LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 3/8 ts. 29-31
  • Go Laola Pelegi—Se Bokeresete Bo Se Bolelang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Laola Pelegi—Se Bokeresete Bo Se Bolelang ka Gone
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikarabelo jo bo Tlhomilweng ke Modimo
  • Thibelopelegi
  • Tshwetso ya Palo ya Bana e Tshwanetse go Dirwa ke Mang?
    Tsogang!—1996
  • Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Tshola Bana ka Tlhaloganyo mo Motlheng Ono wa Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke ka Ntlha Yang Fa ba Se na Bana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 3/8 ts. 29-31

Go Laola Pelegi—Se Bokeresete Bo Se Bolelang ka Gone

KWA World Population Conference ya ntlha, ka 1974, merafe e le 140 e e neng e kopane e ne ya swetsa mogopolo gore banyalani “ba na le tshwanelo ya motheo ya go ipeela palo ya bana le go katologana ga bone ka kgololesego le ka tsela e e botlhale le go nna le tshedimosetso, thuto, le ditlamelo tsa go dira seno.”

Bontsi bo tsaya tshwetso eo e le e e molemo thata. Go boammaaruri gore Modimo o ne wa laela Adame le Efa, mme kwa morago le lelapa la ga Noa, gore ba “ate ba ntsifale ba bo ba tlale ka lefatshe,” mme lefa go le jalo Bakeresete ga ba ise ba ko ba neelwe taolo eo. (Genesise 1:28; 9:1, NW) Dikwalo ga di kgothaletse banyalani ba Bakeresete go nna le bana kgotsa go ba kganela go nna le bone. Banyalani ke bone ba ka itirelang diphetso tsa gore a ke ba nne le bana kgotsa nnyaa, mme e re fa ba batla go nna le bana, ba bo ba ka dira tshwetso ya gore ba tla nna le bone ba le kae le gone leng.

Boikarabelo jo bo Tlhomilweng ke Modimo

Lefa go le jalo, a o lemogile gore mafoko a World Population Conference a re banyalani ba tshwanetse go swetsa ka “botlhale mabapi le palo kgotsa go katologana ga bana ba bone”? Molaomotheo ono wa go dira ka botlhale o dumelana sentle le Bibela. Batsadi ba Bakeresete ba tlhaloganya gore lefa gone bana e le mpho e e tlhwatlhwa kgolo e e tswang kwa Modimong, mpho eo gape e batla maikarabelo.

Selo sa ntlha, go na le maikarabelo a go tlhokomela bana ka dilo tse di bonalang. Bibela ya re: “Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:8.

Go tlamela balelapa go raya mo gontsi go na le go ba naya dijo pele kgotsa go duela dikoloto, lefa seno ka bosone gantsi e le namane e tona ya tiro. Banyalani ba Bakeresete ba ba nang le maikarabelo, fa ba rulaganya bogolo jwa lelapa la bone, ba akanyetsa botsogo jwa mmele jwa ga mmè le botsogo jwa gagwe jwa maikutlo, jwa mogopolo, le jwa semoya. Go tlhokomela ngwana go ja nako e ntsi, mme fa bana ba tlhomagana, gantsi bommè ga ba latlhegelwe fela ke nako ya go itapolosa, go itlosabodutu, go itlhabolola, le go tsenya seatla mo ditirong tsa Bokeresete mme gape ba latlhegelwe le ke botsogo jwa bone jwa mmele le jwa semoya.

Batsadi ba ba nang le maikarabelo ba Bakeresete gape ba ela dilo tlhoko tse di tlhokwang ke bana ba bone. The State of the World’s Population 1991 ya re: “Bana ba ba tsholelwang mo malapeng a magolo, a bana ba tlhomaganang thata mo go one ba lwela le bana ba bangwe dijo, diaparo le lorato lwa batsadi. Gape ba tshabelelwa ke malwetsi. Fa e le gore ba ka kgona go falola dingwaga tsa bone tse di kotsi tsa bonyana, go na le gone gore ba ka huba le go sa gole sentle mo tlhaloganyong. Ditebelelo tsa bone fa ba setse ba godile di fokotsega fela thata.” Legale, jono ga se boemo jo bo leng teng mo malapeng otlhe a magolo, mme lefa go le jalo ke sengwe se banyalani ba Bakeresete ba tshwanetseng go se ela tlhoko fa ba rulaganya palo ya bana ba ba tlileng go nna le bone.

Ke boikarabelo jwa batsadi ba Bakeresete go tlhokomela bana ba bone semoyeng, jaaka Bibela e laela: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.

Emeka, Mokeresete mongwe yo o rutang molao kwa Nigeria, o setse a na le ngwaga a ntse a nyetse mme ga a itlhaganelela gope go nna le bana ba bantsi. “Nna le mosadi wa me re ile ra buisana ka ga palo ya bana ba re tla nnang le bone. Re ne ra akanya go nna le ba le batlhano mme re ne ra swetsa ka gore re nne le ba le bararo. Kwa morago re ne ra bona gore go nna le ba le babedi go botoka. Go thata go godisa bana go ya ka melaometheo ya Bibela. Ke maikarabelo a matona.”

Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ile ba tsaya tshwetso ya gore ba seka ba nna le bana gore ba tle ba kgone go dirisa nako ya bone yotlhe ba direla Modimo. Morongwa mongwe mo Afrika yo o ileng a dumelana le monna wa gagwe gore ba seka ba tshola bana o ne a bolela jaana: “Ga ke ikutlwe ke latlhegetswe ka go bo ke sa tshola bana. Le mororo nna le monna wa me re sa itse monate wa go nna motsadi, botshelo jwa rona bo ile jwa nna le dilo di le dintsi tse di itumedisang. Ka go nna le seabe mo go thuseng ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Bibela, re na le bana ba semoya mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Re a ba rata, le bone ba a re rata. Go na le kamano e e kgethegileng gareng ga rona. Ka mabaka a a utlwalang, moaposetoloi Paulo o ile a itshwantshanya le mosadi yo o amusang ka ntlha ya lorato lo lo boteng lo a neng a na le lone ka bao a ba thusitseng semoyeng.”—1 Bathesalonia 2:7, 8.

Thibelopelegi

A Bibela e kgala thibelopelegi? Nnyaa, ga e e kgale. Go tswa mo banyalaning go itlhophela. Fa banyalani ba batla go thibela pelegi, gore ba tlhopha mofuta ofe wa dithibela pelegi ke ga bone go go dira. Lefa go le jalo, mofuta wa thibelopelegi o banyalani ba Bakeresete ba tla o tlhophang o tshwanetse go laolwa ke go tlotla go nna boitshepo ga botshelo. Ereka Bibela e bontsha gore botshelo jwa motho bo simologa ka nako ya fa peo ya monna e kopana le lee la mosadi, Bakeresete ba tla tila mefuta ya go thibela pelegi e e senyang mpa, kgotsa e e fedisang botshelo, jwa ngwana yo o santseng a gola.—Pesalema 139:16; bapisa Ekesodo 21:22, 23; Yeremia 1:5.

Ka jalo banyalani ba na le tshwanelo ya go tlhopha ka ditsela tse di farologaneng fa go tla mo go tsa go laola pelegi. Bangwe ba ka nna ba batla go laola palo ya bana ba ba tla nnang le bone. Ba bangwe, ka go dirisa mofuta mongwe wa go thibela pelegi, ba ka nna ba tlhopha go sa nne le bana gotlhelele. Go na le mefuta e mentsi ya go thibela pelegi, mongwe le mongwe wa yone o na le mosola le mathata a one. Fa ba dira tshwetso ka mofuta o o ba siametseng, banyalani ba tshwanetse go gakologelwa gore mefuta e mengwe e dira tiro ka botlalo go gaisa e mengwe. Ba tshwanetse gore ba botse ka mathata a mofuta oo o ka a tsalang. Dingaka le ditliliniki tsa go laola pelegi di mo seemong se se siameng sa go ka a fa dikgakololo ka mefuta ya go thibela pelegi le go thusa banyalani go tlhopha o tota o tshwanetseng se ba se tlhokang.

Tshwetso e banyalani ba nnang le yone ka go nna le bana ba le bantsi, ba sekae, kgotsa go sa nne le bone gotlholele ke ya bone fela go e dira. Gape ke tshwetso e e botlhokwa e e nang le bokao jo bogolo. Banyalani ba tla bo ba dira ka botlhale fa ba sekaseka kgang ka kelotlhoko le ka thapelo.

[Lebokoso mo go tsebe 30, 31]

Mefuta ya Thibelopelegi E E Itsegeng Thata

Go Ikopafatsa

Mo banneng: Loaro le le motlhofo la go sega setlobo go le gonnye mme ditšhupu tse di tsamaisang peo di bo di kgaolwa.

Mo basading: Loaro le ka lone go bofiwang kgotsa go kgaolwang ditšhupu tsa Fallopian go thibela lee gore le seka la ya kwa popelong.

Mosola: Mo mefuteng yotlhe ya go thibela pelegi, go ikopafatsa ke one o o dirang tiro ka botlalo go e gaisa.

Mathata: Go ka nna ga seka ga baakanngwa gape. Mo banneng le mo basading, loaro le ile la kgona go busetsa tsala gape, mme legale seo ga se kake sa tlhomamisiwa.a

Dipilisi tsa Thibelopelegi

Tseno di akaretsa pilisi e nnye e e dirilweng ka progestin fela. Di bereka ka go kgoreletsa selekanyo sa tlholego sa dihoromone e le gore di tle di thibele lee gore le seka la gola le gore le seka la fologela.b

Mosola: Di kgona fela thata go thibela go ima.

Mathata: Di na le go ama mmele, mme e seng thata mo bathong ba ba sa gogeng motsoko ba ba itekanetseng ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 40 thata.

Taeforamo le Sebolayapeo

Taeforamo ke rekere e okareng kopi e e apesitsweng mo lesekeng le le temekang. Morago ga go mota marere kgotsa sereledi se se bolayang peo (sebolayapeo) mo koping, kopi eo e tsenngwa mo moseleng gore e e go itshwarelela fa molomong wa popelo.

Mosola: Mofuta wa thibelopelegi o o seng kotsi, o o ka ikanngwang fa o dirisiwa sentle.

Mathata: E tshwanetse go dirisiwa nako le nako fa banyalani ba tlhakanela dikobo. E tlhoka go tsenngwa ka botswerere gape e tshwanetse go tsenngwa pele ga go tlhakanelwa dikobo mme e bo e tlogelwa diura di ka nna thataro go ya go tse di robang bobedi morago ga foo.

Cervical Cap

Rekere kana polasetiki e okareng kopi mme e le potlana mo taeforamong. Fela jaaka go ntse ka taeforamo, le yone e itshwarelela fa molomong wa popelo le fa ntswa yone e e ikgara sentle thata ebile e tlhoka sereledi kgotsa marere a se mantsi.

Mosola: Kapi e tshwana fela le taeforamo ka mosola, mme e ka kgona go nna moo ka diura di le 48. Ga go tlhokege gore go motiwe sebolayapeo gangwe le gape fa go tlhakanelwa dikobo.

Mathata: E dingalo go tsenngwa go na le taeforamo, mme e tshwanetse go tlholwa nako le nako pele ga go tlhakanelwa dikobo le morago ga gone go tlhomamisa gore e mo mannong fa molomong wa popelo. Motho o ka nna a tsenwa ke megare mo popelong kgotsa fa molomong wa yone. Kapi e tshwanetse go dirisiwa fela ke basadi ba tlhatlhobo ya bone ya Pap ya disele e bontshang gore ga ba na bothata bope.

Sepontšhe

Sepontšhe se se nang le sebolayapeo se se tsenngwang mo moseleng go thiba molomo wa popelo, mme ka go dira jalo se dira lorako lwa mmatota le la dikhemikale go thibela peo. Morago ga go dirisiwa se a latlhiwa.

Mosola: Sepontšhe se ka tlogelwa mo mannong ka diura di le 24 mme ebile gape se a bo se santse se ka bereka fa e le gore go ka tlhakanelwa dikobo gape mo nakong eo.

Mathata: Go ile ga begwa ka bangwe bao ba se neng se sa dumelane le mebele ya bone le ba ba ileng ba tsenwa ke botlhole jo bo bakiwang ke mogare wa staphylococcus.

Intrauterine Device

Sedirisiwa seno sa tshipi kana polasetike se gape se bidiwang IUD, lupu, kana khoele, se tsenngwa mo popelong. Lefa go ne go na le ketsaetsego ya kafa se dirang ka teng tota, dingaka di dumela gore se thibela go ima ka ditsela di le dintsi. Nngwe ya ditsela tseno e ka tswa gongwe e le ka go kgoreletsa lee le le kopaneng le peo go kokomela mo dipoteng tsa popelo.

Mosola: Ke mokgwa o o ka ikanngwang wa go thibela pelegi.

Mathata: Fa gongwe e baka go dutla madi kana ditlhabi, mme ka dinako tse dingwe e ka nna ya thibela pelegi ka mokgwa wa go senya mpa.c

Dikhontomo

Kgetsana e e apesiwang mapele a monna gore e thibele peo go tsena mo moseleng wa mosadi.

Mosola: Mokgwa wa go thibela pelegi o o seng kotsi, o bile o dira tiro ka botlalo. E fokotsa dikotsi tsa go tshelana malwetsi a dikobo go akaretsa le jwa AIDS.

Mathata: Bangwe ga ba e rate ka gore go e dirisa go kgoreletsa kamano ya tlhakanelodikobo.

Go Ntsha

Go ntsha mapele a monna mo moseleng wa mosadi pele ga peo e tswa.

Mosola: Ga go tlhoke ditshenyegelo dipe, go ipaakanya gope, kana didirisiwa dipe fela.

Mathata: Ga go kgotsofatse mo tlhakanelong dikobo, go tlhoka boikgapo jo bogolo, mme ebile ga se mo go ka ikanngwang le eseng.

Go Itimana

Banyalani ga ba kopanele dikobo ka malatsi a fa mosadi a le mo kgweding e leng nako e go leng motlhofo gore a ka ima.

Mosola: Ga o kotsi, ga o na ditlamorago dipe tse di maswe, o batla fela gore ba seka ba tlhakanela dikobo.

Mathata: Ga se mokgwa o o ikanyegang wa go thibela go ima kwantle ga fa banyalani ba sa batle gotlhelele go nna le bana mme ebile ba sala ditaelo morago fela thata.

Go Tsenngwa Dihoromone mo Letlalong

Ke mofuta o mosha wa go thibela pelegi, o ka one go tsenngwang dithokolo tse dinnye tsa selekone mo letlalong la letsogo la mosadi. Mo nakong e e tshwarang dingwaga di le tlhano, di nna di tsenya ka bonya ka bonya dihoromone mo mading. Mo nakong eno o a bo a sireletsegile mo go imeng.

Mosola: O dira tiro ka botlalo tota. Go re motho a kgone go ka tshola gape go ka dirwa fela ka go ntsha dithokolo tseo.

Mathata: A mannye. A tshwana le a pilisi ya thibelopelegi e e dirilweng ka progestin fela (pilisi e nnye). Fa go dirisiwa dithokolo tsa progestin fela, go ka nna ga diragala gore go ima go kgorelediwe ka go senya mpa.d

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tlhaloso ka ga gore a go ikopafatsa go dumelana le melaometheo ya Bokeresete e ka fitlhelwa mo go Tora ya Tebelo ya May 1, 1985, tsebe 31.

b Tlhaloso ya kafa dipilisi di thibelang pelegi ka teng e ka bonwa mo go Tora ya Tebelo ya June 15, 1989, tsebe 29.

c Tlhaloso kaga gore a IUD e dumelana le melaometheo ya Bokeresete e fitlhelwa mo go The Watchtower ya May 15, 1979, ditsebe 30-1.

d Tlhaloso kafa dipiliso tsa thibelo di e teng e ka bonwa mo go Tora ya Tebelo ya June 15, 1989, tsebe 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela