LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 2/8 ts. 16-18
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Se Ka Ka Tlhola Ke Nwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Se Ka Ka Tlhola Ke Nwa?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fenya go Ikganetsa
  • Ikemisetse go bo Tlogela
  • Batla Thuso
  • Batla Ditsala tse Disha
  • O Ka Itlwaolosa!
  • Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • A Tota go Nwa go Ka Ntshwakgola?
    Tsogang!—1993
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Leba Bojalwa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 2/8 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Ka Dira Jang Gore Ke Se Ka Ka Tlhola Ke Nwa?

“Ke ne ke aga ke ikutlwa ke sulafetse letsatsi le le latelang, mo maikutlong mmogo le mo moyeng!”—Bob.

“Nako le nako ke ne ke tlhola ke iphitlhela ke le mo mathateng kwa gae, kwa sekolong, mo ditsaleng tsa me mmogo le mo mapodiseng!”—Jerome.

BOB le Jerome ka bobedi jwa bone ba ne ba roba se ba se jetseng ka go nwa tagi ka mo go feteletseng le kgapetsakgapetsa. Bobedi jwa bone ba ne ba tshwakgolwa ke tagi. Fa Bob kgabagare a ile a kgona go tlogela go nwa gotlhelele, Jerome ene o santse a leka go fenya bothata jwa go tshwakgolwa ke tagi.

Go tshwakgolwa ke tagi ke bothata jo bo ntseng bo gola gareng ga batho ba basha mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Bangwe ba lekanyetsa gore kwa United States fela, basha ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba na le bothata jo bo masisi jwa go nwa. Lefa go ntse jalo, ga go belaetse gore jaaka mosha wa Mokeresete, o ile wa tila go lekeletsa go nwa tagi, segolo jang fa go nwa ga basha ba dingwaga tsa bolesome go le kgatlhanong le molao mo morafeng wa ga lona. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso e e latelang e tla go thusa go tiisa tshwetso ya gago ya gore o seka wa ba wa lekeletsa go nwa bojalwa—go fitlhela gongwe o nna mogolwanyane ebile o kgona go bo dirisa ka tsela e e botoka. Mme e le gore o mongwe wa ba ba tshwakgotsweng ke tagi, re solofela gore tshedimosetso eno e tla go thusa go lwantshana le bothata jono. Fa o dira bojotlhe jwa gago gape o ikaega ka Jehofa Modimo o ka kgona go bo tlwaologa.

Go Fenya go Ikganetsa

Kgato ya ntlha le e e bokete thata e o tshwanetseng go e tsaya ke go fenya go ikganetsa. Batho ba ba tshwakgotsweng ke tagi ba gana tota go dumela gore ba ka tswa ba na le bothata lefa e ka nna bofe jwa go nwa. ‘Ke a itse gore ke tshwanetse go bo nwa jang,’ ano ke mafoko a a utlwisang botlhoko a motho yo o tshwakgotsweng ke tagi. Ka sekai, tlhokomela seo se neng sa buiwa ke mosha mongwe wa dingwaga di le 15 yo o neng a re: “Ga ke motho yo o nang le bothata jwa go nwa. Ke nwa fela paki ya dibiri di le thataro maitseboa mangwe le mangwe.” Re gakologelwa tlhaloso ya Bibela fa e bua ka monna yo ‘o iphorang mo matlhong a gagwe a re, Boikepo jwa gagwe ga bo kitla bo lemogwa bo ilwa.’—Pesalema 36:2.

Ee, go ikganetsa go a bolaya. Ka jalo, lefa gone go se monate go dumela gore o tshwakgotswe ke tagi, o tshwanetse go amogela kgang fela jaaka e ntse.a O se ka wa itlhokomolosa ditsala tsa gago, bomorwarraago le bokgaitsadio, kana batsadi ba gago ba ba go bolelelang gore o nwa thata. Ga se baba ba gago fela ka ntlha ya gore ba go bolelela seo e leng boammaaruri. (Bapisa Bagalatia 4:16.) Bob (yo o umakilweng kwa tshimologong) o ne a tlhola a nwa thata mafelobeke mangwe le mangwe. Fa tsala ya gagwe e leka go mo lemosa kgang eno, Bob o ne a gana kgopolo nngwe le nngwe ya gore o na le bothata jwa go nwa, mme o ne a emisa kgang. Mme tagi e ne ya ama botshelo jwa ga Bob jang? Bob o dumela jaana: “Ke ne ke tlhola ke nna ke tshogile ebile ke tlhobaela fa ke sa nwa mme fa ke ne ke ka nwa ke ne ke latlhegelwa ke maitsholo, botshelo jwa lelapa la kwa gae bo ne bo senyegile—fela jaaka go ne go ntse ka kamano ya me le Modimo.”

Mo lobakeng longwe, kgabagare Bob o ne a tlogela go tlhola a ikganetsa mme a dumalana le tsala ya gagwe gore eleruri o ne a nyorelwa tagi. Ereka jaanong a ne a fentse bothata jwa go ikganetsa, Bob o ne a kgona go simolola go bo itlwaolosa.

Ikemisetse go bo Tlogela

Porofesara George Vaillant o ne a kwala ka go re: “go a kgonega gore . . . motho o ka alafiwa go tshwakgolwa ke tagi, mme . . . seno se tlhoka maikarabelo a a oketsegileng mo molwetsing.” Seno se akaretsa go ikemisetsa ga gago go tlogela go nwa tagi. Go tlhoka go nna le maikemisetso go ka raya go tshela—le go swa—o tshwakgotswe ke tagi. Ke eng se se ka go thusang? Go akanya ka tlhoafalo kaga tshenyo e e bakiwang ke go tshwakgolwa ke tagi go ka go thusa go ‘ila bosula’ mme go ka nonotsha maikemisetso a gago a go tlogelela go nwa ruri gone fela foo.—Pesalema 97:10.

Ka sekai, o ka nna wa akanyetsa thata kaga tshenyo e kgolo e tagi e e dirang mo mmeleng, mo maikutlong, le mo maitsholong. Gone ke boammaaruri, go nwa go ka bonala go kokobetsa ka nakwana botlhoko jo o bo utlwang kafa teng kana maikutlo a go inyatsa. Mme kwa bofelong, go ikaega ga gago ka tagi go ka baka fela gore mathata a gago a oketsege; o latlhegelwa ke ditsala, le kamano ya gago le balelapa la gago e a koafala. Mo godimo ga moo, e re ka tagi e ngotla dikgoreletsi, e ka “tlosa tlhaloganyō” bonolo fela mme ya go digela mo boitshwarong jo bo maswe jo bo masisi.—Hosea 4:11.

Tlhokomela gape seo selekanyo se segolo sa tagi se ka se dirang fa se tsena mo mmeleng wa gago, se ka gobatsa dirwe tse di botlhokwa tsa mmele wa gago ka bonya ka bonya. Ka jalo, Bibela ya re go nwa ka mo go feteletseng go ka felela ka seo se fetang fela ‘go hutsafala, go ikwatlhaya, dikomano, go tlhobaela, le matsadi.’ (Diane 23:29, 30, The New English Bible) A mme go a utlwala gore motho a diragalelwe ke dilo tseno e le fela gore a bone boitumelo jwa nakwana?

Gape go ka nna ga go thusa gore o akanye gore ga o tlhoke tagi gore o tle o itumele. Mme ebile ga o e tlhoke gore o tle o nne matlhagatlhaga le go itumela gore o kgone go itlotla, go nna le botsogo jo bo molemo, ditsala tse di ikanyegang, le lelapa le le lorato. O tlhoka go diragatsa Lefoko la Modimo gore o atlege mo dikarolong tseno tsa botshelo. (Pesalema 1:1-3) Lone Lefoko leo gape le go naya tsholofelo ya isagwe e e itumedisang—go tshela go ya go ile kwantle ga go utlwa botlhoko mo maikutlong kana mo mmeleng! (Tshenolō 21:3, 4) Go nna le tsholofelo e e ntseng jalo go go naya lebaka le lengwe gape la go ithiba mo taging.—Bapisa 1 Bakorintha 6:9, 10.

Batla Thuso

Lefa go ntse jalo, go eletsa fela go batla go e tlwaologa gantsi ga go a lekana. O santse o tla tlhoka gape go tshegediwa le go thusiwa ke ba bangwe. “Batho go nna babedi go molemō bogolo go a le moñwe hèla,” go ne ga bolela jalo Kgosi Solomone. “Gonne ha ba wa, eo moñwe o tla kakatlolola monkana oa gagwè.” (Moreri 4:9, 10) Go ikanya motho yo mongwe gore a go thuse go rarabolola mathata a gago ga go ne go nna bonolo. Mme lefa go le jalo, Katy yo o neng a tshwakgotse ke tagi yo jaanong a e tlwaologang o gakolola jaana: “Ithute go ikanya batho, segolo jang ba lelapa la gago.” Ee, mo mabakeng a le mantsi lelapa la gago ke lone le le ka kgonang go go naya tshegetso le lorato tseo o di tlhokang.

Ke boammaaruri, seemo sa lelapa la gaeno e ka tswa e le sone se se go dirileng gore o simolole go nwa. Mme fa o ne o ka bolelela batsadi ba gago ka boemo jo o leng mo go bone, a ba ne ba ka se bone go tlhokafala gore ba tokafatse dilo kwa gae? Ka jalo, ke eng o sa atamele batsadi ba gago, o ba bolelele gore o na le bothata jo bo masisi? Go na le gore o beye molato otlhe mo godimo ga bone, ba kope gore ba go thuse le go go tshegetsa. Fa o buletse batsadi ba gago mafatlha ebile o ikanyega mo go bone seno se tla thusa lelapa la gaeno gore le ‘kitlane’ fela jaaka go ntse ka lelapa la Modimo. (Baefesia 4:16) Ka tsela e e ntseng jalo, lotlhe lo ka simolola go dira mmogo gore lo thusane mo go atlegeng mo kgannyeng eno.

Fa go sena ba lelapa ba ba ka go tshegetsang, ba bangwe ba ka thusa.b (Diane 17:17) Bob o ne a tsalana le mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o neng a tla kwa go ene beke nngwe le nngwe mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa go tla go bona ka mokgwa o a neng a tswelela ka one. Bob o bolela jaana: “Tsela eo a neng a nkgatlhegela le go ntlhokomela ka yone e ne ya dira gore ke itshepe go ke neng ke go tlhoka gore ke tlogele mokgwa wa me wa go ikgobolola.”—Yakobe 5:13, 14.

Mo godimo ga tsotlhe, tlhokomela gore o tlhoka thuso ya ga Jehofa Modimo. Ikaege ka ene gore a go fe nonofo. Ee, ka thuso ya Modimo “ba ba pelo di phatlogileñ” ba ka itemogelela tsela e Jehofa a ‘fodisang le go hapa matsanko a bone’ ka teng.—Pesalema 147:3; bona gape Pesalema 145:14.

Batla Ditsala tse Disha

Patlisiso nngwe kwa New Zealand e ne ya bega gore ditsala ke tsone di tlhotlheletsang basha thata gore ba seka ba dirisa tagi ka tshwanelo. Jalo he, o tla fitlhela go le thata gore o ka tlogela bojalwa fa o itsalanya le batho ba ba nwang. Ka lone lebaka leno Bibela e gakolola jaana: “Se nne mo banwiñ ba boyalwa.” (Diane 23:20) Itirele ditsala tse disha le tse di phepa. Fela jaaka fa go le boammaaruri gore “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè,” balekane ba ba molemo ke tlhotlheletso e e siameng.—1 Bakorintha 15:33.

Kim o ne a fitlhela fa seno se le boammaaruri. O dumela jaana: “Go ne go le bokete, mme lefa go le jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go fetola ditsala tsa me . . . ke ne ke sa batle go nna gaufi le tagi kana diokobatsi.” Ke boammaaruri gore, go ka bonala ekete go bokete go bona ditsala tse di sa nweng. Lefa go ntse jalo, o tla fitlhela gore basha ba ba tlhomang sekao ba Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenelele mo go nweng go go seng kafa molaong. Kana le eleng go ikaega ka tagi jaaka motswedi wa boitapoloso kana wa go tswa mo mathateng. Ka jalo ba ka go thusa—eseng go kgoreletsa—maiteko a gago a go ‘apola motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe.’—Bakolosa 3:9.

O Ka Itlwaolosa!

Go tshela kwantle ga tagi e ka nna ntwa e e sa feleng. Ka dinako dingwe go ka nna bokete go ithiba. Ana o dumela jaana: “Go santse go na le sengwe se se mpateletsang go nwa, segolo jang fa ke tenegile, ke bolaisitswe pelo ke sengwe, ke hutsafetse kana ke utlwile botlhoko.” Ka jalo go tlwaelegile gore motho yo o tshwakgotsweng ke tagi yo o lekang go tlwaologa tagi a boele kwa mokgweng wa pele, seo se felelang ka gore a ikutlwe a le molato thata. Fa seno se ka diragala, gopola gore “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi.” (Yakobe 3:2) Gopola gape gore, Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko yo o tlhaloganyang makoa a rona.—Pesalema 103:14.

Lefa go ntse jalo, tlhokomela gore o seka wa dirisa bopelonomi jwa Modimo ka mo go sa tshwanelang. Ithute go tswa mo diphosong tsa gago, mme o ikemisetse go feta le eleng pele gore o se ka wa boela kwa mokgweng wa pele gape. Ka go bontsha maikemisetso a a ntseng jalo, Bob o ne a kgona go tlogela go nwa. Fa esale go tloga ka nako eo, o ile a kgona go itumelela botsalano jo bo nang le kagiso le lelapa la ga bone mmogo le Modimo. Botshelo jwa gagwe jo bo itumetseng jaanong bo akaretsa le tirelo ya bodihedi jwa nako e e tletseng. Le wena ka mo go tshwanang, o ka nna le boitumelo le go ritibala mo tlhaloganyong, fa o ka fenya ntwa eno kgatlhanong le go nwa tagi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . A Tota go Nwa go ka Ntshwakgola?” sa (Tsogang! January 8, 1993) se ka go thusa go tlhomamisa gore a o ka ne o na le bothata mo kgannyeng eno.

b Batho ba le bantsi ba ne ba solegelwa molemo ke go thusiwa ke dingaka le bagakolodi ba ba katisitsweng go dirisana le mathata a go tshwakgolwa ke tagi. Bangwe ba ba ithutileng kaga mathata ano ba dumela gore, dikarolo dingwe tsa go itlwaolosa ga di kake fela tsa atlega kwantle ga gore mokgwa wa go ineela ka boone o fedisiwe. Mabapi le mabaka ano le a mangwe fela, bangwe ba akantsha gore batho ba ba tshwakgotsweng ke tagi ba tsenelele thulaganyo e mo go yone go ntshiwang botlhole jono kwa sepatela kana kwa tliliniking.

[Setshwantsho mo go tsebe 16

Batho ba basha ba ba tshwakgotsweng ke tagi gantsi ba ganela gore ba na le bothata jwa go nwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela