LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fy kgao. 12 ts. 142-152
  • O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa
  • Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSHENYO E E BAKIWANG KE GO TSHWAKGOLWA KE BOJALWA
  • KE ENG SE LELAPA LE KA SE DIRANG?
  • TSHENYO E E BAKIWANG KE THUBAKANYO MO LEGAENG
  • KAFA O KA TILANG THUBAKANYO YA MO LEGAENG KA TENG
  • A LO KA KGAOGANA KANA LWA NNA MMOGO?
  • BOKHUTLO JWA MATHATA A A SENYANG
  • Ke Na Le Motsadi Yo O Lemaletseng Bojalwa—Nka Dirisana Jang Le Seemo Seno?
    Tsogang!—1992
  • Maloko a Lelapa A Ka Thusa Jang?
    Tsogang!—1992
  • Go Thusa Bana Ba Ba Rweleng Maikarabelo a Bagolo Bao Batsadi ba Bone Ba Tshwakgotsweng Ke Bojalwa
    Tsogang!—1992
  • Fa Go Na Le Motho Yo O Tshwakgotsweng ke Bojalwa mo Lapeng
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
fy kgao. 12 ts. 142-152

Kgaolo ya Lesomepedi

O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa

1. Ke mathata afe a a fitlhegileng a a leng teng mo malapeng mangwe?

KOLOI e kgologolo e fetsa go tlhatswiwa le go tshasiwa pholetšhe. Mo bathong ba ba fetang e a phatsima, e kete e ntšha. Mme mmele wa koloi eno o ntse o jewa ke rusi kafa tlase. Go ntse fela jalo ka malapa a mangwe. Le mororo kafa ntle go lebega dilo di siame, difatlhego tse di nyenyang tseno di bipile poifo le botlhoko. Dilo dingwe tse di senyang di ntse di ja kagiso ya lelapa mme batho ba sa itse. Mathata a mabedi a a ka bakang seno ke go tshwakgolwa ke bojalwa le thubakanyo.

TSHENYO E E BAKIWANG KE GO TSHWAKGOLWA KE BOJALWA

2. (a) Baebele e leba go nwa bojalwa jang? (b) Go tshwakgolwa ke bojalwa ke eng?

2 Baebele ga e kgale go nwa bojalwa ka selekanyo se se tshwanetseng lefa go ntse jalo, e kgala botagwa. (Diane 23:20, 21; 1 Bakorinthe 6:9, 10; 1 Timotheo 5:23; Tito 2:2, 3) Lefa go ntse jalo, go tshwakgolwa ke bojalwa go feta go tagwa; ke go nwa bojalwa o sa emise le go sa kgone go laola selekanyo se o bo nwang ka sone. Batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa e ka nna bagolo. Se se botlhoko ke gore, gape e ka nna basha.

3, 4. Tlhalosa kafa go tshwakgolwa ke bojalwa go amang ka teng motho yo o nyalaneng le motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mmogo le bana.

3 Baebele ga e bolo go supa gore go sa nwe bojalwa sentle go ka senya kagiso ya lelapa. (Duteronome 21:18-21) Tshenyo e e bakiwang ke go tshwakgolwa ke bojalwa e ama lelapa lotlhe. Mongwe wa banyalani a ka nna a tshwarega thata mo go lekeng go thibela yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono gore a se ka a nwa kana a leka thata go itshokela boitshwaro jwa gagwe jo bo fetofetogang. O leka go fitlha bojalwa, o a bo latlha, o fitlha madi a gagwe le go mmolelela gore ditiro tsa gagwe ga di supe gore o rata lelapa la gagwe, botshelo le one Modimo tota—mme yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono o tswelela fela a ntse a nwa. Fa a palelwa mo maitekong a gagwe a go laola tsela e a nwang ka yone, o a tlalelwa le go ikutlwa a sena mosola. A ka nna a simolola go boifa, a galefa, a ipona molato, a sa kgone go nna a ritibetse, a tshwenyegile e bile a sa kgone go itlotla.

4 Bana ba a amega fa motsadi a tshwakgotswe ke bojalwa. Bangwe ba a itewa. Bangwe ba sotliwa ka go tlhakanela dikobo nabo. Ba ka nna ba ipega molato wa go bo motsadi wa bone a tshwakgotswe ke bojalwa. Gantsi ga ba tlhole ba kgona go ikanya batho ba bangwe ka ntlha ya boitshwaro jo bo fetofetogang jwa yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono. Lebaka la go bo bana ba sa kgone go bua ka se se diragalang kwa gae le dira gore bana ba gatelele maikutlo a bone mme gantsi seo se gobatsa mebele ya bone. (Diane 17:22) Bana ba ba ntseng jalo ba ka nna bagolo ba ba sa kgoneng go itshepa le go itlotla.

KE ENG SE LELAPA LE KA SE DIRANG?

5. Go tshwakgolwa ke bojalwa go ka laolwa jang mme ke eng fa seno se le bokete?

5 Le mororo metswedi e mentsi ya tshedimosetso e bolela gore motho fa a tshwakgotswe ke bojalwa ga a kake a alafiwa, go na le e mengwe e mentsi e e dumelang gore motho a ka fola fa a bo tlogela gotlhelele. (Bapisa Mathaio 5:29.) Lefa go ntse jalo go bokete tota go dira gore motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa a dumele gore a thusiwe gonne gantsi o ganela gore o na le bothata. Lefa go ntse jalo, fa maloko a lelapa a tsaya dikgato kgatlhanong le motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono ka ntlha ya kafa seno se ba amang ka teng, motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono a ka nna a simolola go lemoga gore o na le bothata. Ngaka nngwe e e thusitseng batho ba bantsi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa le ba malapa a bone, e ne ya re: “Ke akanya gore selo se se botlhokwa thata ke gore lelapa le tshele ka tsela e e molemo thata e le ka kgonang ka yone. Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono o tla nna a lemoga kafa a farologaneng ka teng le botlhe mo lelapeng.”

6. Kgakololo e e molemo thata mo malapeng a a nang le yo o tshwakgotsweng ke bojalwa ke efe?

6 Fa go na le motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo lelapeng la gago, kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele e ka go thusa go tshela ka tsela e e molemo go gaisa. (Isaia 48:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Akanya ka kelotlhoko ka melaometheo mengwe e e ileng ya thusa malapa go atlega mo go lweng le bothata jwa go tshwakgolwa ke bojalwa.

7. Ke boikarabelo jwa ga mang fa go na le mongwe yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo lelapeng?

7 Tlogela go ipega molato. Baebele ya re: “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe,” gape ya re, “mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.” (Bagalatia 6:5; Baroma 14:12) Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono a ka nna a leka go pega maloko a lelapa molato. Ka sekai, a ka nna a re: “Ke ne ke se kitla ke nwa, fa lo ne lo ntshwara sentle.” Ba ba dumelanang le ene, ba tla bo ba mo kgothaletsa gore a tswelele a nwa fa ba dira jalo. Mme lefa re wetswe ke maemo mangwe kana batho ba re direla dilo tse di sa siamang, rotlhe—go akaretsa le batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa—re na le boikarabelo jwa se re se dirang.—Bapisa Bafilipi 2:12.

8. Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa a ka thusiwa jang gore a lebane le matswela a bothata jwa gagwe?

8 O se ka wa akanya gore o tshwanetse go sireletsa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono gore a se ka a ja maungo a go nwa ga gagwe. Seane sa Baebele se se buang ka motho yo o galefileng se ka dira ka tsela e e tshwanang mo mothong yo o tshwakgotsweng ke bojalwa: “Le fa o mo golola, o tlaa bo o na le go ba o dira jalo gape.” (Diane 19:19) Lesa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yono gore a je maungo a go nwa ga gagwe. A a phepafatse leswe la gagwe kana e nne ene a founelang mohiri wa gagwe phakela fa a ne a letse a nwele thata.

9, 10. Ke eng fa malapa a a nang le batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa a tshwanetse go amogela thuso, mme ke mang tota yo ba tshwanetseng go senka thuso mo go ene?

9 Amogela thuso ya ba bangwe. Diane 17:17 ya re: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” O tlile go ngomoga pelo fa go na le yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo lelapeng. O tlhoka thuso. Se diege go ikaega ka ‘ditsala tsa boammaaruri’ gore di go eme nokeng. (Diane 18:24) Fa o bua le ba bangwe ba ba tlhaloganyang bothata jono kana ba ba mo boemong jo bo tshwanang ba ka go naya dikakantsho tse di mosola thata tsa se o tshwanetseng go se dira le se o sa tshwanelang go se dira. Mme gone o nne tekatekano. Bua le ba o ba tshepang, bao ba tla ‘lobang maoma’ a gago.—Diane 11:13.

10 Ithute go ikanya bagolwane ba Bakeresete. Bagolwane ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba ka thusa thata. Banna bano ba ba godileng ba itse Lefoko la Modimo e bile ba na le maitemogelo a kafa melaometheo ya lone e dirisiwang ka teng. Ba ka nna “jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” (Isaia 32:2) Bagolwane ba Bakeresete ga ba sireletse phuthego fela mo tlhotlheletsong e e bosula gape ba e gomotsa, ba e nonotsha le go thusa batho ba ba nang le mathata. Dirisa thuso ya bone.

11, 12. Ke mang yo o thusang thata malapa a a nang le ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa mme ba engwa nokeng ka tsela efe?

11 Mo godimo ga tsotlhe, kopa maatla mo go Jehofa. Baebele e re tlhomamisetsa ka lorato jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng.” (Pesalema 34:18) Fa e le gore pelo ya gago e botlhoko kana o ngomogile maikutlo ka ntlha ya bothata jwa go nna le motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo lelapeng, itse gore “Jehofa o gaufi.” O itse kafa maemo a leng bokete ka teng mo lelapeng la gago.—1 Petere 5:6, 7.

12 Fa o dumela dilo tse Jehofa a di buang mo Lefokong la gagwe o tla kgona go itshokela matshwenyego. (Pesalema 130:3, 4; Mathaio 6:25-34; 1 Johane 3:19, 20) Fa o ithuta Lefoko la Modimo le fa o tshela ka melaometheo ya lone, seo se dira gore Modimo o kgone go go thusa ka moya o o boitshepo, oo o ka go nayang “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo” gore o kgone go itshoka letsatsi le letsatsi.—2 Bakorinthe 4:7.a

13. Ke bothata bofe jwa bobedi jo bo senyang malapa?

13 Go nwa bojalwa ka mo go feteletseng go ka baka bothata jo bongwe gape jo bo sentseng malapa a mantsi—thubakanyo mo legaeng.

TSHENYO E E BAKIWANG KE THUBAKANYO MO LEGAENG

14. Thubakanyo ya mo legaeng e ne ya simolola leng mme boemo bo ntse jang gompieno?

14 Thubakanyo ya ntlha mo hisitoring ya motho e ne ya diragala mo legaeng fa gare fa barwa ba motho ba babedi, Kaine le Abele. (Genesise 4:8) Fa e sale go tloga ka nako eo, go ile ga nna le mefuta e mentsi thata ya thubakanyo mo magaeng. Go na le banna ba ba itayang basadi, basadi ba ba tlhaselang banna, batsadi ba ba itayang bana ba bone ba bannye botlhoko le bana ba ba godileng ba ba itayang batsadi ba bone ba ba tsofetseng.

15. Maikutlo a maloko a lelapa a amiwa jang ke thubakanyo ya mo legaeng?

15 Tshenyo e e bakiwang ke thubakanyo mo legaeng ga e bonwe fela ka dintho tsa mmele. Mosadi mongwe yo o itewang thata o ne a re: “O ikutlwa o le molato le go tlhajwa ke ditlhong fela thata. Mo mesong e mentsi, ga o batle le go tsoga mo bolaong, o batla go ipolelela gore ga go a diragala sepe.” Bana ba ba bonang thubakanyo mo legaeng kana ba e dirwang mo go bone e ka nna ya re fa ba gola mme ba nna le malapa le bone ba nna bogale.

16, 17. Go sotliwa mo maikutlong ke eng mme go ama maloko a lelapa jang?

16 Thubakanyo ya mo legaeng ga se go itewa fela. Gantsi go lowa ka mafoko. Diane 12:18 ya re: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela.” “Ditlhabo” tseno tse e leng thubakanyo ya mo legaeng di akaretsa go bitsa ka maina a tshotlo, go buela kwa godimo, mmogo le go nnela go tshwaya diphoso, go bua mafoko a a utlwisang botlhoko a a nyenyefatsang le go tshosetsa ka go itaya. Dintho tsa thubakanyo e e tlhaselang maikutlo ga di bonale e bile gantsi ba bangwe ga ba di lemoge.

17 Selo se se botlhoko le go feta ke fa ngwana a sotliwa ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko—go tlhola a tshwailwe diphoso le go bolelelwa gore ga a kgone go dira sepe, ga a botlhale kana gore ga se motho wa sepe. Go sotliwa jalo ka mafoko go ka senya maikutlo a ngwana. Ke boammaaruri gore bana ba tlhoka go otlhaiwa. Lefa go ntse jalo, Baebele e laela borre jaana: “Se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.”—Bakolosa 3:21.

KAFA O KA TILANG THUBAKANYO YA MO LEGAENG KA TENG

18. Thubakanyo ya mo legaeng e simolola kae mme Baebele e supa gore e ka emisiwa ka ditsela dife?

18 Thubakanyo ya mo legaeng e simolola mo pelong le mo tlhaloganyong; se re se dirang ke se re simolotseng re se akanya. (Jakobe 1:14, 15) Motho yo o sotlang yo mongwe o tshwanetse go fetola tsela e a akanyang ka yone gore a kgone go thibela thubakanyo. (Baroma 12:2) A go a kgonega? Ee. Lefoko la Modimo le na le maatla a go fetola batho. Le kgona go khumola le dikgopolo tse di senyang “tse di thata.” (2 Bakorinthe 10:4; Bahebere 4:12) Kitso e e tlhomameng ya Baebele e ka fetola batho gotlhelele mo go ka bolelwang gore ba apara botho jo bosha.—Baefeso 4:22-24; Bakolosa 3:8-10.

19. Mokeresete o tshwanetse go leba le go tshwara yo a nyalaneng nae jang?

19 Kafa o lebang yo o nyalaneng nae ka teng. Lefoko la Modimo la re: “Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.” (Baefeso 5:28) Baebele e bolela gape gore monna o tshwanetse go “naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata.” (1 Petere 3:7) Basadi ba gakololwa gore ba ‘rate banna ba bone’ le go ba ‘tlotla.’ (Tito 2:4; Baefeso 5:33) Eleruri ga go na monna yo o boifang Modimo yo o ka bolelang ka boammaaruri gore o tlotla mosadi wa gagwe fa a mo itaya e bile a mo kgoba ka mafoko. E bile ga go na mosadi ope yo o omanyang monna wa gagwe, yo o buang le ene ka tshotlo kana yo o nnelang go mo gobolola yo a ka bolelang gore ruri o a mo rata e bile o a mo tlotla.

20. Batsadi ba ikarabelela mo go mang ka bana ba bone mme ke ka ntlha yang fa batsadi ba sa tshwanela go solofela dilo tse di kwa godimo thata mo baneng ba bone?

20 Go leba bana ka tsela e e tshwanetseng. Batsadi ba tshwanetse go rata le go tlhokomela bana ba bone, ee, e bile bana ba a go tlhoka. Lefoko la Modimo le bitsa bana “boswa jwa [ga] Jehofa” le “tuelo ya gagwe.” (Pesalema 127:3) Jehofa o file batsadi boikarabelo jwa go tlhokomela boswa jono. Baebele e bua ka “dilo tsa bonyana” le “boeleele” jwa bongwana. (1 Bakorinthe 13:11; Diane 22:15) Batsadi ga ba a tshwanela go gakgamala fa ba fitlhela bana ba bone ba na le boeleele bongwe. Basha ga se bagolo. Batsadi ga ba a tshwanela go lebelela gore ngwana a dire dilo tse di fetileng dingwaga tsa gagwe, kafa a godisitsweng ka teng le tse di fetang nonofo ya gagwe.—Bona Genesise 33:12-14.

21. Ke tsela efe ya bomodimo e batsadi ba ba godileng ba tshwanetseng go lejwa ka yone le go dirisana le bone ka yone?

21 Tsela e o lebang batsadi ba ba tsofetseng ka yone. Lefitiko 19:32 ya re: “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe.” Ka jalo, Molao wa Modimo o ne o gatelela tlotlo le go tseela batsofe kwa godimo. Seno se ka nna bokete fa motsadi yo o godileng yono a tlhola a batla dilo tse dintsi kana a lwala e bile gongwe a sa kgone go tsamaya kana go akanya ka bonako. Lefa go ntse jalo, bana ba gakololwa gore ba ‘leboge batsadi ba bone.’ (1 Timotheo 5:4) Seno se tla raya gore ba ba tseele kwa godimo le go ba tlotla gongwe ba bo ba ba tlamele ka madi. Go itaya batsadi ba ba godileng kana go ba sotla ka ditsela dingwe ga go dumelane le tsela e Baebele e re bolelelang gore re dire dilo ka yone.

22. Ke nonofo efe e e tlhokegang go fenya thubakanyo ya mo legaeng mme e ka dirisiwa jang?

22 Ithute go ikgapa. Diane 29:11 ya re: “Seeleele se tle se bolele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.” O ka laola maikutlo a gago jang? Go na le gore o itetle gore o tlalelwe, tsaya kgato ka bonako go rarabolola mathata a a tlhagang. (Baefeso 4:26, 27) Tloga fa lefelong leo fa o ikutlwa o sa tlhole o kgona go ikgapa. Rapelela moya o o boitshepo wa Modimo gore o go thuse go nna le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Go tswa o ya go tsamayatsamaya kana go itshidila mmele ka tsela nngwe le gone go ka go thusa go laola maikutlo a gago. (Diane 17:14, 27) Leka go nna “bonya g[o] galefa.”—Diane 14:29.

A LO KA KGAOGANA KANA LWA NNA MMOGO?

23. Go ka diragala eng fa mongwe mo phuthegong ya Bokeresete a ineela gore a galefe e bile a sa go tlogele gongwe e bile a itaya ba lelapa la gagwe?

23 Dingwe tsa ditiro tse Baebele e di umakang di sa ratwe ke Modimo ke “dikilano, le kgang . . . dikgakalo” e bile e bolela gore “ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Ka gone, ope fela yo o ipolelang gore ke Mokeresete mme a nnetse go tlhola a galefa, gongwe a itaya yo a nyalaneng nae kana bana ba gagwe, a ka nna a kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Bapisa 2 Johane 9, 10.) Ka go dira jaana phuthego e bolokiwa e sena batho ba ba sotlang ba bangwe.—1 Bakorinthe 5:6, 7; Bagalatia 5:9.

24. (a) Batho ba ba sotliwang mo lenyalong ba ka tlhopha go dira eng? (b) Ditsala le bagolwane ba ba amegang ka motho yo o sotliwang ke yo a nyalaneng nae ba ka mo ema nokeng jang, mme ke eng se ba sa tshwanelang go se dira?

24 Go tweng ka Bakeresete ba gone jaanong ba itewang ke batho ba ba nyalaneng nabo mme e bile ba sa supe gore ba tla fetoga? Ba bangwe ba ile ba swetsa go nna le batho ba ba nyalaneng nabo bao ba ba sotlang ka ntlha ya mabaka a a rileng. Ba bangwe ba ile ba ba tlogela, ba ikutlwa gore boitekanelo jwa bone jwa mmele, tlhaloganyo le semoya—gongwe le jone botshelo jwa bone—di mo kotsing. Se motho yo o bogang ka ntlha ya thubakanyo ya mo legaeng a tlhophang go se dira mo maemong a a ntseng jaana ke tshwetso ya gagwe fa pele ga Jehofa. (1 Bakorinthe 7:10, 11) Ditsala, ba losika kana bagolwane ba Bakeresete ba ka nna ba eletsa go thusa le go gakolola mme ga ba a tshwanela go gatelela motho yo o bogang yono gore a tseye kgato e e rileng. Ke tshwetso e a tshwanetseng go e itirela ka boene.—Baroma 14:4; Bagalatia 6:5.

BOKHUTLO JWA MATHATA A A SENYANG

25. Boikaelelo jwa ga Jehofa ka lelapa ke eng?

25 Fa Jehofa a sena go nyadisa Atame le Efa, boikaelelo jwa gagwe e ne e se gore malapa a senngwe ke mathata a a jaaka go tshwakgolwa ke bojalwa le thubakanyo. (Baefeso 3:14, 15) Lelapa e ne e tshwanetse go nna lefelo le le tletseng lorato le kagiso e bile mongwe le mongwe o ne a tla tlamelwa ka dilo tse di tlhokwang ke mogopolo, maikutlo le semoya. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa lelapa bo ne jwa senyega ka bonako fela fa boleo bo sena go tsena.—Bapisa Moreri 8:9.

26. Ba ba lekang go tshela tumalanong le boikaelelo jwa ga Jehofa ba tlile go bona isagwe e e ntseng jang?

26 Se se itumedisang ke gore, Jehofa ga a tlogela boikaelelo jwa gagwe ka lelapa. O solofetsa go lere lefatshe le lesha le le nang le kagiso le kgabagare batho ba tla ‘agang ka thagamo go sena ope yo o ba boifisang’ mo go lone. (Esekiele 34:28) Ka nako eo, go tshwakgolwa ke bojalwa, thubakanyo ya mo legaeng le mathata a mangwe otlhe a a senyang malapa gompieno di tla bo di fetile. Batho ba tla nyenya e se gore ba fitlha poifo le botlhoko jo ba bo utlwang mme e tla bo e le ka gore “ba inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kwa dinageng tse dingwe go na le mafelo a kalafi, dikokelo le dithulaganyo tse di kgethegileng go thusa batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa le ba malapa a bone. Motho o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o tla ya go batla thuso e e ntseng jalo kana nnyaa. Mokgatlho wa Watch Tower ga o buelele kalafi epe fela. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go tlhokomela gore thuso e e ntseng jalo ga e amane le ditiro tse di tlolang melaometheo ya Dikwalo.

MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . MALAPA JANG GO TILA MATHATA A A KA SENYANG KA TSELA E E MASISI?

Jehofa o kgala go nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang.—Diane 23:20, 21.

Mongwe le mongwe o tla ikarabelela ka ditiro tsa gagwe.—Baroma 14:12.

Ga re kake ra direla Modimo ka tsela e a e batlang fa re sa ikgape.—Diane 29:11.

Bakeresete ba mmatota ba tlotla batsadi ba bone ba ba godileng.—Lefitiko 19:32.

[Setshwantsho mo go tsebe 146]

Bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa thata mo go rarabololeng mathata a lelapa

[Setshwantsho mo go tsebe 151]

Banyalani ba Bakeresete ba ba ratanang ba tla rarabolola mathata ka bonako

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela