Legae la Gago le Tletse Botlhole go le Kana Kang?
PATLISISO ya bosheng jaana e e dirilweng mo bathong ba ba fetang 3 000 kwa United States le Canada, go ya ka makasine wa Scientific American, e ne ya bontsha gore “baagi ba le bantsi ba ka tswa ba ne ba dirisa thata dilo tse di kgotlelang tse di botlhole . . . gone mo mafelong a gantsi ba akanyang gore ga a kgotlelwa, a a jaaka mo magaeng, mo diofising le mo dikoloing.” Dilo tse di neng di kgotlela mowa thata mo magaeng e ne e le mosi o o neng o tswa mo dilong tse di tlwaelegileng tse di jaaka dikhemikale tse di tlhatswang, dikhemikale tse di lelekang motoutwane, didirisiwa tsa go aga, ditukisi, dinkgisamonate le dibolayamegare, mmogo le dikhemikale tse di tlang le diaparo tsa dry-clean le matsela a masha a a itiretsweng a ditulo.
“Letshoroma la lefaufau,” bolwetse jo bo neng bo tshwara basutlhalefaufau go fitlhela go bonwa se se bo bakang, le ne le bakwa ke mosi o o ntseng jalo, kana “go dutla ga gase.” O kgona go dupa gase e e dutlang fa o tsena mo koloing e ntšha kana fa o tsamaya fa go beilweng dikhemikale tsa go tlhatswa gone mo supamaketeng, le fa gone di le mo dilong tse di tswetsweng thata. Ka jalo fa ntlo e tswetswe gotlhe, a re re ka sekai, go thibela serame sa mariga, fa dikhemikale tse di farologaneng di dutla gase di kgotlela thata mo ntlong go feta kgotlelo e e kwa ntle.
Bana, segolobogolo ba ba gagabang, ke bone ba ba tsenwang thata ke dikhemikale tse di kgotlelang mo ntlong, go bolela jalo lokwalodikgang lwa Medical Post lwa Canada. Ba gaufi thata le boalo jo bo fa fatshe go na le batho ba ba godileng; ba hema gantsi go feta batho ba ba godileng; ba dirisa nako e e ka nnang diperesente di le 90 ba le mo ntlong; mme e re ka dirwe tsa bone tsa mmele di ise di gole sentle, mebele ya bone e tsenwa ke botlhole motlhofo. Ba tsenwa ke diperesente di ka nna 40 tsa lloto mo mmeleng, fa batho ba ba godileng ba tsenwa ke diperesente di ka nna 10.
Go Nna le Boikutlo jo bo Lekalekaneng
E re ka kokomana ya gompieno ya batho e tsenwe ke dikhemikale tse dintsi go feta le e leng pele, go sa ntse go na le mo gontsi go go ithuta ka diphelelo tsa gone, ka jalo baitsesaense ba nna ba ntshitse matlho dinameng. Fa motho a tsenwe ke dikhemikale ga go reye gore jaanong o tshwanetse go tshwenyega ka gore o tla tshwarwa ke kankere kana o tla swa. Ee ruri, go lebega batho ba le bantsi ba kgona sentle fela, mme re leboga Mmopi yo o dirileng mmele o o gakgamatsang wa motho. (Pesalema 139:14) Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokega gore re itshireletse, segolobogolo fa re dirisa dikhemikale tse di botlhole ka metlha.
Buka ya Chemical Alert! e bolela gore “dikhemikale tse dingwe di botlhole ka tsela ya gore di kgoreletsa dithulaganyo [tsa mmele] go dira ka tsela e e tshwanetseng, mme ka gone di dira gore go nne le matshwao a bolwetse a motho a sa kgoneng go a tlhaloganya sentle mo a ka nnang a bolela fela gore ga a ikutlwe sentle.” Gore re fokotse go tsenwa ke dikhemikale tse di ka nnang kotsi ga go tlhokege gore re dire diphetogo tse dikgolo thata mo tseleng e re tshelang ka yone mme go tlhokega diphetogonyana fela tse di sa reng sepe mo tseleng e re dirang dilo ka yone letsatsi le letsatsi. Tsweetswee ela tlhoko dikakantsho tse di mo lebokoseng le le mo tsebeng ya 28. Dingwe tsa tsone di ka go thusa.
Mo godimo ga go itshireletsa ka mo o ka kgonang ka teng mo dikhemikaleng, re a ithusa fa re tlogela go tlhobaela thata, segolobogolo ka dilo tse re ka se keng ra kgona go di laola. Baebele mo go Diane 14:30 e bolela jaana: “Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.”
Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba a boga le go lwala, ka dinako tse dingwe ba tshwarwa ke malwetse a a sa foleng, ka ntlha ya botlhole jwa dikhemikale.a Fela jaaka dimilione tsa batho ba ba lwalang malwetse a a bakilweng ke dilo di le dintsi tse di farologaneng gompieno, ba ba lwalang malwetse a a bakwang ke dikhemikale ba na le mabaka a mantsi a go lebelela pele mo isagweng, ka gonne go ise go ye kae lefatshe le tla bo le se na botlhole jo bo bolayang batho ba ba nnang mo go lone. Tota le dikgopolo tse di botlhole, mmogo le ba ba di bolokang, e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng, jaaka setlhogo se se konelang metseletsele eno se tla bontsha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo dingwageng tsa bosheng jaana palo e e ntseng e oketsega ya batho, ba ntse ba tshwerwe ke bolwetse jo bo bidiwang go tlhaselwa motlhofo ke dikhemikale tse di farologaneng. Go tla tlotliwa ka bolwetse jono mo makasineng wa mo isagweng wa Tsogang!
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Go Nna le Legae le le Itekanetseng, le le Sireletsegileng
Gore o fokotse go tsenwa ke dilo tse di ka nnang botlhole gantsi go tlhokega gore o dire diphetogonyana tse di sa reng sepe mo tseleng e o tshelang ka yone. Fano go na le dikakantsho tse o ka fitlhelang di le mosola. (Go bona dintlha tse di oketsegileng, le tse di tlhamaletseng, re akantsha gore o ye kwa laeboraring e e mo lefelong la lona.)
1. Leka go baya bontsi jwa dikhemikale tse di fokang motlhofo koo di ka se kang tsa kgotlela mowa gone mo legaeng la gago. Dikhemikale tseno di akaretsa formaldehyde le dilo tse di tlalang mo moweng motlhofo fela, tse di jaaka pente, banise, dingaparetsi, dibolayaditshenekegi le dikhemikale tse di tlhatswang. Dilo tse di dirilweng ka petroleum tse di kgonang go tlala mo moweng di ntsha mowa o o botlhole. Tsone di akaretsa benzene, e e leng gore fa e tsene motho e le ntsi ka nako e telele go tweng e ka baka kankere, e ka baka bogole bongwe mo ngwaneng yo o tsholwang le mathata a mangwe a a amanang le tsalo.
2. Dira gore diphaposi tsotlhe di tsene phefo e e lekaneng, go akaretsa le phaposi e e tlhapelang. Go tlhapa go dira gore go nne le dilo tse di jaaka chlorine tse di ka tswang di le mo metsing. Seno se ka dira gore chlorine le e leng chloroform di koelane.
3. Phimola maoto pele o tsena mo ntlong. Scientific American e bolela gore go dira selo se sennye fela seno go ka fokotsa selekanyo sa lloto mo khapeteng e e tlwaelegileng go menagane garataro. Gape go fokotsa dibolayaditshenekegi, tse dingwe tsa tsone di swang ka bonako fa di le kwa ntle mo letsatsing mme fa di le mo dikhapeteng di ka tswelelang di tshela dingwaga di le dintsi. Se sengwe gape se o ka se dirang, e leng selo se se tlwaelegileng mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, ke go rola ditlhako. Motšhine o o gopang matlakala o o berekang sentle, segolobogolo o o nang le borashe jo bo dikologang, le one o ka fokotsa kgotlelo mo dikhapeteng.
4. Fa o tshela sebolayaditshenekegi mo phaposing, tlosa ditshamekisiwa tsa bana mo phaposing eo bobotlana dibeke tse pedi, tota le fa mafoko a a mo khemikaleng eo a ka bolela gore phaposi e tla bo e sireletsegile mo diureng di sekae moragonyana. Baitsesaense bosheng jaana ba fitlheletse gore dipolasetike dingwe le dikarolo tse di kokomologang mo ditshamekisiweng tsa bana tota di gopa maritse a sebolayaditshenekegi fela jaaka sepontšhe. Bana ba tla tsenwa ke botlhole ka letlalo le ka molomo.
5. Fokotsa tsela e o dirisang dibolayaditshenekegi ka yone. Mo bukeng ya ga Frank Graham, Jr. ya Since Silent Spring, o kwala gore dibolayaditshenekegi “di na le mo di tshwanetseng go dirisiwa gone mo legaeng le mo tshingwaneng, mme dipapatso tsa kgwebo di kgonne go tlhatswa mong wa ntlo yo o nnang mo toropong pelo gore o tshwanetse go nna le dikhemikale tse dintsi thata tse di lekaneng go mo sireletsa fa a tlhasetswe ke tsie ya Afrika.”
6. Tlosa pente e e kokomologang e e nang le lloto mo mafelong otlhe, mme o pente gape ka pente e e se nang lloto. O se ka wa dumelela bana go tshameka ka leswe le le nang le pente e e nang le lloto. Fa go belaelwa gore go na le lloto mo diphaepeng tsa metsi, metsi a a tsididi a pompo a tshwanetse go bulelwa go sekae go fitlhela themperetšha ya metsi e setse e fetogile, mme metsi a a tswang mo pompong ya metsi a a fisang ga a tshwanela go nowa.—Environmental Poisons in Our Food.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Bana ba ba gagabang ke bone ba ba tsenwang motlhofo ke dilo tse di kgotlelang mo ntlong