LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 1/8 ts. 24-27
  • Dikhemikale—A ke Tsala E bo E Nne Mmaba Gape?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikhemikale—A ke Tsala E bo E Nne Mmaba Gape?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a a Amanang le go Tlhatlhoba Dikhemikale Gore A di Na le Botlhole
  • A go Tlhatlhoba ka Diphologolo go ka Ikanngwa?
  • Fa Diteko Tsa Dilaboratori di sa Atlege
  • Dikhemikale Tse di Etsang Dihoromone
  • Mokoakoa wa Dikhemikale Tse di Itiretsweng
    Tsogang!—1999
  • Legae la Gago le Tletse Botlhole go le Kana Kang?
    Tsogang!—1999
  • Fa Dikhemikale di go Lwatsa
    Tsogang!—2000
  • Polanete ya Rona e Lwala go le Kana Kang?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 1/8 ts. 24-27

Dikhemikale—A ke Tsala E bo E Nne Mmaba Gape?

RE DIRA ditshwetso di le dintsi mo botshelong ka go sekaseka melemo ya dilo le mathata a tsone. Ka sekai, batho ba le bantsi ba reka koloi ka gonne e le mosola. Mme mo godimo ga mosola wa yone ba tshwanetse go sekaseka ditshenyegelo tsa go nna le koloi—inshorense, go e kwadisa, go wa ga boleng jwa yone—le go boloka koloi e tshwanela go tsamaya mo tseleng. Gape ba tshwanetse go akanyetsa kotsi ya go gobala kana go swa ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. Go a tshwana le ka dikhemikale tse di itiretsweng—melemo ya tsone e tshwanetse ya sekasekiwa mmogo le mathata a tsone. Ka sekai, tsaya khemikale e e bidiwang MTBE (methyl tertiary butyl ether), e bong khemikale e e tsentsweng mo setukising, e e dirang gore setukisi seno se she ka bonakonyana mme e fokotsa leswe le le tswang mo koloing.

Ka ntlha ya yone MTBE, mowa mo ditoropong di le dintsi kwa United States o phepa thata go feta jaaka o ne o ntse mo dingwageng tse di fetileng. Mme mowa o o phepa “o nnile le ditlamorago tse di kotsi,” go bega jalo New Scientist. Ke ka gonne MTBE e kgona go baka kankere, mme e ile ya dutla thata mo ditankeng di le masome a a dikete tsa peterolo tse di ka fa tlase ga lefatshe, gantsi e leswefatsa metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. Ka ntlha ya seo, toropo nngwe jaanong e tshwanelwa ke go reka diperesente di le 82 tsa metsi a yone kwa ntle, e le ditshenyegelo tsa madi a a kana ka didolara di le dimilione di le 3,5 (dimilione di le 22,3 tsa diranta) ka ngwaga! New Scientist e bolela gore matlhotlhapelo ano “e ka nna nngwe ya dilo tse di maswe thata tse di kgotlelang metsi a a ka fa tlase ga lefatshe kwa United States ka dingwagangwaga.”

Dikhemikale dingwe di setse di thibetswe gore di se tlhole di rekisiwa gotlhelele ka go bo di senya tikologo le botsogo. O ka nna wa botsa jaana: ‘Mme ke ka ntlha yang fa seno se diragala? A dikhemikale tsotlhe tse disha ga di tlhatlhobiwe ka kelotlhoko gore a di na le botlhole pele di rekisiwa?’

Mathata a a Amanang le go Tlhatlhoba Dikhemikale Gore A di Na le Botlhole

Tota, go tlhatlhoba dikhemikale gore a di na le botlhole ke selo sa saense mme gape ke go fopholetsa dilo. “Batho ba ba di tlhatlhobang gore a di na le dikotsi ga ba kgone go bolela ka phepafalo gore khemikale ‘e e babalesegileng’ le ‘e e sa babalesegang’ ke efe,” go bolela jalo Joseph V. Rodricks mo bukeng ya gagwe ya Calculated Risks. Go ntse jalo le ka diokobatsi, tse bontsi jwa tsone bo itiretsweng. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Tota le diteko tse di dirilweng ka kelotlhoko e kgolo thata, ga se ka dinako tsotlhe di bontshang gore go ka direga gore seokobatsi sengwe se nne le diphelelo tse di kotsi tse di sa lebelelwang.”

Dilaboratori le tsone di na le mathata a tsone. Ka sekai, ga di kgone go dira gore dikhemikale di dire ka tsela e di tla dirang ka yone fa di le mo maemong a a farologaneng le a a raraaneng a kwa ntle. Lefatshe kwantle ga dilaboratori le na le dikhemikale tse di farologaneng tse di itiretsweng di le dintsintsi, tse bontsi jwa tsone di ka kgoreletsanang ka botsone le go kgoreletsana le ditshedi tse dingwe. Dingwe tsa dikhemikale tseno ga di kotsi fa e le tsone fela, mme fa di kopana le tse dingwe, e ka tswa e le kwa ntle kana mo teng ga mebele ya rona, di ka bopa dikhemikale tse dingwe tse disha, tse di botlhole. Dikhemikale tse dingwe di nna botlhole, tota le go baka kankere, fa mmele o se na go di monya.

Batho ba ba di tlhatlhobang go bona gore a di kotsi ba leka jang go bona gore dikhemikale di sireletsegile go le kana kang fa ba lebane le dikgwetlho tseno? Mokgwa o o ntseng o dirisiwa ke go nosa diphologolo tse di mo laboratoring selekanyo se se rileng sa khemikale eo mme morago ga moo ba bo ba leka go bolela gore go raya gore e tla dira jang mo bathong. A mokgwa ono o ka ikanngwa ka dinako tsotlhe?

A go Tlhatlhoba ka Diphologolo go ka Ikanngwa?

Mo godimo ga go tsosa dipotso tse di tshwanetseng malebana le go tshwara diphologolo ka tsela e e setlhogo, go tlhatlhoba botlhole go dirisiwa diphologolo go tsosa dipotso tse dingwe gape. Ka sekai, gantsi diphologolo tse di farologaneng di tsibogela dikhemikale ka tsela e e sa tshwaneng. Selekanyo se sennye sa dioxin e e botlhole thata se ka kgona go bolaya guinea pig e e namagadi, mme selekanyo seo se tshwanetse go okediwa ka makgetlho a le 5 000 gore se kgone go bolaya hamster! Tota le mefuta e e amanang gaufi thata e e tshwanang le magotlo le dipeba e tsiboga ka tsela e e sa tshwaneng mo dikhemikaleng tse di sa tshwaneng.

Ka jalo fa tsela e mofuta mongwe wa phologolo o tsibogelang khemikale nngwe ka yone e sa tlhomamise gore mofuta o mongwe o tla e tsibogela ka tsela e e tshwanang, babatlisisi ba ka tlhomamisega jang gore khemikale e e rileng e ka dirisiwa mo bathong ka tsela e e sireletsegileng? Ntlha ke gore tota ba ka se tlhomamisege.

Tota batho ba ba dirang dikhemikale ba lebane le tiro e e boima. Ba tshwanetse go kgotsofatsa batho ba ba batlang dikhemikale tsa bone, ba kokobetse ba ba amegileng ka botsogo jwa diphologolo, le go kgotsofatsa digakolodi tsa bone gore dikhemikale tsa bone di sireletsegile. Ka mabaka ano, dilaboratori tse dingwe jaanong di setse di dira diteko ka go tlhatlhoba dikhemikale di dirisa disele tsa batho. Le fa go ntse jalo, re tla bona fa nako e ntse e ya gore a go ka tlhomamisiwa ka botlalo gore di sireletsegile.

Fa Diteko Tsa Dilaboratori di sa Atlege

Sebolayaditshenekegi sa DDT, se se sa ntseng se fitlhelwa ka bontsi mo tikologong, ke khemikale e nngwe e e neng ya bolelwa ka phoso gore e sireletsegile fa e ne e gololwa mo lekgetlhong la ntlha. Borasaense moragonyana ba ne ba lemoga gore DDT e salela mo ditsheding ka nako e telele, fela jaaka go ntse ka botlhole jo bongwe. Ditlamorago tsa gone tse di kotsi ke dife? Ebu, thulaganyo ya ditshedi ya go itshedisa ka go ja tse dingwe, e na le dimilionemilione tsa ditshedinyana tse dinnye thata, go latele ditlhapi, mme kgabagare e nne dinonyane, dibera, manyebi, le tse dingwe fela jalo, e fetoga tsela e botlhole bo fetisediwang kwa ditsheding tse dingwe ka yone, e dira gore ditshedi tse di kwa bofelong mo thulaganyong eno di nne le botlhole jo bontsi thata. Mo lekgetlhong lengwe, di-grebe, e leng mofuta wa dinonyane tsa metsi, di ne di sa kgone go thuba le fa e le lemphorwana le le lengwe fela ka dingwaga tse di fetang lesome!

Ditshedi tseno di kgona go fetisetsa botlhole mo go tse dingwe mo e leng gore dikhemikale dingwe, le mororo di ka se lemosege mo metsing, di nna dintsi thata mo ditsheding tsa bofelo go ja tse dingwe. Maruarua a masweu a a mo Nokeng ya St. Lawrence kwa Amerika Bokone ke dikai tse di tlhomologileng tsa seno. Di na le botlhole jo bontsi thata mo e leng gore fa di swa, ditopo tsa tsone di tshwanetse go tsewa di le kotsi thata!

Dikhemikale dingwe tse di leng mo diphologolong di le dintsi go fitlhetswe gore di itira jaaka e kete ke dihoromone dingwe. Mme ke bosheng fela jaana mo baitsesaense ba neng ba lemoga gore dikhemikale tseno di ka nna kotsi ka tsela e e fitlhegileng go le kana kang.

Dikhemikale Tse di Etsang Dihoromone

Dihoromone ke barongwa ba ba botlhokwa thata ba dikhemikale mo mmeleng. Di tsamaya ka madi a rona go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele wa rona, koo di fitlhang di akofisa kana gongwe di kgoreletse tiro nngwe, e e jaaka go gola ga mmele kana ditsamaiso tsa tsalo. Se se kgatlhang ke gore kgatiso nngwe ya bosheng jaana ya World Health Organization (WHO) e ne ya bolela gore “bosupi jo bo ntseng bo oketsega ka bonako jaana jwa saense” bo bontsha gore dikhemikale dingwe tse di itiretsweng, fa di tsenngwa mo mmeleng, di tshwenyatshwenyana le dihoromone ka go di etsa ka tsela e e kotsi kana ka go di kgoreletsa.

Dikhemikale tseo di akaretsa di-PCB,a di-dioxin, di-furan le dibolayaditshenekegi dingwe, tse di jaaka maritse a DDT. Dikhemikale tseno tse di bidiwang dikgoreletsi tsa dihoromone di ka kgona go kgoreletsa tsela e e tlwaelegileng e tsamaiso ya dihoromone tsa mmele e berekang ka yone, mo dihoromone di tswang gone.

Horomone nngwe e dikhemikale tseno di e etsang ke ya bong jwa sesadi ya estrogen. Patlisiso nngwe e e gatisitsweng mo lokwalopakeng lwa kalafi lwa Pediatrics e bontsha gore go nna meroba ga basetsana ba le bantsi ba sa ntse ba le bannye thata go ka amanngwa le dilo tsa moriri tse di nang le estrogen mmogo le dikhemikale tse di mo tikologong tse di dirang jaaka e kete ke estrogen.

Fa mosimane a ka tsenwa ke dikhemikale dingwe ka nako ya gagwe e e botlhokwa ya go gola seno se ka nna kotsi thata. Makasine wa Discover o bega jaana: “Diteko di bontsha gore fa di-PCB di neelwa dikhudubane le dikwena tse ditonanyana ka nako e e tshwanetseng fa di ntse di gola di ka fetoga go nna tse dinamagadi kana ‘tsa nna le bong jwa bonna le jwa bosadi.’”

Mo godimo ga moo, botlhole jwa dikhemikale bo koafatsa dithulaganyo tsa mmele tsa go lwa le malwetse, di dira gore diphologolo di tlhaselwe motlhofo ke dibaerase. Ee ruri, go bonala go tlhaselwa ke baerase go anama thata le ka lobelo lo logolo go feta le e leng pele, segolobogolo mo diphologolong tse di kwa godimo mo thulaganyong ya ditshedi ya go itshedisa ka go ja tse dingwe, tse di jaaka di-dolphin le dinonyane tsa lewatle.

Mo bathong, bana ke bone ba ba amiwang thata ke dikhemikale tse di etsang dihoromone. Bana ba ba neng ba tsholwa ke basadi ba ba jeleng lookwane lwa raese lo lo nang le PCB kwa Japane dingwaga di sekae tse di fetileng “ba ne ba nna le mathata a go gola ka bonya mo mmeleng le mo tlhaloganyong, ba na le mathata mo tseleng e ba itshwarang ka yone go akaretsa go sa nne matlhagatlhaga le go nna matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng, ba na le mapele a basimane a mannye ka tsela e e sa tlwaelegang, le tekanyo ya botlhale jwa bone e e kwa tlase ga e e tlwaelegileng ka dintlha di le tlhano,” go bega jalo makasine wa Discover. Diteko tse di neng tsa dirwa mo baneng ba ba tsenweng ke PCB e ntsi kwa Netherlands le kwa Amerika Bokone di ne tsa senola ditlamorago tse di ntseng jalo tse di maswe mo go goleng ga bone mo mmeleng le mo tlhaloganyong.

WHO e bega gore selo se sengwe gape se se ka amanngwang le dikhemikale tseno e ka nna go oketsega ga dikankere “tse di bakwang ke dihoromone” mo banneng le mo basading, tse di jaaka kankere ya mabele, ya mapele le ya prostate. Mo godimo ga moo, mo dinageng di le dintsi, go fokotsega thata ga palo ya peo ya monna mo banneng, mmogo le boleng jwa yone, go ka amanngwa le go dirisiwa thata ga dikhemikale. Mo dinageng dingwe, palo ya peo ya monna e setse e fokotsegile ka sephatlo mo dingwageng tse 50!

Mo setlhogong se se fetileng, go umakilwe ngaka nngwe e bolela gore re “kokomana e go lekelediwang dilo mo go yone.” Go bonala a bua boammaaruri. Ke boammaaruri gore dikhemikale di le dintsi tse di dirilweng di re solegetse molemo, mme tse dingwe ga di a re solegela molemo. Ka gone, re tla bo re le botlhale fa re tila go tsenwa ke dikhemikale go sa tlhokege tse di ka nnang tsa re bakela kotsi. Se se gakgamatsang ke gore bontsi jwa tsone re na le tsone mo malapeng a rona. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka se re ka se dirang gore re itshireletse mo dikhemikaleng tse di ka nnang kotsi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Di-PCB (polychlorinated biphenyls), tse di dirisiwang thata fa e sa le ka bo1930, di na le mefuta e e fetang 200 ya didirwa tse di mafura tse di dirisiwang mo go logetseng, mo dipolasetiking, mo dilong tse di tsamaisang motlakase, mo dibolayaditshenekeging, mo meloreng e e tlhatswang dijana le mo dilong tse dingwe. Le mororo go dirwa ga PCB jaanong go thibetswe kwa dinageng di le dintsi, go ile ga dirwa ditone di le milione go ya go tse pedi. Di-PCB tse di latlhilweng tse di neng tsa fetela mo tikologong di nnile le botlhole jo bontsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Maruarua ano a na le botlhole jo bontsi mo e bileng ditopo tsa one di tsewa di le kotsi fa di sena go swa

[Motswedi wa Setshwantsho]

©George Holton, The National Audubon Society Collection/PR

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela