Fa Go Na Le Motho Yo O Tshwakgotsweng ke Bojalwa mo Lapeng
“Go tshwakgolwa ke bojalwa go akaretsa matagwa . . . Le mororo go ka tswa go na le motho a le mongwe fela yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo lapeng, lelapa lotlhe le a boga ka ntlha ya go tshwakgolwa ke bojalwa.”—Dr. Vernon E. Johnson.
ALICE yo o dingwaga tse tlhano o robetse mo bolaong, leoto la gagwe le a uba. Kgobalo e a ileng a e bona malatsi a mabedi a a fetileng e ile ya tlhoka gore a tsenngwe polasetara mo leotong lotlhe. Mme lefa go le jalo polasetara seo se ne se gagametse thata, mme leoto la gagwe le ne la ruruga ka ntateng ya go gagamadiwa thata jalo. Alice o ne a kopa batsadi ba gagwe gore ba mo ise kwa ngakeng, mme rraagwe o ne a santse a le mo dibabalaseng, jaanong mmaagwe ke fa a le mo tsietsing a sa itse gore ke ofe yo o tlhokang tlhokomelo thata.
Morago ga malatsinyana a sekae, leoto la ga Alice le ne la swa bogatsu. Fa kgodu e ntshonyana e simolola go tshologa ka monwana wa gagwe wa leoto, ya nna gone batsadi ba ga Alice ba ileng ba mo isa kwa kokelong. Fa polasetara e sena go ntshiwa, mooki mongwe e rile go bona leoto la gagwe kafa le ntseng ka teng a idibala. Ntho e e kekelang eo e ne ya dira gore leoto la ga Alice le kgaolwe.
Go Tshwakgolwa ke Bojalwa le Ba Ba Laolwang ke Dikgatelelo tsa Gone
Matlhotlhapelo a tiragalo eno a raya mo gontsi go feta go latlhegelwa ke leoto. Rraagwe Alice o ne a tshwakgotswe ke bojalwa. Ka lebaka leo, o ne a seyo ka maikutlo le ka boene ka namana ka nako eo morwadie a neng a mo tlhoka fela thata ka yone. Mogakolodi Toby Rice Drews a re, “selo se go tshwakgolwa ke bojalwa go se batlang ke gore letagwa le beye lelapa la gagwe kwa morago—kwa morago ga bojalwa le tseo le di batlang.”
Go tweng ka mmaagwe Alice? Le ene o ne a le kafa tlase ga taolo, mme eseng ya bojalwa, go na le moo ya monna wa gagwe yo o tshwakgotsweng ke bojalwa. Fela jaaka go tlwaelegile, molekane yo o sa tshwakgolwang ke bojalwa gantsi o tshwarega fela thata mo maitekong a go leka go latlhisa molekane yo o tshwakgotsweng ke bojalwa go nwa kgotsa go leka go dirisana le boitshwaro jwa gagwe jo go leng thata go bo tlhaloganya.a O tshwarega fela thata mo mathateng a yo o tshwakgotsweng ke bojalwa mo eleng gore le ene kgabagare o bontsha mekgwa eno ya go laolwa—lefa a sa dirwe ke bojalwa. Ka lebaka leno, batho ba ba tshwanang le mmaagwe Alice gantsi ba bidiwa ba ba laolwang ke dikgatelelo tsa botagwa.
Motho yo o tshwakgotsweng ke bojalwa le molekane wa gagwe yo o laolwang ke dikgatelelo tsa botagwa gantsi ba sa itemoge ba iphitlhela ba laolwa ke sengwe kgotsa mongwe yo eseng bone. Ka bobedi ba foufadiwa ke go ganela gore ba na le bothata. Ga go ope wa bone yo o ka thusang bana ka dilo tseo ba di tlhokang mo maikutlong. Ka bobedi ba tshela botshelo jwa go bolawa ke pelo, ka gore fela jaaka yo o tshwakgotsweng ke bojalwa a sa kgone go laola go nwa ga gagwe, molekane yo o laolwang ke dikgatelelo tsa bojalwa ga a kgone go laola molekane yoo yo o tshwakgotsweng ke bojalwa, mme boobabedi ga ba kgone go laola tsela e go tshwakgolwa ke bojalwa go amang bana ba bone ka yone.
Mme lefa go le jalo go na le thuso e letagwa le lelapa la gagwe le ka e bonang. Go tla tlotliwa ka seno mo ditlhogong tse di latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dintlha tse go buiwang ka tsone fano mabapi le botagwa di ama basadi le banna ka go tshwana.