A Go Nna le Bana—Ke Letlotlo Kana Ke Go Ikimetsa Morwalo?
KGANG ya go laola pelegi e amana thata le se gantsi se bidiwang go ata mo go sa laolesegeng ga batho. Mo ditiragalong tse dintsi tsa ditso tsa motho, batho ba ne ba ata ka bonya; palo ya ba ba swang e ne e batlile e lekana le ya ba ba tsholwang. Kgabagare, erile ngwaga mongwe gaufi le 1830, palo ya batho mo lefatsheng ya tshwara dimilione tse di sekete.
Go tswa foo ke fa go nna le kgatelopele mo go tsa kalafi le tsa saense e e ileng ya fokotsa dintsho tse di bakiwang ke bolwetsi, bogolo jang bolwetsi jwa bana. Nako nngwe ka bo1930, ke fa palo ya batho mo lefatsheng e le dimilione di le dikete tse pedi. Ka 1960, ke fa e setse e oketsegile ka dimilione tse dingwe gape di le sekete. Ka 1975, go ne go setse go tsene dimilione tse dingwe gape di le sekete. Erile ka 1987, palo ya batho mo lefatsheng ya bo e tshwara dimilione di le dikete tse tlhano.
Fa o lebelela seemo ka tsela e nngwe, palo ya batho mo polaneteng eno ka nako eno e oketsega ka batho ba le 170 motsotso mongwe le mongwe. Palo eo fa e tlhakanngwa e nna batho ba le 250-000 letsatsi le letsatsi, eleng palo e e lekaneng go dira toropo ya bogolo jo bo bonalang. Seno gape se raya gore, ngwaga nngwe le nngwe e tlatsa ka batho ba le dimilione di le 90, eleng selekanyo sa Bo-Canada ba le bararo kana Mexico a le mongwe. Palo e e fetang 90 lekgolong ya koketsego eno e diragala mo mafatsheng a a tlhabologang, koo go setseng go nna 75 lekgolong ya batho botlhe ba ba mo lefatsheng teng.
Mebuso E E Tshwenyegileng
Mme gone ke ka ntlha yang fa mebuso e tlhagafaletse go fokotsa go ata ga batho ka go laola pelegi? Dr. Babs Sagoe, Modiredimogolo wa Thulaganyo ya Setšhaba ya Nigeria e e direlwang UN Population Fund, o araba potso eno ka setshwantsho se se motlhofo, se a tlhagisang gore, se na le go tlhofofatsa seemo se se raraaneng e bile e le kgang ya moruthutha. O tlhalosa jaana:
‘A re re molemi o ne a na le naga ya [diheketara di le nnè]. Fa a na le bana ba le lesome mme a bo a ba kgaoganya naga eo ka go lekana, ngwana mongwe le mongwe o tla tsaya mo e ka nna [sephatlo sa heketara]. Fa mongwe le mongwe wa bana bao a nna le bana ba le lesome mme le ene ka mo go tshwanang a bo a ba kgaoganya naga eo, ngwana mongwe le mongwe o tlile go bona [diheketara di le 0,04 fela]. Go itshupa sentle fela gore bana bano ga ba kake ba huma jaaka rraabomogolo, yo o neng a na le [diheketara di le nnè].’
Setshwantsho seno se tlhomolola kamano ya go ntsifala ga batho le lefatshe le lone le sa katologeng le le nang le meamuso e e tlhaelang. Fa jaaka batho ba ntse ba ata thata, mafatshe a le mantsi a a tlhabologang a duba thankga a leka go lepalepana le dipalo tse di teng gone jaanong tsa batho. Bona mangwe a mathata ke a.
Meamuso. Fa jaaka batho ba ntse ba ntsifala, ba dirisa thata dikgwa, mmu o o nonneng o o fa godimo, naga e e lengwang, le metsi a a phepa. Phelelo ke efe? Makasine o go tweng Populi o bua jaana ka mahutsana: “Mafatshe a a tlhabologang . . . gantsi a patelesega go dirisa ka go feta selekanyo meamuso ya one e e leng yone ditlhabololo tsa ka moso tsa mafatshe ao di ikaegileng ka yone.”
Dikago le ditlamelo. Fa jaaka palo ya batho e ntse e ntsifala, go thatafalela mebuso go ya pele go agela batho matlo, dikolo, le go ba direla ditlamelo tsa go kgopha leswe, ditsela, le ditlamelo tsa botsogo tse di lekaneng. Ka ntlha ya go imelwa ke dikoloto le go felelwa ke meamuso, mafatshe a a tlhabologang a goga boima go dira dilo tse di tlhokwang ke batho mo nakong eno, go sa buiwe sepe ka nako ya fa jaanong ba oketsegile.
Ditiro. Kgatiso ya UN Population Fund e go tweng Population and the Environment: The Challenges Ahead ya re mo mafatsheng a le mantsi a a tlhabologang, 40 lekgolong ya batho ba ba ka bong ba bereka ga ba na ditiro. Mo mafatsheng a a tlhabologang, palo e e fetang sephatlo sa dimilione tse di sekete ya batho e dira ditiro tse di sa e tshwanelang kgotsa ga e na ditiro gotlhelele, eleng palo e e batlileng e lekana le ya babereki botlhe ba ba mo mafatsheng a a tlhabologileng.
Gore go tle go kganelwe dipalo tseno go golela pele, mafatshe a a tlhabologang a tshwanetse go tlhama ditiro tse di fetang dimilione tse 30 ngwaga le ngwaga. Batho ba ba tla tlhokang ditiro tseno ba a tshela gone gompieno—ke ba eleng bana gone jaanong. Baitse ba re fa batho ba le bantsi ba ka tlhoka ditiro moo go ka tsala dikgoberego mo setšhabeng, go oketsega ga lehuma, le go senyediwa pele ga meamuso ya tlholego.
Ga go gakgamatse he go bo palo e e golang ya mafatshe a a tlhabologang e dira ka natla go kgothaletsa go laola pelegi. Fa makasine wa tsa kalafi o go tweng Lancet wa Borithane o ne o akgela mabapi le se se santseng se tlile go diragala, o ne wa bolela jaana: “Mathata a a tsalwang ke dipalo tse di oketsegang [tsa batho], mo go diragalang bogolo jang kwa mafatsheng a a humanegileng a lefatshe, go oketsa fela thata mathata a ba lebaganeng le one. . . . Dimilione di tlile go tshela matshelo a tsone di sa rutega, di sa bereke, di sena matlo a a tshwanetseng gape di sa bone ditlamelo dipe fela tsa botsogo, boitekanelo le tsa go kgopha leswe, mme go ata ga batho mo go sa laolesegeng ke sengwe se segolo se se bakang mathata ao.”
Malapa A A Tshwenyegileng
Go tlhoma mekgele le go dira ditsamaiso tsa go laola pelegi mo setšhabeng sotlhe ke selo se sele; mme go tlhatswa batho pelo ka gone ke selo se sele. Mo ditšhabeng tse dingwe ngwao e e gatelelang go nna le bana ba le bantsi e santse e nonofile thata. Ka sekai, mmè mongwe wa kwa Nigeria o ne a araba kgothatso go tswa pusong ya ga bone ya gore a fokotse mokgwa o a tsholang bana ka one ka gore: “Ke nna gofejane mo baneng ba ga rre ba ba 26. Bonkgonne botlhe, go akareletsa ba basimane le ba basetsana, ba na le bana ba ba fa gare ga borobabongwe le 12. Jaanong, a e tla nna nna fela ke senang bana ba bantsi?”
Legale, boikutlo joo ga bo sa tlhole bo aname jaaka pele, le gone kwa Nigeria tota, koo ka kakaretso mosadi a tsholang bana ba le barataro fela. Ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di golang, dimilione tsa batho di lomile ka meno go leka go jesa le go apesa malapa a tsone. Bontsi bo ithutile mo matshelong a bone boammaaruri jwa seane sa Seyoruba se se reng: “Ọmọ bẹẹrẹ, òṣì bẹẹrẹ” (bana ba bantsi, ke lehuma le legolo).
Bontsi jwa banyalani ba itse mosola wa go laola pelegi, mme lefa go le jalo ga ba e dirise. Go bo go felela ka eng? The State of the World’s Children 1992, e e gatisitsweng ke United Nations Children’s Fund, e ile ya re mo e ka nnang motho a le 1 fela mo go ba le 3 ba ba imang mo ngwageng mo mafatsheng a a tlhabologang ga se fela gore o tla bo a ne a sa go rulaganyetsa mme gape o tla bo a ne a sa go batle.
Go Laola Pelegi go Boloka Matshelo
Kwa ntle fela ga mathata a itsholelo, lebaka le lengwe le le dirang gore go akanyediwe go laola pelegi ke botsogo jwa mmangwana le jwa ngwana wa gagwe. Seane sengwe sa Afrika Bophirima sa re, “Go ima ke go tshamekela mo isong mme go belega gone ke kgang ya botshelo le loso.” Ngwaga le ngwaga mo mafatsheng a a tlhabologang, basadi ba le sephatlo sa milione ba swa ka ntlha ya boimana kgotsa fa ba belega, bana ba le milione ba swelwa ke bommaabo, mme palo e nngwe gape ya basadi ba le dimilione tse tlhano go ya go tse supa ba a gobala kgotsa ba tswa digole ka ntlha ya makoa a a amanang le go belega.
Ga se gore basadi botlhe ba ba mo mafatsheng a a tlhabologang ba lebagane le mathata ka go tshwana. Fela jaaka bokose e e latelang e bontsha, bontsi jwa basadi ba ba leng mo kotsing le go feta ke ba ba tsholang bana ba bantsi ba santse ba le bannye, ba ba tlhomaganya thata, kgotsa ba ba tshola ba setse ba tsofetse. Metswedi ya UN e bontsha gore go laola pelegi go ne go ka thibela go tswa mo kwatareng go ya kwa nngwetharong ya dintsho tseno mme go ne go ka fema go golafala ga ba le dimilione.
A mme go boloka matshelo a le dimilione ga go kake ga lere gone go ata ga batho thata? Se se gakgamatsang ke gore, baitse ba le bantsi ba re nnyaa. Human Development Report ya 1991 ya re, “Go ka nna ga gopolwa gore, fa bana ba le bantsi ba tshela, mathata a go ata ga batho a tla oketsegela pele. Boammaaruri ke gore go tla diragala se se fapaaneng. Go tshola bana go a fokotsega fa batsadi ba tshepa gore bana ba bone ba tla tshela.”
Lefa go le jalo, dimilione tsa basadi, bogolo jang mo merafeng e e humanegileng, ba tswelela ka go tshola bana ba ba tlhomagantse thata. Ka ntlha yang? Ke ka gore ke se batho ba se solofelang mo go bone, ka gore go tshola bana ba le bantsi go oketsa sebaka sa gore gongwe bangwe ba ka tshela, le ka go bo ba ka nna ba bo ba sa itse ka thulaganyo ya go laola pelegi kgotsa ba sa bone ditlamelo tsa yone.
Legale, basadi ba le bantsi ba ba nang le bana ba le bantsi ga ba bone bothata bope fela ka gone. Ba tsaya ngwana mongwe le mongwe e le mpho ya Modimo.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Boimana Jo Bo Kotsi mo Mafatsheng A A Tlhabologang
Motho a Santse a le Monnye Thata: Seemo sa gore motho a ka nna a swa a le moima le ka nako ya fa a belega mo basading ba dingwaga tse di fa gare ga 15 le 19 se feta sa basadi ba dingwaga tse di fa gare ga 20 le 24 ka makgetlo a le mararo. Masea a a tsholwang ke basadi ba basha a tshabelelwa ke go swa, go tsholwa nako e ise e fitlhe, kgotsa go tsholwa a na le bokete jo bo kwa tlase.
Fa Bana Ba Tlhomagane Thata: Nako e bana ba sianang ka yone e ama botshelo jwa ngwana fela thata. Ngwana yo o tshotsweng mo nakong e e ka fa tlase ga dingwaga tse pedi morago ga fa mogolowe a sena go tsholwa o tshabelelwa ke go swa a sa le lesea ka makgetlo a le 66 lekgolong. Fa e le gore bana bano ba ka tshela, ba ka nna ba huba le go sa gole tlhaloganyo sentle. Loso le le 1 mo go a le 5 le ne le ka thibelwa ka go katologanya bana sentle. Dingwaga tse tharo kgotsa go feta fa gare ga bana di fokotsa bodiphatsa thata.
Bana Ba Bantsi: Go tshola bana ba ba fetang bonè go oketsa dikotsi tsa boimana le tsa go belega, bogolo jang fa bana ba ba tshotsweng pele ba ne ba sa katologanngwa ka dingwaga tse di fetang bobedi. Morago ga go ima ganè, bommè ba tshabelelwa thata ke letsapa le le tsalwang ke go tlhaelelwa ke okesejene mo mading le go dutla madi a mantsi mo ditshikeng, mme bana ba bone ba ka nna ba tsholwa ba le digole.
Go Tshola O Setse O Tsofetse: Basadi ba ba dingwaga tse di fetang 35 ba na le sebaka sa go kaa swa ba imile kgotsa ba belega go gaisa ba dingwaga tse di fa gare ga 20 le 24 ka makgetlo a le matlhano. Bana ba ba tshotsweng ke basadi ba ba setseng ba godile le bone ba tshabelelwa ke go swa.
Metswedi: World Health Organization, UN Children’s Fund, le UN Population Fund.