LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 1/8 ts. 23-24
  • Mokoakoa wa Dikhemikale Tse di Itiretsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokoakoa wa Dikhemikale Tse di Itiretsweng
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Dira Dikhemikale Tse Dintsi go Tlisa Dikotsi Tse Dintsi?
  • Dikhemikale—A ke Tsala E bo E Nne Mmaba Gape?
    Tsogang!—1999
  • Legae la Gago le Tletse Botlhole go le Kana Kang?
    Tsogang!—1999
  • Fa Dikhemikale di go Lwatsa
    Tsogang!—2000
  • Go Tshwenngwa Thata ke Dikhemikale Tse di Farologaneng—Bolwetse jo bo Gakgamatsang
    Tsogang!—2000
Tsogang!—1999
g99 1/8 ts. 23-24

Mokoakoa wa Dikhemikale Tse di Itiretsweng

LEKGOLO leno la dingwaga le ka tshwanela go bidiwa motlha wa khemiseteri. Dikhemikale tse di itiretsweng di fetotse matshelo a rona. Magae a rona, diofisi le difeketeri di tletse di-aerosol, dinatetshi tse di itiretsweng, ditlolo, difetolamebala, diinki, dipente, dibolayaditshenekegi, melemo, dipolasetiki, khemikale e e dirisiwang go tsidifatsa, matsela a a itiretsweng—lenaane la tsone le leleele fela thata.

E le gore lefatshe le nne le didirisiwa tseno tse di tlhokegang, go dirwa ga dikhemikale mo lefatsheng lotlhe ngwaga le ngwaga go ka tshwara dibilione tse 9,5 tsa diranta, go ya ka World Health Organization (WHO). WHO e bega gore dikhemikale di ka nna 100 000 di setse di rekisiwa jaanong le gore tse 1 000 go ya go tse 2 000 tse disha di ntse di dirwa ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo, mokoakoa ono wa dikhemikale o tsosa dipotso malebana le gore di ama jang tikologo mmogo le botsogo jwa rona. Go phepafetse gore re lebane le boemo jo bo sa tlwaelegang gotlhelele. Ngaka nngwe e ne ya bolela jaana: “Rotlhe re karolo ya kokomana e go lekelediwang dilo mo go yone, mme go tla feta masomesome a dingwaga re ise re bone ditlamorago tsa ditekeletso tseno ka botlalo.”

A go Dira Dikhemikale Tse Dintsi go Tlisa Dikotsi Tse Dintsi?

WHO e bolela gore gantsi batho ba ba amiwang thata ke leswe le le nang le dikhemikale ke “batho ba ba humanegileng, ba ba sa rutegang, ba ba iseng ba ko ba rutiwe sentle kana go neelwa tshedimosetso e e tlhokegang malebana le dikotsi tsa dikhemikale tse ba di dirisang ka tlhamalalo kana ka ditsela tse dingwe letsatsi le letsatsi.” Go ntse jalo bogolo jang ka dibolayaditshenekegi. Mme rotlhe re amiwa ke dikhemikale.

Buka ya A Green History of the World e bolela gore diperesente di ka nna 20 tsa didiba tsa metsi kwa California di na le dilo tse di di kgotlhelang, tse di akaretsang dibolayaditshenekegi, tse dintsi go feta selekanyo se se sireletsegileng se se beilweng ka fa molaong. Buka eno e oketsa jaana: “Kwa Florida go ile ga tswalwa didiba di le 1 000 ka gonne di le leswe; kwa Hungary, ditoropo le metsana e le 773 di na le metsi a a sa tshwanelang go nowa, kwa Boritane diperesente di le lesome tsa metswedi ya metsi di kgotletswe go feta selekanyo se se sireletsegileng se se beilweng ka fa molaong ke World Health Organisation mme mo dikarolong tse dingwe tsa Boritane le tsa United States metsi a dipompo a ka se newe masea a a sa tswang go tsholwa ka gonne a na le nitrate e ntsi thata.”

Mekhuri ke khemikale e nngwe e e mosola mme mo letlhakoreng le lengwe e le botlhole fela thata. E tsena mo tikologong ka dilo tse di tshwanang le diphaepe tsa madirelo tse di ntshang mosi go ya go dibilionebilione tsa mabone a fluorescent. Ka mo go tshwanang, lloto e ka fitlhelwa mo dilong di le dintsi, go simolola mo ditukising go fitlha kwa penteng. Mme fela jaaka mekhuri, le yone e ka nna botlhole, segolobogolo mo baneng. Fa ngwana yo o tlwaelegileng a tsenwa ke dilo tse di nang le lloto, seo se ka fokotsa “botlhale jwa gagwe ka dintlha di le nnè,” go bolela jalo pego nngwe e e tswang kwa Cairo, kwa Egepeto.

United Nations Environment Programme e bolela gore ngwaga le ngwaga ditone di ka nna 100 tsa mekhuri, ditone di le 3 800 tsa lloto, ditone di le 3 600 tsa phosphate, le ditone di le 60 000 tsa dikhemikale tse di tlhatswang di tsena mo Lewatleng la Mediterranean ka ntlha ya dilo tse batho ba di dirang. O ka bona gore lewatle leno le mo kotsing. Mme ga se lone fela. Tota e bile, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le boletse fa 1998 e le Ngwaga wa Ditšhabatšhaba wa Mawatle. Mo lefatsheng lotlhe mawatle otlhe a mo kotsing, segolobogolo ka ntlha ya kgotlelo.

Le mororo boranyane jwa saense ya dikhemikale bo re diretse dilo di le dintsi, re dirisa le go latlha bontsi jwa tsone ka tsela e e dirang gore di nne kotsi thata mo tikologong. Jaaka mokwaladikgang mongwe a ne a bolela bosheng jaana, a re setse re itirile “batshwarwa ba kgatelopele”?

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Dikhemikale le go Fetoga ga Dikhemikale

Lefoko “khemikale” le dirisiwa go kaya dilo tsotlhe tsa konokono tse di bopang lefatshe le le re dikologileng, tse di akaretsang le dielemente tse di fetang lekgolo tsa konokono, tse di jaaka tshipi, lloto, mekhuri, khabone, okosejene, naeterojene. Metswako ya dikhemikale tsa dielemente tse di farologaneng, e akaretsa dilo tse di jaaka, metsi, diasiti, matswai le ditagisi. Bontsi jwa metswako eno ke ya tlholego.

Go “fetoga ga dikhemikale” go tlhalosiwa e le “thulaganyo ya fa selo se sengwe se fetolwa ka dikhemikale go bopa se sengwe.” Molelo o nna gone ka go fetoga ga dikhemikale; o fetola selo sengwe se se kgonang go tuka—pampiri, peterolo, haeterojene le tse dingwe—go nna selo se sengwe se se farologaneng gotlhelele. Go na le dilo di le dintsi tse di fetolwang ke dikhemikale di sa kgaotse, mo tikologong ya rona le mo teng ga rona.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bahumanegi ke bone ba ba amiwang thata ke leswe le le nang le dikhemikale

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela