Motho o Tshwere Lefatshe ka Tsela Efe?
MOTHO o ne a itshelela motlhofo fela mo dingwageng tse di makgolo a mararo tse di fetileng. Ka kakaretso fela, diphetogo tse motho a di dirileng mo tikologong ya lobopo lotlhe di ne di sa mmeye mo kotsing jaaka go ntse gompieno. Go ne go ise go nne le phetogo mo diintasetering. Go ne go sena diteitšhane tsa motlakase, difeketiri, dikoloi, kana dilo tse dingwe tse di bakang kgotlelo e ntsi jaana. O ka tswa a ne a sa akanye gore o ne a ka senya lefatshe lotlhe.
Lefa go le jalo, tota le eleng le bogologolo koo, go ne go ntse go tlhagisiwa fela thata gore batho ba seka ba senya lefatshe. Tlhagiso eo e ne e fitlhelwa mo bukeng ya bofelo ya Bibela, mme e ne e bolelela pele nako ya fa Modimo o tla tsenelela mo dikgannyeng tsa motho go tla go “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:17, 18.
Abo seo se gomotsa bao ba amegileng thata jang ne kafa motho a sa tshwareng lefatshe sentle ka gone gompieno, gore Mmopi wa polanete e ntle eno ya rona o tlile go e falotsa gore e seka ya senngwa! ‘Mme,’ o ka nna wa ipotsa jaana, ‘a dilo di setse di senyegile mo go kalo mo go tlhokegang gore Modimo o tsenelele?’ Fa go ntse jalo, sekaseka dingwe tsa dintlha mme o ikatlholele ka bowena.
Dikgwa
Dikgwa di kgabisa lefatshe ebile ditshedi tsa mefuta e e farologaneng di le dimilione di le mmalwa di bona dijo le tshireletsego mo go tsone. Fa ditlhare di gola di bo di ungwa, di dira ditiro tse dingwe gape tse di botlhokwa thata, jaaka go dirisa carbon dioxide di bo di ntsha okosejene. Ke gone ka moo, National Geographic e buang jaana, “di thibela gore kgolokwe yotlhe e seka ya nna mogote o o tshosetsang ditshedi tse di mo lefatsheng jaaka re di itse.”
Mme motho o senya boswa jwa gagwe jwa ditlhare. Dikgwa tsa Amerika Bokone le tsa Yuropa di senngwa ke kgotlelo. Mme merafe e e nang le diintaseteri tse dikgolo e senya dikgwa tsa boboatsatsi ka ntlha ya dilo dingwe tse e di batlang. Lokwalodikgang longwe lwa Afrika lo ne lwa tlhalosa gore ka 1989, “go ne go lebeletswe gore go romelwe dikubita tsa dimetara di le dimilione di le 66 [tsa dikgong tsa boboatsatsi] kwa mafatsheng a sele—48 lekgolong ya tsone kwa Japane, 40 lekgolong kwa Yuropa.”
Mo dinageng tse dingwe, balemi ba tshuba dikgwa go dira gore go nne le naga e e ka lengwang. Go ise go e kae mmu o o sa nonofang thata wa dikgwa o felelwa ke menontsha, mme balemi ba bo ba tshwanelwa ke go tshuba dikgwa tse dingwe gape. Go fopholediwa gore go sentswe mo e ka nnang halofo ya dikgwa tsa lefatshe mo ngwagakgolong ono fela.
Mawatle
Mawatle a lefatshe le one a na le seabe se segolo mo go phepafatseng loapi, mme motho o le senya ka dilo tse a di dirang. Mawatle a monya carbon dioxide e ntsi. Gape, ditshedinyana le dijalonyana tsa lewatle di dirisa carbon dioxide di bo di ntsha okosejene. Dr. George Small o tlhalosa modikologo ono wa botshelo o o botlhokwa jaana: “70 lekgolong ya okosejene e e ntshediwang kwa loaping ngwaga le ngwaga e tswa mo ditshedinyaneng le mo dijalonyaneng tse di mo lewatleng.” Lefa go le jalo, borasaense ba bangwe ba bolela gore ditshedinyana le dijalonyana tseno tsa lewatle di tshwanetse tsa bo di fokotsegile tota ka ntlha ya go fokotsega ga ozone mo loaping, seo go dumelwang fa se bakiwa ke motho.
Motho gape o tshela leswe, oli, le eleng matlakala a a nang le botlhole mo lewatleng. Lemororo dinaga tse dingwe di dumela go lekanyetsa matlakala a a latlhelwang mo lewatleng, tse dingwe di a gana. Morafe mongwe kwa Bophirima ga o letlelele gore go latlhelwe matlakala a nuklea mo lewatleng. Jacques Cousteau, mmatlisisi mongwe yo o itsegeng thata wa lewatle o tlhagisa jaana: “Re tshwanetse go falotsa mawatle fa re batla go falotsa batho.”
Metsi a a Nowang
Motho o kgotlela le metsi ao a a nwang! Dimilione tsa batho tse di mo dinageng tse di humanegileng di swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya metsi a a leswe. Mo merafeng e e itsholetseng, gareng ga tse dingwe, metswedi ya metsi e kgotlelwa ke menontsha le dilo tse di bolayang ditshenekegi tseo di gogolelwang mo dinokeng di bo di monyelwa kwa metsing a a kwa tlase ga lefatshe. Go ne ga dirwa ditone di le dimilione di le 2,3 tsa dilo tse di bolayang ditshenekegi ka 1986 mo lefatsheng lotlhe, mme go begwa gore di okediwa ka selekanyo sa 12 lekgolong ngwaga le ngwaga.
Dikhemikale tse di latlhiwang le tsone di a kgotlela. “Diteromo tsa tshipi tse di nang le dikhemikale,” go tlhalosa jalo Scientific American, “di tshwana fela le dibomo tsa nako tse di tlileng go thunya fa di ntse di rusa.” Lokwalopaka lono lo oketsa ka gore mofuta ono wa kgotlelo o ntse o diragala “mo lefatsheng ka bophara mo dithotobolong tse di diketekete tsa matlakala a dikhemikale.”
Go felela jang? Dinoka tseo pele di neng di sa kgotlelwa mo lefatsheng lotlhe di fetoga mesele e e tsamaisang leswe ya diintaseteri. Go fopholediwa gore metsi a Rhine a nowa ke batho ba le dimilione di le 20 ba Yuropa, lefa go le jalo, noka eno e kgotletswe mo eleng gore seretse se se ntshiwang mo lotshitshing lwa yone se kotsi mo se ka sekang sa latlhwa jaaka matlakala a mangwe ka go epelwa mo mmung!
Mekgwa ya go Lema le go Rua
Se se tshosang ke gore motho o senya le eleng naga eo a lemang le go ruela mo go yone. Go ya ka Scientific American go setse go sentswe 20 lekgolong ya naga e go lemelwang dijalo mo go yone ka go nosediwa, kwa United States fela. Ka ntlhayang? Ka gonne go nosetsa thata go tsenya letswai le le ntsi go feta mo mmung. Dinaga tse dintsi di sentse naga e e botlhokwa thata ka tsela eno. The Earth Report e bolela gore “jaaka go ntse go senngwa naga e kgolo ka go e tsenya letswai ka tsela eno e nngwe e ntse e dirwa gore e ungwe ka mekgwa e mesha ya go nosetsa.” Bothata jo bongwe gape jo bo tletsetletseng ke jwa go senngwa ke phulo, e e ka tswang e gakatsa go gola ga dikaka.
Dikoloi tse Dintsi Thata
Re buile go le gontsi ka naga ya mo polaneteng eno le metsi a yone. Mme go tweng ka moya wa yone? Le one o a kgotlelwa, mme dilo tse di dirang seno di dintsi. Go umaka se le sengwe fela, akanya ka koloi. Mafoko a a latelang ke ditlhagiso tse di tswang mo makwalopakeng a mararo a a tlhotlheletsang thata a saense: “Dikara di kgotlela moya thata go feta sepe fela se sengwe se se dirwang ke motho.” (New Scientist) “Go na le dikara di le dimilione di le 500 tse di kwadisitsweng mo polaneteng eno . . . Ditanka tsa tsone fa di tletse di dirisa nngwe tharong ya oli ya lefatshe . . . Palo ya dikara e oketsega ka lobelo lo lo fetang lwa go oketsega ga baagi.” (Scientific American) “Peterolo fa e dirwa, e dirisiwa le fa e latlhiwa e nna motswedi o mogolo wa tshenyo mo tikologong ebile e baka malwetsi.”—The Ecologist.
Ee, polanete ya rona ga e tshwarwe sentle, e a senngwa. Mawatle a yone, metsi a yone a a nowang, naga ya yone e e lengwang le e go ruelwang mo go yone di ntse di kgotlelwa fela thata. Eleruri seno se le esi fela se tla akantsha gore nako ya gore Modimo o tsenelele go tla go “senya ba ba senyañ lehatshe” e gaufi. (Tshenolō 11:18) Lefa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe tse di maswe le go feta, tseo lefatshe le senngwang ka tsone. A re boneng gore tota ke dife.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
“Re tshwanetse go falotsa mawatle a rona fa re batla go falotsa batho.”—Jacques Cousteau