kana loapi lo lo tletseng botlhole.
Se se botlhokwa le go feta ke gore lefatshe le tla bo le sa senngwa ke thubakanyo, tshololo ya madi, kana boitsholo jo bo sa siamang. Ba ba tla bong ba le teng e tla bo e le bao fela ba tlotlang Modimo, ditekanyetso tsa gagwe, le popo ya gagwe. (Tshenolō 21:7, 8) Jaanong reetsa gore dilo tsotlhe tseno di tla felela ka molemo o o ntseng jang: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. . . . Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.”—Tshenolō 21:4, 5.
A phelelo e e itumedisang! Abo re itumela jang ne ka go bo ka bonako fela Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe”! Mme abo ditsholofetso tseno tse di tlhotlheleditsweng di re tlhotlheletsa jang ne go batla go direla Modimo oo o tla falotsang lefatshe gore le seka la senngwa mme o le dira legae la paradaise la batho ba ba dipelo di siameng!
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Bibela e bolela gore Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18