Boammaaruri Jo Bo Teng ka Petelelo
E TLA re fa o fetsa go bala tsebe eno, mosadi mongwe a bo a beteletswe golo gongwe kwa United States. O tla bo a le nosi mme o tla kgokgontshiwa ka tirisodikgoka le go gobololwa ke mongwe yo gongwe a mo itseng. O ka nna a itewa. O ka nna a itwela. Mme kwantle ga pelaelo o tla boifa gore gongwe o ka nna a bolawa.
Petelelo ke tlolomolao e mo go yone go dirisiwang thubakanyo e e golang go gaisa kwa United States, eleng naga e go betelela go leng kwa godimo go di gaisa mo lefatsheng lotlhe. Go ya ka dipego tsa mapodisi, ura nngwe le nngwe go boa go le kana fela gore dipetelelo tse di 16 di diragale, mme basadi ba le 10 ba a betelelwa. Tlhakanya seo le ntlha ya gore dipetelelo tse di sa begwang di ka nna tsa bo di feta tse di begilweng ga lesome!
Ga se United States e le nosi fela e e nang le dipego tseno tse di tshosang. Kwa Fora palo ya batho ba ba ileng ba bega fa ba beteletswe e ne ya gola ka 62 lekgolong magareng a 1985 le 1990. Ka 1990, Canada e ne ya nna le dipego tsa ditlhaselo tse di mabapi le tlhakanelodikobo tse di leng 27 000 mo dingwageng di le thataro fela. Kwa Jeremane go begwa tlhaselo e e mabapi le tsa tlhakanelodikobo mo basading e le nngwe mo metsotsong mengwe le mengwe e supa.
Gape petelelo e utlwisa le banna ba ba senang molato botlhoko.a Moithutatlhaloganyo ebong Elizabeth Powell a re banna ba “bogisiwa ke go tshela mo setšhabeng seo sephatlo sa batho ba sone go utlwalang gore ke eng fa ba ka kgopega, ba nna ka go belaela, le go tshoga.” Ba ka nna ba tshwenngwa ke go nna ba tshogetse gore basadi ba bone, bommaabo, bokgaitsadiabone, barwadiabone, le ditsala tsa bone, kana go nna ka maikutlo a go ipega molato le a a utlwileng botlhoko fa mongwe yo ba mo ratang a betelelwa.
Ke Ka Ntlha Yang Fa E Oketsega Jaana?
Petelelo e tletsetletse thata mo merafeng e e letlelelang thubakanyo le go sa tseye basadi sentle fela ka go bo e le basadi. Mo mafatsheng a le mantsi, go tswa bonyaneng banna le basadi ba bolelelwa melaetsa e e senyang le tshedimosetso e e seng yone kaga tlhakanelodikobo, go tswa mo metsweding ya dikgang, mo lelapeng, le mo balekaneng ba bone. Ba ithuta megopolo e e diphatsa ya gore tlhakanelodikobo le thubakanyo ke diathoteng le gore lebaka la go bo basadi ba le teng ke fela gore ba tle ba kgotsofatse banna mo go tsa tlhakanelodikobo, go sa kgathalesege gore mosadi ene a reng.
Ela tlhoko gore Jay o ikutlwa jang, eleng tlelereke e e dirisanang le difaele ya dingwaga tse di 23. O ne a re, “Batho ba re gore o nne monna tota o tshwanetse go tlhakanela dikobo le basadi ba le bantsi ba ba farologaneng. Jaanong, fa o sa dire jalo? A o tla bo o le monna tota?” Ka ntlha ya kgatelelo eo, fa mosadi a mo kgopisa kgotsa a mo swabisa, o ka nna a mmetelela.
Mmatlisisi ebong Linda Ledray, o dumela gore boikutlo joo jwa thubakanyo le jo bo diphatsa bo tletse thata mo merafeng e go betelela go diragalang thata mo go yone. O ne a re, “Gantsi mmeteledi o a bo a itsaya ka tsela eo batho ka kakaretso ba e ratang.” Dibaesekopo le thelebishene di thusa mo mokgweng o o senyang thata oo o o mo bathong. Petelelo ke kgang ya konokono mo ditshwantshong tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mme le fa go ntse jalo ga se yone e e molato e le nosi. Ditlhotlhomiso di bontshitse gore dibaesekopo tse di bontshang thubakanyo mme di sa umake sepe ka tlhakanelodikobo di tsala maikutlo a go sa tshware basadi sentle go na le dibaesekopo tse di tlhalosang tlhakanelodikobo ka botlalo mme di sena thubakanyo. Powell o ne a re, thelebishene le yone e na le molato fa e “bontsha mokgwa wa go kgetholola ka bong o o e gaisang yotlhe e e teng.” Molaetsa wa metswedi ya dikgang one? “Fa o tenegile, utlwisa mongwe botlhoko.”
Molaetsa ono o dirisiwa mo ditirisanong tsa letsatsi le letsatsi, mme ka ditlamorago tse di maswe. Mo lefatsheng leno le boitshwaro jwa lone bo senyegelang pele, gantsi banna ba ikutlwa gore basadi ba ba kolota go tlhakanela le bone dikobo, bogolo jang fa monna a senyegelwa ke madi mo mosading kana kwa tshimologong go ne go lebega ekete mosadi o ne a dumelana le ditshekamelo tsa gagwe.
Mmegadikgang ebong Robin Warshaw o ne a re, “Fa go tla mo go tsa tlhakanelodikobo, go re ‘nnyaa’ gantsi ga go reye sepe fa go buiwa ke mosadi.” Mme mo mabakeng a le mantsi, go felela ka petelelo.
“Petelelo ya Bobedi”
Kathi o ne a na le dingwaga di le 15 fa a ne a betelelwa ke maloko a le mararo a setlhopha sa sekolo sa gagwe se segolwane sa motshameko wa hoki. Fa batsadi ba gagwe ba ne ba ya go pega tsheko, o ne a kgwiwa mathe le go tlhorontshiwa ke ditsala, baagisani, le batho ba a sa ba itseng. Balelapa la gagwe ba ne ba bolelelwa gore, “Basimane e abo e ntse e le basimane.” Kwa sekolong Kathi o ne a bidiwa ka mainanyana a a maswe, mme o ne a fitlhela a tlogeletswe melaetsa ya matshosetsi mo mabeelong a gagwe. Babeteledi ba gagwe ba ne ba otlhaiwa ka go bewa leitlho le go dira tirelo setšhaba mme ba ne ba felela e le dikgantshwane tsa batshameki ba sekolo. Kathi o ne a otlhaiwa ka go tlhorontshiwa ka dikgwedi di le dintsi. Kgabagare o ne a ipolaya.
Kgang ya ga Kathi ke sekai sa kafa batho ba ba kileng ba betelelwa gantsi ba utlwisiwang botlhoko ka teng la ntlha mo mmeleng ke mmeteledi, mme go tsweng foo ba bo ba utlwisiwa botlhoko mo maikutlong ke ba bangwe. Basadi ba le bantsi ba fitlhela gore maikutlo le go sa tlhaloganye ka ga petelelo go felela ka gore motho yo o beteletsweng a pegwe molato wa tlolomolao eo. Ditsala, balelapa, mapodisi, dingaka, baatlhodi, le makgotla a baatlhodi—batho ba eleng bone ba ka bong ba thusa motho yo o beteletsweng—le bone ba ka nna le megopolo eo e e phoso mme ka go dira jalo ba utlwisa motho yo o beteletsweng botlhoko ka tsela e e batlileng e lekana le ya mmeteledi. Mathata a go pegwa molato a maswe fela thata mo e leng gore bangwe ba bile ba go bitsa “petelelo ya bobedi.”
Maaka mabapi le petelelo a dira gore batho ba gopole gore ba sereletsegile. Ka mafoko a mangwe, ke gore fa o ka bona sengwe se se phoso ka boitshwaro jwa motho yo o beteletsweng—gore o ne a apere diaparo tse di mo tshwarang thata kana gore o ne a tsamaya a le nosi bosigo kana gore tota o ne a batla go tlhakanela dikobo—wena le ba o ba ratang lo tla bo lo sereletsegile fa lo ka tila boitshwaro joo; ka jalo ga o kitla o betelelwa ka motlha ope. Letlhakore le lengwe la gore petelelo ke tiro ya bothubaki e e senang tlhaloganyo e e ka diragalelang mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore o apere jang, le tshosa mo go leng thata go le dumela.
Mosadi mongwe yo o neng a betelelwa ke mongwe yo o neng a mo tsaya jaaka motho yo o “siameng, yo o tlotlegang,” o ikuela jaana: “Selo se se maswe go gaisa se o ka se dirang ke go dumela gore wena ga go kake ga go diragalela.”
Maaka ka Petelelo le Se Tota E Leng Boammaaruri
Fano ke megopolo mengwe e e tswang koo e e phoso ka petelelo e e dirang gore go pegwe motho yo o beteletsweng molato le go rotloetsa megopolo e e kgothatsang babeteledi:
Maaka: Petelelo e diragala fela fa mosadi a tlhasetswe ke motho yo o sa mo itseng.
Boammaaruri: Bontsi jwa basadi ba ba beteletsweng ba ile ba tlhaselwa ke mongwe yo ba mo itseng ba bile ba mo ikanya. Patlisiso nngwe e bontshitse gore 84 lekgolong ya batho ba ba beteletsweng ba ne ba itse batlhasedi ba bone le gore 57 lekgolong ya dipetelelo di diragetse go ntshanwe. A le mongwe mo basading ba le 7 ba ba nyetsweng o tlile go betelelwa ke monna wa gagwe.b Dipetelelo di tletse thubakanyo mme ebile di gobatsa maikutlo go sa kgathalesege gore a di dirilwe ke motho o sa mo itse, molekane wa lenyalo, kana motho yo lo neng lo ntshane.
Maaka: Go ka tsewa gore e ne e le petelelo fa fela e ka re kwa morago mosadi a supa dikai tsa gore tota o ne a gana, jaaka matšadi.
Boammaaruri: Go sa kgathalesege gore ba ile ba itwela kana nnyaa, ke basadi ba sekae fela ba ba nnang le bosupi jo bo bonalang, jaaka matsadi kana dintho.
Maaka: Motho yo o beteletsweng le ene o a bo a na le molato fa e le gore ga a ka a itwela.
Boammaaruri: Tlhaloso ya petelelo ke gore e diragala fa dikgoka kana go tshosediwa ka go dirisediwa dikgoka go dirisiwa go tlhakanela dikobo ka mokgwa ope fela, kgatlhanong le go rata ga motho. Ke go dirisa dikgoka ga mmeteledi mo mothong yo o sa rateng mo go mo dirang mmeteledi. Ka jalo, motho yo o beteletsweng ga a na molato wa kgokafalo. Fela jaaka go ntse ka ngwana yo o patelelwang go tlhakanela dikobo ke mongwe wa losika, o ka nna a patelelwa go dumelana le tiro e a sa e rateng ka ntlha ya thata e motho yo mongwe a ka nnang a lebega a na le yone mo go ene. Fa mosadi a ineela mo mmeteleding ka ntlha ya letshogo kana go tlhakana tlhogo, ga go reye gore o dumelana le tiro eo. Go dumelana ke tlhopho e e dirwang ke motho a sa tshosiwe mme ebile e itshupa ka ditiro, ga e a kgobalala fela.
Maaka: Petelelo e dirwa ke gore motho a bo a fekeeditswe ke maikutlo.
Boammaaruri: Petelelo ke thubakanyo. Banna ba betelela e seng fela ka ntlha ya go batla go tlhakanela dikobo, mme gape le ka ntlha ya go batla go bontsha thata mo mothong yo mongwe.c
Maaka: Mosadi o ka nna a dirisa dinyao kana a gogela monna go fitlhelela a tsena mo seemong se eleng gore ga a sa tlhole a kgona go laola dikgotelo tsa gagwe tsa tlhakanelodikobo.
Boammaaruri: Banna ba ba betelelang ga ba na keletso ya tlhakanelodikobo e e fetang ya banna ba bangwe. Go na le moo, nngwetharong ya babeteledi botlhe ba ne ba se ka ba kgona go wetsa tiro ya go tlhakanela dikobo. Mo mabakeng a le mantsi dipetelelo di a rulaganngwa, mme ga di itlele fela. Mmeteledi yo o itsiweng le yo o sa itsiweng gantsi ba thaya batho ba ba ba betelelang—yo o sa itsiweng o ratela motho yo o tlileng go mmetelela go fitlhelela a nna nosi, yo o itsiweng ene o rulaganya mabaka gore a nne nosi.
Maaka: Basadi ba a aka ba re ba beteletswe go ipusolosetsa mo monneng kana ka ntlha ya go bo ba ikwatlhaela go bo ba ile ba tlhakanela dikobo.
Boammaaruri: Dipego tse di seng boammaaruri ka petelelo di lekana fela le tsa ditlolomolao tse dingwe tsa thubakanyo: ke 2 lekgolong. Kafa letlhakoreng le lengwe, babatlisisi ba dumelana gore dipego tsa petelelo di kwa tlase fela thata go na le jaaka fa e diragala.
Maaka: Mosadi o ka “ipiletsa” go betelelwa ka go apara diaparo tse di tsosang maikutlo, ka go nwa bojalwa, ka go lesa monna a mo duelela ditshenyegelo fa ba intshitse, kana ka go ya kwa lelapeng la monna.
Boammaaruri: Go sa lebe mabaka sentle, go sa tlhaloganye kana go sa itse, ga go reye gore jaanong mosadi o tshwanetse go betelelwa. Babeteledi ba ikarabela ka botlalo mo petelelong.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo bathong ba ba betelelwang ba le 10 a le 1 ke monna.
b Go betelelwa ke molekane go diragala fa monna a fekeetsa mosadi wa gagwe a bo a tlhakanela le ene dikobo ka dikgoka. Banna bangwe ba ka nna ba gopola gore “taolō” e moaposetoloi Paulo a neng a re monna o na le yone mo mmeleng wa mosadi wa gagwe e feletse. Mme lefa go le jalo, Paulo gape o ne a re “banna . . . ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè.” Moaposetoloi Petere a re banna ba tshwanetse go neela basadi ba bone “tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata.” Mabaka ano ga a letlelele tlhakanelodikobo ya ka dikgoka kgotsa e e tletseng ka thubakanyo.—1 Bakorintha 7:3-5; Baefesia 5:25, 28, 29; 1 Petere 3:7; Bakolosa 3:5, 6; 1 Bathesalonia 4:3-7.
c “Boikaelelo jwa tlolomolao ga se ‘tlhakanelodikobo’ mme go na le moo go tlhakanela dikobo moo ke sedirisiwa se mmeteledi a se dirisang go thubakanya.”—Wanda Keyes-Robinson, mookamedi wa karolo, Lephata la Tlolomolao E E Mabapi le Tlhakanelodikobo, Baltimore City, Maryland.
[Mafoko a a mo go tsebe 3]
Kwa United States, mosadi a le 1 mo go ba le 4 o ka nna a betelelwa kana a falola ka tshoba la mogodu
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Petelelo e ntsi thata mo merafeng e e letlelelang thubakanyo le go kgetholola go lebilwe bong