Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
a“Go na le go nna botshabelo jwa dingalo, le go opisa tlhogo ga boitsholo jo bo ka kwantle, gantsi lelapa le lebega le tsala kgotsa gone go godisa dingalo tseno.”—The Intimate Environment—Exploring Marriage and the Family.
GO BATLISISA ka tirisodikgoka mo lelapeng ke selo se se sa tswang go simololwa bosheng jaana. Ditshekatsheko tse di duleng diatla di dirilwe mo masomeng a dingwaga a a sa tswang go feta. Se se ileng sa lemogiwa ka dipatlisiso tseo ga se ka metlha se tlhomameng, mme lefa go le jalo dilo tsa konokono tse di bakang tirisodikgoka mo lelapeng di bonwe. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.
Seemo sa mo Lelapeng Sena le Seabe Sefe?
Babatlisisi ba le bantsi ba ne ba bolela jaana ka se ba ileng ba se lemoga: “Go ya ka gore banyalani ba re neng re ba botsolotsa ba dirisa dikgoka go le kana kang, le bana ba bone ba ne ba ntse fela jalo mo gare ga bone, le mo batsading ba bone.”
Ka go bogela tirisodikgoka mo lelapeng fela ngwana o amega fela thata. Ngaka e e alafang kwantle ga tiriso ya melemo ebong John Bradshaw a re, “Ngwana yo o bonang mmaagwe a teketwa o tshwana fela le ngwana yo o teketwang.” Mosha mongwe yo o bidiwang Ed o ne a sa rate go bona rraagwe a betsa mmaagwe. Lefa go le jalo, le mororo a ne a sa lemoge, o ne a rutiwa go dumela gore banna ba tshwanetse go laola basadi mme gore ba kgone go dira seo, banna ba tshwanetse go ba tshosa, go ba utlwisa botlhoko, le go ba nyenyefatsa. Fa a sena go gola, Ed o ne a dirisa mekgwa eno e e gobololang, ya dikgoka mo mosading wa gagwe.
Batsadi bangwe ba kelotlhoko gore bana ba bone ba seka ba bogela tirisodikgoka mo thelebisheneng, mme seo ke selo se se molemo thata. Mme lefa go le jalo batsadi ba tshwanetse go nna keletlhoko le go feta ka boitshwaro jwa bone jaaka fa e le bone dikao tsa bana ba bone ba go leng motlhofo ka bone go anywa dilo.
Go Wela Dingalo go na le Seabe Sefe?
Go ima, go tlhoka tiro, go swelwa ke motsadi, go fuduga, bolwetse, le mathata a tsa madi di wetsa dingalo, fela jaaka go ntse ka dilo tse dingwe. Bontsi jwa batho bo dirisana le go wela dingalo ba sa dirise dikgoka. Lefa go le jalo, mo go ba bangwe, go wela dingalo go ka tsala tirisodikgoka, bogolo jang fa go kopane le mabaka a mangwe gape. Ka sekai, go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng—fa motsadi a lwala—gantsi go ile ga tsala kgobololo fa motlhokomedi a imelwa ke maikarabelo a mangwe gape a lelapa.
Go godisa bana go wetsa dingalo. Ka lebaka leo, gore bana ba seka ba tshwarwa sentle go ka nna ga oketsega fa lelapa le ntse le oketsega. Gape bana ba ka nna ba oketsa go gobololwa ga molekane wa lenyalo, ka gore “ke go omanela bana mo gantsi go ka nnang ga dira gore banyalani ba neelane mabole,” go bega jalo Behind Closed Doors.
Go sa Lebe ba Bong jo Bongwe ka Tshwanelo
Dan Bajorek, yo o nang le setlhopha se se gakololang kwa Canada, a re banna ba ba gobololang ba na le pono e phoso ka basadi: “Go sa kgathalesege setso sa bone, bagodisitswe ka tsela e e dirileng gore ba dumele gore banna ke bone ke bone.” Hamish Sinclair, yo e leng tlhogo ya thulaganyo e e diretsweng go thusa banna ba ba gobololang, a re banna ba dirilwe gore ba dumele gore ba feta basadi le gore ke tshwanelo ya bone “go ba otlhaya, go ba tlhamalatsa kgotsa go ba tshosa.”
Mo dinageng di le dintsi go tsewa gore monna o na le tshwanelo ya go tshwara mosadi wa gagwe jaaka sengwe fela se e seng motho, jaaka sengwe sa dithoto tsa gagwe. Go laola ga gagwe mosadi wa gagwe go tsewa gore o supa gore ke monna tota yo o tlotlegang. Gantsi basadi ba betswa mo go botlhoko mme eseng jalo baa gobololwa, mme le molao ga o thuse ka sepe mo ntlheng eno ka gore ke mokgwa mo dinageng tseo. Monna o mogolo, mosadi o kwa tlase; mosadi o tshwanetse a mo ikobela ka botlalo go sa kgathalesege gore ga a na tlotlo, o dikgoka, o bosula, kgotsa o pelotshetlha go le kana kang.
Mmegadikgang wa thelebishene ya CBS o ne a bega jaana ka lefatshe lengwe la Amerika Borwa: “Ga go na gope mo Latin America koo go nna monna go obamelwang thata go gaisa mono . . . Go itshupa gongwe le gongwe mo bathong, le kwa ntlong ya tshekelo tota kwa monna a ka kgonang go femela go tshwanelwa ke tlotlo ga gagwe mme a bo a sa otlhaelwe polao, bogolo jang fa go balailwe mosadi.” O ne a bolela gore “ga go na lefelo lepe mo lefatsheng le le nyenyefatsang basadi” jaaka lefatshe leo le dira. Mme legale go gatelela basadi le go ba nyatsa mo go dirwang ke banna go aname. Ga go bonwe mo lefatsheng le le lengwe fela fela, lefa e le gore gongwe koo go ka tswa go le maswe thata.
Minna Schulman, yo e leng mookamedi wa lephata le le itebagantseng le tirisodikgoka mo lelapeng le go tlhomamisa gore batho ga ba tlole molao kwa New York, a re dikgoka ke sedirisiwa seo banna ba se dirisang go laola le go bontsha nonofo ya bone mo basading. O ne a tlatsa ka gore: “Re tsaya tirisodikgoka mo lelapeng e le go sa diriseng thata le taolo ka tshwanelo.”
Bangwe ba banna ba ba itayang basadi ba bolawa ke go inyatsa, e leng jone boikutlo jo ba bo tsenyang mo bathong ba ba ba betsang. Fa ba ka dira jalo, seriti sa bone sa a bo se noseditswe, mme jaanong ba bo ba ikutlwa ba le botoka le go nna le taolo mo mothong yo mongwe. Ba nna le boikutlo jwa gore ba supa fa e le banna tota ka go dira jalo. A mme gone go ntse jalo? Ereka ba dirisa dikgoka mo basading ba ba senang mashetla jaaka bone, a seo se supa gore tota ka boammaaruri ke banna ba ba nang le thata, kana go na le moo, go supa gore ga ba na tlhaloganyo? A mme ke jone bonna gore monna yo o nonofileng a betsake mosadi yo bokoa, yo o senang boitiro? Monna yo o nang le botho jwa setho sentle o tla akanyetsa le go utlwela botlhoko ba ba bokoa le ba ba senang boitiro, e seng go ba sotla.
Sengwe se gape se bontshang go sa akanye sentle ga mogobolodi ke gore gantsi o pega mosadi wa gagwe molato wa gore ke ene a dirang gore a felele a mmeditse. O ka nna a supa, gongwe a bo a mmolela dilo tse di tshwanang le: ‘Ga o a ka wa dira selo seno sentle. Ke sone seo o bonang ke go betsa.’ Kgotsa: ‘Re jele dijo thari, ka jalo o amogela se se go tshwanetseng.’ Mo mogopolong wa mogobolodi, ke mathata a mosadi. Lefa go le jalo, ga go na phoso epe e e ka dirwang ke molekane wa lenyalo e e ka dirang gore a teketwe.
A Bojalwa bo Tsenya Letsogo?
Ereka bojalwa bo oketsa le go godisa maemo a go dira dilo motho a sa akanya, ga go gakgamatse fa bangwe ba ikutlwa gore bo ka tsala kgobololo. Gantsi motho o kgona go laola maikutlo a bothubaki fa a sa nwa, mme morago ga go nwa bojalwa go sekae, o nna mogobolodi. Bojalwa bo dirile gore a latlhegelwe ke go akanya sentle gape bo fokoditse bokgoni jwa gagwe jwa go laola maikutlo a gagwe.
Lefa go le jalo, bangwe ba re tota mathata a bakiwa ke dingalo go na le bojalwa ka bojone. Ba re motho yo o dirisang bojalwa go lwa le letsapa o tshwana le motho yo o dirisang dikgoka go le fenya. Seno se raya gore monwi o ka nna a gobolola fela ka tsela e e tshwanang go sa kgathalesege gore a o nole kgotsa nnyaa. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege gore mabaka ke afe mo kgannyeng eno, kwantle ga pelaelo bojalwa ga bo tsamaelane le go laola maikutlo mme ebile ka tlwaelo bo kgoreletsa go dira seo.
Kafa Bobega Dikgang bo Tlhotlheletsang Boitshwaro jwa Batho ka Teng
Bangwe ba re, thelebishene, yone le dibaesekopo, di kgothaletsa banna go iwa ke bonna kwa tlhogong le go ruta gore dikgoka ke tsela e e siameng ya go itebaganya le dikgotlhang le bogale. Mogakolodi mongwe wa tsa lelapa o dumela jaana, “Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela eo ke neng ke rata baesekopo ya Rambo ka yone. Fa mogolo yo o utlwang molao [mo go nna] a tshosiwa ke dipolao tse dintsi tsa ga Rambo, ngwana [yo o mo go nna] e ne o mo opela legofi.”
Ereka bana ba le bantsi ba lebelela thelebishene ka diura di le dintsi ba lebile ditiro tse di senang palo tsa tirisodikgoka, petelelo, le go nyenyefadiwa ga batho ba bangwe, bogolo jang basadi, ga go gakgamatse bontsi jwa bone bo dira mekgwa eno e e seng ya setho mo bathong ba bangwe fa ba gola. Mme ga se bana fela ba ba amegang le bagolo tota.
Gape, bogolo jang mo dingwageng tsa bosheng jaana, selekanyo sa tirisodikgoka e e feteletseng, boitsholo jo bo sa siamang, le go nyenyefadiwa ga basadi jaaka go bontshiwa mo thelebisheneng le mo dibaesekopong go oketsegile fela thata. Seno kwantle ga pelaelo se tla oketsa tirisodikgoka mo lelapeng. Fela jaaka setlhopha sengwe se se batlisisang se ile sa lemoga, go na le “kamano e e papametseng . . . gareng ga go bogela tirisodikgoka le go nna bogale.”
Kafa go Lomologa go Nnang le Seabe ka Teng
Dikamano tsa setho ga di sa tlhole di le teng mo bathong ba le bantsi gompieno. Dishopo tse ditona di emiseditse dishopo tse dinnye tsa lefelo. Go shafadiwa ga ditoropo, mathata a tsa itsholelo, le go tlhoka ditiro go ile ga patelela malapa gore a tlhome a tlhomolola. Bao ba senang dikamano tse di nonofileng tsa loago ke bone bao go fitlhetsweng tirisodikgoka e le ntsi thata mo go bone.
Mo bukeng ya gagwe e go tweng Intimate Relationships, Marriage, and the Family, James C. Coleman, o tlhalosa gore ke eng fa a akanya gore go ntse jalo. Boikutlo jwa gagwe ke gore go itomolola go dira gore motho a seka a nna le sebaka sa go tlotla ka dilo tse di nang le mosola mme gape go dira gore mogobolodi a seka a kgona go leba seemo se a mo go sone sentle le go batla thuso mo tsaleng e ba ntshanang seinong. Go sa nneng le ditsala le balosika ba ba atamelang le motho bao ba ka mo kgoreletsang go dira gore motho a diragatse boithatelo ka tshosologo, ereka go akanya ga gagwe mo go phoso go sa kgalemelwe ke ba bangwe ba ba gaufi le ene. Go ntse fela jaaka Diane 18:1 e tlhalosa: “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe yo bo itekanetseñ.”
Go Thusa Lelapa le go Nang le Tirisodikgoka mo go Lone
Re tlotlile fela ka karolwana ya seo go tlhalosiwang se baka tirisodikgoka mo lelapeng. Go na le mo gontsi. Ereka jaanong re bone kwa bothata bo tswang teng, re tlhoka he jaanong go tlhatlhoba ditharabololo. Fa e le gore motho o mo lelapeng le le nang le tirisodikgoka, mokgwa oo wa kgobololo o ka emisiwa jang? Bibela yone ya reng? A go dirisa dikgoka mo lelapeng go tla tsamaya go fela? Setlhogo se se mo tsebeng ya 10 se tla araba dipotso tseno.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go Gobolola mo Maikutlong—Go Tlhaba ka Mafoko
FA E le kgobololo ya mmele go dirisiwa mabole; fa e le kgobololo ya maikutlo go tlhaselwa ka mafoko. Pharologano e e teng ke ya dibetsa tse di dirisiwang fela. Go ntse fela jaaka Diane 12:18 e bolela: “Go na le go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla: me loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.”
Kgobololo ya maikutlo e kotsi go le kana kang, go kopanyeletsa le “ditlhabō [tseno] tsa putlèla”? Dr. Susan Forward o kwala jaana: “Diphelelo di tshwana fela [le tsa kgobololo ya mmele].” Fa go buiwa ka seemo sa maikutlo, “O gobetse, o ikutlwa o sena boitiro, le go utlwa botlhoko ka tsela e e tshwanang.”
Go gobolola maikutlo a molekane: “Tirisodikgoka mo lelapeng ga e felele fela ka dipaputla. Karolo e kgolo, e gongwe e ebileng e le kgolo go di gaisa, e dirwa ka mafoko le maikutlo,” go ne ga bolela jalo mongwe yo o saleng a ntse a gobadiwa maikutlo ka lobaka lo lo leele. Kgobololo e ka kopanyeletsa go bidiwa ka mainanyana, go goiwa, le go kgalwa ka metlha, matlhapa a a nyenyefatsang, le go solofediwa dipaputla.
Mafokonyana a a sa reng ee a lonyatso, a a kgobang, kgotsa a a tshosang a ka dira tshenyo e e seng kana ka sepe. Fela jaaka metsi a a elelang mo letlapeng, mafoko a lekgobo a a buiwang a ka nna a lebega kwa tshimologong a sa re sepe. Mme e re go ise go ye kae motho a bo a latlhegelwa ke go itlotla. Mosadi mongwe o ne a re, “Fa ke ne ke ka tlhopha gareng ga go itewa le go gobololwa ka mafoko, ke ka ikanya go betswa.” O ne a tlhalosa jaana, “O ka kgona go bona mabadi, mme ka jalo batho ba ka kgona go lela le wena. Fa e le ka go tlhabiwa ka mafoko, go go fedisa pelo. Dintho tsa teng ga o kake wa di bona. Ga go na ope yo o nang le sepe le wena.”
Go gobolola maikutlo a ngwana: Seno se ka kopanyeletsa go kgala le go nyatsa ponalo ya ngwana, botlhale, bokgoni, kgotsa boleng jwa gagwe jaaka motho. Go tshega ka motho ke selo se se gobatsang le go feta. Gantsi bana ba tsaya mafoko jaaka a ntse, ba sa farologanye se se neng se buiwa go tlhoafetswe le se se neng se buiwa go “tshamekwa.” Ngaka ya lelapa e e alafang e sa dirise melemo ebong Sean Hogan-Downey a re: “Ngwana o utlwa botlhoko, mme ba bangwe bone ba a tshega, ka jalo a bo a felela a sa tlhole a tshepha maikutlo a gagwe.”
Ka jalo he, mo mabakeng a le mantsi, go na le boammaaruri mo go seo raditiragalo le mokwadi wa Mosekotšhe ebong Thomas Carlyle a kileng a se bua: “Ka kakaretso ke lemoga gore go ja ditshego, ke puo ya ga Diabolo; ke go ne ka moo, ke saleng ke e latlhile bogologolo.”
Joy Byers, yo e leng mankge mo go tsa kgobololo ya bana, a re: “Go gobolola ngwana mo mmeleng go ka mmolaya, mme gape o ka bolaya botho jwa gagwe, mme seo ke sone se dikakgelo tse di sa siamang tsa ka metlha tsa batsadi di ka se dirang.” Makasine wa FLEducator o akgela jaana: “Go farologana le go ntsha ntho e e bonalang mme go tsweng foo e timele, go gobolola maikutlo go baka diphetogo tse di sa bonaleng mo mogopolong wa ngwana le mo bothong jwa gagwe tse di fetolang gotlhelele botshelo jwa gagwe le tirisano ya gagwe le ba bangwe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa ngwana a aramela tirisodikgoka go nna le tlhotlheletso e kgolo mo go ene mo dingwageng tse di tlang