Go Thusa Bana Ba Ba Rweleng Maikarabelo a Bagolo Bao Batsadi ba Bone Ba Tshwakgotsweng Ke Bojalwa
“Fa o goletse mo lelapeng la batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa, o tshwanetse go baakanya mokgwa oo o o sa tlhamalalang o o o ithutileng le tlhakatlhakano ya maikutlo e e ileng ya tsalwa ke mokgwa o o godisitsweng ka one. Ga go na kafa o ka tilang seo ka teng.”—Dr. George W. Vroom.
LESOLE le le gobaditsweng fela thata le rapaletse le dutla madi le le mo patlelong eo go neng go lwelwa mo go yone. Thuso e tla ka bofefo, mme motlhabani yoo yo o gobetseng o sianisetswa kwa sepateleng. Lesole leo le kgonne go falola, mme lefa go le jalo ga se gore mathata a lone a fedile. Dintho tsa gagwe di tshwanetse go alafiwa mme gape le boikutlo jwa gagwe jo bo tshwenyegileng ka ntlha ya se se mo diragaletseng bo santse bo tlile go mo tsaya dingwaga.
Mo baneng bao batsadi ba bone ba tshwakgotsweng ke bojalwa, legae le nna jaaka patlelo ya ntwa eo mo go yone dilo tseo di tlhokwang ke batho di tlhaselwang teng. Bana ba bangwe ba a gobololwa ka tlhakanelodikobo; ba bangwe ba itewa mo go botlhoko; mme ba le bantsi maikutlo a bone ga a dibelwe. Lekolwanyane lengwe le ne la re, fa le ne le bua le gopotse nako ya bonyana jwa gagwe, “Ke boikutlo jwa letshogo jo bo tshwanang le jo ngwana a ka nnang najo fa a ka utlwa dibomo kgotsa ditlhobolo di thunya go dikologo ntlo ya bone.” Ga go gakgamatse go bo bana ba le bantsi ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba bontsha go tshwenyega mo maikutlong mo go tshwanang le ga batho bao ba kileng ba ya ntweng!
Go boammaaruri gore bana ba le bantsi ba kgona go falola go tshwenyega thata mo maikutlong mo go ntseng jalo mme kgabagare ba tswe mo lelapeng. Mme ba fetoga bagolo ba ba nang le dintho tseo le mororo di sa bonale, di leng tsa boammaaruri mme ebile di gana go fola fela jaaka tsa lesole le le gobetseng. Gloria a re, “Ke setse ke na le dingwaga tse 60 jaanong mme lefa go le jalo ke santse ke tshela botshelo jo bo ntseng bo amiwa ke go tshwenyega maikutlo mo go ileng ga dirwa ke go bo ke ile ka golela mo lelapeng la motsadi yo o tshwakgotsweng ke bojalwa.”
Go ka dirwang go thusa ba ba ntseng jalo? Bibela e gakolola jaana, ‘lela le bone.’ (Baroma 12:15, Phillips) Go kgona seno motho o tshwanetse go tlhaloganya dintho tse di tsalwang ke go bo motho a ile a nna mo tikologong eo go neng go na le bao ba tshwakgotsweng ke bojalwa mo go yone.
“Ga Ke Ise Ke Ko Ke Nne Ngwana”
Ngwana o tlhoka go tlamelwa, a tlhokomelwe, mme ka dinako tsotlhe a nne a gomodiwe. Mo malapeng a ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa, tlhokomelo e e ntseng jalo gantsi ga e yo. Ka dinako tse dingwe go a bo go nne le go kabakanngwa ga maikarabelo, mme ngwana e nne ene go solofelwang gore a tlamele motsadi. Ka sekai, Albert e ne ya nna ene a tlhokomelang lelapa la bone a le dingwaga tse 14! Mosetsana yo o bidiwang Jan o ne a rwala morwalo otlhe wa ditiro tsa mo lapeng. O ne gape e le motlhokomedi yo o esi wa bomonnawe—tseno tsotlhe o simolotse go di dira a le dingwaga tse thataro fela!
Bana ga se bagolo, mme ka jalo ga go na gore ba ka dira tiro jaaka bagolo. Fa bana e nna bone ba rwalang maikarabelo a batsadi, bana ba ba itshwarang jaaka bagolo mo nakong ya gompieno e tsoga e le bagolo bao eleng gore ba tlhaetse go godisiwa sentle. (Bapisa Baefesia 6:4.) Mogakolodi wa tsa lelapa ebong John Bradshaw o kwala jaana: “Ba gola mebele. Ba lebega le go bua jaaka bagolo, mme mo go bone go na le ngwananyana yo eleng gore ga a ise a kgotsofadiwe ka dilo tseo a di tlhokang.” Bano ba ka nna ba ikutlwa jaaka Mokeresete mongwe a ne a ikutlwa: “Ke santse ke na le bohutsana jo bogolo jo bo sa ntlogeleng jo ke neng ka nna le jone ka ntlha ya go bo ke ile ka se ka ka nna le dilo tseo ke neng ke di tlhoka fa ke sale ngwana.”
“E Tshwanetse Ya Bo E Le Nna Ke Dirileng Phoso”
Fa Robert a ne a na le dingwaga tse 13 fela, rraagwe o ne a swa ka ntlha ya kotsi. Robert o gakologelwa jaana a digile matlho, “Ke ne ka leka bojotlhe gore ke nne motho yo o molemo. Ke a itse gore ke ne ke dira dilo tseo a neng a sa di rate, mme lefa go le jalo ke ne ke se ngwana wa seganana.” Robert o ne a nna ka mogopolo ono wa go ipega molato ka ntateng ya go bo rraagwe a ne a tshwakgotswe ke bojalwa mme seno o ile a nna le sone ka dingwaga di le dintsi. Fa a ne a re bolelela seno, Robert o ne a setse a na le dingwaga tse 74!
Ke selo se se tlwaelegileng gore bana ba ipege molato wa go bo motsadi wa bone a tshwakgotswe ke bojalwa. Go ipega molato mo go ntseng jalo go neela ngwana kgopolo e e lolea ya gore o ka kgona go laola seemo. Fela jaaka fa Janice a bolela: “Ke ne ke gopola gore fa ke ne ke ka nna ngwana yo o botoka, rre o ne a ka se ke a tlhole a a nwa.”
Boammaaruri ke gore ga go na ngwana—kgotsa mogolo—yo o ka bakang, a baya mo taolong, kgotsa a alafa seemo sa motho yo o nwang. Fa motsadi wa gago a tshwakgotswe ke bojalwa, go sa kgathalesege gore o boleletswe eng kgotsa gore mongwe o kaya eng ga go na gore o ka pegwa molato jang! Mme o ka nna wa tshwanelwa ke go ela tlhoko go bona gore a esere gongwe le ntswa o le mogolo, o santse o ipega molato o o seong eo le mo nakong ka dilo le boitshwaro tsa batho ba bangwe.—Bapisa Baroma 14:12; Bafilipi 2:12.
“Ga Ke Kgone go Tshepa Ope”
Tshepo e dirwa ka go bulelana mafatlha le go ikanyana. Mme mo legaeng leo go nang le ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa teng gantsi go na le sephiri le go ganela gore go na le bothata.
Fa Sara a santse a le mosha, o ne a itse gore rraagwe o tshwakgotswe ke bojalwa. Mme lefa go le jalo, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke na le molato fa ke ne ke ka akanya lefoko ‘go tshwakgolwa ke bojalwa’ ereka go ne go sena ope mo lelapeng yo o neng a tle a le umake.” Susan o bolela ka maitemogelo a a tshwanang: “Go ne go se na ope mo lelapeng yo o neng a tle a bue ka se se diragalang, kafa ba sa itumeleng ka teng, kgotsa kafa ba neng ba kgopisiwa ka teng ke [rre yo o tshwakgotsweng ke bojalwa yo re mo tsaletsweng]. Ke akanya gore ke ile fela ka itlhokomolosa seo ke ipolelela gore ga seo.” Ka jalo boammaaruri ka ga go tshwakgolwa ke bojalwa ga motsadi gantsi bo bipiwa ka go ganela bothata joo. Susan a re, “Ke ne ka ithuta go leba dilo jaaka ekete ga ke di bone fela ka ntateng ya go bo ke di bone gantsintsi fela thata.”
Tshepo gape e senngwa ke boitshwaro jo go leng thata go bo tlhaloganya jwa motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa. Maabane o letse a thamile, mme gompieno o jele magala. Martin yo eleng ngwana yo mogolo yo mmaagwe a tshwakgotsweng ke bojalwa a re, “Ke ne ke se ke ke itse gore lesukasuka le ya go tsoga leng.” Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa gantsi ga a boloke ditsholofetso, mme eseng ka go bo a sa kgathale, mme e le fela ka ntateng ya bojalwa. Dr. Claudia Black o tlhalosa jaana: “Go amega ka go batla go nwa go fetoga selo sa ntlhantlha mo mothong yo o tshwakgotsweng ke bojalwa. Tse dingwe tsotlhe di tla kwa morago.”
“Ke Loba Maikutlo a Me”
Fa bana ba sa kgone go amogana maikutlo a bone ka tshosologo, baa a hupetsa. Ba ya kwa sekolong ba “nyenya mo sefatlhegong mme kafa teng ba tutetse,” go bolela jalo buka ya Adult Children—The Secrets of Dysfunctional Families, mme ba tshaba le gone go bua megopolo ya bone esere gongwe ba upolola sephiri sa lelapa. Fa o ba lebile go lebega tsotlhe di apere tshiamo; mme ka kwa teng, maikutlo a a hupeditsweng a simolola go kukela.
Fa ba setse ba le bagolo go leka go timola maikutlo ka go ipolelela gore ‘sengwe le sengwe se siame’ gantsi go itaya se fololetse. Maikutlo a a sa buiweng gantsi a itshenola ka ditlhabi tsa mmele—ke gore, ka ditlhagala, tlhogo e e opetseng ruri, jalo le jalo. Shirley a re, “Maikutlo a me ka boammaaruri a ne a mpheditse. Ke lwetse bolwetsi bongwe le bongwe jo bo ka gopolwang.” Dr. Timmen Cermak o tlhalosa jaana: “Tsela e ngwana yo o rweleng maikarabelo a bagolo a itebaganyang ka teng le go kgobega marapo ke go latola gore ga go a nna jalo, mme kana ga o kake wa tsietsa Tlholego. . . . Mmele o ka dinako tsotlhe o nnang o gateletswe, o o nang kafa tlase ga pitlagano ka dingwaga tse dintsi kgabagare o a ineela.”
Fa O Sena go Falola
Bana ba ba rweleng maikarabelo a bagolo ba ba tsetsweng ke batsadi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ruri ba nonofile; go bo ba kgonne go falola matlhotlhapelo a bone a bonyana go supela seno. Mme lefa go le jalo go tlhokega mo gontsi go na le go falola fela. Mekgwa e mesha ya ditirisanommogo tsa mo lelapeng e tshwanetse gore e ithutiwe. Boikutlo jwa go ipega molato, jwa go tenega, le jwa go inyatsa bo ka nna jwa tshwanelwa ke gore go itebaganngwe le jone. Bana ba ba ileng ba sikara maikarabelo a bagolo ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba tshwanetse go dirisa nonofo ya bone gore ba apare se Bibela e se bitsang “motho eo mosha.”—Baefesia 4:23, 24; Bakolosa 3:9, 10.
Seno ga se kgetsi e potlana. LeRoy, yo e neng e le ngwana yo o ileng a rwala maikarabelo a bagolo ka go bo a godiseditswe mo lelapeng le go nang le ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa mo go lone, o ne a leka ka thata dingwaga di le 20 go dirisa melaometheo ya Bibela mo lelapeng la gagwe. “Fa ke ne ke amogela kgakololo yotlhe e e lorato go tswa kwa Mokgatlhong ka buka ya Lelapa le dikgatiso tse dingwe, ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore tota di batla go mpolelela eng.a Seno se ne sa felela ka gore ke itirele dilo di sele fela fa ke ne ke re ke leka go dirisa tshedimosetso eo. . . . Kwantle ga go tsenyeletsa maikutlo ape, ke ne ka leka ka bojotlhe go diragatsa melao eo fela jaaka Bafarasai.”—Bona Mathaio 23:23, 24.
Mo bathong ba ba tshwanang le LeRoy, dikgakololo tse di tshwanang le “o nne lorato” kgotsa “buisanang” kgotsa “otlhaya bana ba gago” di ka nna tsa fitlhelwa di tlhaela. Ka ntlha yang? Ka lebaka la gore ngwana yo o neng a rwele maikarabelo a bagolo esale ngwana o ka nna a bo a ise a ko a bontshiwe dinonofo tseno kana dikgono tseno, ka jalo a ka kgona jang go di bontsha kgotsa go di etsa? LeRoy o ne a kopa kgakololo go leka go tlhaloganya kafa go tshwakgolwa ke bojalwa ga ga rraagwe go mo amileng ka teng. Seno se ne sa kgona go mo thusa gore a tswelele pele semoyeng. A re, “le mororo nako eno e ile ya nna e e utlwisang botlhoko thata mo botshelong jwa me, e ile ya nna nako ya go gola ga me ga semoya. E le la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka kgona go simolola go tlhaloganya seo tota lorato lwa Modimo le se kayang.”—1 Yohane 5:3.
Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Cheryl o ne a sologelwa molemo ke thuso eo a neng a e neelwa ke modirediloago yo o nang le maitemogelo mo dikgannyeng tse di mabapi le go tshwakgolwa ke bojalwa mo lapeng. O ne gape a bulela mogolwane mongwe yo o pelotlhomogi mafatlha a gagwe. A re, “E ne ya nna morago ga gore ke tlose ‘diphiri tse di tlhabisang ditlhong’ tsotlhe tseo tsa me ke ileng ka kgona go kgotsofala ka bonna le go ikutlwa ke na le kagiso le Jehofa. Jaanong ke tsaya Jehofa jaaka Rre (selo seo ke neng pele ke sa kgone go se dira), mme ebile gape ga ke sa tlhole ke ikutlwa ke tsieditswe ka ntateng ya go bo ke se ka ka bontshiwa lorato le kaelo ke rre wa senama tseo ke neng ke di tlhoka.”
Amy, yo e neng e le morweetsana yo o neng a rwala maikarabelo a bagolo ka ntlha ya go bo motsadi wa gagwe a ne a tshwakgotswe ke bojalwa o ne a lemoga gore go tlhagolela ‘maungo a moya’ go ile ga mo thusa fela thata. (Bagalatia 5:22, 23) O ne gape a ithuta go tshololela maoma a maikutlo a gagwe le mogopolo wa gagwe mo mogolwaneng yo o neng a le tsebe ntlha. Amy a re, “O ne a nkgakolola ka go amogelwa mo ke neng ke go batla tota, eleng go amogelwa ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Go batla lorato lwa bone le kamogelo ya bone ga go ke go senya motho.”
Go Fola Fodi
Mo Bibeleng go na le tsholofetso e e dirilweng ke Jesu Keresete ya gore ba ba tlang kwa go ene ba imelwa ke ditlhobaelo ba tla lapolosiwa. (Mathaio 11:28-30) Mo godimo ga moo, Jehofa o bidiwa “Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Maureena a re: “Ke ne ka tla go itse Jehofa jaaka Mongwe yo le ka motlha a ka sekang a ntatlha ka namana, ka mogopolo, kgotsa ka maikutlo.”
Re tshela mo nakong e Bibela e e bitsang metlha ya bofelo, nako e ba bantsi—tota le mo lelapeng—ba tla nnang ‘bakgadi, ba sena lorato lwa tlholego, ba le bogale.’ (2 Timotheo 3:2, 3) Lefa go le jalo Modimo o solofetsa gore go ise go e kae o tla lere lefatshe le lesha la kagiso leo mo go lone o tla phimolang dikeledi tsotlhe le bohutsana. (Tshenolō 21:4, 5) Mokeresete mongwe yo o godiseditsweng mo lelapeng le go neng go na le mongwe yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo go lone a re: “Re solofela gore rotlhe re tla kgona go falolela mo lefatsheng le lesha, leo mo go lone re tla fodisiwang ka botlalo ka tsela eo eleng Jehofa fela a ka re fodisang ka yone.”
SEKAI SE SE DIRAGETSENG
“Nna ke ngwana yo o godileng a rwala maikarabelo a bagolo wa motsadi yo o neng a tshwakgotswe ke bojalwa. Rre o ne a tshwakgolwa ke bojalwa fa ke ne ke na le dingwaga di robabobedi. Fa a ne a nole, o ne a ragela kwa pele le kwa morago. Ke gakologelwa sentle letshogo le lelapa lotlhe le neng le tshelela mo go lone. Ka nako eo ke neng ke tshwanetse go itumelela bonyana jwa me ka yone, ke ne ka ithuta go loba kafa ke ikutlwang ka gone, go loba tse ke di batlang, tse ke di eletsang, le ditsholofelo tsa me. Mmè le Rre ba ne ba tshwaregile thata mo go lekeng go rarabolola bothata jwa ga Rre mo ba neng ba sa kgone go ntlhokomela. Ba ne ba sena nako le nna. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke se na mosola. Maikarabelo a a ileng a latlhelwa mo go nna ke le dingwaga tse di robang bobedi a ile a mpateletsa gore ke emise go tlhola ke le ngwana—jaanong ke gole ka ponyo ya leitlho ke sikare maikarabelo a lelapa. Botshelo jwa me bo ne jwa dirwa gore bo sale bo sa felela.
“Boitshwaro jwa ga rre bo ne bo tlhabisa ditlhong fela thata mo eleng gore le nna bo ne bo ntlhabisa ditlhong. Go leka go baakanya seemo ke ne ka berekela mo goreng ke nne motho yo o sa direng le fa e le phosonyana. Ke ne ka leka ka bojotlhe go abalana maikutlo le ba bangwe, ke leka go reka lorato mo go bone, ke ikutlwa gore le ka motlha ga ke a tshwanelwa ke go ratiwa felafela. Botshelo jwa me e ne ya nna tiragalo fela e mo go yone go neng go sena maikutlo. Dingwaga tse dintsi moragonyana monna wa me le bana ba me ba ne ba mpolelela gore ke tshwana fela le roboto, ke dira dilo fela jaaka motšhine. Ke ne ke ba diretse jaaka lekgoba ka dingwaga di le 30 ke ntsha tse ke di tlhokang mo maikutlong a me setlhabelo ka ntlha ya tseo ba neng ba di tlhoka mo go a bone, ke ba abela fela jaaka ke ne ke dirile mo batsading ba me. A mme e ke yone tsela eo ba neng ba nteboga ka yone? Moo go ne ga mpolaya la bofelo!
“Mme ka ntateng ya go tenega, go tlhakatlhakana maikutlo, le go sa itse gore ke lebe kae, ke ne ka ikemisetsa gore ke tla batla gore ke eng se se leng phoso ka nna. Fa ke ne ke bua le bangwe ba le bone ba ileng ba godisediwa mo malapeng ao mo go one go neng go na le bao ba tshwakgotsweng ke bojalwa, maikutlo ao a neng a ntse a hupeditswe a ne a simolola go bonala, dilo tseo ke neng ke ise ke bo ke tsamaye ke di gakologelwe pele, dilo tseo di neng di ntira gore ka dinako tsotlhe ke felele ke tshwenyegile thata mo maikutlong mo go nyemisang moko. Gone go tshwana fela le go gololwa, gore huu. Abo go ne go gomotsa jang ne go itse gore ga ke nosi, gore go na le ba bangwe bao le bone ba ileng ba nna le matlhotlhapelo a go godisediwa mo malapeng a a nang le ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa!
“Ke ne ka ikgolaganya le setlhopha se se bidiwang Adult Children of Alcoholics mme ka simolola go dirisa mekgwa mengwe ya bone ya kalafi. Dibuka di ne tsa nthusa gore ke fetole tsela ya me ya go leba dilo mo go neng go sokame. Ke ne ke aga ke kwala letsatsi le letsatsi maikutlo a a neng a ntse a tla a ke neng ke a lebetse, a a neng a ntse a fitlhegile mo dingwageng tse dintsi. Ke ne ke reetsa ditheipi tse di neng di gatisitswe go thusa motho ka namana. Ke ne ka reetsa puisano ya thelebishene e e neng e tshwerwe ke rre mongwe yo le ene ka boene e neng e le ngwana yo o neng a rwala maikarabelo a bagolo ka ntateng ya go godisiwa ke motsadi yo o tshwakgotsweng ke bojalwa. Buka e go tweng Feeling Good, e e kwadilweng ke ba University of Pennsylvania School of Medicine e ne ya nthusa gore ke kgone go aga seriti le go tokafatsa mekgwa ya me ya go akanya e e neng e sokame.
“Mengwe ya mekgwa e mesha eno ya go akanya e ne ya nna didirisiwa, mekgwa ya go lebagana le botshelo le dikamano le ba bangwe. Mengwe ya yone eo ke ileng ka e ithuta ka bo ka e dirisa ke e: Ga se se se re diragaletseng se tota eleng sa botlhokwa, go na le moo ke kafa re se lebang ka teng. Maikutlo ga aa tshwanela gore a hupediwe mo mothong mme go na le moo a tshwanetse go tlhatlhobiwa a bo a bontshiwe ka tsela e e tshwanetseng kgotsa eseng jalo a tlhokomologiwe. Sedirisiwa se sengwe e ne ya nna seele se se reng ‘itire gore o akanye ka tsela e e tshwanetseng.’ Tiro e e boaboelediwang e ka nna ya thusa boboko go bopa mekgwa e mesha ya go akanya.
“Sedirisiwa se se botlhokwatlhokwa mo go tsone tsotlhe ke Lefoko la Modimo ebong Bibela. Go tswa mo go lone le mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, le mo bagolwaneng ba tsone le mo Basuping ba bangwe ba ba godileng, ke ne ka amogela phodiso e e molemo thata ya semoya, mme ke ithutile tsela e e tshwanetseng ya go ithata. Ke ne gape ka ithuta gore ke motho ka bonna yo o nang le botho jo bo farologaneng, le gore ga go na ope yo o tshwanang le nna mo lobopong lotlhe. Se se botlhokwa go di feta tsotlhe, ke itse gore Jehofa o a nthata, le gore Jesu o ntshwetse mmogo le ba bangwe.
“Jaanong morago ga ngwaga le sephatlo ke ka re ke botoka ga 70 lekgolong. Go fola mo go feletseng go tla nna teng fela mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa la tshiamo le le tla emisetsang tsamaiso eno e e bosula le modimo wa yone ebong Satane Diabolo.”
KONELO
Bibela e a re: “Kgakololō mo peduñ ea monna e nntse yaka metse a a boteñ; me motho eo o tlhaloganyō o tla a e ge hèla.” (Diane 20:5) Go batla tlhaloganyo gore yo o thusang motho a kgone go atlega mo go reng a ge go tswa mo bodibeng jo bo boteng jwa pelo dilo tseo eleng gore di tshwenya motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong. Go na le molemo o mogolo “mo bontsing jwa bagakolodi” fa e le gore ba na le tlhaloganyo. (Diane 11:14) Seane se se latelang le sone se bontsha mosola wa go batla kgakololo mo go ba bangwe: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa sefatlhōgō sa tsala ea gagwè.” (Diane 27:17) Fa ba ba tshwenyegileng ba buisana le bangwe ‘ba ka nna ba gomotsana.’ (Baroma 1:12, NW) Mme ka go diragatsa kgakololo ya Bibela ya ‘gore re nametse ba ba lapang pelo,’ yo o gomotsang o tshwanetse go tlhaloganya se se bakileng go tshwenyega maikutlo moo le se go se tsetseng mo go amang yo o tshwanelwang ke go gomodiwa.—1 Bathesalonia 5:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
Bana ba le bantsi ba ba goletseng mo malapeng a a nang le mongwe yo o tshwakgotsweng ke bojalwa ba bontsha go tshwenyega mo maikutlong mo go bonalang mo bathong ba ba kileng ba ya ntweng!
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 28]
Mo tikologong eo go nang le yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo go yone go tshelwa ka diphiri le go ganela gore ga go na bothata bope
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 28]
Ba ya sekolong “ba nyenya mo difatlhegong mme lefa kafa teng ba tutetse”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]
“Jaanong ke tsaya Jehofa jaaka Rre (selo seo pele ke neng ke sa kgone go se dira)”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 30]
Sedirisiwa sa botlhokwatlhokwa mo go tsone tsothe ke Lefoko la Modimo ebong Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
“Maikutlo a me a ne a mpheditse”