LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 10/8 ts. 12-14
  • Tshwetso ya Palo ya Bana e Tshwanetse go Dirwa ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshwetso ya Palo ya Bana e Tshwanetse go Dirwa ke Mang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Laola Pelegi—Ke Eng fa go Tsosa Kgang?
  • Se se Bolelwang ke Baebele
  • Dira Ditshwetso Tse o ka Kgonang go di Tshelela
  • A Go Nna le Bana—Ke Letlotlo Kana Ke Go Ikimetsa Morwalo?
    Tsogang!—1993
  • A go Thibela Pelegi go Phoso?
    Tsogang!—2007
  • Go Laola Pelegi—Se Bokeresete Bo Se Bolelang ka Gone
    Tsogang!—1993
  • Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 10/8 ts. 12-14

Tshwetso ya Palo ya Bana e Tshwanetse go Dirwa ke Mang?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BRAZIL

MOSIMANYANA yo o nang le malatsi a le mararo fela o ne a latlhetswe kwa seteisheneng se se kafa tlase ga lefatshe a tsentswe mo kgetseng ya polasetiki. Lefa go ntse jalo, lokwalodikgang longwe lwa kwa Brazil lo ne lwa bolela gore malapa mangwe a le mmalwa a ne a ikopetse lesea leno.

Le mororo tiragalo ya mofuta ono e direga sewelo, palo ya bana ba ba sa batliweng le ba ba latlhiwang e ntse e oketsega mo lefatsheng lotlhe. Batsadi ba ba nang le maikarabelo ba a welwa. A go thibela pelegi ke yone tharabololo? A go phoso go rulaganya gore o batla bana ba le kae?

Go ya ka World Health Organization, diperesente tse 50 tsa bana ba ba imiwang mo lefatsheng lotlhe ke ba ba sa rulaganyediwang. Gantsi o fitlhela e se fela gore go ima goo ga go a rulaganyediwa mme gape go a bo go sa batliwe.

Ba le bantsi ga ba batle go ima, gongwe e le ka ntlha ya boitekanelo, go tlhoka bonno kana mathata a tiro. Ka gone, ba le bantsi ba dirisa mekgwa ya go thibela pelegi e e jaaka dipilisi tsa go thibela pelegi kana dikhontomo. Go ntsha mpa le go itira moopa le gone go dirisiwa jaaka mokgwa wa go thibela pelegi. Lokwalodikgang lwa O Estado de S. Paulo lo bega jaana ka go ntshiwa ga dimpa kwa Brazil: “World Health Organization e fopholetsa gore mo basading ba le dimilione di le 13 ba ba imang ngwaga le ngwaga kwa Brazil, ba le dimilione di le 5 mo go bone ba ntsha dimpa tseo ka sephiri.” Gape, makasine wa Time o ne wa bolela gore diperesente di le 71 tsa basadi ba kwa Brazil ba ba mo dingwageng tsa go tshola bana ba ba nnang le banna ba dirisa dithibelapelegi. Diperesente di le 41 tsa bone di dirisa dipilisi mme diperesente di le 44 tsa bone di itirile meopa.

Patlisiso nngwe e supa gore diperesente di le 75 tsa Ba-Brazil di akanya gore go botlhokwa go rulaganya gore o batla bana ba le kae. Ba bangwe ga ba dumalane le go lekanyetsa palo ya bana gonne ba dumela tlholelo kana ba akanya gore ke thato ya Modimo gore lelapa le nne le ‘bana ba bantsi ba Modimo o ba ba nayang.’ Ke mang tota yo o tshwanetseng go swetsa gore bana ba nna kae—a ke banyalani kana ke setšhaba kana bodumedi?

Go Laola Pelegi—Ke Eng fa go Tsosa Kgang?

Le mororo Kereke ya Katoliki ya Roma, bodumedi jo bogolo go gaisa kwa Brazil, e dumalana le go ithiba mo tlhakanelodikobong ka dipaka tse go ima go ka kgonegang thata ka tsone, ga e dumalane le mekgwa ya go thibela pelegi e ka tswa e le e e ka senyang mpa kana nnyaa. Mopapa Paul VI o ne a bolela jaana: “Go [tshwanetse] ga dirwa gore go kgonege gore ngwana a imiwe nako le nako fa go tlhakanelwa dikobo.” Mopapa John Paul II o ne a re: “Go thibela pelegi, fa go lejwa ka leitlho le le siameng, go leswe e bile ga go ka ke ga buelelwa ka gope, le fa e ka nna ka mabaka afe.” Seno se dira gore Bakatoliki ba le bantsi ba etsaetsege go laola palo ya bana ba ba nnang nabo, ba tsaya gore go thibela pelegi ke boleo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Lancet, lokwalopaka lwa kalafi lo bolela jaana: “Dimilione di tlile go nna di sa rutega, di sa bone ditiro, di sena bonno e bile di sa kgone go bona tlhokomelo ya boitekanelo, ditirelo tsa loago le mafelo a a phepa e bile seno se bakiwa ke go oketsega ga baagi go go sa kgoneng go laolwa.” Ka gone, ka ntlha ya go boifa go sukagana ga baagi le khumanego, dipuso dingwe di kgothaletsa go lekanyetsa palo ya bana le mororo kereke e gana. Ka sekai, “Costa Rica e ne ya fokotsa palogare ya bana [mo lelapeng lengwe le lengwe] ya ba lekanyetsa go tloga go ba le 7 go ya go 3,” go bolela jalo moitsethutotshelo Paul Ehrlich.

Buka ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, Facts for Life—A Communication Challenge, e bolela jaana: “Fa mosadi a sena go nna le bana ba banè, boitekanelo jwa ga mmè le ngwana bo nna mo kotsing fa a ntse a ima gape. Mmele wa mosadi o a koafala fa a ntse a ima gantsintsi, a tshola bana, a anyisa le go godisa bana, segolobogolo fa ba fetana ka dingwaga tse di kafa tlase ga tse pedi.”

Go santse go na le malapa a a nang le bana ba bantsi kwa mafelong a masea a swang a le mantsi thata kwa go one, segolobogolo kwa metseng ya Afrika, Asia le Latin America. Ka ntlha yang? Bontsi ga bo itse ka dithibelapelegi. Mo mafelong a mangwe e ka tswa e le gore, jaaka motlhomamolao mongwe a ne a bolela, “monna o santse a ikutlwa gore ke monna tota fela fa mosadi wa gagwe a ima ngwaga le ngwaga.” Jornal da Tarde e umaka lebaka le lengwe, segolobogolo fa go tla mo basading: “Bana ke bone fela selo se se ba itumedisang e bile go dira gore ba ikutlwe ba na le se ba atlegang mo go sone.” Gape, Paulo Nogueira Neto, yo e kileng ya bo e le mokwaledi wa tikologo kwa Brazil, o ne a re: “Batho ba ba humanegileng ba solofela gore bana ba tlile go ba tlamela.”

Se se Bolelwang ke Baebele

A o ne o itse gore Lefoko la Modimo, Baebele le naya monna le mosadi boikarabelo jwa go swetsa gore ba batla bana ba le kae? Gape e bontsha gore lenyalo le siame le fa boikaelelo e ka tswa e le go tshola bana kana go bontshana lorato fela ka go tlhakanela dikobo ka tsela e e tlotlegang.—1 Bakorinthe 7:3-5; Bahebere 13:4.

Mme gone, a Modimo o ne o sa bolelela Atame le Efa kwa Paradaiseng gore ba ‘ate, ba ntsifale ba tlale ka lefatshe’? (Genesise 1:28) Ee, e bile ga go na gope kwa Baebele e supang gore molao oo le rona o re golegile gompieno. Mokwadi, Ricardo Lezcano o ne a re: “Go lebega tota e le go ikganetsa go naya [dimilione di le diketekete] tsa batho molao o o neng o neilwe batho ba le babedi fela mo polaneteng.” Tota lefa batho ba ka swetsa gore ga ba nne le bana gotlhelele, e tla bo e le tshwetso ya bone e e tshwanetseng go tlotliwa.

Se se kgatlhang ke gore, New Catholic Encyclopedia e supa gore Basupi ba ga Jehofa ba dumela seo se thailweng mo Baebeleng. E bolela jaana: “Kwa ntle ga mokgwa wa go thibela pelegi, oo ba tlogelelang banyalani gore ba itirele tshwetso ka one, boitsholo jwa bone jwa go kopana le tlhakanelodikobo jone bo gagametse.” E oketsa jaana: “Ba leba Baebele e le yone motswedi fela e bile ke yone e laolang boitsholo jwa bone.”

A mefuta yotlhe ya go laola palo ya bana e siame? Nnyaa. E re ka botshelo bo le boitshepo, Molao o Modimo o neng o o neetse Baiseraele o ne o laola gore motho yo o ka dirang gore mpa e senyege a lejwe e le mmolai. (Ekesodo 20:13; 21:22, 23) Fa go tla mo go itireng moopa go go jaaka vasectomy, motho o tla dira tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe, gonne Baebele ga e bue sepe ka gone ka tlhamalalo. “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5)a Mme e bile, e re ka go na le mekgwa e e farologaneng ya go thibela pelegi, kgakololo ya ba tsa kalafi e ka thusa banyalani go swetsa gore ba batla go dirisa mokgwa ofe.

Dira Ditshwetso Tse o ka Kgonang go di Tshelela

Ga o ka ke wa kgona go rulaganyetsa dilo tsotlhe mo botshelong. Mme gone, a o tla reka koloi kana ntlo o sa akanyetsa gore seo se ama eng tota? Koloi kana ntlo e ka nna ya rekisiwa gape, mme bana ga o ka ke wa ba busetsa gope. Ka jalo, fa monna le mosadi ba batla ngwana, a ga ba a tshwanela go sekaseka gore a ba tla kgona go mo tlamela ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong?

Tota ga re batle malapa a rona a bolawa ke tlala e bile ga re batle go imetsa ba bangwe morwalo wa rona. (1 Timotheo 5:8) Mo godimo ga moo, kwa ntle ga dijo le bonno, bana ba tlhoka thutego, go rutiwa boitsholo jo bo siameng le go ratiwa.

Mo godimo ga go sekaseka bogolo jwa tiro, madi le bopelotelele jo bo tla tlhokegang, go tshwanetse ga akanyediwa boitekanelo jwa mosadi. Go laola nako e o imang ka yone ka botlhale go boloka botshelo e bile go mosola mo boitekanelong jwa motho. Facts for Life ya re: “Nngwe ya ditsela tse di molemo thata tse di fokotsang bodiphatsa jwa go ima le go tshola bana jo bo ka diragalelang mmè le ngwana, ke go rulaganya gore ba tsholwa leng. Bodiphatsa jwa go tshola bana bo ka tlhaga thata fa dingwaga tsa motho yo o imileng yono di le kafa tlase ga tse 18 kana di feta 35, kana a setse a kile a ima ka makgetlho a le manè kana go feta, kana fa ngwana yo o fa pele a na le dingwaga tse di kafa tlase ga tse pedi.”

Banyalani ba ba akanyang ka go nna le bana ba tshwanetse go akanyetsa gore, fela jaaka Baebele e boleletse pele, re dikologilwe ke lefatshe le le tletseng bokebekwa, leuba, dintwa le go sa tlhomamang ga ikonomi. (Mathaio 24:3-12; 2 Timotheo 3:1-5, 13; Tshenolo 6:5, 6) Fa banyalani ba rata bana tota ba tla akanya sentle kaga lefatshe leno le re tshelang mo go lone, ba lemoga gore go godisa bana mo motlheng ono wa rona go gwetlha e le tota. Ka jalo, go na le gore ba tlogelele dilo fela mme ba nne le bana ba bantsi fela ka tsholofelo ya gore go tla siama, bontsi bo bona go le botoka go lekanyetsa palo ya bana gore bana ba bone ba tle ba itumele le go babalesega botoka.

Lefoko la Modimo ga le re thuse fela go dira ditshwetso tse di botlhale mo dikgannyeng tsa lelapa gape le re naya tsholofelo e e nonofileng tota ka isagwe. Baebele e supa gore boikaelelo jwa Mmopi ke gore batho ba tshelele ruri ka kagiso e bile ba itumetse mo lefatsheng la paradaise. Modimo o tlile go dira seno ka go nyeletsa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Morago a bo a lere lefatshe le lesha le le senang khumanego le baagi ba sa sukaganang mo go lone, le bana ba se kitlang ba latlhiwa ka go bo ba sa batliwe.—Isaia 45:18; 65:17, 20-25; Mathaio 6:9, 10.

Go phepafetse gore go akanyetsana le go akanyetsa bana, mmogo le go akanyetsa go tshola bana ka tekatekano, go tla thusa banyalani go swetsa gore ba batla bana ba le kae. Go na le gore ba tlogelele dilo fela, ba tshwanetse go rapelela gore Modimo o ba kaele. “Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—Diane 10:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo, ya May 1, 1985, tsebe 31.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dimilionemilione tsa bana di a latlhiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bana ba tlhoka go tlhokomelwa ka lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela