LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 6/8 ts. 22-23
  • Maloko a Lelapa A Ka Thusa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maloko a Lelapa A Ka Thusa Jang?
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Na Le Motsadi Yo O Lemaletseng Bojalwa—Nka Dirisana Jang Le Seemo Seno?
    Tsogang!—1992
  • Fa Go Na Le Motho Yo O Tshwakgotsweng ke Bojalwa mo Lapeng
    Tsogang!—1992
  • Go Tlwaologa Bojalwa go A Kgonagala
    Tsogang!—1992
  • O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 6/8 ts. 22-23

Maloko a Lelapa A Ka Thusa Jang?

“Kwa tshimologong motho o nwa bojalwa, mme go tsweng foo bojalwa bo be bo bitsa jo bongwe, mme kwa bofelong bojalwa bo be bo kapa motho.”—Seane sa kwa Botlhaba.

OTSAMAYA mo lotshitshing lwa makgobokgobo. Gone fela foo, o simolola go phosumela. Metsotsonyana e sekae o simolola go totomela mo motlhabeng o o metsi. Fa o re o leka go intsha, e o nwela kwa teng le go feta.

Botagwa bo rareetsa lelapa lotlhe ka tsela e e ntseng jalo. Molekane yo o laolwang ke dikgatelelo tsa botagwa o lwa ka mašetla go fetola molekane yo o tshwakgotsweng ke bojalwa. A dira jalo ka go bo a mo rata, o leka go mo tshosa, mme lefa go le jalo o tswelela a ntse a a nwa. O fitlha bojalwa jwa gagwe. Mme ene a bo a ya go reka jo bongwe gape. O fitlha madi a gagwe, mme ene a bo a ya go adima mo tsaleng ya gagwe. O leka go mo lemotsha gore o tshwanetse go rata lelapa la gagwe, botshelo, tota le eleng Modimo—lefa go le jalo seo e nna matsapatsapa a bophiri fela. Fa a re o leka ka natla, moo go tsenyetsa lelapa ko pele mo nthagarageng e e bakiwang ke go tshwakgolwa ke bojalwa. Go kgona go thusa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa, maloko a lelapa ba tshwanetse gore pele ba tlhaloganye se go tshwakgolwa ke bojalwa tota eleng sone. Ba tlhoka go itse gore ke ka ntlha yang fa “ditharabololo” tse dingwe ka phepafalo di tlile go palelwa, mme gape ba tshwanetse go ithuta gore ke mekgwa efe e e ka thusang.

Go tshwakgolwa ke bojalwa ga go reye fela go tagwa. Ke seemo se se sa tlwaelegang sa go nwa se se itshupang ka go tshwarega mo bojalweng le go palelwa ke go laola go bo nwa. Le mororo bontsi jwa baitse ba dumela gore ga go kake ga alafiwa, go tshwakgolwa ke bojalwa go ka kgona gore go laolwe ka thulaganyo ya mo botshelong ya go sa bo ame.—Bapisa Mathaio 5:29.

Mo mabakeng mangwe go ka tshwantshanngwa le seemo sa motho yo o bolawang ke bolwetsi jwa sukiri. Le mororo a ka se kake a fetola seemo sa gagwe, motho yo o bolawang ke bolwetsi jwa sukiri a ka kgona go dirisana le mmele wa gagwe ka go sa je sukiri. Ka mo go tshwanang, motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa a ka se ke a laola tsela e mmele wa gagwe o batlang bojalwa ka teng mme lefa go le jalo a ka kgona go dira tumalanong le boemo joo jo bo sa tlwaelegang ka go sa ame bojalwa gotlhelele.

Legale, seno se motlhofo go buiwa go na le go dirwa. Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa o foufaditswe ke go ganela gore o na le bothata. ‘Ga ke maswe go le kalokalo.’ ‘Lelapa la me ke lone le le ntirang gore ke nwe.’ ‘Fa motho a na le mookamedi yo o tshwanang le wa me jaana kwa tirong, tota o ka tlhoka jang go nwa?’ Diipato tsa gagwe gantsi di utlwala fela thata mo eleng gore le lelapa la gagwe lotlhe le kgona gore le mo sale morago mo go ganeleng jalo gore gona le bothata. ‘Rraalona o tlhoka gore a itapolose morago ga letsatsi lotlhe.’ ‘Rre o tlhoka gore a nwe. O itshokela letshwenyo le le dirwang ke mmè.’ Ga go na ope wa bone yo o ka rothisang mmutla madi ka sephiri seno sa lelapa: Rre o tshwakgotswe ke bojalwa. Dr. Susan Forward o tlhalosa jaana, “Eo ke tsela e le yosi fela eo ba kgonang go tshela mmogo ka yone.” “Maaka, diipato, le diphiri ke dilo tse di leng ntletsentletse fela jaaka phefo mo malapeng ao.”

Ga go na gore maloko a lelapa a ka inola jang motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo seretseng pele ga ba ka intsha ka namana. Bangwe ba ka nna ba re, ‘Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa ke ene a tlhokang thuso eseng nna!’ Mme akanya ka seno: Maikutlo a gago le ditiro tsa gago di amana go le kana kang le boitsholo jwa yo o tshwakgotsweng ke bojalwa? Ke ga kae dilo tse a di dirang di go dira gore o ikutlwe o tenegile, o tshwenyegile, o bolawa ke pelo, kana o tshoga? Ke ga kae go go tlhokang gore o nne kwa lapeng o tlhokometse motho yoo yo o tshwakgotsweng ke bojalwa fa gone o ne o ka bo o dira ditiro tse di botoka? Fa maloko a lelapa a eseng matagwa ba tsaya dikgato go tokafatsa matshelo a bone, yo o tshwakgotsweng ke bojalwa le ene a ka nna a ba etsa.

Lesa go ipega molato. Yo o tshwakgotsweng ke bojalwa o ka nna a re, ‘fa lo ne lo ntshwere botoka, nka bo ke ne ke sa nwe.’ Mogakolodi ebong Toby Rice Drews a re, “motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa o tlhoka gore o dumele seno ka dinako tsotlhe e le gore a go rwese mokgweleo wa go nwa ga gagwe.” O seka wa dumela kgopolo eno. Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa ga se gore o ikaegile fela ka bojalwa mme gape le ka batho ba ba dumalanang le ene fa a ganela gore o na le bothata. Maloko a lelapa a ka nna ka tsela eo ba sa e lemogeng ba rotloetsa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa.

Seane seno sa Bibela mabapi le go tenega se ka dirisiwa ka tsela e e tshwanang mo mothong yo o tshwakgotsweng ke bojalwa: “Mma a di arabele. Fa o mo golola mo mathateng la ntlha, o tla tshwanelwa ke gore o dire jalo gape.” (Diane 19:19, Today’s English Version) Ee, mma motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa e nne ene a tlhalosetsang mookamedi wa gagwe kwa tirong ka mogala gore ke eng a sa tla tirong, o mma a ikgogele kwa bolaong, a sutlhe matlhatsa ape ao a ka tswang a a tlhatsitse. Fa maloko a lelapa a mo direla dilo tseno, se ba se dirang fela ke go mo thusa gore a tswelele a a nwa go fitlhelela a ipolaya.

Kopa thuso. Go thata ebile gongwe ga se se se ka kgonegang gore leloko la lelapa le kgone go ikinola mo seretseng ka bolone. O tlhoka thuso. Ikanye ditsala tsa gago fela thata tse di tla se keng di eme nokeng diipato tsa yo o tshwakgotsweng ke bojalwa kgotsa go go letlelela gore o nne o le mo seemong se o leng mo go sone.

Fa yo o tshwakgotsweng ke bojalwa a dumela go kopa thuso, seo e ka nna selo se se itumedisang eleruri. Mme lefa go le jalo seo ke tshimologo fela ya thulaganyo ya go tlogela go tshwakgolwa ke bojalwa. Go tshwakgolwa ga mmele ke bojalwa gone go ka baakanngwa mo malatsing a sekaenyana fela ka go tlhatswiwa tagi mo mmeleng. Mme fa e le go tshwakgolwa ga tlhaloganyo ke bojalwa e ka nna selo se se thata go se rarabolola.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Mekgwa E Batho Ba Ba Tshwakgotsweng Ke Bojalwa Ba Ka Tlhaolwang ka Yone

Ba Tshwarega ka: Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa ka dinako tsotlhe o nna a akantse ka dinako tse a nwang ka tsone. Fa a sa nwe bojalwa, o akantse ka bojalwa.

Go Latlhegelwa ke Taolo: Gantsi o nwa go farologana le kafa a neng a ikaeletse ka teng, go sa kgathalesege gore o ititeile sehuba go le kana kang.

Melao E E Gagametseng: Melao e motho a e ipeetseng (“ga ke na go nwa ke le esi,” “ga ke na go nwa ka nako ya tiro,” le e mengwe fela jalo) ke melao e e diretsweng fela go fitlha molao ono wa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa o tota o reng: “Ga ke na go letlelela sepe gore se nkgoreletse mo go nweng ga me.”

Go Bo Palela: Kgono e e sa tlwaelesegang ya go ‘palela bojalwa’ ga se lesego—go na le moo ke sesupo sa ntlha sa gore motho jaanong o tshwakgolwa ke bojalwa.

Ditlamorago Tse Di Maswe: Mekgwa ya setho ga e ke e senya lelapa la motho, tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe, le botsogo jwa gagwe jwa mmele. Mme go tshwakgolwa ke bojalwa gone go dira seo.—Diane 23:29-35.

Go Ipolelela Gore Ga Go Na Mathata: Letagwa le tlhofofatsa mabaka, le a dira gore e se ka ya nna sepe se se kalo, le go ntsha diipato mabapi le boitshwaro jwa gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela