LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g23 no. 1 ts. 9-11
  • Dikgwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgwa
  • Tsogang!—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Direga Eng ka Dikgwa?
  • Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri
  • Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono
  • Se Baebele e se Buang
  • Dikgwa Tsa Pula—Ke Mang yo o Tla di Bolokang?
    Tsogang!—2003
  • Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?
    Tsogang!—2003
  • A Dikwa Di Na le Isagwe?
    Tsogang!—1990
  • Mesola ya Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2023
g23 no. 1 ts. 9-11
Mosadi o tsamaya mo borogong mo sekgweng se se kitlaneng.

A BATHO BA TLA NYELETSA LEFATSHE?

DIKGWA

BAITSESAENSE ba tshwantsha dikgwa le makgwafo a a thusang motho gore a tswelele a tshela. Goreng? Fela jaka makgwafo, ditlhare di laola tsela e moya o tsamayang ka yone. Di monya khabonetaeokosaete, e leng gase e e ka nnang kotsi mo go rona. Gape di ntsha okosejene, e leng gase e e botlhokwa thata mo moyeng o re o hemang. Bontsi jwa dimela le diphologolo mo lefatsheng di kwa dikgweng. Re ka se kgone go tshela ntle le dikgwa.

Go Direga Eng ka Dikgwa?

Ngwaga le ngwaga, batho ba rema ditlhare di le dintsintsi gore ba kgone go lema dijalo tse di jewang. Go simologa mo e ka nnang dingwaga tse 75 tse di fetileng, halofo ya dikgwa tse pula e nang thata kwa go tsone e nyeletse.

Fa sekgwa se remiwa, dimela tsotlhe le diphologolo tse di leng mo go sone, di a amega.

Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri

Dikgwa tse di ileng tsa remiwa di kgona go gola gape. Bosheng jaana batho ba ba ithutang ka dimela, diphologolo le tikologo ya tsone, ba ile ba gakgamala thata fa ba ne ba lemoga gore dikgwa tse di ileng tsa remiwa, di ne tsa kgona go gola di bo di kitlana gape. Ela tlhoko dikai tse di latelang:

  • Babatlisisi ba lemogile se se diregang ka dikgwa tse batho ba ileng ba di rema gore ba leme dijo mme moragonyana ba bo ba emisa go lema. Patlisiso ya bone ka dikgwa tse di ntseng jalo di le 2 200 tse di kwa Amerika le kwa Afrika Bophirima, e bontshitse gore dikgwa di kgona go gola gape mo lobakeng lo lo kwa tlase ga dingwaga di le lesome.

  • Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya kwalwa mo makasineng wa Science, babatlisisi ba fopholetsa gore mo dingwageng di ka nna 100, dikgwa tseo di ka kgona go nna jaaka di ne di ntse pele ga di remiwa.

  • Bosheng jaana, baitsesaense ba kwa Brazil ba ile ba dira dipatlisiso go bona gore a dikgwa di tla gola ka bonako fa go dirwa maiteko a go jala ditlhare mo mafelong a go neng go remilwe ditlhare mo go one.

  • National Geographic e bega jaana ka baitsesaense bao: “Ba ile ba itumela fa ba lemoga gore ga ba tlhoke go jala ditlhare tse disha.” Mo dingwageng di le tlhano fela, mafelo a a neng a tlhophilwe gore go dirwe dipatlisiso mo go one, “a ne a tlhogile ditlhare tse dintsi tse di neng di tlhola di tlhoga mo go one” ntle le gore go jwalwe ditlhare tse disha.

    A O NE O ITSE?

    E ne E le Masimo, Jaanong ke Dikgwa

    Setshwantsho se se bontshang lefelo le le neng le remilwe ditlhare gore go lemiwe mo go lone, mme moragonyana le bo le sa tlhole le lemiwa. Morago ga dingwaga tse 10 mmu o kgona go nna le dikotla gape. Morago ga dingwaga tse 100 kgotsa go feta, ditlhare di kgona go gola gape.

    Mafelo a e neng e le dikgwa a bo a remiwa gore go lemiwe mo go one, mme moragonyana a bo a sa tlhole a lemiwa, a na le bokgoni jwa tlholego jwa gore a nne dikgwa gape. Dikgwa tse di remilweng ka ntlha ya mabaka a mangwe le tsone di ka gola gape.

Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono

Mo lefatsheng lotlhe, go ntse go di dirwa maiteko a go sireletsa dikgwa tse di le teng le go tsosolosa tse di remilweng. Ka ntlha ya seo, go ya ka motswedi mongwe wa United Nations, “go remiwa ga dikgwa mo lefatsheng lotlhe, go fokotsegile ka diperesente di feta 50” mo dingwageng tse 25 tse di fetileng.

Mme gone maiteko ano a go leka go sireletsa dikgwa, ga a a lekana. Pego nngwe e e gatisitsweng ke mokgatlho wa Global Forest Watch e a re: “Palo ya dikgwa tse pula e nang thata kwa go tsone tse di remiwang, ga e a fetoga go le kalo mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.”

Dikhampani tse di remang ditlhare ntle le tetla ya puso gore di dire dipolanka, di dira didolara di le dibilione mme ka ntlha ya seo batho ba rema dikgwa tseno ba tlhotlhelediwa ke bogagapa.

Motho yo o sireletsang dikgwa o sekaseka ditlhare mo sekgweng.

Batho ba ba sireletsang dikgwa ba rema ditlhare tse di godileng di le mmalwa ba bo ba jala tse disha

Se Baebele e se Buang

“Jehofaa Modimo o ne a dira gore mmu o tlhogise setlhare sengwe le sengwe se se neng se kgatlha fa se lebilwe e bile se le molemo go ka jewa.”​—Genesise 2:9.

Mmopi wa dikgwa o di bopile ka tsela e e dirang gore di tswelele di re solegela molemo. O batla go sireletsa dikgwa le gore di tswelele di le gone, mmogo le thulaganyo e ntle e dimela le diphologolo di dirisanang ka yone mo tikologong e di leng mo go yone.

Modimo ga a kitla a letla batho ba ba pelotshetlha gore ba senye lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di tshelang mo go lone. Bona setlhogo se se reng, “Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri,” se se mo tsebe 15.

a Jehofa ke leina la Modimo.​—Pesalema 83:18.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Banyalani ba mo paradaiseng ba itumetse.

Goreng re ka tlhatswega pelo gore tsela e e sa siamang e batho ba dirisang dilo tse di mo lefatsheng ka yone e ka se ka ya dira gore lefatshe le senyege? Leba bidio ya setlhogo se se reng, Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe? mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela