LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 1/8 ts. 6-11
  • A ba Fenya Ntwa Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ba Fenya Ntwa Eno?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlha Tse Tharo Tse di Boammaaruri ka Ikholoji
  • Go Setse go Senyegile go le Kana Kang?
  • A Motho a ka Rarabolola Mathata Ano?
  • Dinaga Tse di Humanegileng ke Bolatlhelamatlakala Jwa Tse di Humileng
    Tsogang!—1995
  • Motho o Tshwere Lefatshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Lwela go Namola Polanete ya Rona
    Tsogang!—1996
  • Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 1/8 ts. 6-11

A ba Fenya Ntwa Eno?

“TLHOKOMELANG polanete eno, ke yone fela e re nang le yone.” Prince Philip wa Borithane yo e leng poresidente wa World Wide Fund for Nature, o ne a bua jalo ka lentswe le le tshikhinyang maikutlo.

Dingwaga di le diketekete tse di fetileng mopesalema o ne a kwala jaana: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Modimo o re neile lefatshe go nna legae la rona mme re tshwanetse go le tlhokomela. Ke se ikholoji e batlang re se dira.

Totatota lefoko “ikholoji” le kaya “go ithuta ka legae.”a Tsela e nngwe e The American Heritage Dictionary e le tlhalosang ka yone ke “go ithuta ka tsela e e diphatsa e tlhabologo ya segompieno e amileng tikologo ka yone ka maikaelelo a go thibela seo kana go baakanya dilo ka go e somarela.” Fa re e tlhalosa ka tsela e e motlhofo, ikholoji e kaya go ribolola tsela e motho a sentseng dilo ka yone le go batla ditsela tsa go di baakanya. Seo ga se kgetsi e potlana.

Dintlha Tse Tharo Tse di Boammaaruri ka Ikholoji

Barry Commoner, wa moithutatshelo, mo bukeng ya gagwe ya Making Peace With the Planet, o akantsha melao e e motlhofo e le meraro ya ikholoji e e thusang go tlhalosa lebaka la go bo go le motlhofo gore lefatshe le senyege ka ntlha ya go se tlhokomelwe.

Sengwe le sengwe se amana le dilo tse dingwe. Fela jaaka fa leino le le bodileng le ka ama mmele otlhe, go senya kuno e le nngwe fela ya tlholego le gone go ka baka mathata a tikologo a le mantsintsi fela.

Ka sekai, mo dingwageng tse di fetileng tse 40, diperesente di le 50 tsa dikgwa tsa thaba ya Himalaya kwa Nepal di ile tsa rengwa go dirwa dikgong tsa go gotsa kana go betlwa dilo tsa legong ka tsone. E ne ya re fa pula e e nang ka diphefo e fitlha ke fa mmu wa thaba eo o elela le metsi ka gonne go khumutswe ditlhare mo go one. Ka gonne mmu o o fa godimo o ne o gogotswe, ditlhare tse disha di ne di sa kgone go itshetlela mme dithaba di le dintsi di ile tsa sala di le bogonoko fela. Gone jaanong ngwaga le ngwaga Nepal e latlhegelwa ke ditone di le dimilionemilione tsa mmu o o fa godimo ka ntlha ya go rengwa ga ditlhare. Mme bothata jono ga bo kwa Nepal fela.

Kwa Bangladesh, metsi a dipula a a elelang ka lobelo lo logolo a ditlhare tsa teng di kileng tsa bo di a monya jaanong a elela le dithaba tsa teng tse di bogonoko fela a sa thibiwe ke sepe go ya kwa lebopong kwa a fitlhang a baka merwalela e e boitshegang teng. Mo nakong e e fetileng, Bangladesh e ne e nna le merwalela e e masisi gangwe fela mo dingwageng tse 50; gone jaanong e nna le yone mo ngwageng mongwe le mongwe wa bo4 kana kwa tlase ga foo.

Kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, go rengwa ga ditlhare go dirile gore mafelo ao a fetoge dikaka le go fetola tlelaemete ya teng. Dikgwa ke tsone fela kuno e le nngwe ya tlholego e motho a e senyang thata. E re ka baithutaikholoji ba santse ba itse go le gonnye fela kaga tsela e dilo tsa tikologo di amanang ka yone, re ka nna ra bo re sa lemoge bothata bongwe go fitlha bo setse bo etegetse thata. Go ntse jalo ka kgang ya go latlhiwa ga matlakala, e e tlhalosiwang sentle ke molao wa bobedi wa ikholoji.

Sengwe le sengwe se tshwanetse go ya felo gongwe. Akanya fela kafa legae le le tlwaelegileng le neng le tla nna ka teng fa le ne le sena kwa go latlhelwang matlakala teng. Go ntse fela jalo le ka polanete ya rona—go tshwanetse ga nna le kwa matlakala a latlhelwang teng mo legaeng leno la rona la lefatshe. Tsela e boalo jwa ozone bo ntseng bo senyega ka iketlo ka teng e supa gore tota le digase tse di lebegang di se kotsi tse di jaaka tsa chlorofluorocarbon (CFC) ga di nyelele fela mo moweng. Dilo tsa CFC ke dingwe tsa dirè tse di makgolokgolo tse di leng diphatsa tse di ntseng di kgwelwa mo loaping, mo dinokeng le mo mawatleng.

Ke boammaaruri gore dilo dingwe—tse go tweng di “biodegradable [tlhaologa ka bonako]”—e ka nna ya re morago ga nako tsa tlhaologa le go monywa ke tse dingwe fa di ntse di fetoga, mme tse dingwe tsone ga di a nna jalo. Mabopo a lefatshe a leswafadiwa ke dilo tsa polasetiki tse di tla fetsang masomesome a dingwaga di le foo. Selo se se sa lemotshegeng ke matlakala a a botlhole a diintaseteri a gantsi a bewang felo gongwe. Le mororo a subilwe, ga go na yo o ka tlhomamisang gore a tla nna a lebetswe. A ka nna a tshelegela mo metsing a a ka fa tlase ga lefatshe a bo a nna diphatsa thata mo boitekanelong jwa batho le jwa diphologolo. Rasaense mongwe wa kwa Hungary o ne a dumelana jaana kwa Institute of Hydrology ya kwa Budapest: “Ga re itse gore re dire eng ka dikhemikale tsotlhe tse di tlhagisiwang ke diintaseteri tsa segompieno. Tota e bile ga re di itse tsotlhe.”

Matlakala a a diphatsa go gaisa otlhe ke matlakala a a ntshang marang a a bogale, a a tswang mo mafelong a go fetlha motlakase a a dirisang maatla a nuklea. Ditone di le diketekete tsa matlakala a nuklea di bewa ka nakwana mo mafelong mangwe, lefa gone mangwe a setse a latlhetswe mo mawatleng. Le mororo borasaense ba feditse dingwaga tse dintsi ba dira dipatlisiso, ga ba ise ba rarabolole bothata jwa go bona lefelo le le babalesegileng, la leruri le a ka bewang kwa go lone kana a latlhelwa kwa go lone e bile ga go bonale ba ka kgona go dira jalo gautshwane jaana. Ga go na yo o itseng gore tlhagala eno ya tikologo e tloga e thubega leng. Bothata jono bo tla nna bo ntse bo le gone—matlakala ano a tla nna a ntse a na le marang a a bogale ka makgolokgolo a dingwaga a a tlang kana dimileniamo kgotsa go fitlha Modimo a tsaya kgato ka gone. (Tshenolo 11:18) Tsela e motho a itlhokomolosang kgang ya go latlha matlakala ka yone gape e re gakolola molao wa boraro wa ikholoji.

Se kgoreletse tlholego. Ka mafoko a mangwe, motho o tshwanetse go dirisana mmogo le dithulaganyo tsa tlholego e seng go di kgoreletsa ka sengwe se a akanyang gore se botoka. Sekai se se tshwanelang sentle ke sa dibolayaditshenekegi dingwe. Fa di ne di simolola go dirisiwa, di ne tsa thusa balemi go laola mefero tsa bo tsa nyeletsa ditshenekegi tse di senyang. Go ne go bonala fa di tlile go dira gore go tlhagisiwe dijalo tse dintsi tse di nonneng. Mme morago dilo di ne tsa senyega. Mefero le ditshenekegi di ne tsa simolola go palela mefuta e e farologaneng ya dibolayaditshenekegi mme go ne ga lemotshega gore dibolayaditshenekegi di ne di tshela dilo tse di jang ditshenekegi ka botlhole, ditshedi tsa naga le motho ka boene. Gongwe le wena o kile wa tshelwa botlhole ke dibolayaditshenekegi. Fa go le jalo, o mongwe wa dimilionemilione tse di tshelwang ke jone lefatshe ka bophara.

Selo se se swabisang ke gore fa go ntse go ya go ile ga bonala fa dibolayaditshenekegi tseno di ne di sa tokafatsa thobo ka gope. Gone jaanong kwa United States ditshenekegi di ja karolo e ntsi ya thobo go feta pele dibolayaditshenekegi di nna teng. International Rice Research Institute ya kwa Philippines le yone e ile ya lemoga gore dibolayaditshenekegi ga di tlhole di tokafatsa thobo ya reise kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Tota e bile, thulaganyo nngwe e e sa ikaegeng thata ka dibolayaditshenekegi ya kwa Indonesia e e engwang nokeng ke puso ka madi, e kgonne go oketsa thobo ya reise ka diperesente di le 15 go tloga ka 1987 le mororo e ile ya fokotsa go dirisa dibolayaditshenekegi ka diperesente di le 65. Lefa go ntse jalo, balemi ba lefatshe ba santse ba dirisa dibolayaditshenekegi thata ngwaga le ngwaga.

Melao eno e meraro ya ikholoji e e tlhalositsweng fa godimo e re thusa go lemoga lebaka la go bo dilo di senyega. Dipotso tse dingwe tse di botlhokwa ke gore, Go setse go senyegile go le kana kang le gore a seo se ka baakanngwa?

Go Setse go Senyegile go le Kana Kang?

Mmapa wa lefatshe o o mono (bona ditsebe 8-9) o supa mathata a magolo a a amang tikologo le kwa a leng masisi thata teng. Ga go na pelaelo gore, fa mefuta ya dimela kana ya diphologolo e nyelela ka ntlha ya go tlhoka mo e nnang gone kana ka mabaka a mangwe, motho a ka se kgone go baakanya tshenyego eo. Tshenyego e nngwe—e e jaaka go fokotsega ga boalo jwa ozone—e setse e dirilwe. Go tweng ka tikologo e e ntseng e senyegela pele? A go dirwa sengwe go emisa seno kana bobotlana go se fokotsa?

Dilo tse pedi tse re ka lemogang tsela e tikologo e senyegileng ka yone ke mo temothuong le mo go tshwareng ditlhapi. Ka ntlha yang? Ke ka gonne gore go bonwe dilo tseno ka bontsi go tlhokega tikologo e e phepa le ka gonne matshelo a rona a ikaegile ka metswedi e e tlhomameng ya dijo.

Ditheo tseno ka bobedi di supa fa di senyega ka tsela e e masisi. United Nations Food and Agriculture Organization e ile ya lemoga gore dikepe tsa batshwaraditlhapi ba lefatshe di ka se ka tsa kgona go tshwara ditone di le dimilione di le 100 tsa ditlhapi kwantle ga go fokotsa palo ya ditlhapi fela thata. Ba ile ba tlola palo eo ka 1989 mme fela jaaka go ne go lebeletswe, ngwaga o o latelang oo selekanyo sa ditlhapi tse ba di tshwereng se ne sa wela kwa tlase ka ditone di le dimilione tse nnè. Mafelo a ditlhapi di kgobokanelang fa go one ka ditlhopha a fokotsegile thata. Ka sekai, kwa bokonebotlhaba jwa Atlantic, selekanyo sa ditlhapi tse di tshwarwang se fokotsegile go nna diperesente di le 32 mo dingwageng tse 20 tse di fetileng. Mathata a magolo a a bakang seno ke go tshwara ditlhapi go feta selekanyo, go leswafatsa mawatle le go senya mafelo a di tsalelang mo go one.

Selo seno se se sa itumediseng se direga le mo thobong ya dijalo. Mo dingwageng tsa bo1960 le bo1970 mekgwa e e tokafaditsweng ya go jala le ya go nosetsa dijalo le go dirisa dikhemikale tsa dibolayaditshenekegi le menontsha thata e ne ya tokafatsa thobo ya dijalo fela thata. Gone jaanong dibolayaditshenekegi le menontsha ga di tlhole di thusa thata mme tlhaelo ya metsi le kgotlelo le tsone di dirile gore thobo e fokotsege.

Le mororo ngwaga le ngwaga go nna le batho ba ba oketsegileng ba ba ka tshwarang dimilione tse 100 ba ba tshwanetseng go tlamelwa ka dijo, ditsha tsa temo di ile tsa fokotsega thata mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng. Mme mafelo ano a temo a a swafala. Worldwatch Institute e fopholetsa gore mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, kgogolego ya mmu e dirile gore balemi ba latlhegelwe ke ditone di le dimilione di le dikete tse 500 tsa mmu o o fa godimo. Selekanyo sa dijo tse di tlhagisiwang se simolotse go fokotsega tota. Pego ya State of the World 1993 e bolela gore “selekanyo sa dijalo tse motho mongwe le mongwe a di jang se fokotsegile ka diperesente di le 6 mo magareng a 1984 le 1992 gongwe [ke] sone bothata jwa ikonomi jo bo tshwentseng go gaisa mo lefatsheng gompieno.”

Go phepafetse gore matshelo a dimilionemilione tsa batho a setse a le mo dipharagobeng ka ntlha ya go bo motho a sa tlhokomele tikologo.

A Motho a ka Rarabolola Mathata Ano?

Le mororo motho a tlhaloganya sengwe kaga dilo tse di ntseng di senyega, ga go motlhofo gore a ka di baakanya. Bothata jwa ntlha ke gore go tla tlhoka madi a mantsi—bobotlana diranta di le dibilione di le pedi ka ngwaga—go dirisa dikakantsho tse di batlang dilo tse dintsintsi tse di neng tsa akantshiwa kwa Earth Summit ka 1992. Gape go tla tlhoka gore batho ba intshe setlhabelo tota—go intsha setlhabelo mo dilong tse di jaaka go se senye dilo tse dintsi le go dirisa sesha dilo tse dintsi, go somarela metsi le motlakase, go dirisa dipalangwa tsa botlhe go na le go dirisa dikoloi tsa bone ka namana, mme se se thata go gaisa, go akanyetsa polanete go na le go ikakanyetsa ka bobone. John Cairns, Jr., yo e leng modulasetulo wa komiti ya United States e e malebana le go phepafatsa tikologo ya metsi, o sobokanya bothata jono ka go re: “Ke na le tsholofelo kaga se se ka dirwang. Ga ke na tsholofelo kaga se re tla se dirang.”

Thulaganyo eno ya go phepafatsa gotlhe e batla madi a mantsi thata mo e leng gore dinaga di le dintsi di bona go le botoka gore di e beele kwa thoko go e sekaseka moragonyana. Mo nakong eno ya mathata a a masisi a tikologo, go tsewa gore ditsela tsa go tlhokomela tikologo di ka fokotsa mebereko le go kgoreletsa ikonomi go gola. Go motlhofo go bua fela ka molomo go na le go tsaya kgato ya go dira. Buka ya Caring for the Earth e tlhalosa fa seno se tsibogetswe fela ka “ditsholofetso tse dintsintsi tse di sa diragadiweng.” Mme gone, le mororo go diegisiwa dilo jaana, a tegenoloji e ntšha—fa e ka newa nako e e oketsegileng—e ka kgona go rarabolola mathata ano a polanete ka tsela e e molemo? Gongwe e ka se kgone.

Mo pegong e e tlhakanetsweng ya National Academy of Sciences ya United States le Royal Society ya Lontone, di ne tsa dumela jaana di sa fitlhe sepe: “Fa tsela e go fopholediwang gore palo ya baagi e tla oketsega ka yone e ka nna jalo, mme batho ba sa fetole tsela e ba dirang dilo ka yone mo polaneteng eno, saense le tegenoloji di ka nna tsa se ka tsa kgona go thibela go senyega ga tikologo go go ka se kang ga tlhola go baakanyega kana lehuma le le tla aparelang karolo e ntsi ya lefatshe.”

Bothata jwa matlakala a nuklea a a diphatsa a go senang kwa a ka latlhelwang teng bo re lemotsha kafa saense e palelwang ke dilo dingwe ka teng. Go setse go fetile dingwaga di le 40 borasaense ba ntse ba dira dipatlisiso tsa go bona lefelo la leruri le go ka latlhelwang matlakala a a nang le marang a a bogale kwa go lone. Kgang eno e bonala e le thata tota mo e bileng dinaga dingwe tse di jaaka Italy le Argentina di bolelang gore ga di kitla di kgona go bona lefelo le le ntseng jalo bobotlana ka ngwaga wa 2040. Naga ya Jeremane e e nang le tsholofelo e kgolo mo kgannyeng eno, e solofetse go konela dithulaganyo tsa teng ka ngwaga wa 2008.

Ke eng fa matlakala ano a nuklea e le bothata jo bogolo go le kalo? “Ga go na rasaense ope kana moenjeniri yo o ka tlhomamisang tota gore e ka se re letsatsi lengwe matlakala ano a a nang le marang a a bogale a bo a dutla ka bontsi go tswa mo mafelong a a babalesegileng thata a a tla bong a ne a tsentswe mo go one,” Konrad Krauskopf wa moithutajioloji o ne a rialo. Le mororo dipuso le diintaseteri tsa nuklea di ile tsa tlhagisiwa go sa le pele ka mathata a go latlha matlakala di ne tsa nna tsa tswelela pele fela ka go a tlhagisa di akanya gore tegenoloji ya mo isagweng e tla tla ka tharabololo. Ga go a ka ga nna jalo.

Fa e le gore tegenoloji ga e kgone go rarabolola mathata a tikologo, ke mang yo a ka a rarabololang? A mabaka a tla pateletsa ditšhaba go dirisana mmogo gore di sireletse polanete eno?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go tswa mo mafokong a Segerika oiʹkos (ntlo, legae) le lo·giʹa (thuto).

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Senka Metswedi Ya Motlakase E E Ka Ntšhafadiwang

Bontsi jwa rona ga re ke re akanya thata ka botlhokwa jwa motlakase—go fitlha fa o setse o seyo kana tlhwatlhwa ya oli e tlhatloga. Lefa go ntse jalo, tsela e motlakase o tlhagisiwang ka yone ke selo se segolo se se leswafatsang. Bontsi jwa motlakase bo tlhagisiwa ka go besa dikgong kana go tshuba ditukisi e leng tiragalo e e kuisetsang ditone di le dimilionemilione tsa khabonotaeokosaete mo atemosefereng e bile e dira gore go senngwe dikgwa tsa lefatshe.

Mofuta o mongwe ke wa motlakase wa nuklea mme ga o tlhole o dirisiwa thata ka gonne o le kotsi e bile go le thata go boloka matlakala a one a a nang le marang a a bogale. Mefuta e mengwe ke e e bidiwang gore ke metswedi ya motlakase e e ka ntšhafadiwang ka jaana e dirisa dilo tsa tlholego tse di sa rekweng tse di dirang motlakase. Go na le mefuta ya teng e megolo e le metlhano.

Mogote wa letsatsi. O ka dirisiwa go gotetsa dilo mme kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Iseraele matlo a le mantsi a teng a na le diphanele tse di monyang marang a letsatsi go gotetsa metsi ka one. Ga go motlhofo go dirisa letsatsi go tlhagisa motlakase ono, lefa go ntse jalo, dibetiri tsa segompieno tse di bolokang motlakase o o tlhagisitsweng ka letsatsi di setse di kgona go tlhagisa motlakase kwa metseng ya magae mme e bile di simolola go nna tlhwatlhwatlase.

Maatla a Phefo. Gone jaanong mafetlho a magolo thata a setse a aname mo mafelong a lefatshe a a ratwang ke phefo. Motlakase o o tlhagisiwang ka maatla a phefo o simolotse go nna tlhwatlhwatlase thata e bile kwa mafelong mangwe gone jaanong o ja madi a a kwa tlase ga motlakase o o tlwaelegileng.

Motlakase wa metsi. Gone jaanong diperesente di le 20 tsa motlakase wa lefatshe di fetlhwa ka metsi, lefa go ntse jalo, maswabi ke gore mafelo a mantsi a kwa dinageng tse di tlhabologang a a neng a ka dirisediwa seno a setse a sentswe. Matamo a magolo thata le one a senya tikologo thata. Go bonala selo se se botoka, segolobogolo kwa dinageng tse di tlhabologang, e le go aga mafelo a mantsi a mannye a go fetlha motlakase ka metsi.

Mogote wa mala a lefatshe. Dinaga dingwe, segolobogolo Iceland le New Zealand, di setse di kgonne go gopa metsi “a a molelo” a a kafa tlase ga lefatshe. Makgwamolelo a kafa tlase ga lefatshe a gotetsa metsi a a ka dirisiwang go gotetsa matlo le go fetlha motlakase. Italy, Japane, Mexico, Philippines le United States le tsone di setse di dirisa mofuta ono wa motlakase ka ditsela dingwe.

Makhubu a magolo a lewatle. Dinaga dingwe tse di jaaka Borithane, Fora le Russia di dirisa makhubu a magolo a lewatle go fetlha motlakase. Lefa go ntse jalo, go na le mafelo a sekae fela mo lefatsheng lotlhe a a ka dirisediwang go tlhagisa motlakase jalo ka tsela e e sa jeng madi a mantsi.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mangwe A Mathata A Magolo A Lefatshe A Tikologo

Go rema dikgwa. Tharonneng ya dikgwa tsa lefatshe tsa mafelo a a bololo le halofo ya dikgwa tsa boboatsatsi di setse di remilwe e bile selekanyo se dikgwa di rengwang ka sone se oketsegile ka tsela e e tshwenyang thata mo lesomeng le le fetileng la dingwaga. Bosheng jaana go fopholediwa gore ngwaga le ngwaga go senngwa dikgwa tsa boboatsatsi ka selekanyo se se fa gare ga disekwerekilometara di le 150 000 le 200 000, tse di batlang di lekana le bogolo jwa naga ya Uruguay.

Matlakala a a botlhole. Halofo ya dikhemikale di le 70 000 tse gone jaanong di dirwang mo madirelong go bolelwa gore di na le botlhole. United States e le nosi fela e tlhagisa ditone di le dimilione di le 240 tsa matlakala a a botlhole ngwaga le ngwaga. Ga go motlhofo go itse palogotlhe ya lefatshe lotlhe ka gonne go sa bolokiwe dipalopalo tsa teng. Mo godimo ga moo, ka ngwaga wa 2000 go tla bo go setse go na le ditone di ka nna 200 000 tsa matlakala a a nang le marang a a bogale tse di beilweng mo mabolokelong a nakwana.

Go swafatsa naga. Nngwetharong ya lefatshe e tloga e nna sekaka fela. Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, Sekaka sa Sahara se setse se oketsegile ka dikilometara di le 350 mo dingwageng di le 20 fela. Matshelo a dimilionemilione tsa batho a setse a le mo kotsing.

Tlhaelo ya metsi. Batho ba ba ka tshwarang dimilione di le disekete tse pedi ba tshela mo mafelong a a tlhaelang metsi thata. Selo se se gakatsang tlhaelo eno ke go kgala ga didiba ka ntlha ya go fokotsega ga selekanyo sa metsi kwa tlase ga lefatshe.

Ditshedi dingwe di a nyelela. Lefa gone dipalopalo tseno e le tse di sa tlhomamang, borasaense ba fopholetsa gore mefuta ya diphologolo, dimela le ditshenekegi tse di fa gare ga 500 000 le 1000 000 di tla bo di nyeletse ka ngwaga wa 2000.

Go leswafatsa atemosefere. Patlisiso nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e neng ya dirwa mo masimologong a bo1980 e ne ya lemoga gore batho ba ka tshwara dimilione di le sekete ba nna mo ditoropong tseo letsatsi le letsatsi di kuelelang mesidi kana digase tse di botlhole tse di leng diphatsa mo boitekanelong tse di jaaka, sulfur dioxide, nitrogen dioxide, le khabonomonokosaete. Kwantle ga pelaelo tsela e ditoropo tse dikgolo di godileng ka lobelo ka yone mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng e gakaditse bothata jono. Mo godimo ga moo, ditone di le dimilione di le dikete tse 24 tsa khabonodaeokosaete di tshelwa mo atemosefereng ngwaga le ngwaga e bile go boifiwa gore “greenhouse gas [gase e e gotetsang atemosefere]” eno e ka nna ya dira gore mogote wa lefatshe o oketsege thata.

[Mmapa]

(For fully formatted text, see publication)

Go rengwa ga dikgwa

Matlakala a a botlhole

Go leswafatsa atemosefere

Go tlhaela ga metsi

Mefuta ya ditshedi tse di nyelelang

Go swafatsa naga

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Mountain High Maps™ copyright© 1993 Digital Wisdom, Inc.

Photo: Hutchings, Godo-Foto

Photo: Mora, Godo-Foto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela