Dinaga Tse di Humanegileng ke Bolatlhelamatlakala Jwa Tse di Humileng
FELA jaaka khutsana e e sa batliweng ke ope, merwalo mengwe e e botlhole e ne e ntshiwa mo sekepeng se sengwe e tsenngwa mo go se sengwe e bile e tswa mo boemakepeng jo bongwe e ya kwa go jo bongwe go batliwa kwa e ka folosiwang teng. Ditanka di le 11 000 tse di tletseng resin e e botlhole, dibolayaditshenekegi le dikhemikale tse dingwe tse di kotsi di ile tsa tlosiwa kwa Djibouti, mo Afrika tsa isiwa kwa Venezuela kwa Siria kwa Greece. Kgabagare ditanka tse di dutlang tseno di ne tsa lwatsa mongwe wa setlhopha sa badiri se se neng se di tsamaisa. Monna yo mongwe o ne a swa mme bontsi jwa ba bangwe ba ne ba nna le malwetse a letlalo, diphilo le mafatlha, a a bakilweng ke botlhole jo ba neng ba bo rwele.
Dikepe, dillori le diterena tse di tletseng ka matlakala a a ntseng jalo a a bolayang di kgabaganya polanete eno di batla kwa di ka a tshololelang teng. Gantsi, dinaga tse di setseng di kgautlhantswe ke khumanego, leuba le malwetse ke tsone tse go latlhelwang ditone tsa matlakala a a botlhole le a a leswe kwa go tsone. Batho ba ba amegileng thata ka tikologo ba boifa gore go tla tloga go nna le masetlapelo a magolo mo dilong tsa tlholego.
Dipente tsa bogologolo, diedi tse di tlhaolosang, bokafagare jwa dithaere, dibeteri, matlakala a a nang le marang a a kotsi, lloto le tshipi e e nang le PCB, di ka tswa di sa go kgatlhe ka sepe mme di kgatlha dikgwebo tse di tsayang matlakala a mantsi a difeketeri tse di ntseng di oketsega. Fa re bapisetsa, fa puso e gagamaditse melao ya tikologo thata, matlakala a a botlhole a difeketeri tsa yone a tla ya go latlhelwa kwa dinageng tse di kwa moseja ga mawatle. Dinaga tsa diintaseteri tse dikgolo di latlhela “mo e ka nnang ditone di le dimilione di le 20 tsa dikhemikale tse di botlhole ngwaga le ngwaga kwa Dinageng Tse di Humanegileng di sa di akanyetse,” go ne ga bolela jalo, The Observer, pampiri ya beke le beke ya Lontone. Melawana e ba kgonang go e tila le e ba sa gagamalediweng gore ba e ikobele e dira gore diketekete tsa ditone tsa matlakala di latlhelwe kwa Afrika, Asia le kwa dinageng tsa Latin America.
Ga go gakgamatse go bo dikhampani tseno di sa kgone go ithiba go latlhela matlakala teng! Ditshenyegelo tsa teng di ka fokotsega thata fa a latlhelwa mo lefelong le le tshwanetseng. Sekai sa seno ke sekepe sa bajanala sa United States, sekepe se go neng go ipelafatswa ka sone se se neng se rwala batho sa Amerika. Se ne sa rekwa ka 1992 gore se kgabisiwe se dirwe manobonobo gore se rwale batho. Go lebega se ne se na le asebesetose e ntsi go feta sekepe sepe fela. Go tlosa asebesetose eo go ka bo go ne ga batla United States didolara di le dimilione tse 100 (diranta di le dimilione tse 360). Sekepe seno se ne sa gogelwa kwa Turkey, koo se neng se ka dirwa jalo ka didolara di le dimilione tse pedi (diranta di le dimilione di le supa). Mme lefa go ntse jalo, puso ya Turkey e ne ya gana—ka go bo go ne go le kotsi thata go dumelela gore disekweremetara di le 46 000 tsa asebesetose e e bakang kankere e berekelwe mo nageng ya yone. Sekepe seo se ne sa gogelwa kwa boemakepeng jo bongwe jwa naga e sele e e sa gagamatsang melao ya tikologo thata.
Tirisosesha e e Bolayang
Dikgwebo tsa dinaga tsa Bophirima tse di mo dinageng tse di tlhabologang di ka nna tsa ipolela gore di direla bahumanegi molemo. Harvey Alter wa U.S. Chamber of Commerce o bolela gore “go romelwa ntle le go dirisiwa sesha ga matlakala go tokafatsa seemo sa botshelo kwa dinageng tseno.” Mme fa go ne go sekasekiwa ditiro tsa bone tsa kgwebo kwa dinageng tse di kwa moseja go ne ga fitlhelwa gore mo mabakeng a mantsi, go na le gore di tokafatse seemo sa botshelo, difeketeri tseno “ga di duele batho madi a a fetang a ba a duelwang mo lefelong la bone, di kgotlela tikologo le go rekisa dilwana tse gantsi di leng kotsi e bile di rekisiwa ka tsietso.”
Mopapa John Paul II o ne a bolela kafa a tshwenyegang ka teng kwa kokoanong nngwe e go neng go buiwa ka go kgotlelwa ga dinaga tse di tlhabologang. Mopapa o ne a bolela jaana: “Dinaga tse di humileng di dira bosetlhogo tota fa di dira merokotso ka diikonomi tse di bokoa le melao e e sa nonofang ya dinaga tse di humanegileng ka go isa tegeneloji e e leswe le matlakala a a senyang tikologo le boitekanelo jwa batho ba koo.”
Sekai sa seno se fitlhelwa kwa borwa jwa Afrika, lefelo le mekhuri o dirisiwang sesha teng ka selekanyo se segolo. Mo go se se neng se bidiwa gore ke “matlhabisaditlhong a a maswe thata a kgotlelo mo kontinenteng eno,” matlakala a a botlhole a ne a bolaya modiri mongwe, yo mongwe o ne a idibala mme go begwa gore nngwetharong ya badiri ba a lwala ka ntlha ya botlhole jwa mekhuri. Dipuso tsa ditšhaba tsa diintaseteri tseno di thibela kana di kganela gore go se ka ga latlhelwa matlakala mangwe a a rileng a mekhuri kwa dinageng tsa tsone. Dikepe tsa diintaseteri tseno tse di tswang kwa go nngwe ya dinaga tseno di isa dithoto tseno tse di kotsi kwa matshitshing a Afrika. Setlhopha sengwe sa batlhatlhobi se ne sa fitlhela ditanka di le 10 000 tsa matlakala a mekhuri a a tswang kwa dikhampaning tse di kwa moseja di beilwe kwa madirelong mangwe.
Go romelela ditšhaba tse di tlhabologang dilwana go utlwala e kete go botoka go na le go latlhela matlakala kwa go tsone. Di ka dirisiwa sesha go dira dilwana tse di mosola, tsa dira gore go nne le mebereko le go tokafatsa ikonomi. Lefa go ntse jalo, jaaka pego e e fa godimo e e tswang kwa borwa jwa Afrika e bolela, seno se ka baka le matswela a a botlhoko thata. Fa go ntshiwa dilwana tse di botlhokwa tseo go ka tswa dikhemikale tse di bolayang tse di bakang kgotlelo le bolwetse, gape di ka bolaya badiri. Makasine wa New Scientist o akgela jaana: “Ga go na pelaelo gore go dirisa sesha ka dinako tse dingwe go dirwa seipato sa go latlha matlakala.”
U.S.News & World Report e tlhalosa leano leo jaana: “Go sa tlhalose dilwana ka tsela e e tlhamaletseng, dilo tsa semolao tse di bofitlha le go tlhoka botswerere ga dinaga tse di tlhabologang go dira gore go nne motlhofo gore barekisi ba seretse se se botlhole ba se rekise ba se bitsa ‘menontsha ya mmu’ kana dibolayaditshenekegi tse di tswapogileng ba re ke ‘thuso ya temo.’”
Di-maquiladora kana difeketeri tsa batho ba dinaga di sele di tletse kwa Mexico. Boikaelelo jo bogolo jwa dikhampani tsa dinaga di sele ke go tila melao e e gagametseng ya kgotlelo le go ikhumisa ka badiri ba bantsintsi bao ba ba duelang madi a mannye. Diketekete di le masomesome tsa Ba-Mexico ba nna mo ditakaneng tse di fa thoko ga dikanale tse di nang le metsi a a leswe. “Le dipodi tota ga di a nwe,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe. Pego nngwe ya American Medical Association e ne ya bitsa lefelo leno “bodiba le lefelo le malwetse a a tshelanwang a simologang mo go lone.”
Ga go Swe Ditshenekegi Fela
“Go tla jang gore naga e thibele botlhole kwa gae mme e bo e bo dira le go bo rekisetsa dinaga tse dingwe? A ga ba itse molemo le bosula?” go ne ga botsa jalo Arif Jamal, moitse wa mebu le dijalo le dibolayaditshenekegi go tswa kwa Khartoum. O ne a supa dinepe tsa ditanka tse di tempilweng jaana: “Ga di a kwadisediwa go dirisiwa”—kwa nageng e di tswang kwa go yone. Di ne tsa fitlhelwa kwa lefelong la diphologolo tse di tlhaga kwa Sudan. Gaufi le tsone go ne go tletse ditoto tsa diphologolo.
Naga nngwe e e humileng e “romelela dinaga tse dingwe diponto di le dimilione di le 500 [dikilogerama di le dimilione di le 227] tsa dibolayaditshenekegi tse di thibetsweng kana tse di sa letlelelwang gore di dirisiwe kwa nageng eo,” go bega jalo The New York Times. Heptachlor ya losika lwa DDT e e bakang kankere e ne ya thibelwa gore e se ka ya dirisiwa mo dijalong ka 1978. Mme feketiri e e simolotseng go e dira e santse e e dira.
Babatlisisi bangwe ba Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba ne ba fitlhela mefuta e e farologaneng ya “dibolayaditshenekegi tse di botlhole tota” mo ditšhabeng tse di ka nnang 85 tse di tlhabologang. Mo e ka nnang batho ba ba fetang milione o le mongwe ba tsenwa ke botlhole ngwaga le ngwaga mme gongwe ba ba ka nnang 20 000 ba bolawa ke dikhemikale.
Intaseteri ya motsoko e ka bolelwa gore ke yone e e leng bogagapa jo bo setlhogo go gaisa tsotlhe. Setlhogo sengwe mo go Scientific American se se reng “Kgogodi ya Lefatshe Lotlhe ya Motsoko” se bolela jaana: “Ga go kake ga twe palo e ntsi ya malwetse le dintsho tse di bakiwang ke motsoko e a fetelediwa.” Batho ba ba simololang go goga ke ba dingwaga tse di kwa tlase thata, mme palo ya basadi ba ba gogang e oketsega tota. Dikhampani tse di nonofileng tsa motsoko tse di golaganeng le babapatsi ba dinokwane di ntse di bona bareki ba bantsi thata mo dinageng tse di sa tlhabologang. Fa ba ntse ba ikhumisa jaana ba setswe morago ke ditopo le mebele e e sentsweng ke malwetse.a
Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go bolela gore ga se dikhampani tsotlhe tse di sa amegeng ka kgatelopele ya dinaga tse di tlhabologang. Go na le dikhampani tse di lekang go dira kgwebo ka tsela e e siameng le ka tsela e e supang go amega ka dinaga tse di tlhabologang. Ka sekai, khampani nngwe e naya batho madi fa ba tlogela tiro ka ntlha ya botsofe le fa ba lwala e bile e duela batho madi a a menaganeng gararo go feta a ba tshwanetseng go a ba duela. Khampani nngwe e gagametse tota fa go tla mo ditshwanelong tsa batho e bile e ile ya senya ditumalano tse dintsintsi tse di tlhokomologang ditshwanelo tsa batho.
Go sa Latele Molao ka Boitimokanyi
Ka 1989 go ne ga saeniwa tumalano kwa kokoanong nngwe ya UN kwa Basel, kwa Switzerland, gore go laolwe go rwalwa ga matlakala a a botlhole fa gare ga ditšhaba. E ne ya palelwa ke go rarabolola bothata mme New Scientist e ne ya bega jaana ka kokoano e nngwe ya moragonyana ya tsone ditšhaba tseo e e neng ya tshwarwa ka March 1994:
“Fa di tsaya kgato ka go galefa ga dinaga tse di tlhabologang, dinaga tse 65 tse di neng di le kwa Basel Convention di ne tsa dira selo se se botlhokwa thata ka go swetsa go tsweletsa kokoano eo mme di thibela gore matlakala a se ka a ntshiwa mo dinageng tsa OECD [Organization for Economic Cooperation and Development] a isiwa kwa dinageng tse e seng tsa OECD.”
Mme dinaga tse di tlhabologileng di ne tsa se ka tsa itumelela tshwetso eno ya morago. New Scientist e ne ya bolela jaana e tshwenyegile: “Dikgang tsa gore United States, Borithane, Jeremane le Australia di leka go itlhokomolosa tshwetso eno di a tshwenya. Dikwalo tse di neng tsa bonwa ka sephiri tsa puso ya United States di bolela ka maiteko a yone a ‘sephiri’ a go ‘fetola’ thibelo eo pele e dumalana le kokoano eo.”
Letsatsi la go Atlholwa ga Batho ba ba Pelotshetlha
“Jaanong lona banna ba ba humileng, ke nako ya gore lo lele lo bokolele ka ntlha ya matlhotlhapelo a a tlileng go lo diragalela!” Baebele e tlhagisa jalo mo go Jakobe 5:1. (The New Testament in Modern English, e e kwadilweng ke J. B. Phillips) Ba tlile go atlholwa ke yo a ka kgonang go siamisa dilo: “Jehofa o dirafatsa ditiro tsa tshiamo, le dikatlholo o di dirafaletsa botlhe ba ba patikwang.”—Pesalema 103:6.
Botlhe ba ba tshelelang mo lehumeng le le botlhoko ba tshwanetse go gomotsega gonne ba itse gore mafoko ano a Pesalema 72:12, 13 a tla tloga a diragala: “Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona ditlhogo tse di buang ka motsoko tsa Tsogang! ya June 8, 1995.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Matlakala a a Bolayang a a Ganang go Tsamaya
“Matlakala a a Bolayang a Nuklea a Koelegane Mme ga go Bonale Go na Le Tharabololo.” Seo e ne e le setlhogo se segolo sa dikgang sa karolo ya saense ya The New York Times ngogola ka March. Setlhogo seo se ne sa re: “Selo se se motlhofo se se ka dirwang ke gore a epelwe. Mme seo le sone se a kgalwa jaaka borasaense ba ganetsana mme mekgatlho ya Feterale e ntse e batlisisa gore a kakantsho ya gore a epelwe kwa Nevada ga e kitla e re kgabagare e bake go thunya ga nuklea goo go tla bakiwang ke fa matlakala a fetoga plutonium.”
Borasaense ba akantshitse maano a mantsi a go tlosa plutonium e e sa tlhokegeng mo lefatsheng mme ditshenyegelo tsa gone, dikgang tse di tsosiwang ke seo le poifo, di ile tsa dira gore maano ao a se ka a dirisiwa. Kgopolo e nngwe e bontsi bo sa e rateng ke go a epela mo lewatleng. Kakantsho e nngwe gape e e sa tlwaelegang ke go a thuntshetsa kwa letsatsing. Tharabololo e nngwe ke go a tshuba ka dirieketara. Mme seno se ne sa se ka sa tsewa, gonne se tla tsaya “makgolokgolo kana diketekete tsa dingwaga” gore se kgone go dirwa.
Dr. Makhijani wa Institute for Energy and Environmental Research o ne a re: “Tharabololo nngwe le nngwe e e molemo ya botegeniki kafa dipolotiking ga e a siama mme tharabololo nngwe ya sepolotiki e e molemo ga e utlwale mo botegeniking. Ga go na ope yo o tlileng ka tharabololo e e siameng mo tlhakatlhakanong eno, le rona tota.”
Ngwaga le ngwaga fa go isiwa motlakase kwa magaeng a le dimilione di le 60—diperesente di le 20 tsa motlakase wa naga—dirieketara di le 107 mo mafelong a maatla a nuklea kwa United States di ntsha ditone di le 2 000 tsa matlakala mme go tloga ka 1957 ba ile ba boloka matlakala a a setseng ka nakwana kwa mafelong a nuklea. Batho ba ile ba leta dingwaga di le masomesome gore puso e senke tsela ya go a latlha mme ga e ise e dire jalo. Go setse go busitse diporesidente di le robongwe, Dikongerese di le 18 di ne tsa ntsha maano le go tlhoma matlha a gore matlakala ao a a kotsi a epelwe, mme matlakala ao a santse a tla nna dingwaga di le diketekete a tlhokometswe a ise a latlhiwe.
Go farologana le seo, didiba tsa melelo di le dibilione tse Jehofa Modimo a di laolang mo dinaleding tse di kgakala tsa lobopo ga di kotsi mo go ope mme seo a se laolang mo letsatsing se dira gore re kgone go tshela mo lefatsheng.
[Motswedi wa Setshwantsho]
UNITED NATIONS/IAEA
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Dikhemikale tse di botlhole di kgotlela metsi a a nowang le a go tlhatswiwang ka one
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bana ba tshamekela mo matlakaleng a a kotsi kana a a bolayang