Palo ya Baagi ba Lefatshe—Go Tweng ka Isagwe?
MATLO a a onetseng, maemo a a seng phepa a tikologo, letlhoko la dijo le la metsi a a phepa, bolwetsi, phepelotlase—mathata ano le a mangwe a le mantsintsi a diragalela batho ba le bantsi thata ba ba mo lefatsheng letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, jaaka fa re setse re bone, batho ba le bantsi ba ba tshelang ka fa tlase ga maemo ao ba kgona go a itshokela ka tsela nngwe mme ba tswelele pele le botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.
Lefa go ntse jalo, go tweng ka isagwe? A batho ba tla tshwanela gore ba tswelele pele go itshokela mathata a a ntseng jalo a a makgwakgwa a botshelo kwantle ga go kgaotsa? Se se raraanyang dilo le go feta ke gore go tweng ka tshenyo le mathata ao baitseanape ba tsa tikologo le ba bangwe ba di bolelelang pele jaaka diphelelo tsa go gola ga palo ya baagi ba lefatshe goo go ntseng go tswelela pele? Ba re bolelela gore re senya lefelo leo re nnang mo go lone ka go kgotlela moya, metsi, le mmu oo re ikaegileng ka one. Gape ba tlhalosa kaga seo se bakiwang ke digase tseo di bakang gore go nne le mogote mo lefaufaung—eleng go nna gone ga digase tse di ntseng jaaka carbon dioxide, methane, chlorofluorocarbons (dilo tse di fokotsang mogote le tse di phokang lefulo) tseo di tla felelang ka gore lefaufau le thutafale gore go nne le diphetogo tsa maemo a bosa mo lefatsheng lotlhe, ka diphelelo tse di hutsafatsang. A seno e tla re kgabagare se lere bokhutlo jwa tlhabologo jaaka fa re e itse? A re sekasekeng mabaka a le mmalwa a konokono re dira jalo ka mo go tseneletseng.
A Go Na Le Batho Ba le Bantsi Thata?
Sa ntlhantlha, a palo ya baagi ba lefatshe e tla tswelela pele go nna e ntse e gola kwantle ga gore e kgaotse? A go na le bosupi bope jo bo malebana le gore e tla gola go fitlhelela e nna e e kana kang? Gone ke boammaaruri gore palo ya baagi ba lefatshe e a gola go sa kgathalesege maiteko a a dirwang a thulaganyo ya lelapa. Jaanong e gola mo e ka nnang ka dimilione di le 90 ka ngwaga mongwe le mongwe (eleng palo eo e lekanang le Mexico e ntšha ngwaga mongwe le mongwe). Go lebega go sena tsholofelo epe ya ka bonakonako ya go e emisa. Lefa go ntse jalo, fa batho ba le bantsi bao ba ithutang ka palo ya baagi ba lefatshe ba lebelela dilo kwa pele, ba dumela gore kgabagare palo ya baagi ba lefatshe e tla ema e re tsi e sa tlhole e gola. Potso e e mo megopolong ya bone ke gore e tla ema fa e setse e le kana kang le gore e tla ema leng.
Go ya ka diphopholetso tsa Mokgatlho wa UN Population Fund, palo ya baagi ba lefatshe e ka nna ya fitlha go dimilione di le dikete di le 14 pele e emisa go tlhola e gola. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba fopholetsa gore tlhora ya yone e ka nna ya nna fa gare ga dimilione di le dikete di le 10 le dimilione di le dikete di le 11. E ka tswa ba fopholetsa ka tsela le fa e ka nna efe, dipotso tsa botlhokwatlhokwa ke gore: A go tla nna le batho ba bantsi thata? A lefatshe le ka kgona go tshola palo ya baagi ya gone jaanong e menagane go tloga go gabedi go ya go gararo?
Go ya ka dipalopalo, palogare ya batho ba le dimilione di le dikete di le 14 ba ba mo lefatsheng ka bophara e tla nna batho ba le 104 mo sekwerekilometareng sengwe le sengwe. Jaaka fa re setse re bone, palogare ya baagi ba kwa Hong Kong ke batho ba le 5 592 mo sekwerekilometareng sengwe le sengwe. Gone jaanong, palogare ya baagi ba kwa Netherlands ke 430, fa ya ba kwa Japane yone e le 327, ebile tseno ke dinaga tseo di ipelelang maemo a botshelo a a kwa godimo ga a a tlwaelegileng. Ka mo go phepafetseng, le eleng lefa go ka diragala gore palo ya baagi ba lefatshe e gole go ya bokgakaleng joo e boleletsweng pele gore e tla gola go fitlha kwa go jone, palo ya batho ga se bothata.
A go Tla Nna le Dijo Tse Di Lekaneng?
Go tweng he, ka kungo ya dijo? A lefatshe le ka kgona go tlhagisa dijo tse di lekaneng go fepa batho ba le dimilione di le dikete di le 10 kana ba le dimilione di le dikete di le 14? Go phepafetse gore tsela ya gone jaanong jaana eo lefatshe le tlhagisang dijo ka yone ga e a lekana go ka fepa batho ba ba kalo ka palo. Ebile tota, gantsi re utlwalela kaga mauba, phepelotlase, le kaga go swa ga batho ba bolawa ke tlala. A jaanong seno se kaya gore ga re tlhagise dijo tse di lekaneng go ka tlhokomela baagi ba lefatshe, go sa akarediwe fa palo ya bone e menagane gabedi kana gararo?
Eo ga se potso e e motlhofo go e araba ka gonne go ikaegile ka gore go bolelwang fa go twe “tse di lekaneng.” Lemororo batho ba ba makgolokgolo a dimilione ba ba kwa merafeng ya lefatshe e e humanegileng go feta ba sa kgone go bona dijo tse di lekaneng gore ba nne le e leng le dijo tse dinnyane tse di nayang mmele dikotla, batho ba kwa merafeng e e humileng, e e tletseng ka madirelo ba boga diphelelo tsa go ja dijo tseo di nang le dikotla go feta selekanyo—eleng go swa mohama, go tshwarwa ke mefuta mengwe ya kankere, bolwetsi jwa pelo, le malwetsi a mangwe. Seno se ama jang seemo sa dijo? Go ya ka palelelo nngwe, go tlhokega dikilogerama di le tlhano tsa dijo tse di lemiwang gore go tlhagisiwe kilogerama e le nngwe fela ya nama ya kgomo. Ka gone, kotara yotlhe ya banni ba lefatshe ba ba jang nama ba ja mo e ka nnang halofo yotlhe ya dijo tseno tseo di lemiwang tseo lefatshe le di tllhagisang.
Go ya ka bogolo jo dijo di tlhagisiwang ka jone, ela tlhoko seo buka ya Bread for the World e se bolelang: “Fa dijo tseo lefatshe le di tlhagisang gone jaanong jaana di ka bo di sa senngwe go le kalo mme di kgaoganngwa batho botlhe ba ba mo lefatsheng ka go lekalekana, mongwe le mongwe wa bone o ne a tla nna le tse di lekaneng. Gongwe o ne a tla nna le tse di lekaneng go se kalo, mme lefa go ntse jalo e le tse di lekaneng.” Polelo eo e ne ya buiwa ka 1975, eleng dingwaga tse di fetang 15 tse di fetileng. Seemo se ntse jang gompieno? Go ya ka World Resources Institute, “go feta masome a le mabedi a dingwaga a a fetileng, selekanyo sa dijo tseo lefatshe le di tlhagisang se ile sa gola, sa feta selekanyo seo batho ba se tlhokang. Ka gone, mo dingwageng tsa bosheng jaana, ditlhwatlhwa tsa dijo tseo di jewang go gaisa di ne tsa wela kwa tlase thata mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba.” Dipatlisiso tse dingwe di bontsha gore ditlhwatlhwa tsa dijo tseo di jewang go gaisa tse di ntseng jaaka reisi, korong, dinawa tse di ntshang mafura, le tsa dijo tse dingwe tse di lemiwang di ne tsa wela kwa tlase ka halofo kana go feta mo go yone nako eo.
Seo totatota seno se se kayang ke gore bothata jwa dijo ga bo a ikaega go le kalo mo selekanyong seo di tlhagisiwang ka sone mme go na le moo go ikaegile ka gore go jewa tse di bontsi jo bo kae le gore di jewa jang. Boranyane jo bosha jo bo dirisanang le ditogwana tsa tsalo tsa dimela bo fitlheletse ditsela tsa go tlhagisa mefutafuta ya reisi, ya mabele, le ya dijo tse dingwe tse di lemiwang tseo di ka dirang gore selekanyo sa tsone seo se tlhagisiwang gone jaanong jaana se menagane sebedi. Lefa go ntse jalo, bokgoni jo bontsi jo bo malebana le seno bo dirisiwa fela mo go jaleng dilo tseo e tla reng fa di rojwa di bo di robelwa fela go ya go rekisiwa, eleng tse di ntseng jaaka motsoko le ditamati, gore go kgorisiwe bahumi go na le gore go kgorisiwe bahumanegi.
Go Tweng ka Maemo A A Re Dikologileng?
Palo e e oketsegang ya bao ba ntseng ba ela kgang eno tlhoko thata ba simolola go lemoga gore go gola ga palo ya baagi ba lefatshe ke le lengwe fela la mabaka a a tshosetsang boitumelo jwa setho jwa mo isagweng. Ka sekai, mo bukeng ya bone ya The Population Explosion, Paul le Anne Ehrlich ba tshitshinya gore diphelelo tsa seo motho a se dirang tseo di nnang gone mo tikologong ya rona di ka tlhalosiwa ka go dirisa molawana ono o o motlhofo wa dipalo: Diphelelo = baagi × selekanyo sa itsholelo × diphelelo tsa boranyane tseo di leng teng gone jaanong mo tikologong.
Ka go dirisa molawana ono wa dipalo, bakwadi bano ba ntsha bosupi jwa gore dinaga tse di ntseng jaaka United States di boitshega ka batho, eseng ka ntlha ya gore di na le batho ba le bantsi thata, mme go na le moo ka ntlha ya gore itsholelo ya tsone e ikaegile ka go dirisiwa ga dikungo tsa tlhago ka selekanyo se se kwa godimo thata le ka boranyane jo bo bakang tshenyo e e seng kana ka sepe mo tikologong.
Go lebega dipatlisiso tse dingwe le tsone di netefatsa seno. The New York Times e tsopola rraikonomi ebong Daniel Hamermesh, jaaka fa a ne a bolela gore ‘dire tseo di ntshediwang mo moweng tseo di bakang gore go nne le mogote mo lefaufaung di amana thatathata le seemo sa itsholelo go na le go amana ga tsone le palo ya batho ba ba ntshetsang dire tseno mo moweng. Moamerika yo o tlwaelegileng fela o fetlha carbon dioxide eo bontsi jwa yone bo fetang ya Moindia yo o tlwaelegileng fela ka makgetlo a le 19. Ebile ga go na pelaelo epe gore, ka sekai, Brazil eo e leng monna tota mo go tsa itsholelo eo baagi ba yone ba golang ka iketlo e ka fisa dikgwa tsa yone tsa boboatsatsi ka bonako thata go gaisa Brazil e e humanegileng eo baagi ba yone ba golang ka lobelo lo logolo?’
Alan Durning wa Worldwatch Institute o tlhalosa se se tshwanang le seno kgo ka go bolela jaana: “Batho ba ba dimilione di le sekete ba ba humileng go feta mo lefatsheng ba bopile mofuta wa tlhabologo e e tletseng bopelotshetlha le e e senyang moo e leng gore polanete eno e mo kotsing. Mokgwa ono wa botshelo wa batho bano ba ba mo letlepung—ebong ba ba nang le dijanaga, ba ba ratang nama ya kgomo, ba ba nwang seno se se nang le sota, le batho bao ba ratang go dirisa dilwana tseo di diretsweng gore fa di sena go dirisiwa di bo di latlhiwa—ba fetoga go nna kotsi e e tshosetsang tlhago eo mathata a yone a ka se kang a bapisiwa le a sepe fa e se go bapisiwa le mathata gongwe a go gola ga palo ya baagi ba lefatshe.” O tlhalosa gore batho bano “ba ba humileng go feta bao ba sa tshwareng tlhago sentle” ba tlhagisa mo e ka nnang robonngwesomeng ya di-chlorofluorocarbon le digase tse dingwe gape tse di fetang halofo tse di bakang gore go nne le mogote mo lefaufaung tseo di tshosetsang tikologo.
Kgangkgolo ya Mmatota
Go tswa mo go seo se tlotlilweng fa godimo, re simolola go bona sentle gore tota ga re nepe fa re tshwaya go gola ga palo ya baagi ba lefatshe go le gosi fela molato ka ntlha ya mahutsana a a lebaneng setho gompieno. Kgangkgolo eo e re lebaneng ga se ya gore lefelo leo re nnang mo go lone le a nyenyefala kana ya gore lefatshe ga le kgone go tlhagisa dijo tse di lekaneng gore mongwe le mongwe a tle a bone dijo tse di lekaneng tse di otlang mmele kana ya gore dikungo tsa tlhago di tla dirisiwa tsotlhetsotlhe mo nakong epe fela e e fa gautshwanyane. Tseno ke ditshupo fela. Kgangkgolo ya mmatota ke gore batho ba le bantsi ba eletsa go bapala dithoto di le dintsi thata kwantle ga go akanya ka diphelelo tsa seo ba se dirang. Keletso eno e e sa kgoneng go kgotsofadiwa ya go bapala go go oketsegileng e baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo tikologong ya rona mo eleng gore lefelo lotlhe leo le kgonang go tshola batho mo lefatsheng le fetwa ka bonako. Ka mantswe a mangwe, bothatabogolo ga bo a ikaega go le kalo mo palong mme bo ikaegile mo mokgweng oo batho ba itshotseng ka one.
Mokwadi ebong Alan Durning o tlhalosa ntlha eno jaana: “Seo kgabagare se tlileng go diragalela batho mo karolong ya lefatshe e e senyegang bonolo eo e leng yone fela ditshedi di kgonang go tshela mo go yone se ikaegile ka gore a e ka ne re kgona go tlhagolela boikgapo jo bo boteng thata, jo bo theilweng mo molaomotheong o o anameng wa go lekanyetsa go ja le go ikotla ka dilo tseo e seng tsa nama.” Ntlha eno e na le mabaka a a utlwalang sentle, mme lefa go ntse jalo go tshwanetse ga bodiwa potso eno ya gore, A gone go tla diragala gore batho gongwe le gongwe ba ithaopele go tlhagolela boikgapo, ba fokotse selekanyo sa seo ba se jang, mme ba gagamalele go ikotla ka dijo tseo e seng tsa nama? Le eseng. Ka ntlha ya go rena go go kanakana ga boitlhapediso le go tshela botshelo jwa go ijesa menate gompieno, ga go na pelaelo epe ya gore go ka nna ga diragala se se farologaneng le seno. Go lebega batho ba le bantsi gompieno ba tshela go ya ka polelwana e e reng: “A re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.”—1 Bakorintha 15:32.
Le eleng lefa batho ba le bantsi ba ka lemoga dintlha tseno mme ba simolole go fetola mokgwa wa bone wa go tshela, re santse re se kitla re kgona mo nakong epe fela e e fa gautshwane go fetola seemo seo se renang ga jaanong jaana. A o ko o lebe fela ditlhopha tse dintsi tsa batho bao ba lwantshanang le go sa tshwarweng sentle ga tikologo le go fetolwa ga mekgwa ya botshelo eo e sa leng ya nna gone dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Bangwe ba bone go ka nna ga tswa go badilwe ka bone mo ditsebeng tse di kafa ntle tsa makwalodikgang, mme lefa go ntse jalo a ba ile ba nna le diphelelo dipe tsa mmatota mo mekgweng eo e bidiwang gore ke eo setšhaba ka kakaretso se dirang dilo ka yone? Le eseng. Bothata ke eng? Bothata ke gore boikemisetso bogolo jwa tsamaiso yotlhe fela—eleng ya kgwebo, setso, le ya bopolotiki—ke go tlotlomatsa mogopolo wa go nna le mokgwa wa go rata go dirisa dilwana tseo e reng morago ga fa di sena go dirisiwa di bo di sa tlhole di na le mosola fa e se fela gore di latlhiwe. Mo maemong a a ntseng jaana ga go kake ga fetolwa sepe kwantle ga gore go agiwe sesha ka botlalo go tswa kwa motheong. Ebile seo se tla tlhoka gore batho ba bowe ba rutiwe gape ka mo go tseneletseng.
A Go Na le Isagwe E E Itumedisang?
Seemo seno se ka tshwantshiwa le sa lelapa leo le nnang mo ntlong eo le e filweng ke motho mongwe yo o molemo, e le ntlo eo e nang le difanitšhara ebile e na le sengwe le sengwe mo teng. Go ba dira gore ba ikutlwe ba phuthologile ka botlalo, ba letlelelwa gore ba dirise didirisiwa tsotlhe tse di mo tlung go fitlha ba kgotsofala. Go ne go tla diragala eng fa lelapa leno le ne le ka simolola go senya difanitšhara, go epa ntlo fa fatshe, go tšhwatla difensetere tsa yone, go baka gore dipeipi tseo di tsamaisang maswe di thibane, go dirisa maatla a motlakase a a fetang ao sefitisamotlakase se neng se diretswe go a tshola, ka bokhutshwane, le tshosetsa go ropefatsa ntlo yotlhe? A mong wa yone o ne a tla e lebelela fela a iphetela a bo a sa tseye kgato epe ka yone? Seo ga se kake sa diragala. Ga go na pelaelo epe gore o ne a tla tsaya kgato ya gore a ntshe batho bano ba ba senyang ba ba nnang mo ntlong eno ya gagwe mme go tswa foo a e busetse gape mo boemong jwa yone jo bo tshwanetseng. Ga go na ope yo o neng a tla bolela gore kgato e e ntseng jalo e ne e sa siama.
Go tweng he, ka lelapa la motho? A ga re a nna jaaka batho bao ba nnang mo ntlong eo e tladitsweng sentle ka difanitšhara le e e nang le sengwe le sengwe mo teng eo re e filweng ke Mmopi ebong Jehofa Modimo? Ee, re ntse jaaka bone, gonne jaaka fa mopesalema a bolela: “Lehatshe ke ya ga Yehofa, le botlalō yoa yeōna; lehatshe le ba ba agileñ mo go yeōna.” (Pesalema 24:1; 50:12) Modimo ga a re tlamela fela ka dilo tsotlhe tse di tlhokafalang—eleng lesedi, moya, metsi, le dijo tseo di dirang gore re kgone go tshela—mme go na le moo gape o re tlamela ka tsone ka letlotlo le legolo le ka go farologana ga tsone go dira gore botshelo bo itumedise. Mme lefa go ntse jalo batho, jaaka bao ba agileng mo go lone, ba ile ba itshwara jang? Ka maswabi, ba ile ba se ka ba itshwara sentle go le kalo. Re senya legae le lentle leno leo re nnang mo go lone ka tsela ya mmatota. Ke eng seo mong wa lone ebong Jehofa Modimo a tla se dirang ka seno?
Ka “go senya ba ba senyañ lehatshe”—ke seo Modimo o tla se dirang! (Tshenolō 11:18) Mme o tla dira seno jang? Bibela e araba ka gore: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
Ke eng seo re ka se solofelang kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo jo bo tla nnelang ruri ka bosakhutleng? Mafoko ano a ga moperofeti Isaia a re naya ponelopele ya seo se tlileng go diragala:
“Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōne: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègo bana; gonne bōnè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa le matlhogèla a bōnè nabō.”—Isaia 65:21-23.
Abo eo e le isagwe e e itumedisang jang ne ya setho! Mo lefatsheng le lesha leo le le tla bong le dirilwe ke Modimo, batho ga ba kitla ba tlhola ba tshwenngwa ke mathata a go tlhoka matlo, dijo, metsi, pholo, le a go tlogelelwa fela ga dilo di senyega. Kwa bofelong, setho se se kutlo, kafa tlase ga kaelo ya Modimo, se tla kgona go tlatsa lefatshe le go le fenya, kwantle ga gore go nne le matshosetsi ape a gore le tlale ka batho go feta selekanyo.—Genesise 1:28.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Ke Ka Ntlha Yang Fa Gantsi Dijo Di Ja Madi A Le Mantsi?
Le eleng lefa theko ya mmatota ya dijo e sa tswa go wela tlase, selo seo gantsi se diragalang ke gore ditlhwatlhwa tsa dijo di tlhatlogela godimo. Ka ntlha yang? Lebaka le le lengwe fela le le motlhofo ke go fudugela ga batho kwa metsesetoropong. Gore matšhutitšhuti a batho a a mo ditoropong tsa lefatshe tseo di ntseng di golela pele a fepiwe, dijo di tshwanetse go rwalelwa kwa mafatsheng a a kwa kgakala. Ka sekai, kwa United States, “dijonyana fela tse di tlwaelegileng tseo di kgorisang motho a le mongwe fela di sepela sekgala sa [dikilometara di le 2 100] go tswa kwa tshimong ya polase go ya kwa sejaneng sa dijo tsa motshegare,” go bolela jalo patlisiso ya Worldwatch. Motho yo o di rekang o tshwanetse go duelela eseng dijo fela mme o tshwanetse gore a duelele gape le ditshenyegelo tse di fitlhegileng tsa go baakanngwa ga tsone, go phuthelwa, le go romelwa ga tsone.
[Kerafa mo go tsebe 10]
(For fully formatted text, see publication)
Lefaufau le tshwara mogote wa letsatsi. Mme lefa go ntse jalo mogote o o nnang gone—o o bakiwang ke marang a letsatsi a a bakang mogote—o ka se nyelele bonolo fela ka ntlha ya digase tse di bakang go gotela ga lefaufau, ka go dira jalo seo se oketsa mogote o o mo lefatsheng
Digase tseo di bakang gore go nne le mogote mo lefaufaung
Marang a a nyelelang
Go tshwa-rwa ga marang a letsatsi a a bakang mogote
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Go tlhokega dikilogerama di le tlhano tsa dijo tse di lemiwang gore go tlhagisiwe kilogerama e le nngwe fela ya nama ya kgomo. Ka gone, kwatara ya banni ba lefatshe ba ba jang nama ba ja mo e ka nnang halofo yotlhe ya dijo tseno tseo di lemiwang tseo lefatshe le di tlhagisang