Ke Na Le Motsadi Yo O Lemaletseng Bojalwa—Nka Dirisana Jang Le Seemo Seno?
“Ke ne ke tlhoile go tla gae. Ke ne ke sa tlhomamisege gore a ke tla fitlhela mmè, mme fa e le gore o ne a le gona, gore a o ne a nole mme o tla simolola go nkgoakgoa a mpolelela ka tsela eo ke leng morwa yo o senang thuso ka gona.”—Robert.
“Ke ne ke tlhajwa ke ditlhong go tla le batho mo gae . . . Seemo sa lelapa la gaetsho se ne se ntshwabisa tota.”—Patricia.
DIMILIONE tsa basha di tshwanela tsa itshokela matshwenyego ao a bakiwang ke go tshela le motsadi yo o lemaletseng bojalwa. Buka ya Teen Troubles e a re: “Go tshela le motsadi yo o lemaletseng bojalwa go raya go tlhola o gateletswe mo maikutlong—kgatelelo ya maikutlo eo e bakiwang ke mabaka a a farologaneng.”
Palo e kgolo thata ya batsadi ba ba lemaletseng bojalwa ba gobolola bana ba bone mo mmeleng kana mo go tsa tlhakanelodikobo.a Mme le e leng lefa seemo se ka se kopanyeletse go gobolola goo, buka ya Options e tlhokomedisa gore “fa go lemalela bojalwa go dira gore [motsadi yo o lemaletseng bojalwa] a nne motho yo go leng boima go mo tlhaloganya, yo o sa direng dilo segolo yo o sa kgathaleng ka sepe, kana yo o khutlogang, go itshwara jalo go ka gobatsa bana.”
Ga go gakgamatse, he, gore ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa o šhakgetse, o swabile, kgotsa o bolawa ke pelo. Go sa kgathalesege seo, lefa gone go nna le motsadi yo o lemaletseng bojalwa go le boima gone o ka kgona go ithuta go dirisana le seemo seno.
Go Tlhaloganya Bothata
Santlhantlha, go a thusa gore o nne le temogo ya gore ke eng seo se dirang gore motsadi wa gago a nwe bojalwa.b “Motho wa tlhaloganyo ke yo o bapalang kgakololo e e matsetseleko,” go rialo Diane 1:5.—NW.
Motho yo o lemaletseng bojalwa ga se motho yo o tshoganang ka a iphitlhela a tagilwe, ebile ga go ree gore motho yo o lemaletseng bojalwa ke motho yo a tleng a tagwe. Bomankge ba tlhalosa go lemalela bojalwa jaaka bothata jo bo sa foleng jwa go nwa jo bo bakang mathata a a masisi ao a amang botshelo, tiro, le boitekanelo. Motho yo o lemaletseng bojalwa tlhaloganyo ya gagwe e tsetsepetse mo bojalweng—e akantse fela ka bojalwa—ebile ga a kgone go laola selekanyo seo a nwang ka sona. Bomankge ba bantsi ba dumela gore bothata jwa go lemalela bojalwa bo ka laolwa fela ka gore motho a kgaogane le bojalwa gotlhelele.c
Lefa gone go lemalela bojalwa go ka kopanyeletsa ditshekamelo tsa mmele tsa go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang tseo di ka nnang tsa dira batho bangwe gore ba sekamele thata mo go tshwakgolweng ke bojalwa, dilo tse di amang maikutlo le tsone go lebega di kopanyelediwa. Ka sekai, motho yo o lemaletseng bojalwa a ka iphitlhela a na le boikutlo jo bo sa feleng jwa go itenegela go bo a itshwara ka tsela eo e sa tshwaneleng motho wa maemo a gagwe. (Bapisa Diane 14:13.) “Mo boitemogelong jwa me,” go rialo Dr. Abraham Twerski, “ga ke ise nke ke bone motho yo o lemaletseng bojalwa yoo pele ga a inaakanya le tagi, a neng a na le moya o o siameng wa go kgotsofala ka seo a leng sone, a na le maikutlo a go kgotsafala le go itshepa.” Eleruri, batho ba le bantsi bao ba lemaletseng bojalwa ba goletse mo malapeng ao go neng go na le bothata jwa go lemalela bojalwa gona. Go nwa e ka nna go fodisa matsadi a mo maikutlong a nako ya fa ba sa le babotlana.
Lefa go le jalo, go nwa go oketsa mathata a motho yo o lemaletseng bojalwa. Go ya ka buka ya Under the Influence, “ditiro [tsa gagwe], go akanya ga gagwe, le maikutlo a gagwe di laolwa ke bojalwa.” Ka gone motho yo o lemaletseng bojalwa o na le bothata jo bo fetang fela jwa go nwa; o na gape le bothata jo bo masisi jwa go akanya. A ka nna a tlhoka thuso e e seng kana ka sepe, gongwe go tswa mo mothong mongwe yo o katisitsweng, e le gore a tle a tlogele go nwa. Go ntse go le jalo, fa a tlhaloganya bothata jwa go lemalela bojalwa, o ka nna wa simolola go tlhomogela motsadi wa gago pelo.—Diane 19:11.
Ka Moo O Amegang Ka Gone
Fa motsadi a lemaletse bojalwa, leloko lengwe le lengwe la lelapa le a amega. (Bapisa 1 Bakorintha 12:26.) O ka tshelela mo tsebetsebeng. A motsadi wa gago o tla tla gae a nole kgotsa a sa nwa? A o tla fitlha a go tlamparela ka boitumelo kgotsa a o tla fitlha a go tubula? Ee, batsadi ba ba lemaletseng bojalwa go le gantsi ba a fetofetoga. “E ka nna ya tswa e le batho ba ba lorato le ba ba nang le boikarabelo fa ba sa nwa, mme ba kgakgaupetsa ebile ba gobolola fa ba tlhapetswe,” go tlhalosa jalo Dr. James P. Comer. Maemo ano a a sa tlhomamang a ka dira gore ka metlha o nne le maikutlo a a tlang a fetofetoga. O ka rata motsadi wa gago yo o lemaletseng bojalwa mo motsotsong ono, mme mo go o o latelang o be o mo ila lebaibai. “Mo malatsing a mangwe ke ne ke tle ke eletse gore ekete a ka bo a sule,” go ne ga ipobola jalo lekgarebe lengwe.
Ka dinako tse dingwe ditlamorago tsa go golela mo lelapeng leo mo go lone go neng go na le mongwe yo o lemaletseng bojalwa di ka tsaya dingwagangwaga di sa iponatse. Bana bao ba goletseng mo lelapeng leo go nang le mongwe yo o lemaletseng bojalwa go le gantsi ba feleletsa ba lemaletse bojalwa bone ka bobona—kgotsa ba nyalane le mongwe yo o lemaletseng bojalwa. Mosadi mongwe yo mmotlana wa Mokeresete o ne a ratana le monna mongwe yo a mo tlhalosang e le “yo o neng a simolola go nna lemphorwana la bojalwa.” Lefa gone a ne a itse banna bangwe ba ba molemo, le ba ba tlhomameng ba Bakeresete, o ne a sena kgatlhego epe mo go bona. Ke eng fa a ne a na le kgatlhego eno mo monneng yono yo o lemaletseng bojalwa? Fa a buelela ba bangwe ba ba mo maemong a tshwanang le a gagwe, a re: “Ke bona fela mofuta wa banna bao re ba tlwaetseng le bao re ka kgonang go ba tlhaloganya.”
Mogolwane wa Mokeresete o ne a kgona go mo thusa go fetola maikutlo a gagwe ka seno, ka gona a kgona go ikgolola mo botshwarong jwa go tshela le motho yo o lemaletseng bojalwa. Go mo pepeneneng, he, gore ga o a bofelelwa ka go tlhola o le mo mahutsaneng fela ka gonne o nna mo lelapeng leo go nang le motho yo o lemaletseng bojalwa mo go lona. Go a kgonega gore o ka fokotsa selekanyo sa dikgobalo tseo di ka nnang tsa nna gone gape ka gongwe le e leng go thusa motsadi wa gago yo o lemaletseng bojalwa.
Ka Moo O Ka Dirisanang Le Seemo Ka Gona
Dr. Stanton E. Samenow o tlhalosa gore: “Tikologo eo motho a tswang mo go yona ga se selo se se kalokalo fa e bapisiwa le tlhopho eo motho ka boene a e dirang fa a arabela maemo a tikologo eo.” Ee, le e leng lefa dilo di lebega di tswa mo taolong kwa gae, o santse o ka kgona go laola botshelo jwa gago. Jang?
Se rwale boikarabelo jwa go bo motsadi wa gago a nwa bobe. “Batsadi ba me ba ne ba mpolelela gore e ne e le molato wa me,” go ne ga rialo Beth yo o dingwaga tse 13. Ba ne ba bona ene molato wa go bo ba nwa bobe ka ntlha ya maitsholo a gagwe a boitaolo. “Ke ne ke le molato thata ka ntlha ya seno sotlhe,” o ne a dumela seo. Lefa go le jalo, motsadi wa gago—ee motsadi wa gago ka boene—ke molato wa gagwe go bo a lemaletse bojalwa. “Motho moñwe le moñwe o tla ithwalela morwalō oa gagwè,” go rialo Bagalatia 6:5.
Ka gone ga o kake wa kgona go fetola motsadi wa gago yo o lemaletseng bojalwa. Go tlhola o mo goagoa, o mo tsosetsa modumo, o lelakaka, le go ngangisana le ene ga go kitla go thusa sepe. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga wa tshwanela go bipa diphoso tsa gagwe ka go bua maaka tseo a di dirang fa a nole kgotsa go mo gogela kwa tlung o mo ntsha mo mokatakong o o kafa pele fa a tagetswe a le ka koo.
Mo rotloeletse go senka thuso. Ka gale seno se tlhoka gore motsadi yo mongwe yo o sa nweng le bana ba bangwe ba legae ba thusane le wena mo go seno.d Awake! ya December 8, 1982, e ne ya tlhagisa dikgakololo tse di maleba ka ga ka moo maloko a lelapa a ka (1) thusang leloko le le lemaletseng bojalwa go lebagana le ditlamorago tsa go nwa bobe ga gagwe le (2) go buisana le ene ka tlhamalalo malebana le go nwa bobe ga gagwe. Go dira dilo ka tsela eno go ka nna ga mo thusa gore a lemoge botlhokwa jwa go senka thuso.
Tila matshwenyego. Diane 17:14 (NW) e re: “Pele ga komang e tsoga, intshe ka kgoro.” Se itsenye mo nakeng tsa kukama ka go itshunya nko mo dilong fa batsadi ba omana. (Diane 26:17) Fa go kgonega, tshabela kwa phaphosing ya gago ya borobalo, kana ya kwa tsaleng nngwe ya gago. Fa matshosetsi a tirisodikgoka a tlhaga, go ka kopiwa thuso ya mongwe o sele.
Tlhagisa maikutlo a gago. Basha bangwe ba ikutlwa ba le molato go bo ka dinako tse dingwe ba tenegela borre ba bone. Lefa go le jalo ke ga tlholego fela go ikutlwa jalo, segolobogolo fa go nwa bobe ga gagwe go mo thibela go go naya tlhokomelo le tshegetso eo o e tlhokang. Ke boammaaruri gore, Bibela e go laela gore o tlotle batsadi ba gago. (Baefesia 6:2, 3) Lefa go le jalo “tlotlo” e raya go tlotla taolo ya gagwe ya botsadi fela jaaka fa o tlotla lepodisi kana moatlhodi. Ga go ree gore o dumalana le go nwa bobe ga gagwe. (Baroma 12:9) Kgotsa gone gore o motho yo o bosula gonne o tenwa ke go nwa bobe ga gagwe; botagwa bo a tena! (Bona Diane 23:29-35.) Lefa go le jalo, ka gongwe o ka ithuta go tlhoa go lemalela ga gagwe bojalwa go na le gore o tlhoe ene ke namana.—Bapisa Yude 23.
Batla ditsala tse di agelelang. Fa botshelo jwa lelapa la gaeno e le maanyaanya, o ka nna wa latlhegelwa ke pono e e tshwanetseng ya ka moo botshelo jwa lelapa bo tshwanetseng jwa nna ka gone. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore o dire botsalano le batho bao ba itekanetseng sentle mo semoyeng le mo maikutlong. Phuthego ya Bokeresete ke motswedi wa “bomorwarragwe le bokgaitsadi le bomme” batho bao ba ka go otlang le go go ema nokeng. (Mareko 10:30) Ba ka nna ba ne ba aga ba go ikhutsisa go tswa mo mathateng a lelapa la gaeno. Go itsalanya le malapa a Bokeresete go ka nna gape ga go lemotsha ka moo botshelo jwa lelapa bo tshwanetseng jwa nna ka gona, mofuta wa botshelo jwa lelapa joo bo ka tlhabololang mofuta wa botshelo jo eseng jone joo o neng wa bo bona kwa lelapeng la gaeno.
Senka thuso. Go nna le mogodi mongwe yo o dirang dilo segolo, yo o ikanyegang yoo o ka mmulelang mafatlha a gago ruri go ka thusa. Go le gantsi bagolwane ba phuthego ba ka thusa mo ntlheng eno. “Go sa kgathalesege gore o tshwenyegile go le kana kang,” go gakolola jalo Dr Timmen Cermak, “gakologelwa gore ga wa tshwanela go boga o le mongwe.”
Nnyaa, o ka nna wa seka wa kgona go fetola seemo sa lelapa la gaeno. Lefa go le jalo jaaka fa Dr. Claudia Black a kwadile jaana: “Maloko a lelapa a ka nna a fetola tsela eo matshelo a bone a amegang ka gona.” Go na le gore o leke go laola motho yo o nwang bobe, baa tlhokomelo ya gago mo mothong yo o ka kgonang go mo laola—eleng wena. Tlhokomela dilo tseo o di tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3; 24:14; Bahebera 10:24, 25) “Lo itiheleñ polokō ka losi,” go rialo Bibela mo go Bafilipi 2:12. Go dira jalo go ka go thusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng, ebile go ka nna ga rotloetsa motsadi wa gago go senka thuso ka ga bothata jono jwa gagwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa e le gore o gobololwa ke motsadi yo o lemaletseng bojalwa, o tlhoka thuso. O ka lotlegela motho mongwe yo o godileng yo o mo ikanyang ka seno. Ka sekai, gareng ga Basupi ba ga Jehofa basha ba ka ikutlwa ba gololesegile go buisana le ba phuthego kgotsa le Bakeresete bangwe ba ba godileng. Kgakololo e e botlhokwa eo e ka thusang batswasetlhabelo ba go gobololwa e ka bonwa go Tsogang! ya October 8, 1991.
b Gore dilo di nne bonolo, re tla bua ka motho yo o lemaletseng bojalwa e le motho wa monna. Lefa go le jalo dintlha tseno tsa motheo di dira le e leng mo bathong ba sesadi ba ba lemaletseng bojalwa.
c Go bona dintlha ka botlalo malebana le go nwa bobe, bona tokololo ya Tsogang! ya July 8, 1992 le Awake! ya July 8, 1982. Bona gape le tokololo ya Tora ya Tebelo ya October 15, 1983.
d Fa motsadi yo o lemaletseng bojalwa a ipitsa Mokeresete, lelapa la gaeno le ka nna gape la bona thuso mo bagolwaneng ba phuthego.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Bulela mogodi mongwe yo o ikanyegang mafatlha a gago