LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 1/8 ts. 3-5
  • Go Lwela go Namola Polanete ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lwela go Namola Polanete ya Rona
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matshosetsi a a Ntseng a Oketsega
  • Go Lwela go Namola Polanete ya Rona
  • A ba Fenya Ntwa Eno?
    Tsogang!—1996
  • Polanete ya Rona e e Senyegang—Go Tla Diregang mo Isagweng?
    Tsogang!—1996
  • Lefatshe la Rona Le Le Swafaditsweng—Le Senngwa mo Dikarolong Di Le Dintsi
    Tsogang!—1993
  • Polanete e e Tshelang
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 1/8 ts. 3-5

Go Lwela go Namola Polanete ya Rona

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SPAIN

YURY, yo o nnang kwa toropokgolong ya Russia ya Karabash, o na le bana ba le babedi, mme ba a lwala ka bobedi. Seno se a mo tshwenya mme ga se mo gakgamatse. “Ga go na ngwana yo o sa lwaleng mono,” o tlhalosa jalo. Batho ba kwa Karabash ba tsenwe ke botlhole. Ngwaga le ngwaga feketeri nngwe ya koo e kgwa ditone di le 162 000 tsa dilo tse di leswafatsang mowa—monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe wa koo o hema ditone di le 9 tsa tsone. Kwa Nikel le Monchegorsk kwa Pheninsuleng ya Kola kwa bokone jwa Arctic Circle, “madirelo a mabedi a magolo go gaisa le a e leng kgale a gakolosa tshipi ya nickel . . . a kgwela dimmetale le sulfur dioxide mo moweng ngwaga le ngwaga go gaisa feketeri epe fela mo Russia.”—The New York Times.

Mowa wa kwa Mexico City le one o leswe fela jalo. Patlisiso e e neng ya dirwa ke Dr. Margarita Castillejos e ne ya lemoga gore tota le kwa karolong ya toropokgolo eno e go nnang bahumi kwa go yone, bana ba teng ba ne ba fetsa malatsi a le 4 mo go a le 5 ba lwala. “Go lwala jalo ke selo se se tlwaelegileng mo go bone,” o akgela jalo. O bolela gore sengwe sa dilo tse di bakang seno ke kgakgamosi e e tswang mo diketeketeng tsa dikoloi tse di nyeumang mo mebileng ya toropokgolo eo. Selekanyo sa ozone se fokotsegile ganè go feta selekanyo se segolo se World Health Organization e se tlhomileng.

Kwa Australia kotsi eno ga e lemotshege—mme e kotsi fela jalo. Gone jaanong bana ba tshwanelwa ke go rwala dihutshe fa ba ntse ba tshameka mo mabaleng a sekolo. Go fokotsega ga boalo jo bo sireletsang jwa ozone jwa Hemisefere ya Borwa go dirile gore batho ba Australia ba simolole go leba letsatsi e le mmaba e seng tsala. Ba bone dipalo tsa batho ba ba tshwerweng ke kankere ya letlalo di oketsega go imenne ga gararo.

Kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, go boima tota go bona metsi a a lekaneng letsatsi le letsatsi. Fa Amalia a ne a na le dingwaga di le 13, Mozambique e ne ya itewa ke leuba le legolo. Mo ngwageng wa ntlha go ne go sena metsi a a lekaneng mme mo go o o latelang go ne go sena metsi gotlhelele. Dijalo tsa merogo di ne di swaba tsa bo tsa omelela. Amalia le lelapa la gaabo ba ne ba patelesega go ja maungo a naga le go fata mo moshaweng wa dinoka tse di kgadileng go senka metsi ape fela a ba neng ba ka a bona.

Kwa nageng ya India ya Rajasthan, naga ya mafulo e ntse e a nyelela. Phagu, yo o tsamayang a batlela diruiwa tsa gagwe mafulo, gangwe le gape o nna le dikgotlhang le balemi ba mafulo ao. Ga a kgone go bonela matsomane a gagwe a dinku le dipodi mafulo. Ka ntlha ya go bo go sa tlhole go na le naga e e nonneng, kagiso e e sa bolong go nna gone ka makgolokgolo a dingwaga fa gare ga balemi le barui ba ba tsamayang ba batlela diruiwa tsa bone mafulo e senyegile.

Seemo se maswe go gaisa kwa Sahel, sebata sa lefatshe se se sa nelweng ke pula thata se se kafa borwa jwa Sahara mo Afrika. Ka ntlha ya go kgaolwa ga ditlhare le leuba la teng, metlhape yotlhe e a swa e bile ditsha di le dintsi tse batho ba di lemang go itshedisa ka tsone di khurumediwa ke moshawa wa sekaka se se ntseng se oketsega. “Ga nkitla ke tlhola ke jala gape,” Fulani yo e leng molemi kwa Niger o ne a ikana jalo morago ga go bona dijalo tsa gagwe tsa lebelebele di palelwa ke go tlhoga morago ga go leka go di jala gasupa. Dikgomo tsa gagwe di ne di setse di sule ka ntlha ya go tlhoka mafulo.

Matshosetsi a a Ntseng a Oketsega

Leuba la gompieno, temo e e koafetseng le mowa o o leswafaditsweng o o hupetsang ditoropokgolo di le dintsi, di tshosetsa fela jalo. Ke sesupo sa gore polanete eno e a lwala, go supa gore polanete eno ga e tlhole e kgona go itshokela tsela e motho a e tapolang dikuno ka yone.

Ga go na dilo tse di botlhokwa thata mo lefatsheng tse di gaisang mowa o re o hemang, dijo tse re di jang, le metsi a re a nwang tse di ka dirang gore re tswelele re tshela. Motho ka boene o ntse a leswafatsa kana a senya dilo tseno tse di botlhokwa thata mo botshelong. Kwa dinageng tse dingwe seemo sa tikologo se setse se le diphatsa thata mo botshelong. Fela jaaka Mikhail Gorbachev yo e neng e le poresidente wa se e kileng ya bo e le Soviet a ile a bolela ka tsela e e phepafetseng, “mathata a ikholoji a tshosetsa matshelo a rona tota.”

Ga re a tshwanela go tlhaetsa matshosetsi ano matlho. Palo ya baagi ba lefatshe e oketsega ka bonako mme go tlhokega dikuno tse di oketsegileng. Bosheng jaana, Lester Brown, poresidente wa Worldwatch Institute o ne a bolela gore “matshosetsi a magolo a re a solofetseng mo isagweng ga se a a malebana le ntwa ya ditlhabano mme ke a a malebana le go senngwa ga tikologo ya polanete eno.” A go dirwa maiteko a a lekaneng go tila masetlapelo ano?

Go Lwela go Namola Polanete ya Rona

Go thata go thusa motho yo o lemaletseng bojalwa yo o sa dumeleng gore o na le bothata jwa go nwa thata. Ka tsela e e tshwanang, kgato ya ntlha e e ka tokafatsang boitekanelo jwa polanete ya rona ke go lemoga selekanyo se e lwalang thata ka sone. Go bonala fa thuto e le yone selo se segolo se se ka tokafatsang tikologo mo dingwageng tsa bosheng jaana. Gompieno bontsi jwa batho bo lemoga sentle gore lefatshe la rona le ntse le a senngwa le go leswafadiwa—le gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka gone. Gone jaanong matshosetsi a go senngwa ga tikologo a magolo go gaisa matshosetsi a ntwa ya nuklea.

Baeteledipele ba lefatshe ba itse ka mathata ano. Ka 1992 baeteledipele ba dipuso tse 118 ba ne ba le gone kwa kokoanong ya Earth Summit e kwa go yone go neng ga tsewa dikgato di sekae go leka go sireletsa atemosefere le dikuno tsa lefatshe tse di ntseng di fela. Dinaga di le dintsi di ne tsa saena tumalano ya tlelaemete e mo go yone di neng tsa dumalana go tlhoma thulaganyo ya go bega diphetogo tse di malebana le go tlhagisiwa ga khabone ka maikaelelo a go fokotsa tsela e e tlhagisiwang ka yone mo isagweng. Gape di ne tsa sekaseka ditsela tsa go babalela ditshedi tsa mefutafuta tsa polanete ya rona, palo yotlhe ya mefuta ya dimela le diphologolo. Di ne tsa se ka tsa dumalana kaga tsela ya go sireletsa dikgwa tsa lefatshe lefa go ntse jalo, kokoano eno e ne ya kwala makwalo a le mabedi a tshedimosetso—la “Rio Declaration” le la “Agenda 21,” a a nang le dikaelo tse di supang tsela e ka yone dinaga tseo di ka kgonang go “tokafatsa dilo ka tsela e e molemo.”

Jaaka Allen Hammond yo e leng moithutatikologo a bolela, “selo se se botlhokwa se re tla bonang ka sone ke gore a go tla diragadiwa ditumalano tse di dirilweng kwa Rio—gore a mo dikgweding le mo dingwageng tse di tla tlang go tla diragadiwa mafoko a a ileng a buiwa ka bopelokgale.”

Lefa go ntse jalo, kgatelopele e kgolo e e neng ya dirwa e ne ya nna Montreal Protocol ya 1987 e e neng e akaretsa tumalano ya ditšhabatšhaba ya gore di tla emisa go tlhagisa dilo tsa chlorofluorocarbon (CFC) mo nakong e e neng e beilwe.a Ke eng fa di ne di tshwenyegile? Ka gonne ga twe dilo tsa CFC di na le seabe mo go koafatseng boalo jo bo sireletsang lefatshe jwa ozone. Ozone e e mo atemosefereng e e kwa godimodimo ya lefatshe e na le seabe se se botlhokwa thata mo go sefeng marang a a bogale thata a letsatsi a a ka nnang a baka kankere ya letlalo le go thatafatsa letha la leitlho. Bothata jono ga bo kwa Australia fela. Bosheng jaana borasaense ba ile ba lemoga fa selekanyo sa ozone fa go le mariga se ile sa fokotsega ka diperesente di le 8 mo mafelong mangwe a Hemisefere ya Bokone a a nang le themperetšha e e mo magareng. Go setse go na le ditone di le dimilione tse 20 tsa dilo tsa CFC tse di foketseng ntlheng ya stratosphere.

Ka ntlha ya go lebana le masetlapelo ano a go leswafadiwa ga atemosefere, ditšhaba tsa lefatshe di ile tsa beela dikgotlhang tsa tsone kwa thoko mme tsa tsaya kgato ya go dira sengwe ka gone. Gape ditšhaba di ile tsa tsaya kgato ya go sireletsa ditshedi tse mefuta ya tsone e felang, go somarela Antarctica le go laola tsela e matlakala a a botlhole a latlhiwang ka yone.

Dinaga di le dintsi di tsaya dikgato tsa go phepafatsa dinoka tsa tsone (gone jaanong tlhapi ya salmon e teng gape kwa Nokeng ya Thames kwa Engelane), go laola go leswafadiwa ga mowa (go fokotsegile ka diperesente tse 10 kwa ditoropokgolong tsa United States e e nang le kgakgamosi e ntsi go gaisa tsotlhe), go dirisa metswedi ya go fetlha motlakase e e seng diphatsa mo tikologong (diperesente di le 80 tsa matlo a kwa Iceland di dirisa motlakase o o fetlhiwang ka mogote o o tswang kwa tlase ga lefatshe) le go somarela boswa jwa tsone jwa dilo tsa tlholego (Costa Rica le Namibia di dirisa mo e ka nnang diperesente di le 12 tsa naga ya tsone go nna lefelo la tlhokomelo ya dimela le diphologolo).

A dikgato tseno tse di molemo di supa gore motho o simolola go tsaya tsia kotsi eno? A ka bonako fela polanete ya rona e tloga e boela mo maemong a a siameng gape? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dilo tsa CFC di ile tsa dirisiwa thata mo diseporeing, diforitšhing, dilo tse di fetlhang mowa, dilo tse di phepafatsang le fa go dirwa matseta. Bona Tsogang! ya December 22, 1994 (ya Seesemane) “Fa Atemosefere ya Rona e Sentswe.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela