Go Gola ga Palo ya Baagi ba Lefatshe—Kgangkgolo E E Botlhokwa Thata
“LESEA la bo 5 000 000 000.” Puso ya China e ne ya bitsa jalo Wang He ebong lesea la mosetsanyana le le neng la tsholwa ka July 11, 1987 bosigogare le tsholelwa kwa bookelong jwa Beijing. Ga go na ope yo o itseng gore a e ka ne tota ke boammaaruri gore lesea leo le ne la fitlhisa palogotlhe ya baagi ba lefatshe go 5 000 000 000 ka nako eo. Lefa go ntse jalo, mosetsanyana yono o ne a tsholwa mo godimo ga tlhogo ya motsotso oo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o neng wa o supa jaaka nako eo ka yone palogotlhe ya baagi ba lefatshe e neng e tla fitlha mo palong eo. Puso ya China e ne ya dirisetsa tiragalo eno go bontsha kgangkgolo e e boitshegang eno eo e lebaneng China le lefatshe lotlhe e leng kgangkgolo ya go gola ga palo ya baagi ba lefatshe.
Dipalo di supa gore palo ya batho ba ba mo lefatsheng e golela kwa godimo ka lobelo lo lo tshosang bomankge bangwe. Go ya ka lobelo loo ga jaanong jaana e golang ka lone, palo ya baagi ba lefatshe e tla menagana sebedi mo dingwageng tseo di ka nnang 40 fela go tloga jaanong. Bomankge ba re bolelela gore go ya ka lone lobelo loo, go ise go e kae selekanyo sa dijo tse di tlhokafalang gore go fepiwe baagi ba lefatshe se tla nna segolo go feta kungo ya dijo ka boyone, mme seno se tla felela ka gore go nne le leuba mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, ereka dikungo tsa tlhago tseo lefatshe le tlamelang batho ka tsone e le tseo di sa nneleng ruri, di tla fela ka bonakonako jaaka fa palo ya baagi ba lefatshe e ntse e gola, mme ebile seno se ka kaya fela masetlapelo lefatshe ka bophara. Bomankge ba bolela gore fa e le gore go tlhaela ga dijo le ga dikungo tsa tlhago ga go dire gore re nyelele, ga go na pelaelo lefa e le e nnye ya gore re tla nyelediwa ke go senya ga rona tikologo. Re a ikhupetsa ka seo re se dirang mo moweng, mo metsing, le mo mmung, ebile baagi ba lefatshe ba ba oketsegileng ba tla baka gore seno se diragale ka bofefo. Sotlhe seno se lebega jaaka masetlapelo ao a tla tlogang a nna gone.
Lefa go ntse jalo, ke eng seo se ka dirwang ka masetlapelo ano? Go na le dikgopolo di le dintsi thata malebana le kgang eno. Bangwe ba ikutlwa gore fa fela go sa tsewe kgato ka bonako ya gore go fokodiwe go gola ga palo ya baagi ba lefatshe, pholo ya batho botlhe e tla nna mo kotsing. Bangwe ba dumela gore fela jaaka fa go ne go ntse mo nakong e e fetileng, ditsela tse disha tsa go dirisana le mathata a a amanang le dijo, dikungo tsa tlhago, kgotlelo, lefa e ka nna eng fela se sele seo se kopanyelediwang mo go seno di tla bonwa. Mo godimo ga moo bangwe ba ikutlwa gore kgabagare palogotlhe ya baagi ba lefatshe e tla ema e re tsi e sa tlhole e gola, ka gone ga go tlhokafale gore go tshwenyegwe thata ka yone. Ebile tota, go na le dikgopolo tse di maatla tota mmogo le maikutlo ao batho ba nang nao malebana le mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya kgang eno. Go phepafetse he, gore go gola ga palo ya baagi ba lefatshe ke kgangkgolo e e botlhokwa thata le eo batho ba nang le dipono tse di farologaneng ka yone.
Lefa go ntse jalo, seo se tshwaegang ke gore batho ba ba nnang kwa mafatsheng ao a santseng a le magolwane go ya bokgakaleng jo bo rileng ebile e le ao a itsholetseng ke bone bao ka kakaretso ba buang thata go gaisa kaga tshenyego e e tlang. Ba tlhalosa poifo eno ya bone ka mafoko ka gonne ba a lemoga gore seemo sa bone sa go tshela kana gore boitumelo jwa bone jwa mo isagweng bo mo kotsing. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka bao ba nnang kwa dinageng tse di humanegileng, tse di sa tlhabologang, le tseo di nang le baagi ba bantsi go feta selekanyo? Ba ikutlwa jang kaga kgangkgolo eno ya baagi ba lefatshe? Botshelo bo tsamaatsamaya jang kwa dikhutlong tsa lefatshe tseo kwa go tsone go senang lefa motho a ka kgwelang mathe gone?
Tsogang! e go isa kwa mafelong mangwe a lefatshe ao a nang le batho bao bontsi jwa bone bo thibang letsatsi e go isa teng gore o ye go iponela ka bowena gore tota ga twe go ntse jang go tshela kafa tlase ga bothata jwa go gola ga palo ya baagi le go go thusa gore o tlhaloganye dingwe tsa dikgangkgolo tseo di kopanyelediwang mo go seno.